A o Ne o Itse?
A o Ne o Itse?
Ke ka ntlha yang fa dikgoro tsa motse di ne di umakiwa thata mo dipegong tsa Baebele?
▪ Mo motlheng wa ditiragalo tsa Baebele, metse e mentsi e ne e dikologilwe ke dipota tsa tshireletso. Mo dikgorong tse dintsi, go ne go na le mafelo a a bulegileng kwa batho ba neng ba kokoana gone gore ba kopane le ba bangwe, ba dire kgwebo le go tlotla le ba bangwe. Go ne go dirwa dikitsiso mo mafelong ano e bile baporofeti ba ne ba itsise melaetsa ya bone mo go one. (Jeremia 17:19, 20) Kgatiso ya The Land and the Book ya re “mo e batlang e nna kgwebo nngwe le nngwe e ne e direlwa kwa dikgorong tsa motse kgotsa gaufi le tsone.” Kwa Iseraeleng wa bogologolo, dikgoro tsa motse di ne di tshwana thata le diholo tsa gompieno tsa motse.
Ka sekai, Aborahame o ne a reka lefelo le ba lelapa la gagwe ba tla fitlhelwang mo go lone mo go Eferone “fa pele ga matlho a bomorwa Hethe mo gare ga botlhe ba ba tsenang ka kgoro ya motse wa gagwe.” (Genesise 23:7-18) Boase o ne a kopa bagolwane ba le lesome ba kwa Bethelehema gore ba nne kwa dikgorong tsa motse mme fa a ntse a na le bone, o ne a dira dithulaganyo malebana le boswa jwa ga Ruthe le monna wa gagwe yo o tlhokafetseng, go ya ka molao o o malebana le lenyalo la seyantlo. (Ruthe 4:1, 2) Fa banna ba bagolwane ba motse e ne e nna baatlhodi, ba ne ba nna kwa dikgorong tsa motse ba reetsa dikgetsi, ba dira ditshwetso le go ntsha dikatlholo.—Duteronome 21:19.
Ofire e Baebele e reng ke motswedi wa gouta ya boleng jo bo kwa godimo e ne e le kwa kae?
▪ Sa ntlha buka ya ga Jobe e umaka “gouta ya Ofire” le go e tshwantsha le “gouta e e itshekileng.” (Jobe 28:15, 16) Dingwaga di le 600 morago ga motlha wa ga Jobe, Kgosi Dafide o ne a phutha “gouta ya Ofire” gore a age tempele ya ga Jehofa kwa Jerusalema. Morwawe e bong Solomone le ene o ne a tsaya gouta kwa Ofire.—1 Ditiragalo 29:3, 4; 1 Dikgosi 9:28.
Go ya ka Dikwalo, Solomone o ne a na le lesomo la dikepe tse di dirilweng kwa Esione-gebere, kwa Lewatleng le Lehibidu, tse di neng di tlisa gouta go tswa kwa Ofire. (1 Dikgosi 9:26) Bakanoki ba re Esione-gebere e ne e le kwa setlhoeng sa Kgogometso ya Aqaba, gaufi le lefelo le gompieno le itsegeng e le Elat le Aqaba. Go tswa koo, dikepe di ne di kgona go fitlha kwa karolong nngwe le nngwe ya Lewatle le Lehibidu kgotsa go ya kwa marekisetsong a a kgakala kwa lotshitshing lwa Afrika kgotsa lwa India, a go ka diregang gore ke mafelo a Ofire. Le fa go ntse jalo, batho ba bangwe ba dumela gore Ofire e kwa Arabia, kwa meepo ya bogologolo ya gouta e neng e le gone le kwa gouta e epiwang gone le mo motlheng wa gompieno.
Moithuti wa dipego tsa Baegepeto e bong Kenneth A. Kitchen, o ne a kwala jaana malebana le kgang ya gore meepo ya ga Solomone e ne e le kinane jaaka bangwe ba dumela: “Ofire ga se tlhamane. Kapetla ya sejana sa letsopa ya Sehebera e gongwe e leng ya lekgolo la borobedi la dingwaga [B.C.E.] e ne e kwadilwe jaana ka bokhutshwane: ‘Gouta ya Ofire e e romelwang kwa Beth-Horon—ya boima jwa digerama di le 340.’ Fano Ofire e tlhalosiwa e le motswedi wa mmatota wa gouta, fela jaaka go ntse ka ‘Gouta ya ‘Amau,’ kgotsa ‘Gouta ya Punt’ kgotsa ‘Gouta ya Kush’ mo mekwalong ya Baegepeto—go ikaegile ka gore e tswa mo nageng efe, mofuta wa mmu wa naga eo kgotsa boleng jwa one.”
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Aborahame kwa kgorong ya motse, o batla go reka lefatshe
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Kapetla ya sejana sa letsopa ya sehebera e e kwadilweng Ofire
[Motswedi wa Setshwantsho]
Collection of Israel Antiquities Authority, Photo © The Israel Museum, Jerusalem