Se Jehofa a se Bolelelang Pele se a Direga
Se Jehofa a se Bolelelang Pele se a Direga
“K E NNA Yo ke Leng Modimo mme ga go na Modimo ope o sele, le fa e le ope yo o tshwanang le nna; Ene Yo o bolelang bokhutlo go tswa kwa tshimologong, le dilo tse di iseng di dirwe go tswa bogologolong.” (Isaia 46:9, 10) Go bua Jehofa, ene yo o kgonang go bolelela pele isagwe ka tlhomamo.
Go a itsege gore batho ga ba kgone go bolelela pele isagwe ka tlhomamo. E re ka Baebele e le buka ya boporofeti e tshwanetse go tlhotlheletsa batho botlhe ba ba batlang boammaaruri go batlisisa gore a mokwadi wa yone ke Modimo jaaka e bua. A re sekasekeng dingwe tsa dipolelopele tse di mo Baebeleng tse di setseng di diragetse.
Ditšhaba Tsa Bogologolo
Modimo o ne a bolelela pele gore Babelona o ne a tla senyediwa ruri le gore Edoma, Moabe le Amone le tsone di ne di tla senyediwa ruri. (Jeremia 48:42; 49:17, 18; 51:24-26; Obadia 8, 18; Sefania 2:8, 9) Go nyelediwa ga ditšhaba tseno go supa gore Lefoko la Modimo la boporofeti le boammaaruri.
Gone ke boammaaruri gore mongwe a ka nna a bolela gore mongwe le mongwe a ka bolelela pele gore setšhaba le fa se ka nna maatla go le kana kang, ga se ka ke sa nnela ruri. Mme gone go bua jalo ke go itlhokomolosa ntlha e e botlhokwa ya gore Baebele e bolela dintlha tse di oketsegileng. Ka sekai, e ne ya bolela dintlha ka botlalo malebana le kafa Babelona e neng e tla senngwa ka gone. Baebele e ne ya bolelela pele gore motse oo o ne o tla gapiwa ke Bameda, gore masole a a tlhaselang a ne a tla bo a eteletswe pele ke Kurose, le gore dinoka tse di sireleditseng motse oo di ne di tla kgadisiwa.—Isaia 13:17-19; 44:27–45:1.
Ga se mo maemong otlhe mo Baebele e neng ya bolelela pele gore setšhaba kana batho ba ba gapilweng ba ne ba se kitla ba nna gone gape. Go na le moo, fa Modimo a ne a bolelela pele gore Bababelona ba tla gapa Jerusalema, o ne a re motse oo o tla tsosolosiwa, go sa kgathalesege molao wa kwa Babelona wa go sa golole batshwarwa. (Jeremia 24:4-7; 29:10; 30:18, 19) Polelelopele eo e ile ya diragadiwa, mme ditlogolwana tsa Bajuda di sa ntse di le teng go tla go fitlha le gompieno.
Gape, Jehofa o ne a bolelela pele gore mmusomogolo wa lefatshe wa Egepeto o ne o tla gapiwa mme “morago ga moo go [ne go] tla agiwa mo go ene jaaka mo metlheng ya bogologolo.” Fa nako e ntse e ya, mmusomogolo ono wa bogologolo o ne o “tla nna bogosi jwa maemo a a kwa tlase.” Jeremia 46:25, 26; Esekiele 29:14, 15) Le seno se ne sa itshupa se le boammaaruri. Mo godimo ga moo, Jehofa o ne a bolelela pele gore mmusomogolo wa lefatshe wa Gerika o ne o tla gapiwa, mme ga a ka a bolela gore setšhaba seno se ne se tla senyediwa ruri. Re ithuta eng go tswa mo ditšhabeng tse Jehofa a neng a bolelela pele gore di ne di tla senyediwa ruri le tse a neng a se ka a bolelela pele go senngwa ga tsone? Re ithuta gore boporofeti jo bo mo Lefokong la Modimo ke jwa mmatota le jo bo ka ikanngwang.
(Dintlha Tse di Kgatlhang
Jaaka fa go tlhalositswe fa godimo, Jehofa o ne a tlhalosa dintlha ka botlalo malebana le tsela e Babelona a neng a tla senngwa ka yone. Ka tsela e e tshwanang, fa buka ya Esekiele e ne e bolelela pele ka go senngwa ga Ture, e ne ya re maje a yone, tiro ya diatla tsa yone ya logong le lorole lwa yone di ne di tla bewa “mo gare ga metsi.” (Esekiele 26:4, 5, 12) Boporofeti jono bo ne jwa diragadiwa ka 332 B.C.E. fa Alexander yo Mogolo a ne a laela masole a gagwe gore a dirise karolo ya motse o o gapilweng e e neng e setse e le marope go aga borogo jo bo yang kwa karolong ya Ture e e neng e le mo setlhaketlhakeng, e le yone ka nako eo e neng e gapilwe.
Boporofeti jo bo mo go Daniele 8:5-8, 21, 22 le 11:3, 4 le jone bo tlhalosa dintlha tse di kgatlhang malebana le “kgosi ya Gerika” e bogolo jwa yone bo neng bo sa tlwaelega. Mmusi yono o ne a tla bolawa ka nako ya fa puso ya gagwe e ne e nonofile thata, mme bogosi jwa gagwe bo ne bo tla kgaoganngwa ka dikarolo tse nnè mme bo sa kgaoganyediwe ditlogolwana tsa gagwe. Dingwaga di feta 200 fa boporofeti jono bo sena go kwalwa, go ne ga bonala gore Alexander yo Mogolo e ne e le ene kgosi eo e e maatla. Hisitori ya lefatshe e bolela gore o ne a swa loso lwa tshoganyetso le gore kgabagare mmusomogolo wa gagwe o ne wa kgaoganyediwa bojenerale ba gagwe ba le banè—e seng ditlogolwana tsa gagwe.
Batshwayadiphoso ba ne ba bolela gore boporofeti jono bo tshwanetse jwa bo bo kwadilwe fa bo sena go direga. Mme gone, leba gape pego e e
umakilweng fa godimo e e mo bukeng ya Daniele. Fa o e leba e le boporofeti, dintlha tsa yone di tlhomologile. Mme fa o e leba e le hisitori e go tsewang fela e le boporofeti, a ga go lebege dintlha tsa yone di tlhaela? Fa leferefere lengwe le le tshedileng morago ga Alexander le ne le leka go kgatlha babadi ka se go tweng ke boporofeti, ke ka ntlha yang fa a ne a sa umaka ntlha ya gore morago fela ga gore Alexander a swe, bomorwawe ba babedi ba ne ba tla leka go busa mme ba ne ba tla bolawa? Ke ka ntlha yang fa a sa umaka gore go ne go tla feta dingwaga di le dintsi pele bojenerale ba le banè ba itlhoma mo dikarolong tse di farologaneng tsa puso ya ga Alexander? Mo godimo ga moo, ke ka ntlha yang fa a sa umaka leina la kgosi eo e kgolo le maina a bojenerale ba gagwe ba le banè?Maiphako a a ka se kang a tlhomamisiwa a gore boporofeti jwa Baebele bo kwadilwe fa bo sena go direga ga a bolo go nna teng mme batho ba ba a dirang ba ne ba ise ba sekaseke bosupi jo bo leng teng fa ba swetsa ka gore ga go kgonege go bolelela pele ditiragalo tsa isagwe. E re ka ba gana go amogela gore Baebele ke Lefoko la Modimo, ba patelesega go tlhalosa sengwe le sengwe go ya ka tsela e batho ba lebang dilo ka yone. Le fa go ntse jalo, Modimo o ne a dirisa moya wa gagwe go re naya dintlha tse dintsi tsa boporofeti tse di bontshang gore ke ene mokwadi wa boporofeti jo bo mo Baebeleng. *
Boporofeti jo bo mo Baebeleng bo ka nonotsha tumelo ya gago fa o ipha nako ya go tlhatlhanya ka dipolelelopele tse di rileng le kafa di neng tsa diragadiwa ka gone. Ke ka ntlha yang fa o sa ithute boporofeti jo bo mo Baebeleng? Ditšhate tse di mo tsebeng ya 343 go ya go 346 mo bukeng ya “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola” di ka go thusa thata mo kgannyeng eo. * Fa o dirisa kakantsho eno, dira porojeke eno ka boikaelelo jwa go aga tumelo ya gago. O se ka wa itlhaganelela gore o fetse go bala boporofeti joo jotlhe. Go na le moo, tlhatlhanya ka kgang ya gore ka metlha sengwe le sengwe se Jehofa a se bolelelang pele se a direga.
[Dintlha tse di kwa tlase]
^ ser. 13 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng e e ganetsang maiphako a gore boporofeti jo bo mo Baebeleng bo kwadilwe fa bo sena go direga, bona tsebe 106-11 ya buka ya Is There a Creator Who Cares About You? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.
^ ser. 14 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 24]
MELAOMETHEO E RE KA E DIRISANG MO BOTSHELONG
Ntlha nngwe e o ka akanyang ka yone. Modimo yo o neng a bolelela pele ka tlhomamo go ema le go wa ga mebusomegolo ya lefatshe gape ke ene Motswedi wa melaometheo e e mo Baebeleng e re ka e dirisang mo botshelong. Mengwe ya yone ke eno:
O roba se o se jalang.—Bagalatia 6:7.
Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.—Ditiro 20:35.
Boitumelo bo ikaegile ka go kgotsofatsa se o se tlhokang semoyeng.—Mathaio 5:3.
Fa o dirisa melaometheo eno mo botshelong jwa gago, o ka tlhomamisega gore o tla itumela le go atlega.
[Ditshwantsho mo go tsebe 22, 23]
Lefoko la Modimo le ne la bolelela pele gore ditšhaba tseno di ne di tla senyediwa ruri . . .
EDOMA
BABELONA
. . . mme e seng tseno
GERIKA
EGEPETO
[Metswedi ya Ditshwantsho]
Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.
WHO photo by Edouard Boubat
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 23]
Alexander yo Mogolo