Go Gomotsa ba ba Lwalang Thata
Go Gomotsa ba ba Lwalang Thata
“La ntlha fa ke ne ke utlwa gore Mmè o lwala thata, ke ne ke sa dumele. Ke ne ke ngomogile pelo fela thata, ke sa kgone go amogela gore mmè wa me yo o rategang o ne a tlile go swa.”—Grace, Canada.
FA DINGAKA di bolela gore mongwe yo re mo ratang o setse a lwala thata, ba lelapa le ditsala ba ngomoga pelo fela thata mme ba ka nna ba se ka ba itse gore ba itshware jang. Ba bangwe ba ka nna ba se ka ba itse gore a ba bolelele molwetse boammaaruri ka seemo sa gagwe. Ba bangwe bone ba ipotsa gore a tota ba tla kgona go itshokela go bona motho yo ba mo ratang a boga gongwe a bo a latlhegelwa ke seriti ka ntlha ya ditlamorago tsa bolwetse. Ba le bantsi ba tshwenyegile ka gore ga ba kitla ba itse gore ba dire eng kgotsa gore ba bue eng mo diureng tsa bofelo tsa botshelo jwa molwetse.
Ke eng se o tlhokang go se itse malebana le kafa o ka tsibogelang dikgang tseno tse di bosula ka gone? Mme o ka kgona jang go nna “molekane wa boammaaruri” mme o kgothatse le go ema motho yo o lwalang nokeng mo nakong eno e e thata?—Diane 17:17.
Tsela e ka Tlholego re Itshwarang ka Yone
Ke ga tlholego gore re tshwenyege thata fa mongwe yo re mo ratang a tshwarwa ke bolwetse jo bo masisi. Tota le dingaka tse letsatsi le letsatsi di bonang batho ba swa, gantsi ba a tshwenyega le go ikutlwa ba feletswe ke maatla fa ba tshwanelwa ke go naya molwetse yo o setseng a lwala thata dilo tse a di tlhokang mo mmeleng le mo maikutlong.
Le wena o ka nna wa palelwa ke go itshwara fa o bona mongwe yo o mo ratang a boga. Hosa, yo o nnang kwa Brazil yo monnawe a neng a setse a lwala thata a re, “Go utlwisa botlhoko tota go bona motho yo o mo ratang thata a nna a le mo ditlhabing.” Fa monna yo o ikanyegang e bong Moshe a ne a bona kgaitsadie a iteilwe ka lepero, o ne a lela a re: “Ao tlhe Modimo, tsweetswee! Mo fodise, tsweetswee!”—Dipalo 12:12, 13.
Genesise 1:27; Isaia 63:9) Jehofa o ikutlwa jang fa batho ba boga? Ela tlhoko tsela e Jesu a neng a itshwara ka yone. O ne a bonatsha ka botlalo se Rragwe a leng sone. (Johane 14:9) Fa Jesu a ne a bona batho ba ba neng ba lwala, o ne a ‘tlhotlheletsega go ba tlhomogela pelo.’ (Mathaio 20:29-34; Mareko 1:40, 41) Jaaka go tlhalositswe mo setlhogong se se fetileng se se mo makasineng ono, fa Jesu a sena go bona kafa ba lelapa la ga Lasaro le ditsala tsa gagwe ba neng ba amilwe ka gone ke loso lwa ga Lasaro, o ne a tshwenyega thata mme “a tsholola dikeledi.” (Johane 11:32-35) Ke boammaaruri gore Baebele ya re loso ke mmaba mme e solofetsa gore go ise go ye kae, bolwetse le loso ga di kitla di tlhola di nna teng.—1 Bakorintha 15:26; Tshenolo 21:3, 4.
E re ka re dirilwe mo setshwanong sa Modimo yo o pelotlhomogi e bong Jehofa, re utlwa botlhoko thata fa re bona seemo se se utlwisang botlhoko se batho ba re ba ratang ba ba lwalang ba leng mo go sone. (Go a utlwala go bo o ikutlwa o batla go pega mongwe molato—mongwe le mongwe fela—fa o sena go utlwa dikgang tse di bosula tsa gore mongwe yo o mo ratang o lwala thata. Le fa go ntse jalo, ngaka nngwe e e bidiwang Marta Ortiz, yo o neng a kwala pego ka setlhogo se se buang ka go tlhokomela balwetse ba ba setseng ba lwala thata, o gakolola jaana: “O se ka wa pega ba bangwe molato—wena, dingaka kgotsa baoki—ka seemo se molwetse a leng mo go sone. Seno se tla senya fela kamano ya lona mme se dire gore lo seka lwa tlhoma mogopolo mo go se tota lo tshwanetseng lwa amega ka sone: se molwetse yo o lwalang thata a se tlhokang.” Ke dikgato dife tsa botlhokwa tse o ka di tsayang go thusa motho yo o mo ratang gore a itshokele bolwetse le go amogela gore a ka nna a swa?
Tlhoma Mogopolo Mo go Se Motho a Leng Sone e Seng mo Bolwetseng
Kgato ya ntlha ke gore o tlhome mogopolo mo mothong ka boene e seng mo ditebegong tsa gagwe tse di fetotsweng ke bolwetse. O ka dira seno jang? Mooki mongwe yo o bidiwang Sarah a re: “Ke ipha nako ya go leba ditshwantsho tsa molwetse fa a ne a ise a lwale thata. Ke mo reetsa
ka kelotlhoko fa a ntse a mpolelela ka dilo tse a neng a di dira mo nakong e e fetileng. Seno se nthusa gore ke nne ke gopola tsela e a neng a tshela ka yone pele mme ke se ka ka tlhoma mogopolo mo seemong se a leng mo go sone ka nako eo.”Anne-Catherine, yo le ene e leng mooki, o tlhalosa se se mo thusang gore a se ka a tlhoma mogopolo mo ditebegong tsa motho tse di fetotsweng ke bolwetse. A re: “Ke leba molwetse mo matlhong mme ke tlhoma mogopolo mo go se nka se dirang go tokafatsa seemo sa gagwe.” Buka ya The Needs of the Dying—A Guide for Bringing Hope, Comfort, and Love to Life’s Final Chapter ya re: “Go tlwaelegile go ikutlwa o sa gololesega fa o lebile motho yo o mo ratang yo ditebego tsa gagwe di fetotsweng ke bolwetse kgotsa ke kotsi nngwe. Selo se se botlhokwa se o ka se dirang mo maemong ao ke go leba motho yo o mo ratang mo matlhong mme o se ka wa bona bolwetse, o bone se tota a leng sone.”
Ke boammaaruri gore go tlhokega boikgapo le boikemisetso gore o kgone go dira jalo. Molebedi mongwe wa Mokeresete e bong Georges, yo ka metlha a etelang batho ba ba lwalang thata, o tlhalosa kgang eno jaana, “Re tshwanetse go rata tsala ya rona thata jaana mo re ikutlwang re gololesegile go mo thusa go sa kgathalesege tsela e a lwalang ka yone.” Wena le motho yo o mo ratang lo tla solegelwa molemo fa o tlhoma mogopolo mo go se motho yono a leng sone mme e seng mo bolwetseng. Yvonne, yo o neng a tlhokomela bana ba ba tshwerweng ke kankere a re, “Fa o lemoga gore o ka kgona go thusa balwetse go nna ba na le seriti, seno se go thusa go lebana le maemo a bone a a koafalelang pele.”
Ipaakanyetse go Reetsa
Batho ba ka nna ba okaoka go ikgolaganya le motho yo o swang le fa ba mo rata thata. Ka ntlha yang? Ba tshwenyega ka gore ba ka nna ba se ka ba itse gore ba bue eng. Le fa go ntse jalo, Anne-Catherine, yo o sa tswang go oka tsala ya gagwe e e neng e lwala thata a re ka dinako tse dingwe ga re tlhoke go bua sepe. A re: “Ga se mafoko fela a a kgonang go gomotsa, re ka gomotsa motho le ka tsela e re itshwarang ka yone. Go nna mo setulong gaufi le ene, go mo tshwara ka seatla, go se tshabe go lela fa go dira jalo go bontsha tsela e re ikutlwang ka yone—tseno tsotlhe di bontsha gore re amega ka ene.”
Motho yo o mo ratang a ka tswa a batla go tlhalosa kafa a ikutlwang ka gone—go go tshololela maikutlo a gagwe ka kgololosego. Le fa go ntse jalo, gantsi molwetse o kgona go lemoga gore ba losika le ditsala ga ba a gololesega e bile ba tila go bua ka dikgang tsa botlhokwa. Ditsala le ba lelapa ba ba nang le maitlhomo a a molemo ba ka nna ba tila go bua ka dikgang tsa botlhokwa tse di amang molwetse ba bo ba mo fitlhela le tshedimosetso e e amang botsogo jwa gagwe. Go dira jalo go ka nna le matswela afe? Ngaka nngwe e e okang batho ba ba lwalang thata e tlhalosa gore matsapa a a tsewang go fitlha boammaaruri “a dira gore go se ka ga tlhongwa mogopolo mo kgannyeng ya botlhokwa e leng go tlhalosetsa ba bangwe ka bolwetse le go bo amogela.” Ka jalo, fa molwetse a batla, o tshwanetse go letlwa go bua ka kgololosego ka seemo sa gagwe kgotsa go bua gore a ka nna a swa.
Fa batlhanka ba Modimo ba mo nakong e e fetileng ba ne ba lebane le loso, ga ba a ka ba okaoka go bolelela Jehofa Modimo kafa ba boifang ka gone. Ka sekai, fa Kgosi Hesekia yo o neng a na le dingwaga tse 39 a utlwa gore o tlile go swa, o ne a tlhalosa kafa a tlaletsweng ka gone. (Isaia 38:9-12, 18-20) Ka tsela e e tshwanang, batho ba ba lwalang thata le bone ba tshwanetse ba letlwa go bontsha kutlobotlhoko ya bone gonne botshelo jwa bone bo khutshwafaditswe. Gongwe ba ikutlwa ba tlaletswe ka gonne jaanong ba se kitla ba kgona go fitlhelela mekgele e ba neng ba ipeetse yone e e jaaka go ja nala, go nna le lelapa, go bona ditlogolo tsa bone di gola kgotsa go direla Modimo ka mo go oketsegileng. Gongwe ba boifa gore ditsala le ba lelapa ba tla ba katoga ka gonne ba sa itse gore ba itshware jang fa ba na le bone. (Jobe 19:16-18) Gongwe ba ka tswa ba tshwenyegile thata gonne ba boifa go bogisiwa ke bolwetse, go sa tlhole ba kgona go itirela sepe kgotsa go swa go se na ope gaufi le bone.
Anne-Catherine a re: “Go botlhokwa gore o letle motho yo o mo ratang gore a ntshe maikutlo a gagwe o sa mo tsene ganong kgotsa go mo tshwaya diphoso kgotsa go mmolela gore ga a tlhoke go boifa. Eno ke yone tsela e e molemo ya go itse kafa tota a ikutlwang ka gone le go tlhaloganya dilo tse a di batlang, tse a di boifang le tse a di solofetseng.”
Itse Dilo Tsa Botlhokwa
Seemo se se utlwisang botlhoko se motho yo o mo ratang a leng mo go sone se gongwe se gakadiwang ke kalafi e e botlhoko le ditlamorago tsa yone di ka go tshwenya jaana mo o ka lebalang se tota molwetse a se tlhokang. E leng gore molwetse o tlhoka go itirela ditshwetso.
Mo ditsong tse dingwe, ba lelapa ba ka nna ba leka go sireletsa molwetse ka go loba boammaaruri ka seemo sa gagwe, mo ba sa mo letleng le gore a itirele ditshwetso tsa mofuta wa kalafi e a e batlang. Mo go tse dingwe go na le bothata jo bo farologaneng. Ka sekai, Jerry yo e leng mooki wa monna a re, “Ka dinako dingwe batho ba ba etetseng molwetse ba a tle ba bue ka motho yo o lwalang ba le fa bolaong jwa gagwe, mme ba bua ka ene e kete ga a yo.” Dilo tseno tsotlhe di bontsha go sa tlotle molwetse.
Gape sengwe sa botlhokwa ke go nna le tsholofelo. Mo dinageng tse di nang le tlhokomelo e e siameng ya kalafi, gantsi motho o nna le tsholofelo ka ntlha ya kalafi e e molemo e a e bonang. Michelle, yo o thusitseng mmagwe yo o neng a tshwarwa ke bolwetse jwa kankere makgetlo a mararo a re: “Fa Mmè a batla go leka mofuta o mongwe wa kalafi kgotsa go bua le mankge mo go tsa bongaka, ke mo thusa go dira dipatlisiso. Ke ile ka lemoga gore ke tshwanetse go leba dilo ka tsela e e tshwanetseng ke se ke ka solofela gore mmè o tla fola ka ponyo ya leitlho mme gone ke sa bue dilo tse di tla mo kgobang marapo.”
Go tweng fa go se na tsholofelo ya go bona kalafi? Se lebale gore molwetse yo o lwalang thata o tlhoka go bua ka loso a gololesegile. Molebedi wa Mokeresete yo o umakilweng pelenyana e bong Georges a re: “Go botlhokwa gore lo se ka lwa fitlhela molwetse gore o gaufi le go swa. Seno se tla mo thusa gore a dire dithulaganyo tse di tlhokegang le go ipaakanyetsa loso.” Fa molwetse a ipaakantse o nna le boikutlo jwa gore o dirile dilo tse a tlhokang go di dira pele a swa mme o ikutlwa a imologile gonne a itse gore ga a tle go nna morwalo wa ga ope.
Ke boammaaruri gore go ka nna ga nna thata go tlotla ka dikgang tseno. Mme gone go tlotla ka kgololosego go lo naya tshono ya go bulelana mafatlha. Motho yo o swang a ka nna a batla go rarabolola dikgotlhang tsa mo nakong e e fetileng, go tlhalosa dilo tse a di ikwatlhaelang kgotsa go kopa maitshwarelo. Metlotlo e e ntseng jalo e ka dira gore kamano ya gago le motho yo o swang e nonofe go feta pele.
Go mo Gomotsa mo Malatsing a Bofelo
O ka gomotsa jang motho yo o leng gaufi le go swa? Ngaka Ortiz, yo o umakilweng pelenyana a re: “Letla molwetse gore a bue mafoko a gagwe a bofelo. Mo reetse ka kelotlhoko. Fa o kgona, leka go dira se molwetse a batlang gore o se dire. Mme fa o sa kgone go dira se a se kopang, mmolelele boammaaruri.”
Mo nakong eo, motho yo o swang a ka nna a batla go nna gaufi thata le batho ba botlhokwa mo botshelong jwa gagwe. Georges a re, “Thusa molwetse gore a ikgolaganye le bone le fa gone a sa kgone go bua lobaka lo loleele gonne a felelwa ke maatla.” Le fa ba ka bua fela ka founo, seno se ba thusa gore ba kgothatsane le go rapela mmogo. Mosadi mongwe wa kwa Canada yo o bidiwang Christina yo o neng a swelwa ka go latelana ke batho ba bararo ba a ba ratang a re, “Mo malatsing a bone a bofelo, ba ne ba ikaegile thata ka dithapelo tsa bakaulengwe ba bone ba Bakeresete.”
A o tshwanetse go boifa go lela fa pele ga motho yo o mo ratang? Nnyaa. Tota fa o lela, o a bo o naya motho yo o mo ratang tshono ya gore le ene a go gomotse. Buka ya The Needs of the Dying ya re: “Go ama maikutlo thata go gomodiwa ke motho yo o swang, mme ke sengwe se motho yoo a ka se tsayang se le botlhokwa thata.” Ka go gomotsa ba bangwe, molwetse yono yo o ntseng a tlhokometswe thata o kgona go lemoga gore e sa ntse e le tsala, rre kgotsa mmè yo o amegang ka ba bangwe.
Go a utlwala gore ka ntlha ya maemo mangwe o Jobe 14:14, 15; Ditiro 24:15.
ka nna wa palelwa ke go nna le motho yo o mo ratang mo diureng tsa gagwe tsa bofelo. Le fa go ntse jalo, fa o kgona go fetsa nako le tsala ya gago kwa bookelong kgotsa kwa gae, leka go mo ema nokeng go fitlha kwa bokhutlong. Metsotso eo ya bofelo e go naya tshono ya go ntsha maikutlo a gago le go mmolelela dilo tse gongwe o neng o ise o mmolelele tsone pele. Le fa motho yono a sa kgone go bua, o se ka wa letla seo se go thibela go mo laela le go mo mmolelela kafa o mo ratang ka gone le gore o na le tsholofelo ya go mmona gape ka nako ya tsogo.—Fa o dirisa nako eno ya bofelo ka tsela e e molemo, seno se tla go thusa gore moragonyana o se ka wa ikutlwa o le molato. Tota e bile mo isagweng o ka ikutlwa o gomotsega thata fa o akanya ka diura tseo tsa bofelo tse lo di feditseng mmogo. O tla bo o itshupile gore o tsala ya boammaaruri mo ‘nakong ya fa go na le matshwenyego.’—Diane 17:17.
[Mafoko a a mo go tsebe 27]
Go tlhoma mogopolo mo go se motho a leng sone mme e seng mo bolwetseng, go tla lo solegela molemo wena le motho yo o mo ratang
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 29]
Tsela ya go Bontsha Gore o Tlotla Ditshwanelo
Tsa Molwetse Mo dinageng di le dintsi, go dirwa maiteko go tlotla tshwanelo e molwetse yo o lwalang thata a nang le yone ya go swa ka kagiso le ka seriti. Ditaelo tse molwetse a di kwalang go sa le gale di thusa gore ditshwanelo tsa gagwe di tlotlwe e bile di mo letla gore a itlhophele fa e le gore o batla go swela kwa lapeng kgotsa kwa lefelong la go tlhokomela batho ba ba lwalang thata.
Ditaelo tse molwetse a di kwadileng go sa le gale di tla thusa ka tsela e e latelang:
• Di tla rotloetsa dingaka le ba losika gore ba buisane
• Di tla thusa lelapa gore le se ke la tshwanelwa ke go direla molwetse ditshwetso
• Di tla thusa gore molwetse a se ka a newa kalafi e a sa e batleng, e e sa thuseng, e e tla mo utlwisang botlhoko, le e e jang madi a mantsi
Ditaelo tse di thusang tse molwetse a di kwadileng go sa gale di na le tshedimosetso e e latelang:
• Leina la motho yo o mo neileng tetla ya gore a go direle ditshwetso malebana le mefuta ya kalafi e o e batlang
• Mefuta ya kalafi e o tla e amogelang kgotsa e o se kitlang o e amogela, fa seemo sa gago se nna maswe le go feta
• Fa go kgonega, leina la ngaka e e itseng dilo tse o di batlang
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Tlhoma mogopolo mo tseleng e molwetse a neng a tshela ka yone pele mme e seng mo seemong se a leng mo go sone ka nako eo