A o Ne o Itse?
A o Ne o Itse?
A tota batho ba ne ba letsa difolutu kwa diphitlhong mo motlheng wa ga Jesu?
▪ Baebele e umaka go lediwa ga difolutu mo meletlong. (1 Dikgosi 1:40; Isaia 5:12; 30:29) Gape ya re difolutu di ne tsa lediwa kwa phitlhong nngwe. Mo phitlhong eo, difolutu ke tsone fela diletswa tse di umakwang. Efangele ya ga Mathaio ya re mmusi mongwe wa Mojuda o ne a kopa Jesu gore a fodise morwadie yo o neng a le gaufi le go swa. Le fa go ntse jalo, fa Jesu a goroga kwa ntlong ya mmusi yono, o ne a “tshogana ka a bona baletsi ba folutu le boidiidi bo tsositse tlhakatlhakano le modumo,” ka gonne ngwana o ne a setse a sule.—Mathaio 9:18, 23.
A Mathaio o ne a nepile fa a bega tlwaelo eno? Moranodi mongwe wa Baebele e bong William Barclay a re: “Kwa dikarolong tse dintsi tsa dinaga tsa bogologolo, kwa Roma, kwa Gerika, kwa Fonekia, kwa Asiria le kwa Palesetina, gantsi mmino o o kuruetsang wa folutu o ne o lediwa fa go na le loso le fa go diragetse tiragalo nngwe ya masetlapelo.” Go ya ka Talmud, tota le Mojuda yo o humanegileng thata yo o neng a swetswe ke mosadi mo makgolong a ntlha a dingwaga C.E., o ne a ka hutsafalela mosadi wa gagwe yo o tlhokafetseng ka go hira baletsi ba difolutu ba le babedi le mosadi yo o lelang. Rahisitori mongwe yo o neng a tshela mo lekgolong la ntlha la dingwaga e bong Flavius Josephus o ne a bega gore fa go ne go itsege kwa Jerusalema gore Roma e fentse Jotapata kwa Galalea le gore banni ba koo ba ne ba gaitswe ka 67 C.E., “batho ba le bantsi ba ba neng ba hutsafetse ba ne ba hira batho ba ba neng ba tla letsa difolutu gore di tsamaisane le dipina tsa bone tsa khutsafalo kwa phitlhong.”
Badirabosula ba ba neng ba bolawa le Jesu ba ne ba dirile molato ofe?
▪ Baebele e bitsa badirabosula bano e re ke “dinokwane.” (Mathaio 27:38; Mareko 15:27) Dibuka dingwe tse di tlhalosang mafoko a Baebele tsa re Baebele e dirisa mafoko a a sa tshwaneng go farologanya mefuta ya bokebekwa. Lefoko la Segerika e leng kleptes le ne le kaya legodu le le utswang mo sephiring gore le se ka la tshwarwa. Lefoko leno le dirisiwa fa go buiwa ka Judase Isekariota, yo o neng a utswa mo letloleng la madi la barutwa. (Johane 12:6) Mme lefoko lestes lone gantsi le ne le kaya senokwane se se dirisang dikgoka mme gape le ne le ka kaya motsuolodi, motho yo o menolang puso kgotsa serukhutlhi. Batho ba ba neng ba bolawa le Jesu e ne e le dinokwane tsa mofuta ono wa bobedi. E bile go begwa gore mongwe wa bone o ne a re: “Re amogela ka botlalo se se re tshwanelang ka ntlha ya dilo tse re neng ra di dira.” (Luke 23:41) Seno se ne se ka kaya gore molato wa bone e ne e se bogodu fela.
Barabase jaaka dinokwane tseo tse pedi, o bidiwa lestes. (Johane 18:40) Se se bontshang gore ruri Barabase e ne e se legodu fela ke mafoko a a mo go Luke 23:19, a a reng o ne a “latlhetswe mo kgolegelong ka ntlha ya go tsuologela taolo gongwe mo go neng go diragala mo motseng le ka ntlha ya go bolaya.”
Ka jalo le fa badirabosula ba ba bolailweng le Jesu ba ne ba dirile bonokwane bongwe, go ka direga gore gape ba ne ba dirile ditiro tsa boepapuso kgotsa le e leng go bolaya batho. Go sa kgathalesege gore ba ne ba dirile eng, Mmusi wa Roma e bong Ponto Pilato o ne a bona ba tshwanelwa ke go bolawa ka go bapolwa.