“Temogo ya Motho Ruri e Fokotsa Bogale Jwa Gagwe”
Mokatisi wa baseketebolo wa kwa yunibesithing o lelekilwe kwa tirong ka gonne a sa laole bogale jwa gagwe.
Ngwana o a ipetola ka gonne a sa bone se a se batlang.
Mmè o omanyetsa morwawe kamore ya gagwe e e tlhakatlhakaneng.
ROTLHE re kile ra bona batho ba galefile e bile ga go pelaelo gore le rona re tle re galefe ka nako nngwe. Le fa ka dinako dingwe re ka tsaya gore go galefa ga go a siama e bile go tshwanetse go tilwa, gantsi re ikutlwa re na le lebaka le le utlwalang la go dira jalo segolobogolo fa go lebega mongwe a sa re direle dilo sentle. Tota le setlhogo sengwe sa American Psychological Association sa re “bogale ke boikutlo jo bo tlwaelegileng, jo bo itshiametseng fela jo motho a ka nnang le jone.”
Go leba dilo ka tsela eno go ka lebega go utlwala fa re akanya ka se Modimo a tlhotlheleditseng moaposetoloi wa Mokeresete e bong Paulo go se kwala. E re ka a ne a lemoga gore ka dinako dingwe batho ba ka galefa, o ne a re: “Lo galefe, mme le fa go ntse jalo lo se ka lwa leofa; a letsatsi le se ka la phirima lo sa ntse lo galefile.” (Baefeso 4:26) Re akantse ka seno, a re tshwanetse go galefa kgotsa go laola bogale?
A O TSHWANETSE GO GALEFA?
Fa Paulo a neela kgakololo malebana le bogale, a ka tswa a ne a akantse ka mafoko ano a mopesalema a neng a a kwala: “Fuduegang, mme lo se ka lwa leofa.” (Pesalema 4:4) Ka jalo, boikaelelo jwa kgakololo e e tlhotlheleditsweng ya ga Paulo e ne e le bofe? O ne a tswelela ka go re: “A kgakalo yotlhe ya letlhoo le bogale le tšhakgalo le go goa thata le puo ya go kgoba di tlosiwe mo go lona mmogo le bosula jotlhe.” (Baefeso 4:31) Tota Paulo o ne a kgothaletsa Bakeresete go tila go galefa. Se se kgatlhang ke gore setlhogo sa American Psychological Association se tswelela ka go re: “Dipatlisiso di bontsha gore go ‘tuka bogale’ le go shakgala go gakatsa dilo e bile go ka se go thuse go . . . rarabolola bothata.”
Mme gone, re ka ‘tlosa’ bogale jang le diphelelo tsa jone tse di bosula? Kgosi Solomone yo o botlhale wa kwa Iseraele ya bogologolo o ne a re: “Temogo ya motho ruri e fokotsa bogale jwa gagwe, mme ke bontle mo go ene go tlhokomologa tlolo.” (Diane 19:11) “Temogo ya motho” e ka mo thusa jang fa a galefa?
KAFA TEMOGO E FOKOTSANG BOGALE KA GONE
Temogo ke bokgoni jwa go akanyetsa boemo kwa teng. Go nna le temogo go kaya go leba ka kwa
ga boemo jo bo rileng. Seno se thusa jang fa re kgopisitswe kgotsa re galefisitswe?Fa re direlwa tshiamololo, re ka nna ra galefa. Le fa go ntse jalo, fa re tsewa ke maikutlo mme re nna dikgoka, re ka felela re ikutlwisitse botlhoko kgotsa re utlwisitse ba bangwe botlhoko. Fela jaaka molelo o o sa laolesegeng o ka fisa ntlo, go tuka bogale le gone go ka re senya leina kgotsa ga senya kamano ya rona le batho ba bangwe tota le Modimo. Ka jalo, fa re galefa, re tshwanetse go akanyetsa boemo kwa teng. Go tlhaloganya ka botlalo se se diregang go tla re thusa go laola maikutlo a rona.
Kgosi Dafide e bong rraagwe Solomone o batlile a nna le molato wa madi mo kgannyeng e e amang monna yo o bidiwang Nabale, mme se se kgatlhang ke gore Dafide o ne a thusiwa ke go akanyetsa boemo kwa teng. Dafide le banna ba gagwe ba ne ba sireletsa dinku tsa ga Nabale kwa nageng kwa Judea. Fa nako ya go beola metlhape e goroga, Dafide o ne a kopa dijo kwa go Nabale. Nabale o ne a araba ka go re: “A mme ke tla tsaya senkgwe sa me le metsi a me le nama ya me e e tlhabilweng, e ke e tlhabetseng babeodi ba me ke bo ke e naya banna ba ke sa itseng le gore ba tswa kae?” A bo a mmifetse jang ne! Fa Dafide a utlwa seo, ene le banna ba ka nna 400 ba ne ba ikaelela go tlhasela Nabale le ba ntlo ya gagwe.—1 Samuele 25:4-13.
Abigaile, mosadi wa ga Nabale o ne a utlwela ka seo mme a ya kwa go Dafide. Fa a kopana le Dafide le banna ba gagwe, o ne a khubama a bo a re: “A lelata la gago le bue mo ditsebeng tsa gago, mme o reetse mafoko a lelata la gago.” Morago ga moo, o ne a tlhalosetsa Dafide gore Nabale o ne a dira boeleele a bo a re Dafide o ne a tla ikwatlhaela go ipusolosetsa le go tsholola madi.—1 Samuele 25:24-31.
Mafoko a ga Abigaile a ne a thusa Dafide jang gore a nne le temogo ya go baakanya boemo? Sa ntlha, o ne a lemoga gore Nabale e ne e le seeleele ka tlhago, sa bobedi, Dafide o ile a lemoga gore o ne a ka nna le molato wa madi fa a ne a ka ipusolosetsa. Fela jaaka Dafide, o ka galefisiwa ke sengwe. O tshwanetse go dira eng? Setlhogo sa Mayo Clinic se se malebana le go laola bogale se akantsha jaana: “Goga moya ka metsotso e se kae o bo o bala go fitlha ka lesome.” Ema go se kae mme o akanye ka se se bakileng bothata le gore se o ikaeletseng go se dira se tla felela ka eng. Dira gore temogo e fokotse bogale jwa gago—tota le go e tlosa gotlhelele.—1 Samuele 25:32-35.
Ka tsela e e tshwanang, batho ba bantsi gompieno ba thusitswe go laola bogale. Sebastian wa dingwaga di le 23, legolegwa kwa kgolegelong ya kwa Poland, o ne a tlhalosa gore thuto ya Baebele e mo thusitse jang go laola bogale le go tseega maikutlo. A re: “Sa ntlha ke akanya ka bothata. Go tswa foo, ke leka go dirisa kgakololo ya Baebele. Ke lemogile gore Baebele ke buka e e nang le kgakololo e e molemo.”
Setsuo o ne a dira se se tshwanang. O ne a re: “Ke ne ke tle ke omanye batho ba bangwe kwa tirong fa ba ntena. E re ka jaanong ke ithutile Baebele, go na le gore ke omane ke ipotsa jaana: ‘Tota ke mang yo o phoso? A ga se nna ke bakang bothata?’” Go akanya ka dipotso tseo go ne ga fokotsa bogale jwa gagwe ga bo ga dira gore a kgone go bo laola.
Go ka nna thata go laola bogale, mme kgakololo ya Lefoko la Modimo e ka go thusa. Fa o dirisa kgakololo e e molemo ya Baebele le go kopa Modimo gore a go thuse, temogo e ka dira gore o fokotse bogale kgotsa o kgone go bo laola.