Boikhutso Jwa Modimo ke Eng?
Boikhutso Jwa Modimo ke Eng?
“Go sa ntse go na le boikhutso jwa sabata jwa batho ba Modimo.”—BAHEB. 4:9.
1, 2. Re ithuta eng mo go Genesise 2:3, mme go tsoga dipotso dife?
MO KGAOLONG ya ntlha ya Genesise, re ithuta gore Modimo o ne a baakanyetsa batho lefatshe le ba tla nnang mo go lone ka malatsi a le marataro a tshwantshetso. Kwa bokhutlong jwa nngwe le nngwe ya dipaka tseno re fitlhela mafoko ano: “Ga nna maitseboa ga ba ga nna moso.” (Gen. 1:5, 8, 13, 19, 23, 31) Le fa go ntse jalo, Baebele e bolela jaana malebana le letsatsi la bosupa: “Modimo a segofatsa letsatsi la bosupa a ba a le itshepisa, ka gonne mo go lone o ntse a ikhuditse mo tirong yotlhe ya gagwe e Modimo a e bopileng ka boikaelelo jwa go e dira.”—Gen. 2:3.
2 Ela tlhoko popego ya lediri “o ntse a ikhuditse.” Seno se kaya gore letsatsi la bosupa—“letsatsi” la Modimo la boikhutso—le ne le sa ntse le tsweletse ka 1513 B.C.E. fa Moshe a ne a kwala buka ya Genesise. A letsatsi la boikhutso la Modimo le sa ntse le tsweletse? Fa go ntse jalo, a re ka tsena mo go lone gompieno? Dikarabo tsa dipotso tseno di botlhokwa thata mo go rona.
A Jehofa o sa Ntse a “Ikhuditse”?
3. Mafoko a ga Jesu a a mo go Johane 5:16, 17 a bontsha jang gore letsatsi la bosupa le ne le sa ntse le tsweletse mo lekgolong la ntlha la dingwaga?
3 Re na le bosupi jo bo dirang gore re swetse ka gore letsatsi la bosupa le ne le sa ntse le tsweletse mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E. Sa ntlha, ela tlhoko mafoko a Jesu a neng a a bolelela baganetsi ba ba neng ba mo tshwaya phoso ka go fodisa ka Sabata, e leng se ba neng ba se tsaya e le mofuta wa tiro. Morena o ne a ba raya a re: “Rre o ntse a dira go fitlha jaanong, le nna ke ntse ke a dira.” (Joh. 5:16, 17) Ke eng se Jesu a neng a se kaya? Jesu o ne a latofadiwa ka gore o ne a bereka ka Sabata. Karabo eno ya gagwe: “Rre o ntse a dira,” e ne ya araba tatofatso eo. Tota Jesu o ne a raya balatofatsi ba gagwe a re: ‘Nna le Rre re dira mofuta wa tiro e e tshwanang. E re ka Rre a ile a tswelela a dira mo Sabateng ya gagwe e e tsereng diketekete tsa dingwaga, go letleletswe gore le nna ke tswelele ke dira, tota le ka Sabata.’ Ka jalo, Jesu o ne a kaya gore malebana le lefatshe, letsatsi le legolo la Sabata la Modimo la boikhutso, letsatsi la bosupa, le ne le ise le khutle mo motlheng wa gagwe. *
4. Paulo o naya bosupi bofe jwa gore letsatsi la bosupa le ne le sa ntse le tsweletse le mo motlheng wa gagwe?
4 Moaposetoloi Paulo o re naya bosupi jwa bobedi. Paulo o ne a tlhotlhelediwa go kwala jaana fa a ne a nopola Genesise 2:2 malebana le boikhutso jwa Modimo: “Rona ba re supileng tumelo re tsena mo boikhutsong jono.” (Baheb. 4:3, 4, 6, 9) Ka jalo, letsatsi la bosupa le ne le sa ntse le tsweletse mo motlheng wa ga Paulo. Letsatsi leo la boikhutso le ne le sa ntse le tla tswelela ka lobaka lo lo kae?
5. Boikaelelo jwa letsatsi la bosupa e ne e le bofe, mme boikaelelo joo bo tla diragadiwa leng ka botlalo?
5 Gore re kgone go araba potso eo, re tshwanetse go gakologelwa lebaka la go bo go na le letsatsi la bosupa. Genesise 2:3 e tlhalosa lebaka leo jaana: “Modimo a segofatsa letsatsi la bosupa a ba a le itshepisa.” Letsatsi leo le ne la ‘itshepisiwa’—Jehofa a le beela kwa thoko—gore boikaelelo jwa gagwe bo kgone go diragadiwa ka botlalo. Boikaelelo joo ke jwa gore banna le basadi ba ba kutlo ba ba neng ba tla le tlhokomela le go tlhokomela dilo tsotlhe tse di mo go lone, ba nne mo go lone. (Gen. 1:28) Jehofa Modimo le Jesu Keresete “Morena wa sabata,” ba ‘ntse ba dira go fitlha jaanong’ gore ba kgone go diragatsa boikaelelo joo. (Math. 12:8) Letsatsi la boikhutso la Modimo le tla tswelela go fitlha boikaelelo jwa gagwe malebana le lone bo diragadiwa ka botlalo kwa bokhutlong jwa Puso ya ga Jesu ya Dingwaga Tse di Sekete.
O se Ka wa “Wela mo go One Mokgwa oo wa Botlhokakutlo”
6. Ke dikao dife tse e leng tlhagiso mo go rona, mme re ka ithuta eng mo go tsone?
6 Modimo o ile a tlhalosetsa Adame le Efa boikaelelo jwa gagwe sentle, mme ba ne ba palelwa ke go dirisana le jone. Gone ke boammaaruri gore, Adame le Efa e ne e le batho ba ntlha ba ba ileng ba tlhoka kutlo. Fa e sa le ka nako eo, go ile ga nna le ba bangwe ba le dimilionemilione ba ba ileng ba tlhoka kutlo. Tota le batho ba ba tlhophilweng ke Modimo, setšhaba sa Iseraele, ba ne ba wela mo mokgweng oo wa botlhokakutlo. Mme go ne go tshwanela gore Paulo a tlhagise Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga gore tota le bangwe ba bone ba ne ba ka wela mo seraing se se tshwanang le se Baiseraele ba bogologolo ba wetseng mo go sone. O ne a kwala jaana: “Jalo a re direng bojotlhe jwa rona gore re tsene mo boikhutsong joo, e se re kgotsa ope a wela mo go one mokgwa oo wa botlhokakutlo.” (Baheb. 4:11) Ela tlhoko gore Paulo o amanya botlhokakutlo le go palelwa ke go tsena mo boikhutsong jwa Modimo. Seo se kaya eng mo go rona? Fa ka tsela nngwe re ne re ka tsuologela boikaelelo jwa Modimo, a re ne re tla nna mo kotsing ya gore re se ka ra tsena mo boikhutsong jwa gagwe? Ga go pelaelo gore karabo ya potso eo e botlhokwa thata mo go rona, mme re tla e sekaseka go ya pele. Le fa go ntse jalo, mo nakong eno, a re boneng se re ka ithutang sone ka ga go tsena mo boikhutsong jwa Modimo ka go sekaseka sekao se se sa siamang sa Baiseraele.
“Ga ba Na go Tsena mo Boikhutsong Jwa Me”
7. Fa Jehofa a ne a golola Baiseraele kwa Egepeto o ne a akantse eng, mme o ne a lebeletse eng mo go bone?
7 Ka 1513 B.C.E., Jehofa o ne a senolela motlhanka wa gagwe e bong Moshe boikaelelo jwa gagwe malebana le Baiseraele. Modimo o ne a re: “Ke a fologa go ya go ba golola mo seatleng sa Baegepeto le go ba ntsha mo lefatsheng leo [la Egepeto] ke ba isa kwa lefatsheng le le molemo le le le bulegileng, kwa lefatsheng le le elang mashi le tswina ya dinotshe.” (Ekes. 3:8) Fela jaaka Jehofa a ne a solofeditse rraabonemogologolwane, e bong Aborahame, boikaelelo jwa Modimo jwa go golola Baiseraele, “mo seatleng sa Baegepeto” e ne e le go ba dira batho ba gagwe. (Gen. 22:17) Modimo o ne a neile Baiseraele melao e e neng e tla ba thusa go nna le kamano e e nang le kagiso le ene. (Isa. 48:17, 18) O ne a raya Baiseraele a re: “Fa lo ka utlwa lentswe la me ka kelotlhoko lo bo lo boloka kgolagano ya me [e e tlhalositsweng mo Molaong], ruri lo tla nna thuo ya me e e kgethegileng mo ditšhabeng tse dingwe tsotlhe, ka gonne lefatshe lotlhe ke la me.” (Ekes. 19:5, 6) Ka jalo, gore Baiseraele ba nne le tshiamelo ya go nna le kamano le Modimo go ne go ikaegile ka gore ba utlwe lentswe la gagwe.
8. Fa Baiseraele ba ka bo ba ile ba ikobela Modimo ba ka bo ba ile ba itumelela botshelo jo bo ntseng jang?
8 Akanya fela gore botshelo bo ne bo tla nna jang fa Baiseraele ba ka bo ba ile ba utlwa lentswe la Modimo! Jehofa a ka bo a ile a segofatsa masimo a bone, ditshimo tsa bone tsa mofine, matsomane le metlhape ya bone. Gape a ka bo a ile a ba sireletsa mo babeng ba bone. (Bala 1 Dikgosi 10:23-27.) Fa Mesia a goroga, gongwe a ka bo a ile a fitlhela Iseraele e le setšhaba se se atlegileng e bile se ikemetse mme se se ka fa tlase ga taolo ya Baroma. Iseraele e ka bo e le puso e e tlhomelang baagelani ba yone sekao, ba naya bosupi jo bo tlhomameng jwa gore go ikobela Modimo wa boammaaruri go dira gore ba segofadiwe semoyeng le ka dithoto.
9, 10. (a) Ke eng fa e ne e le kgang e e masisi gore Iseraele e batle go boela kwa Egepeto? (b) Go boela ga Baiseraele kwa Egepeto go ne go tla ama jang kobamelo ya bone?
9 Ruri Iseraele e ne e na le tshiamelo e kgolo—go dirisana mmogo le boikaelelo jwa ga Jehofa, go go neng go tla felela ka masego, e seng mo go bone fela mme kgabagare le mo malapeng otlhe a mo lefatsheng! (Gen. 22:18) Le fa go ntse jalo, kokomana yotlhe ya batsuolodi e ne e sa kgatlhegele go nna puso e e tlhomang sekao e e busiwang ke Modimo. Ba ne ba bo ba batla go boela kwa Egepeto! (Bala Dipalo 14:2-4.) Ka jalo, go boela ga bone kwa Egepeto go ne go tla tsweletsa pele jang boikaelelo jwa Modimo jwa go dira gore Iseraele e nne puso e e tlhomang sekao? Go ne go se kitla go dira jalo. Tota e bile, fa Baiseraele ba ka bo ba boetse kwa bathong ba baheitane ba ba neng ba ba tshwere, ba ne ba se kitla ba kgona go latela Molao wa ga Moshe le go solegelwa molemo ke thulaganyo ya ga Jehofa ya go ba itshwarela maleo. Ruri ba ne ba leba dilo ka tsela ya nama—ba sa bonele dilo kwa pele! Ga go gakgamatse go bo Jehofa a ile a bolela jaana ka batsuolodi bao: “Ke ne ka ferosiwa sebete ke kokomana eno ka ba ka re, ‘Ka metlha ba a fapoga mo dipelong tsa bone, mme bone ka bobone ga ba ise ba itse ditsela tsa me.’ Jalo ke ne ka ikana mo bogaleng jwa me ka re, ‘Ruri ga ba na go tsena mo boikhutsong jwa me.’”—Baheb. 3:10, 11; Pes. 95:10, 11.
10 Fa setšhaba seno se se sa utlweng se ne se batla go boela kwa Egepeto, se ne se bontsha gore se tseela kwa tlase masego a semoya a se a amogetseng, ba bona diliki, dieie le digareleke tse di neng di le kwa Egepeto di le botoka go gaisa masego ao. (Dipa. 11:5) Fela jaaka Esau yo o se nang tebogo, batsuolodi bao ba ne ba iketleeditse go latlhegelwa ke boswa jwa semoya jo bo molemo gore fela ba bone dijo tse di monate.—Gen. 25:30-32; Baheb. 12:16.
11. Go sa ikanyege ga Baiseraele ba mo motlheng wa ga Moshe go ne ga ama jang boikaelelo jwa Modimo?
11 Go sa kgathalesege go tlhoka tumelo ga kokomana ya Baiseraele e e ileng ya tswa kwa Egepeto, Jehofa o ne a “tswelela a ntse a dira” ka bopelotelele gore a diragatse boikaelelo jwa gagwe, jaanong a lebisitse tlhokomelo ya gagwe mo kokomaneng e e latelang. Maloko a kokomana eo e ntšha one a ne a le kutlo go feta borraabone. Ba ne ba dira go dumalana le taelo ya ga Jehofa ya go tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng mme ba simolola go le fenya. Re bala jaana mo go Joshua 24:31: “Iseraele ya tswelela go direla Jehofa malatsi otlhe a ga Joshua le malatsi otlhe a banna ba bagolwane ba ba neng ba tswelela ba tshela morago ga ga Joshua le ba ba neng ba itse tiro yotlhe ya ga Jehofa e a neng a e direla Iseraele.”
12. Re itse jang gore gompieno go a kgonega go tsena mo boikhutsong jwa Modimo?
12 Le fa go ntse jalo, kokomana eo e e kutlo e ne ya swa ka bonya ka bonya mme ya emisediwa ke kokomana “e e neng e sa itse Jehofa kgotsa tiro e a neng a e diretse Iseraele.” Ka ntlha ya seo, “bomorwa Iseraele ba simolola go dira se se neng se le bosula mo matlhong a ga Jehofa le go direla Bobaale.” (Baatlh. 2:10, 11) Lefatshe le le Solofeditsweng ga ya ka ya nna ‘lefelo la boikhutso’ la mmatota mo go bone. Ka ntlha ya botlhokakutlo jwa bone, ga ba a ka ba nna le kagiso ya bosakhutleng le Modimo. Paulo o ne a kwala jaana fa a ne a bua ka motlha oo: “Fa Joshua a ne a isitse [Baiseraele] mo lefelong la boikhutso, Modimo a ka bo a se kile morago ga moo a bua ka letsatsi le lengwe. Jalo go sa ntse go na le boikhutso jwa sabata jwa batho ba Modimo.” (Baheb. 4:8, 9) “Batho ba Modimo” ba Paulo a buang ka bone, e ne e le Bakeresete. A seo se kaya gore Bakeresete ba ne ba ka tsena mo boikhutsong jwa Modimo? Ee go ntse jalo—Bakeresete ba e neng e le Bajuda le ba e neng e se Bajuda!
Bangwe ba Palelwa ke go Tsena mo Boikhutsong Jwa Modimo
13, 14. Go boloka Molao wa ga Moshe go ne go amana jang le go tsena mo boikhutsong jwa Modimo (a) mo motlheng wa ga Moshe? (b) mo lekgolong la ntlha la dingwaga?
13 Fa Paulo a ne a kwalela Bakeresete ba Bahebera, o ne a tshwenyegile ka gore bangwe mo go bone ba ne ba sa dirisane mmogo le boikaelelo jwa Modimo jo bo tswelelang pele. (Bala Bahebera 4:1.) Ba ne ba dira eng? Ba ne ba sa ntse ba ikobela dikarolo dingwe tsa Molao wa ga Moshe. Ka dingwaga di ka nna 1 500, Moiseraele mongwe le mongwe yo o neng a batla go tshela go dumalana le boikaelelo jwa Modimo o ne a tshwanetse go ikobela Molao. Le fa go ntse jalo, Molao o ne wa fedisiwa ka loso lwa ga Jesu. Bakeresete bangwe ba ile ba palelwa ke go lemoga seo, mme ba ne ba tatalalela go tswelela ba boloka dikarolo dingwe tsa Molao. *
14 Paulo o ne a tlhalosetsa Bakeresete ba ba neng ba ikemiseditse go boloka Molao gore boperesiti jo bogolo jwa ga Jesu, kgolagano e ntšha le tempele ya semoya di ne di feta tse di neng di dirisiwa pele ga motlha wa Bokeresete. (Baheb. 7:26-28; 8:7-10; 9:11, 12) Ka jalo, go ka direga gore fa Paulo a ne a kwala ka tshiamelo ya go tsena mo letsatsing la boikhutso la ga Jehofa o ne a akantse ka go boloka Sabata ya beke le beke e e mo Molaong wa ga Moshe, o ne a re: “Go sa ntse go na le boikhutso jwa sabata jwa batho ba Modimo. Gonne motho yo o tseneng mo boikhutsong jwa Modimo le ene ka boene o ikhuditse mo ditirong tsa gagwe, fela jaaka Modimo a ne a ikhutsa mo go tsa gagwe.” (Baheb. 4:8-10) Bakeresete bao ba Bahebera ba ne ba tshwanelwa ke go tlogela go akanya gore ba ne ba ka bona kamogelo ya Modimo fa ba dira ditiro tse di theilweng mo Molaong wa ga Moshe. Go tloga ka Pentekosete 33 C.E., Modimo o ile a naya ba ba bontshang tumelo mo go Jesu Keresete kamogelo ya gagwe ka bopelontle.
15. Ke eng fa go nna kutlo go le botlhokwa fa e le gore re batla go tsena mo boikhutsong jwa Modimo?
15 Ke eng se se ileng sa thibela Baiseraele mo motlheng wa ga Moshe gore ba tsene mo Lefatsheng le le Solofeditsweng? Ke botlhokakutlo. Ke eng se se neng se thibela Bakeresete bangwe mo motlheng wa ga Paulo go tsena mo boikhutsong jwa Modimo? Le bone ba ne ba thibelwa ke botlhokakutlo. Ba ne ba palelwa ke go lemoga gore Molao o ne o diragaditse boikaelelo jwa one, le gore Jehofa o ne a etelela batho ba gagwe pele ka tsela e e sa tshwaneng le e a neng a e dirisa pele.
Go Tsena mo Boikhutsong Jwa Modimo Gompieno
16, 17. (a) Go kaya eng go tsena mo boikhutsong jwa Modimo gompieno? (b) Go tla tlotliwa ka eng mo setlhogong se se latelang?
16 Ke Bakeresete ba le mmalwa gompieno ba ba Baef. 2:8, 9) Ka jalo, go kaya eng gore Bakeresete ba tsene mo boikhutsong jwa Modimo? Jehofa o ne a beela kwa thoko letsatsi la bosupa—letsatsi la gagwe la boikhutso—gore a kgone go diragatsa maikaelelo a gagwe ka lefatshe ka tsela e e molemolemo. Re ka kgona go tsena mo boikhutsong jwa ga Jehofa—kgotsa ra nna le ene mo boikhutsong jwa gagwe—ka go bontsha go ikoba fa re dirisana le boikaelelo jwa gagwe jo bo ntseng bo tswelelapele jo a re senolelang jone ka phuthego ya gagwe.
ka tatalalelang go boloka dikarolo dingwe tsa Molao wa ga Moshe gore ba bone poloko. Mafoko a ga Paulo a a tlhotlheleditsweng a a neng a a kwalela Baefeso a utlwala sentle: “Ka bopelonomi jono jo bo sa re tshwanelang, eleruri, lo bolokilwe ka tumelo; mme seno e se ka ntlha ya lona, ke mpho ya Modimo. Nnyaa, ga se ka ntlha ya ditiro, gore go se ka ga nna le motho ope yo o nnang le lebaka la go ipelafatsa.” (17 Ka fa letlhakoreng le lengwe, fa re nyatsa kgakololo e e theilweng mo Baebeleng e re e newang ke setlhopha sa motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale mme re itirela maratwaepelo, re tla bo re le kgatlhanong le boikaelelo jwa Modimo jo bo ntseng bo diragadiwa. Seno se ka tsenya kamano ya rona ya kagiso le Jehofa mo kotsing. Mo setlhogong se se latelang, re tla sekaseka maemo a le mmalwa a a tlwaelegileng a a ka amang batho ba Modimo mme re tlotle ka gore ditshwetso tse re di dirang, e ka tswa e le go ikobela Modimo kgotsa tsa go dira maratwaepelo, di ka tlhomamisa jang gore a ruri re tsene boikhutsong jwa Modimo.
[Dintlha tse di kwa tlase]
^ ser. 3 Baperesiti le Balefi ba ne ba bereka kwa tempeleng ka Sabata, mme ba ne ba “tswelela ba se na molato.” E re ka Jesu e le moperesiti yo mogolo wa tempele e kgolo ya semoya ya Modimo, le ene o ne a ka kgona go dira kabelo ya gagwe ya semoya a sa boife go tlola molao wa Sabata.—Math. 12:5, 6.
^ ser. 13 Ga go itsege gore a go na le Bakeresete ba Bajuda ba ba ileng ba bo ba ema nokeng dithulaganyo tsa Letsatsi la Tetlanyo morago ga Pentekosete 33 C.E. Tota go dira jalo e tla bo e le go se tlotle setlhabelo sa ga Jesu. Le fa go ntse jalo, Bakeresete bangwe ba Bajuda ba ne ba sa ntse ba ngangatletse dingwao tse dingwe tse di amanang le Molao.—Bagal. 4:9-11.
Dipotso Tse o ka Tlhatlhanyang ka Tsone
• Boikaelelo jwa letsatsi la bosupa la Modimo la boikhutso e ne e le bofe?
• Re itse jang gore letsatsi la bosupa le sa ntse le tsweletse le gompieno?
• Ke eng se se ileng sa thibela Baiseraele ba motlha wa ga Moshe le Bakeresete bangwe ba lekgolo la ntlha la dingwaga go tsena mo boikhutsong jwa Modimo?
• Go tsena mo boikhutsong jwa Modimo go kaya eng gompieno?
[Dipotso Tsa Thuto]
[Mafoko a a mo go tsebe 27]
Re ka kgona go tsena mo boikhutsong jwa ga Jehofa gompieno ka go ikoba fa re dirisana le boikaelelo jwa gagwe jo bo ntseng bo tswelelapele jo a re senolelang jone ka phuthego ya gagwe
[Ditshwantsho mo go tsebe 26, 27]
Ke eng se se sa bolong go tlhokega gore batho ba Modimo ba tsene mo boikhutsong jwa gagwe?