O ka Kgona go Lebana le Thaelo!
“Ke ne ke sa ikaelela go leba ditshwantsho tsa thobalano. Mme ke ne ka tsena mo Internet ga bo go tlhagelela setshwantsho. Ga ke itse gore ke ka ntlha yang fa ke butse setshwantsho seo.”—CODY. *
“Mosetsana yo montle kwa tirong o ne a simolola go bontsha maikutlo a lorato mo go nna. Ka letsatsi lengwe o ne a kopa gore re ye kwa hoteleng go ya go ‘tshameka.’ Ke ne ke itse sentle gore ke eng se a se batlang.”—DYLAN.
“NKA KGONA go emelana le sengwe le sengwe, e seng thaelo.” Mafoko ano a a tlwaelegileng a tlhalosa sentle kafa batho ba bangwe ba lebang thaelo ka gone—mo teng ga dipelo tsa bone ba e kgatlhegela. Le fa go ntse jalo, ba bangwe ba tsaya thaelo e le mmaba yo o sa kgaotseng go tshwenya yo ruri ba batlang go mo fenya. O akanya eng? Fa o lebane le thaelo, a o tshwanetse go e letla e go raele kgotsa o tshwanetse go emelana le yone?
Ke boammaaruri gore ga se dithaelo tsotlhe tse di felelang ka gore go nne le mathata a magolo. Ka sekai, fa o raelesega go ja kuku mo sephiring, seo ga ka ke sa go senyetsa botshelo. Mme gone, go letlelela dithaelo tse dingwe—segolobogolo tse di lebisang kwa boitsholong jo bo sa siamang—go ka lere diphelelo tse di botlhoko. Baebele e tlhagisa jaana: “Le fa e le mang yo o dirang boaka le mosadi ga a botlhale; yo o bo dirang o senya moya wa gagwe. O tla bona sebetso le tlontlologo, mme kgobo ya gagwe ga e na go nyelediwa.”—Diane 6:32, 33.
Fa ka tshoganyetso o lebana le thaelo ya boitsholo jo bo sa siamang, o tshwanetse go dira eng? Baebele e araba jaana: “Gonne seno ke se Modimo o se ratang, go itshepisiwa ga lona, gore lo ithibe mo kgokafalong; gore mongwe le mongwe wa lona a itse kafa a ka tsholang sejana sa gagwe ka gone se le boitshepo e bile se tlotlega.” (1 Bathesalonika 4:3, 4) O ka dira jang gore o kgone go ithiba? Akanya ka ditsela tse tharo tse di ka thusang.
Kgato ya 1: Disa Matlho a Gago
Go leba ditshwantsho tse di tsosang maikutlo a tlhakanelodikobo go tla godisa keletso e e sa siamang. Jesu o ne a re tlhagisa jaana fa a ne a bua ka kamano magareng ga go leba le go eletsa: “Mme nna ke lo raya ke re mongwe le mongwe yo o nnang a lebile mosadi mo a nnang le kgotelo ka ntlha ya gagwe, o setse a dirile boaka le ene mo pelong ya gagwe. Jaanong, fa e le gore leitlho leo la gago la moja le a go kgopisa, le gonye mme o le latlhele kgakala le wena.” (Mathaio 5:28, 29) Ke eng se ruri Jesu a neng a batla go re ruta sone? Gore re kgone go emelana le thaelo, re tshwanetse go tsaya kgato re sa okaoke mme re sa lebe ditshwantsho tse di tsosang maikutlo.
Ka sekai: Akanya o gaodisa matlhasedi a a nnang gone fa motho a lomaganya ditshipi ka molelo. A o ka nna o a lebile? Ga o ka ke wa dira jalo. O tla leba go sele kgotsa wa sireletsa matlho a gago gore o a sireletse. Ka tsela e e tshwanang fa o bona ditshwantsho tse di tsosang maikutlo a tlhakanelodikobo—mo bukeng, mo thelebisheneng kgotsa ka tlhamalalo—leba go sele ka bonako. Sireletsa matlho a gago gore a se ka a tshwaediwa. Juan, yo pele a neng a tshwakgotswe ke go leba ditshwantsho tsa thobalano a re: “Fa ke bona mosadi yo o lebegang, gantsi ke raelesega go mo leba gabedi kgotsa gararo. Ka jalo, ke pateletsa matlho a me go leba go sele ke bo ke ipolela jaana: ‘Rapela Jehofa! Ruri o tlhoka go rapela gone jaanong!’ Fa ke sena go rapela, go ise go ye kae maikutlo ao a nyelela.”—Mathaio 6:9, 13; 1 Bakorintha 10:13.
Akanya gape ka monna yo o ikanyegang e bong Jobe yo o neng a re: “Ke dirile kgolagano le matlho a me. Ka jalo, nka ela kgarebane tlhoko jang?” (Jobe 31:1) Ke goreng fa le wena o sa swetse jalo?
Leka seno: Fa o bona ditshwantsho tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo, leba go sele ka bonako. Etsa mokwadi wa Baebele yo o neng a rapela jaana: “Dira gore matlho a me a fete a sa bona se se se nang mosola; mpoloke ke tshela mo tseleng ya gago.”—Pesalema 119:37.
Kgato ya 2: Disa Dikakanyo Tsa Gago
E re ka rotlhe re sa itekanela, ka dinako dingwe re ka nna ra lwa le dikeletso tse di phoso. Baebele ya re: “Mme mongwe le mongwe o lekwa ka go gogelwa a ba a hepisiwa ke keletso ya gagwe. Go tswa foo keletso, fa e sena go emera, e tshola boleo; boleo le jone, fa bo sena go diragadiwa, bo tsala loso.” (Jakobe 1:14, 15) O ka tila jang go wela mo boemong jo bo nnang maswe le go feta le jo bo leng thata go bo tila?
Fa o tlelwa ke dikeletso tse di phoso, gakologelwa gore o ka itlhophela gore o tla di tsibogelang jang. Lwa le dikeletso tseo. Di ntshe mo tlhaloganyong ya gago. Tila go nna o akanya ka tsone. Monna yo o bidiwang Troy, yo o neng a tshwakgotswe ke go leba ditshwantsho tsa thobalano mo Internet a re: “Ke ne ka lwela go tlosa dikakanyo tse di phoso mo mogopolong wa me ka go tlhoma mogopolo mo dilong tse di siameng. Go ne go se motlhofo. Ke reteletswe gantsi go tlosa maikutlo ao. Mme kgabagare ke ne ka ithuta go laola se ke se akanyang.” Mosadi yo o bidiwang Elsa, yo o neng a tshwenngwa ke go raelwa ke boitsholo jo bo sa siamang fa a sa ntse a le mosha o gakologelwa jaana: “Fa ke nna ke tshwaregile le go rapela Jehofa, ke ne ka kgona go laola go akanya ka dilo tse di phoso.”
Leka seno: Fa o na le bothata jwa dikakanyo tse di sa siamang, di kgaotse ka gangwe o bo o rapela. Lwa le dikakanyo tse di phoso ka go tlatsa tlhaloganyo ya gago ka “dilo le fa e le dife tse di boammaaruri, dilo le fa e le dife tse di tsewang ka masisi, dilo le fa e le dife tse di siameng, dilo le fa e le dife tse di itshekileng, dilo le fa e le dife tse di rategang, dilo le fa e le dife tse di buiwang molemo, le fa e le molemo ofe o o gone le selo le fa e le sefe se se tshwanelwang ke pako se se gone, tswelelang lo akanya ka dilo tseno.”—Bafilipi 4:8.
Kgato ya 3: Disa Dikgato Tsa Gago
Fa keletso, thaelo le tshono di kopana, go motlhofo gore go nne le mathata. (Diane 7:6-23) Re ka tila jang go tshwaediwa ke dilo tseno?
Baebele e re gakolola jaana ka botlhale: “Yo o botlhale ke yo o boneng masetlapelo a bo a iphitlha, ba ba se nang maitemogelo ba fetile mme ba tla boga matswela a a botlhoko.” (Diane 22:3) Ka jalo, disa dikgato tsa gago. Bona go sa le gale maemo a a ka bakang mathata mme o a tile. (Diane 7:25) Monna mongwe yo o bidiwang Filipe yo o kgonneng go fenya bothata jwa go leba ditshwantsho tsa thobalano a re: “Ke baya khomputara ya mo lelapeng mo mongwe le mongwe a kgonang go e bona e bile ke tsentse le software e e kgonang go thibela ditshwantsho tsa thobalano. Mme ke tsena mo Internet fela fa batho ba bangwe ba le teng mo ntlong.” Ka tsela e e tshwanang, Troy yo o umakilweng pelenyana a re: “Ke tila go leba ditshwantsho tse di tsosang maikutlo a tlhakanelodikobo le go kopana le batho ba ba buang thata ka tlhakanelodikobo. Ga ke batle go ipaya mo kotsing.”
Leka seno: Sekaseka makoa a gago ka boikanyegi mme o rulaganye nako e sa ntse e le teng go tila maemo a a ka dirang gore o raelesege.—Mathaio 6:13.
O SE KA WA LATLHELA SEDITSE!
Go tweng fa e le gore o ntse o leka ka natla gore o se ka wa raelesega mme kgabagare o bo o ineela mo thaelong? O se ka wa kgobega marapo le go ineela. Baebele ya re: “Mosiami o ka wa ga supa, mme ruri o tla tsoga.” (Diane 24:16) Rre wa rona yo o kwa legodimong o re rotloetsa gore re ‘tsoge.’ A o tla amogela thuso eno ya gagwe e e lorato? Fa go le jalo, o se ka kgaotsa go mo rapela. Aga tumelo ya gago ka go ithuta Lefoko la gagwe. Ititeye sehuba gore o tla nna gone mo dipokanong tsa Bokeresete. Tsaya tsia tsholofetso ya Modimo e e reng: “Ke tla go thatafatsa. Ke tla go thusa tota.”—Isaia 41:10.
Cody, yo o umakilweng kwa tshimologong a re: “Ke dirile matsapa a magolo a go fenya tlwaelo ya go leba ditshwantsho tsa thobalano. Ke ne ka retelelwa gantsi mme Modimo o ne a nthusa go atlega.” Dylan yo o umakilweng pelenyana le ene a re: “Go ka bo go nnile motlhofo gore ke tlhakanele dikobo le modiri ka nna. Mme ke ne ka gana ka mmolelela gore ‘ga ke batle!’ Go monate jang ne fa o na le segakolodi se se phepa. Se se botlhokwa le go feta ke gore ke a itse gore ke dirile gore Jehofa a nne motlotlo ka nna.”
Fa o nna o nonofile e bile o emelana le thaelo, o ka tlhomamisega gore Modimo o tla nna motlotlo le ka wena!—Diane 27:11.
^ ser. 2 Maina a a mo setlhogong seno a fetotswe.