Lefatshe Le le Se Nang Letlhoo—Leng?
“KE NA le toro.” Dingwaga di le 50 tse di fetileng ka August 28, 1963, Moeteledipele wa Moamerika wa ditshwanelo tsa setshaba e bong Martin Luther King, yo Mmotlana, o ne a bua mafoko ao mo puong ya gagwe e e tumileng. Ka go dirisa polelo eo e e kgatlhang, King o ne a tlhalosa toro ya gagwe kgotsa tsholofelo ya gagwe, ya gore ka letsatsi lengwe batho ba tla kgona go itumelela botshelo ba sa tlhaolwe ka lotso. Le fa a ne a bolelela batho ba United States ditsholofelo tsa gagwe, tota batho mo dinageng di le dintsi ba ne ba rata toro ya gagwe.
Dikgwedi di le tharo morago ga puo ya ga King, ka November 20, 1963, dinaga tse di fetang 100 di ne tsa amogela Maiphako a lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng a go Tlosa Mefuta Yotlhe ya go Tlhaola Batho ka Lotso. Go ne ga amogelwa maiphako a mangwe mo masomeng a dingwaga a a neng a latela. Ga go pelaelo gore maiteko ao otlhe a magolo a ile a tsosa potso eno, Go ile ga felela jang?
Ka March 21, 2012, Motsamaisimogolo wa lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng e bong Ban Ki-moon o ne a re: “Go na le dikgolagano le didirisiwa tse dintsi tse di botlhokwa—mmogo le thulaganyo e e rulagantsweng ka botlalo—go thibela le go fedisa bomorafe, go tlhaola batho ka lotso, go tlhaola batswakwa le dilo tse dingwe tse di bontshang go sa amogele batho ba bangwe. Le fa go ntse jalo, bomorafe bo ntse bo tswelela ka go dira gore batho ba le dimilione ba boge mo lefatsheng.”
Le e leng mo dinageng dingwe tse go dirilweng kgatelopele ya go fedisa bomorafe le ditsela tse dingwe tsa letlhoo, batho ba sa ntse ba ipotsa potso eno: A tota diphetogo tse di dirilweng di fedisitse maikutlo a a nweleletseng a batho ba nang le one kgotsa a di dirile fela gore batho ba se ka ba bontsha gore ba na le letlhoo? Bangwe ba dumela gore diphetogo tseo di thusa fela go thibela tlhaolele, mme di palelwa ke go fedisa letlhoo. Ka ntlha yang? Ka gonne motho yo o nang le tlhaolele a ka kgona go bonwa a bo a otlhaiwa go ya ka molao, mme letlhoo lone ke maikutlo a batho ba nang le one, a a sa laolweng motlhofo.
Ka jalo, maiteko ape fela a a dirilweng go fedisa letlhoo ga a tshwanela fela go fedisa ditiro tsa tlhaolele mme gape a tshwanetse go fetola tsela e motho a akanyang ka yone le tsela e motho a ikutlwang ka yone ka batho ba bangwe. A tota seno se ka dirwa? Fa go le jalo, jang? Mma re ele tlhoko ditiragalo dingwe tsa mmatota tse di tla re thusang go bona e seng fela gore go a kgonega go fetoga mme le gore go na le sengwe se se ka ba thusang go dira jalo.
BAEBELE E BA THUSITSE GO FENYA LETLHOO
Linda: Ke tsholetswe mo Afrika Borwa. Ke ne ke leba batho bape ba e seng basweu ba mo Afrika Borwa e le batho ba maemo a a kwa tlase, ba ba sa rutegang, ba ba sa ikanyegeng e bile e le batlhanka ba batho ba basweu fela. Mogopolo wa me o ne o sentswe ke letlhoo mme ke ne ke sa lemoge. Le fa go ntse jalo, boikutlo jono bo ne jwa fetoga fa ke simolola go ithuta Baebele. Ke ne ka ithuta gore “Modimo ga a na tlhaolele” le gore pelo e botlhokwa thata go na le mmala wa letlalo kgotsa puo e re e buang. (Ditiro 10:34, 35; Diane 17:3) Temana e e mo go Bafilipi 2:3 e ne ya nthusa go bona gore fa ke tsaya mongwe le mongwe a le mogolo mo go nna, ke tla kgona go fenya letlhoo. Go tshela ka melaometheo ya Baebele e e tshwanang le eno go ile ga nthusa go kgatlhegela ba bangwe go sa kgathalesege gore ba na le mmala o o ntseng jang wa letlalo. Gone jaanong ga ke tlhole ke na le letlhoo.
Michael: Ke goletse mo lefelong le go nang le Ba-Australia ba bantsi ba basweu, mme ke ne ka simolola go nna le letlhoo le legolo mo bathong ba Ba-Asia, segolobogolo Ba-China. Fa ke ne ke kgweetsa koloi mme ke bo ke bona mongwe yo e keteng ke Mo-Asia, ke ne ke atle ke bule fensetere mme ke bo ke goa ka tshotlo ke re “Tsamaya o ye gae, Mo-Asia ke wena!” Moragonyana fa ke simolola go ithuta Baebele ke ne ka bona kafa Modimo a lebang batho ka teng. O a ba rata go sa kgathalesege gore ba tswa kae kgotsa gore ba lebega jang. Lorato lono lo ne lwa nkama mme ka tlogela go nna le letlhoo ka simolola go rata ba bangwe. Go dira diphetogo tse di kgolo jalo go a itumedisa. Jaanong ke itumelela go tsalana le batho ba ba tswang kwa dinageng tsotlhe le ditso tsotlhe. Seno se ne sa fetola tsela e ke lebang dilo ka yone e bile se ne sa dira gore ke itumele thata.
Sandra: Mmè o ne a tswa kwa Umunede kwa Delta State, Nigeria. Le fa go ntse jalo, ba losika lwa ga rre ba tswa kwa Edo State e bile ba bua Se-Esan. Ka ntlha ya go sa tshwane gono ga bone, mmè o ne a tlhoilwe thata ke ba losika lwa ga rre go fitlha a swa. Ka jalo, ke ne ka ikana gore nka se tsalane ka gope le ope fela yo o buang Se-Esan le gore nka se nyalwe ke ope fela yo o tswang kwa Edo State. Mme fa ke simolola go ithuta Baebele ke ne ka simolola go leba dilo ka tsela e sele. E re ka Baebele e re Modimo ga a na tlhaolele le gore ope fela yo o mmoifang o a amogelesega mo go ene, nna ke mang gore ke tlhoe batho ka ntlha ya lotso kgotsa puo ya bone? Ke ne ka fetola tsela e ke akanyang ka yone mme ka dira kagiso le ba losika lwa ga rre. Go dirisa melaometheo ya Baebele go dirile gore ke itumele le gore ke nne le kagiso ya mogopolo. Gape e nthusitse gore ke kgone go dirisana le batho ba bangwe go sa kgathalesege gore ke ba lotso, morafe, puo kgotsa setšhaba sefe. Mme go tweng ka monna yo ke nyalaneng le ene? O tswa kwa Edo State e bile o bua Se-Esan!
Ke ka ntlha yang fa Baebele e kgonne go thusa batho bano le ba bangwe ba bantsi go fenya letlhoo le le nweleletseng? Ke ka gonne Baebele ke Lefoko la Modimo. E na le maatla a go fetola tsela e motho a akanyang ka yone le kafa a ikutlwang ka teng ka ba bangwe. Mo godimo ga moo, Baebele e bontsha gore go tlhokega eng gape gore letlhoo le fedisiwe lotlhe.
BOGOSI JWA MODIMO BO TLA FEDISA LETLHOO LOTLHE
Le fa kitso ya Baebele e ka thusa go laola le go fedisa maikutlo a a nweleletseng, go na le dilo tse dingwe tse pedi tse di tshwanetseng go baakanngwa pele letlhoo le ka fedisediwa ruri. Sa ntlha, go na le boleo le bosaitekanelang jwa batho. Baebele e tlhalosa sentle jaana: “Ga go na motho ope yo o sa leofeng.” (1 Dikgosi 8:46) Ka jalo, le fa re ka leka ka natla jang, re lebana le ntwa e moaposetoloi Paulo a neng a lebana le yone, yo o neng a re: “Fa ke eletsa go dira se se siameng, se se bosula se gone mo go nna.” (Baroma 7:21) Ka jalo, nako le nako, pelo ya rona e e sa itekanelang e tla boa e nna le “dikakanyo tse di utlwisang botlhoko” tse di ka bakang letlhoo.—Mareko 7:21.
Sa bobedi, go na le tlhotlheletso ya ga Satane Diabolo. Baebele e mo tlhalosa e le “mmolai” e bile ya re ‘o tsietsa lefatshe lotlhe le le nang le banni.’ (Johane 8:44; Tshenolo 12:9) Seno se bontsha lebaka la go bo letlhoo le le lentsi jaana le gore ke ka ntlha yang go bonala go sa kgonege gore batho ba fedise manganga, tlhaolele, go bolaana le mefuta e mengwe ya go tlhaolana ka ntlha ya lotso, bodumedi le ka ntlha ya maemo.
Ka jalo, pele ga letlhoo le fedisediwa ruri, go tshwanetse ga fedisiwa boleo le bosaitekanelang jwa batho le tlhotlheletso ya ga Satane Diabolo. Baebele e bontsha gore Bogosi jwa Modimo bo tla dira seo.
Jesu Keresete o ne a ruta balatedi ba gagwe go rapela Modimo jaana: “A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.” (Mathaio 6:10) Bogosi jwa Modimo ke jone fela jo bo tla fedisang tshiamololo yotlhe—go akaretsa mefuta yotlhe ya tlhaolele le letlhoo—di tla fedisediwa ruri.
Fa Bogosi jwa Modimo bo tla, mme bo laola sengwe le sengwe mo lefatsheng, Satane o tla ‘bofiwa,’ kgotsa o tla thibelwa ka mo go feletseng gore ‘a se ka a tsietsa ditšhaba.’ (Tshenolo 20:2, 3) Go tswa foo, go tla nna le “lefatshe le lesha,” le go tla ‘nnang le tshiamo mo go lone.’ *—2 Petere 3:13.
Batho ba ba tshelang mo lefatsheng leo la tshiamo ba tla boa ba itekanela ba sa tlhole ba na le boleo. (Baroma 8:21) E re ka ba tla bo ba busiwa ke Bogosi jwa Modimo, ‘ga ba kitla ba utlwisa botlhoko le fa e le go senya.’ Ka ntlha yang? “Ka gonne lefatshe le tla tlala kitso ya ga Jehofa.” (Isaia 11:9) Ka nako eo, batho botlhe ba tla ithuta ditsela tsa ga Jehofa Modimo le go etsa botho jwa gagwe jo bo lorato. Ruri seno se tla fedisa letlhoo lotlhe, “gonne Modimo ga a na tlhaolele.”—Baroma 2:11.
^ ser. 17 Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng ka Bogosi jwa Modimo le se bo tla se dirang mo bogautshwaneng, bona kgaolo 3, 8 le 9 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.