Ba Ithaopile ka go Rata —Kwa Afrika Bophirima
PASCAL o goletse mo lefelong le le humanegileng kwa Côte d’Ivoire, mme fa a ne a gola o ne a eletsa botshelo jo bo botoka. E re ka e ne e le ramabole yo o sa ntseng a simolola, o ne a ipotsa gore, ‘Nka bona kae tshono ya go nna mmampodi ke bo ke hume?’ Fa a ne a le mo dingwageng tsa bo20, o ne a dira tshwetso ya gore a ye Yuropa. Le fa go ntse jalo, e re ka a ne a se na makwalo a mosepele, o ne a tla tshwanelwa ke go tsena kwa Yuropa ka bokhukhuntshwane.
Ka 1998, fa Pascal a le dingwaga di le 27, o ne a simolola loeto lwa gagwe. O ne a kgabaganya molelwane gore a tsene kwa Ghana, a ralala Togo mme a tsena kwa Benin, mme kgabagare o ne a fitlha kwa toropong ya Birni Nkonni kwa Niger. Jaanong o ne a fitlhile mo karolong e e neng e le kotsi tota ya loeto lwa gagwe. Gore a ye kwa bokone, o ne a tshwanetse go tsena mo terakeng mme a kgabaganye Sekaka sa Sahara. Go tswa foo, fa a goroga mo lewatleng la Mediterranean o ne a tla palama sekepe mme a ye Yuropa. Leo e ne e le leano la gagwe—le fa go ntse jalo, go ne ga direga dilo tse pedi kwa Niger tse di neng tsa dira gore a emise loeto lwa gagwe.
Sa ntlha, o ne a se na madi. Sa bobedi, o ne a kopana le Noé, mmulatsela yo a neng a simolola go ithuta Baebele le ene. Se a neng a ithuta sone se ne sa mo tlhotlheletsa tota mo a neng a fetola tsela e a lebang dilo ka yone. O ne a fetola mekgele ya gagwe ya go batla dithoto mme a gagamalela dilo tsa semoya. Pascal o ne a kolobediwa ka Sedimonthole 1999. Go bontsha gore o leboga Jehofa tota, ka 2001 o ne a simolola go nna mmulatsela kwa Niger—kwa go yone toropo e a ithutileng boammaaruri gone. O ikutlwa jang ka tirelo ya gagwe? A re: “Ke itumelela botshelo tota!”
GO ITUMELELA BOTSHELO MO AFRIKA
Fela jaaka Pascal, batho ba le bantsi ba lemogile gore motho o kgona go itumelela botshelo fa a gagamalela mekgele ya semoya. Gore bangwe ba fitlhelele mekgele eno, ba ile ba tloga kwa Yuropa ba fudugela mo Afrika gore ba direle kwa mafelong a go nang le tlhokego e kgolwane ya baboledi ba Bogosi gone. Tota e bile, Basupi ba ka nna 65 ba ba tswang kwa Yuropa—ba ba magareng ga dingwaga di le 17 le 70—ba fudugetse kwa mafelong a go nang le tlhokego e kgolwane gone kwa dinageng tseno tsa kwa Afrika Bophirima, kwa Benin, Burkina Faso, Niger le Togo. * Ke eng se se ba tlhotlheleditseng gore ba dire diphetogo tse dikgolo, mme diphelelo e ile ya nna dife?
Anne-Rakel yo o tswang kwa Denmark a re: “Batsadi ba me e ne e le barongwa kwa Senegal. Ka metlha ba ne ba bua ba tlhagafetse ka botshelo jwa bone jwa go nna barongwa mo e leng gore le nna ke ne ke batla botshelo jo bo ntseng jalo.” Mo e ka nnang dingwaga di le 15 tse di fetileng, fa Anne-Rakel a ne a le mo dingwageng tsa bo20, o ne a fudugela kwa Togo kwa a direlang gone mo phuthegong ya puo ya diatla. Go fuduga ga gagwe go kgothaditse ba bangwe jang? A re: “Moragonyana nnake le kgaitsadiake le bone ba ne ba tla kwa Togo.”
Aurele, mokaulengwe yo o nyetseng yo o nang le dingwaga di le 70 yo o tswang kwa Fora, a re: “Dingwaga di le tlhano tse di fetileng fa ke ne ke rola tiro, ke ne ke tshwanetse go dira tshwetso ya gore, a ke tla tshela botshelo jo bo iketlileng kwa Fora ke letetse gore Paradaise e tle kgotsa a ke tla tsaya kgato ya go oketsa bodiredi jwa me.” Aurele o ne a tlhopha go oketsa tirelo ya gagwe. Mo e ka nnang dingwaga di le tharo tse di fetileng, ene le mosadi wa gagwe e bong Albert-Fayette ba ne ba fudugela kwa Benin. Aurele a re: “Go ithaopela go direla Jehofa fano, ke tshwetso e e molemolemo e re kileng ra e dira. Dikarolo dingwe tsa tshimo ya rona tse di bapileng le lotshitshi di nkgopotsa Paradaise.”
Clodomir le mosadi wa gagwe e bong Lysiane, ba ne ba fudugela kwa Benin ba tswa kwa Fora, dingwaga di le 16 tse di fetileng. Kwa tshimologong, ba ne ba tlhoafalela thata ba lelapa le ditsala ba ba kwa Fora, mme ba ne ba boifa gore ba ka se kgone go tlwaela tsela eno e ntšha ya botshelo. Le fa go ntse jalo, ba ne ba se na lebaka la go boifa. Ba ne ba itumelela tirelo ya bone. Clodomir a re: “Mo dingwageng tseno tse 16, re ne ra nna le tshiamelo ya go thusa mo e ka nnang motho a le mongwe ngwaga le ngwaga gore a ithute boammaaruri.”
Sébastien le Johanna, banyalani ba ba tswang kwa Fora ba ne ba fudugela kwa Benin ka 2010. Sébastien a re: “Re na le mo gontsi go go dira mo phuthegong eno. Go direla fano go tshwana le go tsena khoso e e dirwang ka bonako ya puso ya Modimo!” Batho ba arabela jang mo bodireding? Johanna a re: “Batho ba nyoretswe boammaaruri. Tota le fa re se mo bodireding, batho ba a re emisa mo mebileng mme ba re botsa dipotso tsa Baebele ba bo ba amogela dikgatiso tsa rona.” Go fuduga go amile lenyalo la bone jang? Sébastien a re: “Go nonotshitse lenyalo la rona. Ke itumelela go bereka le mosadi wa me mo tshimong letsatsi lotlhe.”
Eric le mosadi wa gagwe e bong, Katy ke babulatsela kwa lefelong le le se nang baagi ba le bantsi kwa bokone jwa Benin. Mo e ka nnang dingwaga di le lesome tse di fetileng, fa ba ne ba nna kwa Fora, ba ne ba simolola go bala ditlhogo tse di buang ka go direla kwa go nang le tlhokego e kgolwane gone le go bua le batho ba ba leng mo tirelong ya nako e e tletseng. Seno se ne sa dira gore ba eletse go fudugela kwa dinageng di sele, mme ba ne ba fuduga ka 2005. Koketsego e ba e boneng e a kgatlha tota. Eric a re: “Dingwaga di le pedi tse di fetileng, setlhopha sa rona se se mo toropong ya Tanguiéta se ne se na le baboledi ba le 9; gone jaanong se na le batho ba le 30. Ka Sontaga, batho ba le 50 go ya go 80 ba nna gone mo dipokanong. Ruri go a itumedisa go bona koketsego eo e e kana kana!”
LEMOGA DIKGWETLHO MME O DI FENYE
Ke dikgwetlho dife tse batho ba ba direlang kwa go nang le tlhokego e kgolwane gone ba lebanang le tsone? Benjamin yo o nang le dingwaga di le 33, ke kgaitsadia Anne-Rakel. Ka ngwaga wa 2000, fa a ne a le kwa Denmark, o ne a kopana le morongwa yo o direlang kwa Togo. Benjamin a re: “Fa ke bolelela morongwa yoo gore ke batla go nna mmulatsela o ne a re: ‘Waitse gore o ka kgona go nna mmulatsela kwa Togo.’” Benjamin o ne a akanya ka kgang eno. A re: “Ke ne ke ise ke nne le dingwaga di le 20 ka nako eo, le fa go ntse jalo, bokgaitsadiake ba babedi ba ne ba setse ba direla kwa Togo. Seo se ne sa dira gore go nne motlhofo gore ke fudugele koo.” Ka jalo, ke ne ka fuduga. Le fa go ntse jalo, go ne go na le kgwetlho nngwe. Benjamin a re: “Ke ne ke sa itse Sefora gotlhelele. Dikgwedi tsa ntlha tse thataro di ne di le boima tota ka gonne ke ne ke sa kgone go bua le batho.” Mme fa nako e ntse e ya, o ne a gatela pele. Gone jaanong Benjamin o direla kwa Bethele ya kwa Benin, o isa dikgatiso kwa mafelong a a farologaneng e bile o thusa mo lefapheng la dikhomputara.
Eric le Katy, ba ba umakilweng kwa godimo, ba ne ba direla mo phuthegong e e buang puo e sele kwa Fora, pele ba fudugela kwa Benin. Afrika Bophirima e ne e farologana jang le Fora? Katy a re: “Go ne go se motlhofo go bona lefelo le le siameng la bonno. Re ne ra fetsa dikgwedi re nna mo ntlong e e se nang motlakase e bile e se na le metsi.” Eric le ene a re: “Baagelani ba ne ba tshameka mmino o o kwa godimo go fitlha bosigogare. O tshwanetse go itshokela dilo tse di ntseng jalo, mme o ikemisetse go tsamaisana le maemo ao.” Boobabedi ba dumalana ka gore: “Boitumelo jwa go direla mo lefelong le go seng ope yo o kileng a rera mo go lone bo feta mathata a o lebanang le one.”
Michel le Marie-Agnès, banyalani ba ba tswang kwa Fora ba ba wetsang dingwaga tsa bo50, ba ne ba fudugela kwa Benin mo e ka nnang dingwaga di le tlhano tse di fetileng. Kwa tshimologong ba ne ba ikutlwa ba tshwenyegile. Michel a re: “Batho bangwe ba ne ba tshwantshanya go fuduga ga rona le motho yo o tsamayang mo godimo ga mogala a kgorometsa kiriba—mme rona re ntse mo teng ga kiriba! O ka ikutlwa o boifa fa o sa lemoge gore motho yo o tsamayang mo mogaleng ke Jehofa. Ka jalo, re ne ra fuduga ka ntlha ya ga Jehofa, mme ra fuduga le ene.”
KAFA O KA IPAAKANYETSANG GO FUDUGA KA GONE
Batho ba ba nang le maitemogelo a go direla kwa go nang le tlhokego e kgolwane gone, ba gatelela botlhokwa jwa go baakanyetsa pele ga o tsaya loeto, ka go dira dilo tseno: Rulaganya e sa le pele. Ithute go amogela maemo. O se ka wa dirisa madi a a fetang a o a rulagantseng. Ikaege ka Jehofa.—Luke 14:28-30.
Sébastien yo o umakilweng pelenyana a re: “Pele ga re fuduga nna le Johanna re ne ra boloka madi dingwaga di le pedi, ka go fokotsa madi a re a dirisang mo boitlosobodutung le go tila go reka dilo tse di sa tlhokegeng.” Gore ba kgone go tswelela ba direla kwa moseja, ngwaga le ngwaga ba bereka dikgwedi di le mmalwa kwa Yuropa, mme seo se dira gore ba kgone go nna babulatsela kwa Benin ngwaga otlhe.
Marie-Thérèse ke mongwe wa bokgaitsadi ba ka nna 20 ba ba sa nyalwang, ba ba tswang kwa moseja ba ba direlang kwa go nang le tlhokego e kgolwane gone kwa Afrika Bophirima. O ne a kgweetsa dibese kwa Fora; le fa go ntse jalo, ka 2006 o ne a tsaya malatsi a go ikhutsa ngwaga otlhe mme a ya go nna mmulatsela kwa Niger. Go ise go ye kae, o ne a bona gore jo ke botshelo jo a batlang go bo tshela. A re: “Fa ke boela kwa Fora ke ne ka bua le mothapi wa me malebana le keletso ya me ya go fetola thulaganyo ya me ya tiro, mme o ne a iketleeleditse go e fetola. Gone jaanong, ke kgweetsa dibese kwa Fora go simolola ka Motsheganong go ya go Phatwe, mme go simolola ka Lwetse go ya go Moranang ke direla kwa Niger, ke le mmulatsela.”
Ba ba ‘batlang Bogosi pele’ ba ka tlhomamisega gore Jehofa o tla ba naya ‘dilo tsotlhe tse dingwe tse ba di tlhokang.’ (Math. 6:33) Ka sekai, akanya ka se se diragaletseng kgaitsadi mongwe yo o sa nyalwang wa kwa Fora e bong Saphira, yo o wetsang dingwaga tsa bo20 yo e leng mmulatsela kwa Benin. Ka 2011, o ne a boela kwa Fora go ya go dira madi a a ka kgonang go mo tlamela ngwaga o mongwe gape (ngwaga wa borataro) kwa Afrika. Saphira a re: “E ne e le Labotlhano, e le letsatsi la me la bofelo mo tirong, mme ke ne ke sa ntse ke tlhoka tiro ya malatsi a le lesome e e neng e tla nthusa gore ke kgone go dira madi a a neng a tla ntlamela ngwaga o o latelang. Ke ne ke saletswe ke dibeke tse pedi fela mo Fora. Ke ne ka rapela Jehofa, ke mo tlhalosetsa boemo jwa me. Nakwana fela morago ga foo, mongwe mo mokgatlhong o o batlelang batho tiro o ne a nteletsa mme a mpotsa gore a nka tla go dira tiro ya mongwe ka dibeke di le pedi.” Ka Mantaga, Saphira o ne a ya kwa lefelong leo la tiro gore modiri yoo a mo thapisetse tiro e a neng a tla e dira. A re: “Ke ne ka gakgamala tota fa ke fitlhela gore motho yoo e ne e le kgaitsadi wa Mokeresete yo o neng a tlhoka go tsaya malatsi a le lesome gore a nne gone kwa Sekolong sa Tirelo ya Bobulatsela! Mothapi wa gagwe o ne a gana go mo naya malatsi ao fa a sa fitlhele mongwe yo o neng a ka dira tiro ya gagwe. O ne a kopile Jehofa gore a mo thuse—fela jaaka le nna ke dirile.”
SE SE LERENG KGOTSOFALO YA MMATOTA
Bakaulengwe le bokgaitsadi bangwe ba ba tswang kwa dinageng dingwe ba diretse kwa Afrika Bophirima ka dingwaga di le dintsi e bile e setse e le legae la bone. Ba bangwe ba diretse koo dingwaga di le mmalwa fela ba bo ba boela kwa dinageng tsa bone. Le fa go ntse jalo, tota le gompieno, batho ba ba direlang kwa tlhokego e leng gone ba sa ntse ba solegelwa molemo ke dingwaga di le dintsi tse ba diretseng kwa dinageng di sele ka tsone. Ba ithutile gore, fa motho a direla Jehofa, o bona kgotsofalo ya mmatota.
^ ser. 6 Lekala la kwa Benin le tlhokometse tiro e e dirwang mo dinageng tseno tse nnè tse go buiwang Sefora kwa go tsone.