Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Nako ya go Rata le Nako ya go Tlhoa”

“Nako ya go Rata le Nako ya go Tlhoa”

“Nako ya go Rata le Nako ya go Tlhoa”

“MODIMO ke lorato.” Mo dinageng dingwe, batho ba tsenya mafoko ao mo foreimeng ba bo ba a manega mo loboteng lwa ntlo ya bone. Eleruri, ao ke mafoko a a kgatlhang, a a tlhalosang se Modimo a leng sone—lorato ka bolone.

Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ga ba itse gore mafoko ao a tswa mo Baebeleng. Moaposetoloi Johane o ne a kwala jaana: “Yo o sa rateng ga a ise a itse Modimo, ka gonne Modimo ke lorato.” (1 Johane 4:8) Gape Johane o ne a kwala jaana ka lorato lo Modimo a nang le lone mo bathong ba ba ka gololwang: “Modimo o ratile lefatshe mo go kalo mo a bileng a ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.”—Johane 3:16.

Ba akantse ka ntlha eo, bangwe ba ka nna ba akanya gore ka metlha Modimo o tlodisa matlho sengwe le sengwe se re se dirang. Tsela e batho ba le bantsi ba tshelang ka yone e bontsha gore ba akanya gore le fa ba ka itshwara jang, Modimo a ka se dire gore ba ikarabelele ka boitshwaro jwa bone. Mme gone, a seo se boammaaruri? A Modimo o rata batho botlhe, ba ba siameng le ba ba sa siamang? A Modimo o a tle a nne le letlhoo?

Lorato Lwa Modimo fa lo Bapisiwa le Letlhoo la Gagwe

Kgosi Solomone yo o botlhale o ne a kwala jaana: “Sengwe le sengwe se na le nako e se e tlhometsweng, le nako ya tiragalo nngwe le nngwe kafa tlase ga magodimo . . . nako ya go rata le nako ya go tlhoa.” (Moreri 3:1, 8) Go ya ka molaomotheo ono, le fa Modimo a na le lorato lo logolo e bile a le pelonomi, go na le dinako tse ka tsone a tleng a tlhoe.

Sa ntlha, polelwana “go tlhoa” e kaya eng ka tsela e e dirisitsweng ka yone mo Baebeleng? Buka nngwe ya re: “Mo Dikwalong, polelwana ‘go tlhoa’ e ka kaya dilo di le mmalwa tse di farologaneng. E ka kaya bobaba jo bogolo, go ila motho thata mo gantsi go akaretsang go mo eleletsa bosula. Letlhoo le le ntseng jalo le ka dira gore motho a batle go utlwisa motho yo a mo tlhoileng botlhoko.” Jono ke bokao jo re bo tlwaetseng thata jwa letlhoo mme re bona diphelelo tsa lone mo lefatsheng lotlhe. Mme fa buka eno e tswelela ya re: “‘Go tlhoa’ gape go ka kaya maikutlo a a tseneletseng a go se rate sengwe mme o se na boikaelelo bope jwa go se utlwisa botlhoko.”

Re tla tlotla ka bokao jono jwa bobedi mo setlhogong seno. Ke maikutlo a a tseneletseng a go se rate sengwe—e seng go ila kgotsa go batla go utlwisa botlhoko. A Modimo a ka nna le letlhoo le le ntseng jalo? Ela tlhoko se se tlhalosiwang mo go Diane 6:16-19: “Go na le dilo di le thataro tse Jehofa a di tlhoileng; ee, dilo di supa tse di makgapha mo moyeng wa gagwe: matlho a a ikgodisang, loleme lo lo maaka, le diatla tse di tshololang madi a a se nang molato, pelo e e logang maano a a utlwisang botlhoko, dinao tse di itlhaganeletseng go sianela kwa bosuleng, mosupi wa maaka yo o bilolang maaka, le ope yo o bakang manganga mo gare ga bomorwa motho.”

Jaaka re bona, go na le ditiro dingwe tse Modimo a di tlhoileng. Le fa go ntse jalo, ga se gore o tlhoa motho yo o dirang ditiro tseo. O ela tlhoko maemo mangwe a a amegang a a jaaka makoa a nama, tikologo, tsela e motho a godisitsweng ka yone le go tlhoka kitso. (Genesise 8:21; Baroma 5:12) Mokwadi wa Diane o ne a tlhalosa seno sentle a dirisa sekai seno se se molemo: “Jehofa o kgalemela yo a mo ratang, fela jaaka rre a kgalemela morwawe yo a mo ipelelang.” (Diane 3:12) Motsadi a ka tlhoa ditiro tsa ngwana yo o sa utlweng, mme o sa ntse a rata ngwana wa gagwe e bile o dira sotlhe se a ka se kgonang go mo thusa gore a tlogele mekgwa e e sa siamang ka go mo otlhaya. E re ka Jehofa a le lorato, o dira se se tshwanang fa go na le tsholofelo ya gore moleofi a ka bolokwa.

Letlhoo le le Tshwanetseng

Le fa go ntse jalo, go tweng fa motho a simolola go itse se thato ya Modimo e leng sone mme a bo a sa e dire? Motho yoo ga a ka ke a ratiwa ke Modimo e bile Modimo a ka se mo amogele. Fa a dira ka boomo dilo tse Jehofa a di tlhoileng, o dira gore Jehofa a mo tlhoe. Ka sekai, Baebele ya re: “Jehofa ka boene o tlhatlhoba mosiami le moikepi, mme moya wa Gagwe o tlhoile ope fela yo o ratang thubakanyo.” (Pesalema 11:5) Motho yoo yo o sa ikwatlhaeng a ka se itshwarelwe, fela jaaka moaposetoloi Paulo a tlhalosa seno sentle mo lekwalong le a neng a le kwalela Bahebera: “Fa re dira boleo ka boomo re sena go amogela kitso e e leng yone ya boammaaruri, ga go tlhole go na le setlhabelo sepe sa maleo se se setseng, mme go na le tebelelo nngwe e e boifisang ya katlholo gape go na le lefufa le le tukang le le tlileng go laila ba ba ganetsang.” (Bahebera 10:26, 27) Ke ka ntlha yang fa Modimo yo o lorato a dira jalo?

Fa motho a itlwaetsa go dira boleo jo bo masisi ka boomo, boikepo bo ka tsenelela thata mo go ene mo a ka se tlholeng a fetoga. A ka nna motho yo o bosula yo o sa fetogeng. Baebele e tshwantsha motho yo o ntseng jalo le lengau le le ka se fetoleng marontho a lone. (Jeremia 13:23) Go na le gore motho yoo a ikwatlhaye, o dira se Baebele e reng ke “boleo jwa bosakhutleng,” jo bo ka se itshwarelweng.—Mareko 3:29.

Go ne ga nna jalo ka Adame le Efa mmogo le Judase Isekariota. E re ka Adame le Efa ba ne ba bopilwe ba itekanetse e bile taelo ya Modimo e ne e utlwala e bile ba e tlhaloganya, go bonala sentle gore ba ne ba leofa ka go rata le ka boomo mme ka jalo ba ne ba se na seipato. Se Modimo a neng a se ba bolelela morago ga moo, se ne se sa ba neye tshono ya gore ba ikwatlhaye. (Genesise 3:16-24) Le mororo Judase a ne a sa itekanela, o ne a atamalane thata le Morwa Modimo, le fa go ntse jalo o ne a mo oka. Jesu o ne a mmitsa “morwa tshenyego.” (Johane 17:12) Gape Baebele e bontsha gore Diabolo ga a bolo go nna moleofi wa ka boomo yo o letetsweng fela ke tshenyego. (1 Johane 3:8; Tshenolo 12:12) Batho bano ba dirile gore Modimo a ba tlhoe.

Le fa go ntse jalo, go a gomotsa go itse gore ga se mongwe le mongwe yo o leofileng yo a ka se itshwarelweng. Jehofa o pelotelele fela thata e bile ga a itumelele go otlhaya batho ba ba leofileng ka ntlha ya go tlhoka kitso. (Esekiele 33:11) O ba kgothaletsa gore ba ikwatlhaye mme ba itshwarelwe. Re bala jaana: “A moikepi a tlogele tsela ya gagwe, le motho yo o kotsi dikakanyo tsa gagwe; mme a boele kwa go Jehofa, yo o tla mo utlwelang botlhoko, le kwa Modimong wa rona, gonne o tla itshwarela ka tsela e kgolo.”—Isaia 55:7.

Go Leba Lorato le Letlhoo ka Tsela e e Tshwanetseng

E re ka Bakeresete ba boammaaruri e le baetsi ba Modimo, ba tshwanetse go tlhaloganya gore ke leng mo e leng “nako ya go rata” le “nako ya go tlhoa.” Go laolwa ke maikutlo go ka dira gore motho a se ka a leba lorato le kutlwelobotlhoko ka tsela e e tshwanetseng. Mme mafoko a ga morutwa Jude a ka re thusa go bontsha kutlwelobotlhoko le go tlhoa boleo ka tekatekano: “Tswelelang pele lo bontsha ba bangwe kutlwelobotlhoko, lo dire jalo ka poifo, lo ntse lo tlhoile le eleng seaparo sa kafa teng se se mathegetsweng ke nama.” (Jude 22, 23) Re tshwanetse go tlhoa se se bosula mme re se ka ra tlhoa motho yo o dirang se se bosula.

Gape Bakeresete ba laelwa gore ba bontshe baba ba bone lorato ka go ba direla molemo. Jesu o ne a re: “Tswelelang lo rate baba ba lona lo bo lo rapelele ba ba lo bogisang.” (Mathaio 5:44) Ke lone lebaka la go bo Basupi ba ga Jehofa ba sa kgaotse go rerela baagelani ba bone dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo gangwe le gape, le fa bangwe ba batho bano ba sa amogele molaetsa oo. (Mathaio 24:14) E re ka Basupi ba leba dilo go ya ka se Baebele e se buang, ba tsaya mongwe le mongwe e le yo o ka ratiwang le go utlwelwa botlhoko ke Jehofa. Fa maiteko a Basupi a go thusa batho a sa anaanelwe kgotsa ba tlhokomologiwa kgotsa le e leng go bogisiwa, ba latela kgakololo eno ya ga moaposetoloi Paulo: “Nnang lo segofatse ba ba bogisang; segofatsang mme lo se ka lwa hutsa . . . Lo se ka lwa busetsa ope bosula ka bosula.” (Baroma 12:14, 17) Ba nna ba gakologetswe gore Jehofa ke ene yo o tla tlhophang gore ke mang yo o tshwanelwang ke gore a mo rate le gore ke mang yo o tshwanelwang ke gore a mo tlhoe. Ke ene Moatlhodi yo mogolo malebana le gore ke mang yo o tshwanelwang ke go tshela kgotsa go swa.—Bahebera 10:30.

Ee, “Modimo ke lorato.” Mme rona re tshwanetse go bontsha gore re anaanela lorato lwa gagwe le go dira maiteko a go batla go itse thato ya gagwe go tswa foo re bo re e dira. Basupi ba ga Jehofa ba ba mo lefelong la gaeno ba tla itumelela go go thusa go ithuta mo Baebeleng ya gago gore thato ya Modimo ke eng le gore o ka tshela jang go dumalana le yone. Fa o dira jalo, o tla tila go tlhoiwa ke Modimo mme o tla itumelela go ratiwa ke ene.

[Mafoko a a mo go tsebe 23]

“Go na le dilo di le thataro tse Jehofa a di tlhoileng; ee, dilo di supa tse di makgapha mo moyeng wa gagwe: matlho a a ikgodisang, loleme lo lo maaka, le diatla tse di tshololang madi a a se nang molato, pelo e e logang maano a a utlwisang botlhoko, dinao tse di itlhaganeletseng go sianela kwa bosuleng, mosupi wa maaka yo o bilolang maaka, le ope yo o bakang manganga mo gare ga bomorwa motho.”—DIANE 6:16-19

[Mafoko a a mo go tsebe 24]

“Fa re dira boleo ka boomo re sena go amogela kitso e e leng yone ya boammaaruri, ga go tlhole go na le setlhabelo sepe sa maleo se se setseng, mme go na le tebelelo nngwe e e boifisang ya katlholo.”—BAHEBERA 10:26, 27

[Mafoko a a mo go tsebe 25]

“A moikepi a tlogele tsela ya gagwe, le motho yo o kotsi dikakanyo tsa gagwe; mme a boele kwa go Jehofa, yo o tla mo utlwelang botlhoko . . . O tla itshwarela ka tsela e kgolo.”—ISAIA 55:7

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Motsadi yo o lorato o otlhaya ngwana wa gagwe gore a mo thuse

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Magolegwa a le mantsi a solegetswe molemo ke lorato lwa Modimo le kutlwelobotlhoko ya gagwe