Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke na Le Tsholofelo Efe ka Bagologolwane Ba me Ba ba Suleng?

Ke na Le Tsholofelo Efe ka Bagologolwane Ba me Ba ba Suleng?

MO NAKONG e e fetileng go ne ga tlhaga setlhogo se se kgatlhang mo The Chosun Ilbo, e leng lokwalodikgang la kwa Korea. Se ne se botsa jaana: “‘Shim Cheong yo o Molemo,’ Yo o Neng a sa Itse Sepe ka ga Jesu—A o Ile Kwa Diheleng?”

Setlhogo seno se ne se tshwenya ka gonne Shim Cheong ke lekgarebe le le rategang mo dinoolwaneng tsa kwa Korea yo o ileng a intsha setlhabelo gore a thuse rraagwe yo o foufetseng. Mo dingwageng di le dintsi, o ile a tlotlomadiwa thata. Tota e bile, kwa Korea, Shim Cheong o ne a tsewa e le sekao sa motho yo o ineetseng mo tirong ya gagwe.

Mo go ba le bantsi, kgopolo fela ya gore lekgarebe leno le tla otlhaiwa kwa molelong wa dihele ka gonne e ne e se Mokeresete yo o kolobeditsweng, e ne e bonala e sa siama, tota e bile e kgopisa. Kgang eno e tshwanetse go bo e ka bo e ile ya direga lobaka lo loleele pele ga molaetsa o o malebana le Keresete o ne o itsisiwe mo motsaneng wa gaabo.

Setlhogo seo se ne se akaretsa potsolotso le moruti. O ne a botsolodiwa gore a batho botlhe ba ba suleng ba se na tshono ya go ithuta ka ga Jesu ba ile kwa molelong wa dihele. O ne a araba jang? “Ga re itse. Re tsaya fela gore go tshwanetse ga bo go na le Kaelo ya Bomodimo [mo bathong ba ba ntseng jalo].”

SE SE TLHOKEGANG GORE O BOLOKWE

The New Catholic Encyclopedia ya re: “Kolobetso e botlhokwa gore motho a bolokwe. Fela jaaka Keresete a ile a bua gore, fa motho a sa tsalwe gape ka metsi le Moya o o Boitshepo, ga a ka ke a tsena mo Bogosing jwa Modimo (Johane 3.5).” Ka ntlha ya seno, bangwe ba dumela gore batho ba ba suleng ba sa kolobediwa ba latlhelwa mo molelong wa dihele kgotsa ba utlwisiwa botlhoko ka tsela nngwe morago ga go swa.

Le fa go ntse jalo, go na le ba bangwe ba le bantsi ba ba dumelang gore seo ga se utlwale. Batho ba le dimilione ba sule ba sa itse Baebele. A ba tshwanelwa ke go utlwisiwa botlhoko ka bosakhutleng? Baebele ya reng ka kgang eno?

TSHOLOFELO E E SOLOFEDITSWENG MO BAEBELENG

Baebele e bontsha sentle gore Modimo ga a itlhokomolose batho ba ba neng ba tshela mme ba sa itse gore o tlhoka eng mo go bone. Ditiro 17:30 e re tlhomamisetsa seno: “Modimo o tlodisitse dinako tsa botlhokakitso jo bo ntseng jalo matlho.” Ka jalo ke tsholofelo efe e Baebele e e solofetsang batho ba ba suleng ba sa nna le tshono ya go ithuta ka Modimo?

Bokao jwa tsholofetso eno ya ga Jesu ke bofe: “O tla nna le nna mo Paradaiseng”?

Karabo e ka fitlhelwa mo go se Jesu a neng a se bolelela mongwe wa dikebekwa tse a bolailweng mmogo le tsone. Monna yoo o ne a raya Jesu a re: “O nkgakologelwe fa o tsena mo bogosing jwa gago.” Jesu o ne a mo araba jang? “Ammaaruri ke a go bolelela gompieno, o tla nna le nna mo Paradaiseng.”—Luke 23:39-43.

A Jesu o ne a solofetsa gore monna yoo o tla tsena kwa legodimong? Nnyaa. Monna yoo o ne a sa “tsalwa gape” ka metsi le ka moya, e leng se se neng se tlhokega go tsena mo Bogosing jwa legodimo. (Johane 3:3-6) Go na le moo, Jesu o ne a solofetsa gore sekebekwa seo se tla tshela gape mo Paradaiseng. E re ka monna yoo e ne e le Mojuda, go bonala a ne a itse ka Paradaise ya mo lefatsheng—tshimo ya kwa Edene—e e tlhalositsweng mo bukeng ya ntlha ya Baebele. (Genesise 2:8) Tsholofetso ya ga Jesu e ne ya mo tlhomamisetsa ka tsogo e e tla nnang gone mo Paradaiseng e e tla bong e tsosolositswe mo lefatsheng.

Tota e bile Baebele e solofetsa “tsogo ya ba ba siameng mmogo le ba ba sa siamang.” (Ditiro 24:15) “Ba ba sa siamang” ke ba ba neng ba sa tshele ka melaometheo ya Modimo e e siameng ka gonne ba ne ba sa itse thato ya Modimo. Jesu o tla tsosa sekebekwa seo se se sa siamang se se neng se bua le ene, mmogo le batho ba le dimilione, gongwe dibilione tsa ba ba suleng ba sa itse sepe. Mo lefatsheng la Paradaise, ba tla rutiwa se Modimo a se tlhokang e bile ba tla nna le tshono ya go itshupa gore ba rata Modimo ka go ikobela ditaelo tsa gagwe.

 FA BATHO BA BA SA SIAMANG BA TSOSIWA

Fa batho ba ba sa siamang ba tsosiwa, a ba tla atlholwa go ya ka ditiro tsa bone tsa nako e e fetileng? Nnyaa. Baroma 6:7 ya re: “Gonne yo o suleng o golotswe mo boleong.” Ba ba sa siamang ba tla bo ba duetse maleo a bone ka go swa. Ka jalo, ba tla atlholwa go ya ka se ba se dirang morago ga go tsosiwa, e seng ka se ba se dirileng pele ba swa. Ba tla solegelwa molemo jang?

Morago ga tsogo, batho ba ba sa siamang ba tla nna le tshono ya go ithuta ka melao ya Modimo, e e tla senolwang fa memeno ya tshwantshetso e bulwa. Ka jalo ba tla atlholwa “go ya ka ditiro tsa bone,” e leng gore, a ba ikobela melao ya Modimo kgotsa ga ba e ikobele. (Tshenolo 20:12, 13) Mo bathong ba le bantsi ba ba sa siamang, seno e tla bo e se tshono ya bobedi, mme e tla nna tshono ya ntlha ya mmatota ya gore ba nne le botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng fa ba ithuta go dira thato ya Modimo.

Thuto eno ya Baebele e ile ya thusa batho ba le bantsi gore ba nne le tumelo gape mo Modimong. Yeong Sug e ne e le mongwe wa bone. O godisitswe e le Mokatoliki yo o ineetseng. Maloko a lelapa la gaabo e ne e le baruti. O ne a ya kwa lefelong la baitlami a solofetse go nna moitlami. Moragonyana o ne a tsamaya ka gonne o ne a kgobiwa marapo ke se a boneng se direga koo. Mo godimo ga moo, o ne a sa amogele thuto ya go tlhokofadiwa kwa diheleng ka gonne a ne a tsaya gore go bogisa batho kwa diheleng e tla bo e se tshiamiso kgotsa lorato.

Go tswa foo mongwe wa Basupi ba ga Jehofa o ne a bontsha Yeong Sug mafoko ano a a mo Baebeleng: “Batshedi ba a itse gore ba tla swa; mme fa e le baswi bone, ga ba itse sepe gotlhelele, le gone ga ba tlhole ba na le tuelo.” (Moreri 9:5) Basupi ba ne ba mo thusa go lemoga gore batho ba ba suleng ba gaabo ga ba utlwisiwe botlhoko mo molelong wa dihele. Go na le moo, ba robetse mo losong, ba letetse tsogo.

Ka go itse gore batho ba le bantsi ga ba ise ba utlwe boammaaruri jo bo tswang mo Baebeleng, Yeong Sug o ne a tsaya tsia mafoko ano a ga Jesu a a fitlhelwang mo go Mathaio 24:14 a a reng: “Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe; mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.” Jaanong o nna le seabe mo tirong ya go rera dikgang tse di molemo le go bolelela ba bangwe ka tsholofelo ya gagwe e e itumedisang e e theilweng mo Baebeleng.

“MODIMO GA A NA TLHAOLELE”

Baebele e re bolelela gore, “Modimo ga a na tlhaolele, mme mo setšhabeng sengwe le sengwe motho yo o mmoifang a ba a dira tshiamo o a amogelesega mo go ene.” (Ditiro 10:34, 35) Eno ke tshiamiso e e feletseng e rotlhe re e lebeletseng mo Modimong, yo e leng “morati wa tshiamo le tshiamiso.”—Pesalema 33:5.