Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Se Jesu a Neng a se Ruta ka Bogosi Jwa Modimo

Se Jesu a Neng a se Ruta ka Bogosi Jwa Modimo

Se Jesu a Neng a se Ruta ka Bogosi Jwa Modimo

“A simolola go eta go tswa motseng go ya motseng le go tswa motsaneng go ya motsaneng, a rera . . . dikgang tse di molemo tsa bogosi jwa Modimo.”—LUKE 8:1.

RE RATA go bua ka dilo tse di leng botlhokwa mo go rona. Fela jaaka Jesu a ne a bua, “molomo o bua se se tletseng mo pelong.” (Mathaio 12:34) Fa re sekaseka dilo tse Jesu a neng a di bua fa a ne a le mo bodireding, re ka nna ra re Bogosi jwa Modimo e ne e le kgang e e botlhokwa thata mo go ene.

Bogosi jwa Modimo ke eng? Bogosi ke puso e e laolwang ke kgosi. Ka jalo Bogosi jwa Modimo ke puso e e tlhomilweng ke Modimo. Jesu o ne a bua thata ka Bogosi jwa Modimo mme ya nna jone setlhogo sa molaetsa wa gagwe. Go na le ditshupiso tse di fetang 110 tse di buang ka Bogosi jono mo Diefangeleng tse nnè. Mme gone, Jesu o ne a sa rute ka mafoko fela. Dilo tse a neng a di dira le tsone di ne di ruta go le gontsi ka Bogosi jwa Modimo le se bo tla se dirang.

Kgosi ke mang? Kgosi ya Bogosi jwa Modimo ga e tlhomiwe ke batho. Go na le moo, Mmusi yono o tlhophiwa ke Modimo ka boene. Fa Jesu a ne a ruta, o ne a senola gore ke ene yo o tlhophilweng ke Modimo go nna Kgosi.

Jesu o ne a itse gore boporofeti jwa Baebele bo ne bo boleletse pele gore Mesia yo o solofeditsweng o ne a tlile go busa mo Bogosing jo bo sa khutleng. (2 Samuele 7:12-14; Daniele 7:13, 14; Mathaio 26:63, 64) Gakologelwa gore Jesu o ne a ipolela gore ke ene Mesia yo go boleletsweng pele ka ene. Ka go dira jalo, Jesu o ne a dumela gore ke ene Kgosi e e tlhomilweng ke Modimo. (Johane 4:25, 26) Go a tshwanela go bo Jesu a ne a dirisa mafoko “bogosi jwa me” ka makgetlo a le mantsi.—Johane 18:36.

Gape Jesu o ne a ruta gore go tla nna le batho ba bangwe ba ba tla busang le ene mo Bogosing. (Luke 22:28-30) O ne a re batho bano ba ba tla busang le ene ke “letsomanyane,” ka gonne palo ya bone e lekanyeditswe. O ne a bua jaana ka bone: “Rraalona o amogetse go lo naya bogosi.” (Luke 12:32) Buka ya bofelo ya Baebele e bontsha gore go tla nna le palogotlhe ya batho ba le 144 000 ba ba tla nnang le tshiamelo ya go busa le Keresete.—Tshenolo 5:9, 10; 14:1.

Bogosi bo tlhomilwe kwa kae? Jesu o ne a raya mmusi wa Roma e bong Ponto Pilato a re: “Bogosi jwa me ga se karolo ya lefatshe leno.” (Johane 18:36) Bogosi jwa Modimo jo bo tla bong bo eteletswe pele ke Keresete bo ka se dirise mekgatlho ya batho. Gangwe le gape Jesu o ne a re Bogosi jwa Modimo ke “bogosi jwa magodimo.” * (Mathaio 4:17; 5:3, 10, 19, 20) Ka jalo, Bogosi jwa Modimo ke puso ya kwa legodimong.

Jesu o ne a lebile pele go boela kwa legodimong morago ga nako e a neng a e fetsa a le mo lefatsheng. Gone koo, o ne a re o tla ‘baakanya lefelo,’ a dire gore go kgonege gore babusimmogo le ene ba kopane le ene.—Johane 14:2, 3.

Ke eng se Bogosi bo tla se fitlhelelang? Jesu o ne a ruta batho ba ba neng ba mo reeditse go rapela Modimo jaana: “A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.” (Mathaio 6:9, 10) Thato ya Modimo e a dirwa kwa legodimong. Modimo o tla diragatsa boikaelelo jwa gagwe ka lefatshe a dirisa Bogosi. Gore Bogosi bo fitlhelele seno, bo tla dira diphetogo tse dikgolo mo lefatsheng leno.

Bogosi bo tla dirang mo lefatsheng? Jesu o ne a ruta gore Bogosi bo tla tlosa bosula ka go fedisa batho ba ba ikemiseditseng go dira bosula. (Mathaio 25:31-34, 46) Seno se raya gore mefuta yotlhe ya boferefere le boikepo e tla fela. Jesu o ne a ruta gore lefatshe le tla tlala batho ba ba “bonolo,” ba ba siameng, ba ba kutlwelobotlhoko, ba ba ‘itshekileng mo pelong’ le ba ba ratang kagiso.—Mathaio 5:5-9.

A batho bano ba ba ikanyegang ba tla tshela mo lefatsheng le le kgotletsweng? Le eseng! Jesu o ne a solofetsa gore mo Bogosing jwa Modimo go tlile go nna le diphetogo tse di itumedisang mo lefatsheng. Monna mongwe yo o neng a tshwanetse go bolawa fa thoko ga ga Jesu o ne a re: “Jesu, o nkgakologelwe fa o tsena mo bogosing jwa gago.” Fa Jesu a mo araba o ne a re: “Ammaaruri ke a go bolelela gompieno, O tla nna le nna mo Paradaiseng.” (Luke 23:42, 43) Ee, Bogosi jwa Modimo bo tla dira gore lefatshe lotlhe e nne paradaise—e e tshwanang fela le e e neng e le teng kwa tshimong ya Edene.

Ke eng gape se Bogosi bo tla se direlang batho? Jesu o ne a se ka a solofetsa fela se Bogosi jwa Modimo bo tla se dirang. Gape o ne a bontsha se bo tla se dirang. Jesu o ne a dira dikgakgamatso tse dintsi tsa phodiso, ka go dira jalo a bontsha go le gonnye se a tlileng go se dira ka tsela e kgolo thata mo isagweng fa a busa mo Bogosing jwa gagwe. Pego ya Efangele e e tlhotlheleditsweng fa e bua ka Jesu ya re: “A tsamayatsamaya mo Galalea yotlhe, a ruta mo disinagogeng tsa bone a rera dikgang tse di molemo tsa bogosi e bile a alafa bolwetse jwa mofuta mongwe le mongwe le bokoa jwa mofuta mongwe le mongwe mo bathong.”—Mathaio 4:23.

Jesu o ne a fodisa batho ba ba nang le malwetse a a farologaneng. O ‘ne a bula matlho a motho yo o tsetsweng a le sefofu.’ (Johane 9:1-7, 32, 33) Ka go mo ama fela, Jesu o ne a fodisa monna yo o neng a tshwerwe ke bolwetse jo bo maswe jwa lepero. (Mareko 1:40-42) Fa “monna yo o neng a le susu e bile a na le bothata jwa go bua” a ne a tlisiwa kwa go ene, Jesu o ne a bontsha gore o kgona go dira gore “bosusu ba utlwe le ba ba sa kgoneng go bua ba bue.”—Mareko 7:31-37.

Kgosi e e tlhomilweng ke Modimo e ne e na le maatla a go tsosa baswi. Ditiragalo tse tharo tse Jesu a ileng a tsosa batho mo go tsone di kwadilwe mo Baebeleng. O ne a tsosa morwa yo o esi fela wa motlholagadi, mosetsanyana wa dingwaga di le 12 le tsala ya gagwe e e rategang e bong Lasaro.—Luke 7:11-15; 8:41-55; Johane 11:38-44.

Fa Jesu a ne a tlhalosa isagwe e e itumedisang e e tla bonwang ke babusiwa ba Bogosi jwa Modimo, o ne a bolelela pele jaana ka moaposetoloi Johane: “Bona! Mogope wa Modimo o mo bathong, mme o tla aga le bone, mme ba tla nna batho ba gagwe. Mme Modimo ka boene o tla nna le bone. Mme o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.” (Tshenolo 1:1; 21:3, 4) Akanya fela—lefatshe le se na dikeledi tsa khutsafalo, kutlobotlhoko le loso! Ka jalo, thapelo ya gore thato ya Modimo e dirwe mo lefatsheng jaaka kwa legodimong e tla diragadiwa ka botlalo.

Bogosi jwa Modimo bo tla tla leng? Jesu o ne a ruta gore puso ya gagwe e ne e tla simolola go busa ka motlha o o kgethegileng o a neng a o bitsa “go nna gone” ga gagwe. Jesu o ne a tlhalosa boporofeti ka botlalo jo bo bontshang gore go nna gone ga gagwe e le kgosi go tla simolola leng. Motlha ono o ne o tla bonala ka mathata a mo lefatsheng lotlhe, go akaretsa dintwa, leuba, dithoromo tsa lefatshe, malwetse a leroborobo le go oketsega ga go tlhoka molao. (Mathaio 24:3, 7-12; Luke 21:10, 11) Dilo tseno le tse dingwe tse Jesu a neng a di bolelela pele di ile tsa bonala sentle go simolola ka 1914, ngwaga o Ntwa ya Lefatshe I e neng ya simolola ka one. Le fa go ntse jalo, gone jaanong Jesu o busa e le Kgosi. Go ise go ye kae, nako e tla tla e Bogosi bo tla tlang ka yone le go dira gore thato ya Modimo e dirwe mo lefatsheng. *

Go tla ga Bogosi jwa Modimo go tla kaya eng mo go wena? Seno sotlhe se ikaegile kafa o arabelang molaetsa wa ga Jesu ka gone.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 8 Mafoko a a reng “bogosi jwa magodimo” a tlhaga makgetlo a ka nna 30 mo Efangeleng ya ga Mathaio.

^ ser. 17 Go bona dintlha ka botlalo tsa kafa re itseng ka teng gore Bogosi jwa Modimo bo gaufi, bona kgaolo 9, ya setlhogo se se reng “A re Tshela ‘mo Metlheng ya Bofelo’?,” mo bukeng ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.