“Nnang lo Disitse”—Ke Eng Fa go Le Botlhokwa Jaana?
“Nnang lo Disitse”—Ke Eng Fa go Le Botlhokwa Jaana?
“SESUPO e tla nna eng sa go nna gone ga gago le sa bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo?” (Math. 24:3) Fa Jesu a ne a araba potso eo o ne a naya barutwa ba gagwe sesupo se se tlhalosang dintlha ka botlalo, se se bonalang le se se lemotshegang motlhofo se se kwadilweng mo go Mathaio kgaolo 24, Mareko kgaolo 13 le Luke kgaolo 21. O ne a oketsa jaana: “Nnang lo disitse.”—Math. 24:42.
Fa e le gore sesupo ka bosone se ne se tla bonala, ke eng fa a ne a ba tlhagisa jalo? Go ka tswa go na le mabaka a mabedi. La ntlha, dikgoreletsi di ka dira gore bangwe ba itlhokomolose sesupo mme seno se bo se dira gore ba koafale semoyeng le gore ba se ka ba nna ba disitse. La bobedi, Mokeresete a ka nna a lemoga dintlha dingwe tsa sesupo, mme ka ntlha ya maemo a a tshelang mo go one a akanya gore ene ga di mo ame. Ka jalo, a ka nna a tsaya gore “pitlagano e kgolo,” setlhoa sa polelelopele ya ga Jesu, e sa ntse e le kgakala thata mme ga go botlhokwa ‘go nna re disitse.’—Math. 24:21.
‘Ga ba A ka Ba Tsaya Tsia’
Jesu o ne a gopotsa balatedi ba gagwe ka batho ba motlha wa ga Noa. Ga go ka tsela e batho ba neng ba ka se lemoge go rera ga ga Noa, go aga ga gagwe araka e kgolo le thubakanyo e e neng e le teng mo motlheng oo. Le fa go ntse jalo, ba le bantsi ba ne “ba se ka ba tsaya tsia.” (Math. 24:37-39) Le gompieno batho ba le bantsi ba na le maikutlo a a ntseng jalo ka ditlhagiso tse re di newang. Ka sekai, matshwao a lobelo lwa go kgweetsa a kwadilwe ka tsela e e bonalang sentle, le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba itlhokomolosa one. Gantsi balaodi ba ikutlwa ba pateletsega go dira mebotwana mo ditseleng go pateletsa bakgweetsi gore ba fokotse lobelo. Ka tsela e e tshwanang, Mokeresete a ka nna a bona sesupo sa metlha ya bofelo le fa go ntse jalo, a nna a tshwaregile ka dilo tse di sa tsamaisaneng le se se kaiwang ke sesupo seo. Mosha mongwe yo o bidiwang Arielle wa kwa Bokone jwa Afrika o ne a lebana le maemo a a ntseng jalo.
Arielle o ne a itumelela go leba motshameko wa handball wa basadi mo thelebisheneng. Fa sekolo sa gagwe se ne se rulaganya setlhopha se se tla tshamekang motshameko oo, o ne a na le keletso ya go tshameka mme seo se ne sa dira gore a se ka a lemoga dilo tse di neng di ka tsenya bomoya jwa gagwe mo kotsing. O ne a ikwadisetsa go nna motshwaradino. Go ne ga direga eng morago ga foo? A re: “Bangwe mo setlhopheng sa rona ba ne ba na le makau a a neng a dirisa diokobatsi e bile a goga. Ba ne ba nja ditshego ka gonne ke sa tshwane le bone, le fa go ntse jalo, ke ne ke akanya gore ke tla kgona go ba itshokela. Go ise go ye kae, motshameko oo ka boone o ne wa simolola go senya bomoya jwa me. E ne ya nna sone se ke se ratang le se ke akanyang ka sone. Ka nako ya dipokano tsa Bokeresete, ke ne ke eta ka mogopolo mme ke akanya ka motshameko oo. Botho jwa me jwa Bokeresete le jone bo ne jwa tsena mo kotsing. Ke ne ke sa tlhole ke rata go tshameka fela mme ke ne ke rata go nna ke fenya. Ke ne ke ikatisa ka natla gore ke tswelele ke fenya. Seno se ne sa mpakela kgatelelo ya mogopolo. Ke ne ka bo ka latlhegelwa ke ditsala ka ntlha ya motshameko wa handball.
“Ke ne ka lemoga gore dilo di senyegile thata
letsatsi lengwe fa setlhopha se re neng re tshameka kgatlhanong le sone se ne se newa penale. Ke ne ke ipaakanyeditse go thibela nno eo. Fa ke re tha, ke ne ke setse ke rapetse Jehofa gore a nthuse go e thiba! Tiragalo eo e ne ya dira gore ke lemoge kafa bomoya jwa me bo koafetseng ka gone. Ke kgonne jang go baakanya boemo joo?“Ke ne nkile ka leba DVD ya rona ya Young People Ask—What Will I Do With My Life? * Ke ne ka dira tshwetso ya go e leba gape mme mo nakong eno ke e tsaya masisi. Kana e bile, ke ne ke le mo boemong jo bo tshwanang le jwa ga André, lekawana le le mo terameng. Ke ne ka ela tlhoko thata se mogolwane yo o mo terameng eo a neng a akantsha gore André a se dire—e leng go bala le go tlhatlhanya ka Bafilipi 3:8. Seo se ne sa nkama pelo. Mme ke ne ka tlogela motshameko oo.
“A bo seo se ile sa dira pharologanyo e kgolo jang ne! Go rata kgaisano mmogo le go ngomoga pelo go ke neng ke na le gone go ne ga fela. Ke ne ka ikutlwa ke itumetse tota e bile ke atamalane thata le ditsala tsa me tsa Bakeresete. Ke ne ka itumelela thata go dira dilo tsa semoya. Ke ne ke tlhoma mogopolo mo go se se rutiwang fa ke le kwa dipokanong mme ke ne ka simolola go di itumelela gape. Bodiredi jwa me le jone bo ne jwa tokafala. Gone jaanong ke tsaya bobulatsela jo bo thusang gangwe le gape.”
Fa sengwe se se go itayang tsebe se dira gore o itlhokomolose sesupo se Jesu a se neileng, tsaya dikgato tse di masisi fela jaaka Arielle a ile a dira. O ka nna wa leka go dira sengwe sa dilo tse di latelang. Sekaseka Watch Tower Publications Index, e e bidiwang mmapa wa matlotlo a a fitlhegileng. Mo go yone o tla fitlhela ditshupiso tsa kgakololo e e utlwalang le dipego tsa kafa bangwe ba ileng ba lebana le diteko ka teng. Solegelwa molemo ka botlalo ke dipokano tsa Bokeresete ka go baakanyetsa sentle le go kwala dintlha. Bangwe ba fitlhetse go le molemo go nna gaufi le serala. Fa go na le puo e bareetsi ba nnang le seabe mo go yone, leka go akgela kwa tshimologong. Mo godimo ga moo, nna o tsogile semoyeng ka go nna o bapisa dilo tse di diregang mo dikgannyeng tsa bosheng le dikarolo tsa sesupo le dilo dingwe tse di supang “metlha ya bofelo.”—2 Tim. 3:1-5; 2 Pet. 3:3, 4; Tshen. 6:1-8.
“Itshupeng lo Iketleeditse”
Sesupo sa metlha ya bofelo se direga mo “lefatsheng lotlhe le le nang le banni.” (Math. 24:7, 14) Dimilionemilione tsa batho di tshela mo mafelong a a amilweng thata ke malwetse a leroborobo, ditlhaelo tsa dijo, dithoromo tsa lefatshe le ditiragalo tse dingwe tse di boleletsweng pele. Go farologana le bone, bontsi jwa batho ba bangwe ba nna mo mafelong a a nang le kagiso le a a didimetseng. Fa e le gore wena ga o ise o lebane le dingwe tsa dikarolo tsa sesupo seno, a o tshwanetse go tsaya gore pitlagano e kgolo e sa ntse e le kgakala? Seo se tla bo se se botlhale.
Ka sekai, akanya ka se Jesu a se boleletseng pele ka “malwetse a leroborobo le ditlhaelo tsa dijo.” (Luke 21:11) Sa ntlha, ga a ka a re dilo tseno di tla diragala mo mafelong otlhe ka nako e le nngwe kgotsa ka selekanyo se se tshwanang. Go na le moo, o ne a re dilo tseno di tla direga “mo mafelong ka go latelana.” Ka jalo, re ka se ka ra solofela gore go diragale ditiragalo tse di tshwanang mo mafelong otlhe ka nako e le nngwe. Sa bobedi, moragonyana fela ga gore Jesu a umake tlhaelo ya dijo, o ne a bontsha gore bangwe ba balatedi ba gagwe ba ne ba tla tshwanelwa ke go tlhokomela gore ba se ka ba ja mo go feteletseng, o ne a re: “Itlhokomeleng gore dipelo tsa lona di se ka le ka motlha tsa imelwa ke go ja mo go feteletseng.” (Luke 21:34) Ka jalo, Bakeresete botlhe ga ba a tshwanela go lebelela gore karolo nngwe le nngwe ya sesupo e ba diragalele. Go na le moo, Jesu o ne a re: “Fa lo bona dilo tseno di diragala, itseng gore bogosi jwa Modimo bo gaufi.” (Luke 21:31) Thekenoloji ya segompieno e re letla go bona dikarolo tsotlhe tsa sesupo, go sa kgathalesege gore rona ka borona re diragalelwa ke eng mo lefelong le re nnang mo go lone.
Gape gakologelwa gore Jehofa o setse a tlhomile “letsatsi le ura” e pitlagano e kgolo e tla simololang ka yone. (Math. 24:36) Dilo tse di diregang mo lefatsheng ga di ka ke tsa fetola letlha leno.
Jesu o ne a tlhagisa Bakeresete gongwe le gongwe jaana: “Itshupeng lo iketleeditse.” (Math. 24:44) Re tshwanetse go nna re iketleeditse. Gone ke boammaaruri gore re ka se ka ra dira dilo tsa semoya letsatsi lotlhe letsatsi lengwe le lengwe. Kwantle ga moo, ga go ope wa rona yo o itseng gore o tla bo a dira eng fa pitlagano e kgolo e simolola. Bangwe ba tla bo ba bereka kwa masimong kgotsa ba dira ditiro tsa fa gae. (Math. 24:40, 41) Ka jalo, ke eng se re ka se dirang go supa gore re iketleeditse?
Emmanuel, Victorine le bomorwadiabone ba le barataro ba nna mo lefelong lengwe kwa Afrika le ba sa utlweng manokonoko a ditiragalo tsotlhe tse di tshwayang sesupo. Ka jalo, ba ne ba dira tshwetso ya gore letsatsi le letsatsi ba tlotle ka dilo tsa semoya tse di ba thusang go itshupa ba iketleeditse. Emmanuel a re: “Go ne go le thata go bona nako e e re siametseng rotlhe. Kgabagare re ne ra tlhopha go nna le motlotlo ka 6:00 go ya go 6:30 mo mosong. Morago ga go tlotla ka temana ya letsatsi, re baakanyetsa dirapa di le mmalwa tsa nngwe ya dikgatiso tse di rulaganyeditsweng thuto ya phuthego ya beke eo.” A thulaganyo eo e ba thusitse go nna ba tsogile? Ee ruri! Emmanuel ke mogokaganyi mo setlhopheng sa bagolwane mo phuthegong. Gantsi Victorine ene o tsaya bobulatsela jo bo thusang mme o thusitse ba le bantsi go amogela boammaaruri. Bomorwadiabone botlhe ba tswelela sentle semoyeng.
Jesu o ne a re tlhagisa jaana: “Nnang lo lebile, nnang lo tsogile.” (Mar. 13:33) O se ka wa letla sepe se go kgoreletsa e bile se dira gore o se ka wa nna o tsogile semoyeng. Go na le moo, tsaya tsia kgakololo e e molemo e e mo dikgatisong tsa rona le e re e bonang kwa dipokanong tsa phuthego, fela jaaka Arielle a ile a dira. Fela jaaka lelapa la ga Emmanuel, letsatsi le letsatsi, leka go dira sengwe se se tla go thusang go nna o iketleeditse le go ‘nna o disitse.’
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 8 Terama ya metlha ya segompieno e e ka ga mosha wa Mokeresete yo o kgaratlhelang go dira se se siameng mo matlhong a ga Jehofa.
[Setshwantsho mo go tsebe 4]
Go tlotla ka dilo tsa semoya letsatsi le letsatsi go ile ga thusa Emmanuel le lelapa la gagwe go ‘itshupa ba iketleeditse’