Ke ne Ke Eletsa go Tsamaya le Disorokise
Ke ne Ke Eletsa go Tsamaya le Disorokise
Jaaka go Boletse Zoya Dimitrova
Fa ke na le dingwaga di le 15, ke ne ke tshela ka tsela e ke neng ke sa bolo go e eletsa—ke ne ke itumelela go diragatsa mo disorokiseng le go tsamaya le tsone. Mme ka September 4, 1970, ke ne ka welwa ke masetlapelo. Ke ne ke le kwa godimo mo moyeng mme ka ponyo ya leitlho ka ruthagana fa fatshe.
KE TSHOTSWE ka December 16, 1952, mme ke ne ke nna le batsadi ba me le nkgonne kwa Sofia, kwa Bulgaria. Ka nako eo, Bulgaria e ne e le naga ya Bokomonise e e neng e letlelela bodumedi mme e kgothaletsa batho gore ba se ka ba tsena mo go jone. Bontsi jwa batho bo ne bo sa dumele mo Modimong, mme ba le bantsi ba ba neng ba dumela mo go ene ba ne ba sa batle gore seo se itsege. Le fa ba lelapa la gaetsho ba ne ba re ke Ba-Orthodox, ga ke a godisediwa mo bodumeding e bile ke ne ke sa akanye sepe ka Modimo.
Go tloga fela ke sa le monnye go ne ga bonala gore ke rata metshameko ya mefuta yotlhe, segolobogolo ya dijiminasi. Fa ke na le dingwaga di le 13, monna mongwe o ne a tla kwa sekolong sa rona a batla mosetsana yo a ka mo thapisetsang disorokise. Mokatisi wa me wa metshameko ya dijiminasi o ne a mpua molemo mo go ene. Ke ne ka itumelela go tsamaya ka koloi ya manejara, koloi ya modiro wa Amerika, ke ya go botsolodiwa le go lekwa ke setlhopha sa bathapisi. Ke ne ka itumela thata fa ke ne ke tlhophiwa. Ka nako eo, ke ne ka simolola thulaganyo e e gagametseng ya go thapisiwa le go katisiwa e e neng ya tsaya lobaka lo lo fetang dingwaga di le pedi. Mme fa ke na le dingwaga di le 15, ke ne ka wetsa thapiso ya me mme ka simolola go tsamaya le disorokise. La ntlha ke ne ka tsamaya go ralala Bulgaria mme morago ka ya kwa dinageng tse pele e neng e le karolo ya Soviet Union, tota le kwa Algeria, Hungary le kwa nageng e pele e neng e le Yugoslavia.
Ke ne ka tshela botshelo jo bo itumedisang thata ka dingwaga di le tharo, ke tshela ka tsela e ke neng ke eleditse go tshela ka yone. Mme fa ke ne ke le mo motshamekong wa dijiminasi kwa Titov Veles kwa Macedonia, go ne ga direga kotsi e e tlhalositsweng kwa tshimologong. Ke ne ke dira sengwe se se neng se tlhoka gore ke laole mmele wa me ka botswerere ke le kwa godimo mo moyeng. Motho yo ke neng ke dira le ene o ne a lepeletse a isitse tlhogo kwa tlase mme o ne a nkolopela mo moyeng ka boikaelelo jwa gore a ntshware fa ke tswa kwa godimo. Ke ne ka fosa diatla tsa gagwe mme mogala o ke neng ke bofilwe ka one gore o ntshireletse o ne wa kgaoga mme ka ruthagana fa fatshe sekgala sa dimetara di le thataro go tswa kwa godimo. Ke ne ka potlakisediwa kwa bookelong mme ga fitlhelwa ke robegile letsogo, dikgopo di le mmalwa le mokwatla. Ke ne ka fetsa malatsi a le mmalwa madi a me a sa tsamaye sentle e bile ke sa gopole sepe se se diragetseng. Fa ke nna botoka ke ne ka lemoga gore ke ne ke sule ditokololo go tswa mo nokeng go ya kwa tlase. Le fa go ntse jalo, e re ka ke ne ke sa le mosha, ke ne ka nna ke na le tsholofelo ya gore fa nka bona kalafi kgotsa ka ariwa ke tla kgona go tsamaya gape gongwe ke bo ke boe ke tshameke mo disorokiseng.
Mo dingwageng di le pedi le halofo tse di neng tsa latela, ke ne ka alafiwa kwa mafelong a a farologaneng a kalafo, ke ntse ke na le tsholofelo ya gore ke tla fola. Kgabagare ke ne ka tshwanelwa ke go dumela gore ke ne nka se tlhole ke kgona go tshela botshelo jo ke neng ke bo eleditse. Mme ke ne ka
tshwanelwa ke go tlwaela go tsamaya ka setulo sa maotwana, e leng botshelo jo bo farologaneng thata le jo ke neng ke eleditse go bo tshela—botshelo jwa go tsamaya le disorokise.Fa ke Simolola Botshelo jo Bosha
E re ka pele ke ne ke nna ke tshwaregile mo metshamekong, ke ne ke akanya gore nka se kgone go tlwaela botshelo jono jo bosha. Ke ne ka felelwa ke tsholofelo mme ka simolola go tshwenyega thata mo maikutlong. Mme ka 1977 ke ne ka etelwa ke lekawana le le bidiwang Stoyan. Fa ke sena go utlwa gore e ne e le mogolowe mosadi mongwe yo ke neng ke bereka le ene pele, ke ne ka mo amogela. Fa re ntse re tlotla, o ne a mpotsa gore a ke solofetse gore ke tla fola. E re ka ke ne ke kgobegile marapo e bile ke sa bona se ke neng ke se batla mo botshelong, ke ne ka mo araba ka go re ga ke na tsholofelo epe. Fa a ne a mpolelela gore Modimo ke ene fela a ka nthusang, ke ne ka bua jaana ke utlwile botlhoko, “Mme fa e le gore go na le Modimo, ke ka ntlha yang fa ke ntse jaana?”
Stoyan, yo o neng a sa tswa go nna Mosupi wa ga Jehofa fa a ne a bereka mo disorokiseng kwa United States, o ne a simolola motlotlo jalo mme a ntlhalosetsa ka bopelonomi ka ditsholofetso tse di molemo tse di mo Baebeleng ka isagwe. Ke ne ka itumelela go utlwa gore go ise go ye kae lefatshe le tla nna paradaise. Tsholofetso ya gore “loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko” e ne ya nkama pelo. (Tshenolo 21:4) Ruri ke ne ke eletsa go boa ke nna le botsogo jo bo molemo! Ka yone nako eo ke ne ka dumela go ithuta Baebele ka metlha. Ka jalo ke ne ka simolola go tshela botshelo jo bosha. Kgabagare ke ne ke na le lebaka la go nna le tsholofelo ya mmatota!
Beke le beke ke ne ke nna ke lebile pele kwa thutong ya me ya Baebele. La ntlha ke ne ka ithuta le Stoyan mme go tswa foo ka ithuta le Mosupi yo o pelonomi thata yo o bidiwang Totka. Ka thuso ya gagwe, kitso ya me ya boammaaruri jwa Baebele e ne ya oketsega ka bofefo, mme ke ne ka ineela mo go Jehofa Modimo. Ka nako eo go ne go se na ope mo Sofia yo o neng a ka kgona go nkolobetsa, ka jalo ke ne ka tshwanelwa ke go emela mokaulengwe mongwe wa kwa Macedonia gore a tle. Ka September 11, 1978, mo e ka nnang ngwaga ke sena go simolola go ithuta Baebele, ke ne ka kolobediwa mo bateng kwa foleteng ya me. Go kolobediwa go nna Mosupi wa ga Jehofa go ne ga intumedisa fela thata, mme ga dira gore botshelo jwa me bo nne le bokao.
Boammaaruri jwa Baebele jo ke neng ke bo ithuta bo ne bo tuka jaaka molelo mo teng ga me. Mongwe le mongwe yo o neng a tla kwa ga me ke ne ke mmolelela ka matlhagatlhaga ka tsholofelo e ke neng ke sa tswa go nna le yone. Ka maswabi, batho ba ne ba sa ntseye tsia, gongwe ba akanya gore e re ka ke ne ke bone kotsi, ke ne ke sa felela sentle mo tlhaloganyong.
Phoso e e Masisi
Ka nako eo, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba thibetswe mo Bulgaria mme go ne go na le Basupi ba se kae fela mo nageng eno yotlhe. Go ne go se na dipokano dipe tsa phuthego tse ke neng nka ya kwa go tsone, mme ke ne ke sa ikopanye ka metlha le batho ba ba dumelang se ke se dumelang. Boemo
jono mmogo le go se lemoge kotsi ya go itsalanya thata le batho ba ba sa tsheleng ka melao ya Baebele, go ne ga felela ka gore ke dire phoso e e masisi.Segakolodi sa me se ne sa ntshwenya fela thata, mme ke ne ka utlwa kafa go leng botlhoko thata ka teng go katologana le Jehofa Modimo. Ke ne ke utlwile botlhoko thata e bile ke tlhabilwe ke ditlhong, mme ke ne ka rapela Jehofa ke mmolelela se se mo pelong, ke mo kopa gore a intshwarele. Moragonyana ka thuso ya bagolwane ba ba lorato ba Bakeresete, ke ne ka boa ka nna le kamano e e molemo le Jehofa, mme ka itumelela go mo direla gape. Ruri ke itumelela tshiamelo ya go direla Jehofa ka segakolodi se se phepa le go kopanela le phuthego ya gagwe e e phepa!
Ke Itumetse Le fa Ke sa Kgone go Dira mo Gontsi
Kotsi e e neng ya ntiragalela dingwaga di le 40 tse di fetileng, e ne ya kgaosetsa botshelo jo ke neng ke batla go bo tshela jwa go tsamaya le disorokise mme ya dira gore ke felele ke tsamaya ka setulo sa maotwana. Le fa go ntse jalo, fa ke akanya ka se se diragetseng ga ke utlwe botlhoko e bile ga ke ikwatlhaye, jaaka e kete ke paletswe mo botshelong. Boammaaruri jwa Baebele bo ne jwa nthusa go lemoga gore keletso ya me ya go tshela ke itumetse e bile ke kgotsofetse ka go tsamaya le disorokise e ne e amana le dilo tse di se nang mosola e bile di sa nnele ruri. Ke bone kafa batho ba ke neng ke bereka le bone pele ba ba ileng ba tswelela ba tsamaya le disorokise ba ileng ba kgobega marapo thata ka gone mo botshelong. Mme nna ke bone sengwe sa botlhokwa go gaisa—kamano le Mmopi wa me e bong Jehofa Modimo. E dirile gore ke itumele thata go feta kafa ke neng nka itumela ka teng fa ke tsamaya le disorokise.
Mo godimo ga moo, ke itumeletse go bona batho ba bangwe ba le bantsi ba nna le kitso ya boammaaruri jwa Baebele ba bo ba ineela mo Modimong wa rona yo o lorato e bong Jehofa. Fa ke ne ke simolola go ithuta Baebele ka 1977, go ne go na le Basupi ba se kae fela mo Bulgaria. Tota le ka 1991, fa Basupi ba ga Jehofa ba ne ba kwadisiwa lekgetlo la ntlha fa puso ya Bokomonise e sena go phutlhama, go ne go na le Basupi ba ba fetang lekgolo go se kae mo nageng eno yotlhe. Ruri ke itumeletse go bona palo ya baboledi ba Bogosi e oketsega ka bonya ka bonya go fitlha e nna mo e ka nnang 1 800 gompieno!
Go sa ntse go na le tiro e ntsi e e tshwanetseng go dirwa mo Bulgaria. Batho ba le bantsi ba batla go itse ka Lefoko la Modimo. Seno se bontshiwa ke palo e e tlhomologileng ya batho ba le 3 914 ba ba Isaia 60:22.
neng ba tlile Segopotsong sa loso lwa ga Keresete ka 2010. Ke itumela thata fa ke akanya ka bosupi jono jwa gore Jehofa o atolositse tiro ya kwa Bulgaria. Ke iponetse ka matlho a me fa “yo mmotlana” a gola a bo a nna “setšhaba se se thata,” jaaka go boleletswe pele mo goSelo se sengwe se se ileng sa intumedisa e bile e le tiragalo e e tlhomologileng thata mo botshelong jwa me e nnile go gololwa ga Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo ka Se-Bulgaria. E ne ya gololwa ka August 2009 kwa Kopanong ya Kgaolo ya setlhogo se se reng “Nnang lo Disitse!” e e neng e tshwaretswe kwa Sofia. Go gololwa ga Baebele eno ka puo ya gaetsho e ne e le sengwe se ke neng ke sa bolo go se eletsa! Kwantle ga pelaelo e tla thusa batho ba le bantsi mo Bulgaria gore ba nne le kitso e e oketsegileng ya boammaaruri jwa Baebele.
Le fa bogole jwa me bo dira gore ke se ka ka kgona go dira go le gontsi mo tirong ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo, ke itumelela go bolelela baagelani ba me le mongwe le mongwe yo o nketelang boammaaruri jwa Baebele. Nako nngwe ke ne ka bitsa moagelani wa me a feta ke le mo mathuding. Ke ne ka mo laletsa gore a tsene mme a dumela. Fa ke sena go mmolelela dintlha di le mmalwa tse di kgothatsang tse di tswang mo Baebeleng, ka yone nako eo o ne a dumela gore ke ithute Baebele le ene. Ke ne ka itumela thata fa a ne a kolobediwa moragonyana a bo a nna modumedi ka nna. Ke nnile le tshiamelo ya go thusa batho ba le banè gore ba ineele mo go Jehofa.
Gongwe sengwe se se intumedisang thata le se se nkgothatsang ke go nna gone ka metlha kwa dipokanong tsa Bokeresete mmogo le bakaulengwe le bokgaitsadi ba feta lekgolo, ba e setseng e kete ke lelapa la gaetsho. Ke fitlhela go le thata go ya kwa dipokanong tsa phuthego ka gonne ke nna mo nageng e mo go yone go se nang dipalangwa tse di kgethegileng tsa bagodi le batho ba ba bokoa. Mme ke leboga thata go bo mokaulengwe mongwe yo mosha a ntlhokomela ka lorato. Nako le nako fa re ya dipokanong o nkuka go tswa kwa foleteng ya me go ya kwa koloing ya gagwe, le go tswa mo koloing go ya kwa Holong ya Bogosi le go boa. Ruri ke leboga Jehofa ka tshiamelo eno ya go nna mo lelapeng le le lorato jalo la semoya!
Fa ke leba kwa morago, ke lemoga gore botshelo jwa me ga bo a tsamaya ka tsela e ke neng ke eleditse gore bo tsamaye ka yone fa ke sa le mosha. Go direla Jehofa go dirile gore ke itumele fela thata gone jaanong mme ke nne le tsholofelo e e molemo ka isagwe. Ke itumelela tsholofetso ya Modimo ya gore mo lefatsheng la paradaise, “setlhotsa se tla palama fela jaaka kgama e tonanyana.” (Isaia 35:6) Ke lebile pele ka tsholofelo kwa nakong ya fa ke tla bo ke tsapoga mo setulong sa me sa maotwana, ke na le botsogo jo bo molemo le matlhagatlhaga gape.
[Mafoko a a mo go tsebe 30]
“Sengwe se se intumedisang thata le se se nkgothatsang ke go nna gone ka metlha kwa dipokanong tsa Bokeresete”
[Mafoko a a mo go tsebe 31]
“Tiragalo e e tlhomologileng thata mo botshelong jwa me e nnile go gololwa ga Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo ka Se-Bulgaria”
[Setshwantsho mo go tsebe 29]
Ke ne ka simolola go diragatsa mo disorokiseng ke na le dingwaga di le 15