Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
A go a kgonega go itse nako e e tlhomameng e Jesu Keresete a bapotsweng ka yone?
Potso eno e tsoga ka gonne go lebega go na le go se dumalane mo dipegong tse di tlhotlheleditsweng tse di ka ga loso lwa ga Jesu tse di kwadilweng ke mokwadi wa Efangele e bong Mareko le moaposetoloi Johane. Mareko a re: “Jaanong e ne e le ura ya boraro, mme [masole a] mmapola.” (Mar. 15:25) Go ya ka Johane, “e ne e le mo e ka nnang ura ya borataro,” fa Pilato a ne a naya Bajuda Jesu gore ba mmapole. (Joh. 19:14-16) Batlhalosi ba Baebele ba ile ba ntsha mabaka a a farologaneng go leka go baakanya se e lebegang e le go se dumalane. Le fa go ntse jalo, ga go na tshedimosetso e e lekaneng ya Dikwalo go tlhalosa pharologano e e leng teng mo dipegong tseno tse pedi. Mme gone, go sekaseka kafa batho ba neng ba leba nako ka gone mo metlheng eo go ka re thusa.
Mo lekgolong la ntlha la dingwaga la Motlha wa Rona, Bajuda ba ne ba arola nako ya motshegare ka diura di le 12, ba di bala go simolola fa letsatsi le tlhaba. (Joh. 11:9) “Ura ya boraro” e ne e simolola ka 8:00 go ya go 9:00 mo mosong, mme “ura ya borataro” e ne e felela ka sethoboloko. Ke boammaaruri gore mo ngwageng letsatsi le ne le tlhaba le go phirima ka dinako tse di farologaneng. Ka jalo, boleele jwa nako ya motshegare bo ne bo farologana go ya ka dipaka tsa ngwaga. Mo godimo ga moo, nako e ne e lemogiwa ka go leba gore letsatsi le fa kae. Ka jalo, fa go ne go umakiwa nako e e rileng, go ne go fopholediwa. Gantsi fa Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika di umaka ditiragalo, di tlhalosa fa di diregile ka ura ya boraro, ya borataro kgotsa ya borobongwe—go le gantsi e le fa di kaya gore di diregile mo e ka nnang ka nako eo. (Math. 20:3, 5; Dit. 10:3, 9, 30) Nako e e tlhomameng e e jaaka “ka ura ya bosupa” e ne e umakiwa fela fa go ne go le botlhokwa gore go buiwe ka yone mo pegong e e anelwang.—Joh. 4:52.
Dipego tsa Diefangele, di dumalana ka nako ya ditiragalo tsa letsatsi la bofelo la ga Jesu mo lefatsheng. Tsotlhe di le nnè di supa gore baperesiti le banna ba bagolwane ba ne ba kopana e sa le mo mosong, mme ba laela gore Jesu a isiwe kwa Mmusing wa Moroma e bong Ponto Pilato. (Math. 27:1; Mar. 15:1; Luke 22:66; Joh. 18:28) Mathaio, Mareko le Luke, botlhe ba bega gore go simolola ka ura ya borataro, fa Jesu a ne a setse a le mo koteng, go ne ga nna lefifi mo nageng “go fitlha ka ura ya borobongwe.”—Math. 27:45, 46; Mar. 15:33, 34; Luke 23:44.
Ntlha nngwe e e botlhokwa e e ka tswang e tlhotlheleditse pego ya nako e Jesu a bapotsweng ka yone ke eno: Go kgwathisiwa kgotsa go itewa ka seme go ne go tsewa e le karolo ya go bapola. Ka dinako dingwe, motho o ne a kgwathisiwa mo go botlhoko mo a neng a swa a ntse a itewa. Jesu le ene, o tshwanetse a bo a ile a kgwathisiwa mo go botlhoko jaana mo go neng ga tlhokega gore monna mongwe a mo sikarele kota ya tlhokofatso morago ga gore Jesu a e sikare a le esi. (Luke 23:26; Joh. 19:17) Fa e le gore go kgwathisiwa go ne go lebiwa e le karolo ya go bapolwa, go tshwanetse ga bo go ile ga feta nako e e rileng pele ga Jesu a kokotelwa mo koteng ya tlhokofatso. Ka jalo batho ba ba farologaneng, ba ka nna ba bua dinako tse di farologaneng tsa go bapolwa ga ga Jesu, go ikaegile ka boemo jwa tiragalo eno yotlhe le gore bone ba ne ba leba nako jang.
Moaposetoloi Johane o ne a kwala pego ya gagwe masomesome a dingwaga morago ga bakwadi ba bangwe ba Diefangele. Ka jalo, o ne a kgona go bona dipego tsa bone. Ke boammaaruri gore nako e Johane a e umakileng e farologane le e e umakilweng ke Mareko. Le fa go ntse jalo, seno se re naya bosupi jo bo utlwalang jwa gore Johane ga a kwalolola fela pego ya ga Mareko. Johane le Mareko ba ne ba tlhotlheleditswe ke Modimo. Le fa go se na tshedimosetso e e lekaneng ya Dikwalo go tlhalosa pharologano e e leng gone, re ka ikanya dipego tsa Diefangele.