Nnang lo Age Phuthego
Nnang lo Age Phuthego
“Nnang lo gomotsane lo bo lo agane.”—1 BATHES. 5:11.
1. Motho o bona masego afe fa a le mo phuthegong ya Bokeresete, mme o sa ntse a ka lebana le mathata afe?
RURI go a itumedisa go nna leloko la phuthego ya Bokeresete. O na le kamano e e molemo le Jehofa. E re ka o ikaegile ka Lefoko la gagwe gore le go kaele, o sireletsega mo ditlamoragong tse di bosula tsa go tshela botshelo jo e seng jwa Bokeresete. O na le ditsala tse dintsi tsa mmatota tse di batlang gore o atlege. Ee, o bona masego a mantsi. Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba bantsi ba mekamekane le mathata a mefuta e e farologaneng. Bangwe ba bone ba ka tswa ba tlhoka thuso gore ba tlhaloganye dilo tse di boteng tsa Lefoko la Modimo. Ba bangwe ba a lwala kgotsa ba tshwenyegile thata mo maikutlong, kgotsa ba lebane le ditlamorago tse di botlhoko tsa ditshwetso tse di seng botlhale tse ba di dirileng. Mme rotlhe re tshela mo lefatsheng la batho ba ba sa boifeng Modimo.
2. Re tshwanetse go dirang fa bakaulengwe ba rona ba na le mathata, mme ka ntlha yang?
2 Ga go ope wa rona yo o ratang go bona Bakeresete ba bangwe ba boga kgotsa ba na le mathata. Moaposetoloi Paulo o ne a tshwantsha phuthego le mmele mme a re “fa tokololo e le nngwe e boga, ditokololo tse dingwe tsotlhe di boga le yone.” (1 Bakor. 12:12, 26) Fa maemo a ntse jalo, re tshwanetse go leka ka natla gore re thuse bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona. Go na le dipego di le dintsi mo Baebeleng tsa maloko a phuthego a a ileng a thusa ba bangwe go lebana le mathata le go a fenya. Fa re ntse re sekaseka dipego tseo, akanya gore o ka thusa jang ka ditsela tse di tshwanang le tse di tlhalositsweng mo go tsone. O ka thusa bakaulengwe ba gago jang semoyeng mme ka jalo wa aga phuthego ya ga Jehofa?
“Ba mo Tseela mo go Bone”
3, 4. Akhwila le Perisila ba ne ba thusa Apolose jang?
3 Fa Apolose a ya go nna kwa Efeso, e ne e setse e le moreri yo o tlhoafetseng. Pego ya Ditiro ya re: “Ka a ne a tuka mo moyeng, [o ne] a bua le go ruta sentle dilo tse di leng kaga Jesu, mme a tlwaelane le kolobetso ya ga Johane fela.” E re ka Apolose a ne a sa itse kolobetso ya go kolobediwa “mo leineng la Rara le la Morwa le la moya o o boitshepo,” seo se ka tswa se ne se kaya gore o ne a reretswe ke barutwa ba ga Johane Mokolobetsi kgotsa ke balatedi ba ga Jesu pele ga Pentekosete ya 33 C.E. Le fa Apolose a ne a tlhoafetse, go ne go na le dilo dingwe tsa botlhokwa tse a neng a sa di tlhaloganye. Go tsalana le badumedi ka ene go ne ga mo thusa jang?—Dit. 1:4, 5; 18:25; Math. 28:19.
4 Banyalani ba Bakeresete e bong Akhwila le Perisila ba ne ba utlwa Apolose a bua ka bopelokgale mo sinagogeng, ba mo tseela mo go bone, mme ba mo ruta dilo tse dingwe gape. (Bala Ditiro 18:24-26.) Seo se ne se bontsha lorato. Ee, Akhwila le Perisila ba tshwanetse ba bo ba ile ba buisana le Apolose ba akanyetsa maikutlo a gagwe e bile ba mo thusa, ba sa dire gore a ikutlwe e kete ba mo tshwayatshwaya diphoso. E ne e le fela gore o ne a sa itse kwa phuthego ya Bokeresete ya bogologolo e neng e tswa teng. Mme kwantle ga pelaelo Apolose o ne a leboga ditsala tsa gagwe tse disha ka go mo ruta dilo tseno tsa botlhokwa. Fa Apolose a setse a na le kitso eno, o ne a “thusa” bakaulengwe ba gagwe ba kwa Akaia “thata” mme a neela bosupi jo bo tlhatswang pelo.—Dit. 18:27, 28.
5. Baboledi ba Bogosi ba le bantsi ba thusa ba bangwe ka lorato jang, mme go nna le diphelelo dife?
5 Batho ba le bantsi mo phuthegong ya Bokeresete gompieno ba anaanela thata batho ba ba ba thusitseng go tlhaloganya Baebele. Ba le bantsi ba ile ba tswelela e le ditsala tse dikgolo le batho ba ba ba rutileng boammaaruri. Gantsi fa o batla go thusa batho go tlhaloganya boammaaruri, o tshwanetse go ipha nako ya gore o tlotle le bone ka metlha mo lobakeng lwa dikgwedi di le mmalwa. Mme baboledi ba Bogosi ba iketleeditse go intsha setlhabelo ka tsela eo ka gonne ba lemoga gore ke kgang ya botshelo le loso. (Joh. 17:3) A bo go itumedisa jang go bona batho ba amogela boammaaruri, ba tshela go dumalana le jone, ba bo ba dira thato ya ga Jehofa botshelo jotlhe jwa bone!
“O ne A Bolelwa ka Molemo”
6, 7. (a) Ke ka ntlha yang fa Paulo a ne a tlhopha Timotheo gore a tsamaye le ene? (b) Timotheo o ne a thusiwa gore a gatele pele jang?
6 Fa moaposetoloi Paulo le moaposetoloi Silase ba ne ba etetse kwa Lisetera mo loetong lwa bobedi lwa borongwa, ba ne ba fitlhela go na le lekawana le le bidiwang Timotheo koo, yo gongwe a neng a tloga a tshwara dingwaga tse 20 2 Tim. 1:5) Paulo o ka tswa a ile a tlwaelana le lelapa leno fa a ne a etetse kwa lefelong leo lekgetlho la ntlha dingwaga di le mmalwa pele ga foo. Mme jaanong moaposetoloi yono o ne a kgatlhegela Timotheo ka gonne a ne a lebega e le lekawana le le tlhomologileng. Ka jalo, setlhopha sa koo sa bagolwane se ne sa letlelela Timotheo go nna mothusi wa ga Paulo mo tirong ya borongwa.—Bala Ditiro 16:1-3.
kgotsa a setse a di fetile. “O ne a bolelwa ka molemo ke bakaulengwe kwa Lisetera le Ikonio.” Mmaagwe Timotheo e bong Yunise le nkokoagwe e bong Loise e ne e le Bakeresete ba ba ineetseng, mme rraagwe e ne e se modumedi. (7 Timotheo o ne a ka ithuta dilo tse dintsi mo mopating wa gagwe yo o neng a le mogolwane mo go ene. Mme ruri o ne a di ithuta, mo e leng gore fa nako e ntse e ya, Paulo o ne a kgona go roma Timotheo a gololesegile gore a etele diphuthego e le moemedi wa gagwe. Mo dingwageng tse di ka nnang 15 tse Timotheo a neng a tsamaya le Paulo ka tsone, lekawana leno le le se nang maitemogelo e bile gongwe le le ditlhong le ne la gatela pele la ba la nna molebedi yo o molemo tota.—Bafil. 2:19-22; 1 Tim. 1:3.
8, 9. Ke eng se maloko a phuthego a ka se dirang go kgothatsa basha? Naya sekai.
8 Makau le makgarebe a mantsi mo phuthegong ya Bokeresete gompieno a ka kgona go gatela pele. Fa basha bano ba ka kgothadiwa le go thapisiwa ke ditsala tse di ratang dilo tsa semoya, ba ka kgaratlhela go amogela maikarabelo a a oketsegileng mo gare ga batho ba ga Jehofa. Leba mo phuthegong ya lona! A go na le basha bangwe ba o bonang ba ka ithaopa jaaka Timotheo? Fa o ka ba thusa le go ba kgothatsa, gongwe ba ka nna babulatsela, badiredi ba kwa Bethele, barongwa, kgotsa balebedi ba ba etang. O ka dirang go ba thusa gore ba leke go fitlhelela mekgele e e ntseng jalo?
9 Martin, yo o nang le dingwaga di le 20 e le leloko la lelapa la Bethele, o gakologelwa ka boitumelo kafa molebedi mongwe wa potologo a ileng a mo kgatlhegela ka teng dingwaga di le 30 tse di fetileng fa ba ne ba dira mmogo mo tirelong ya tshimo. Molebedi yono o ne a tlotlela lekawana leno ka matlhagatlhaga ka nako ya fa ene a ne a direla kwa Bethele a sa le mosha. O ne a kgothaletsa Martin go akanyetsa gore a ithaopele go direla mo phuthegong ya ga Jehofa ka tsela e e tshwanang. Martin o dumela gore motlotlo ono o a sa o lebaleng o ne wa ama thata ditshwetso tse a ileng a di dira moragonyana. Gongwe le wena o ka thusa ditsala tsa gago tsa basha ka go tlotla le bone ka mekgele ya semoya.
“Buang ka Tsela e e Gomotsang le Meya e e Tshwenyegileng Maikutlo”
10. Epaforodito o ne a ikutlwa jang, mme ka ntlha yang?
10 Epaforodito o ne a tsaya mosepele o moleele o o lapisang go tswa kwa Filipi go ya kwa Roma a etela moaposetoloi Paulo, yo o neng a tsentswe mo kgolegelong ka ntlha ya tumelo Bafil. 2:25-27.
ya gagwe. O ne a romilwe ke Bafilipi. Ga a ka a isa mpho ya bone e e neng e ya kwa go Paulo fela, mme gape o ne a rulaganya go nna le ene gore a dire sengwe le sengwe fela se a neng a ka se kgona go mo thusa mo seemong sa gagwe se se bokete. Le fa go ntse jalo, fa Epaforodito a ntse a le kwa Roma, o ne a lwala “mo a bileng a ne a le gaufi le go swa.” Mme o ne a tshwenyega thata mo maikutlong ka gonne a ne a akanya gore o paletswe ke go dira jaaka a romilwe.—11. (a) Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go gakgamala fa bangwe mo phuthegong ba tshwenyegile thata mo maikutlong? (b) Paulo o ne a akantsha gore go dirweng ka Epaforodito?
11 Gompieno go na le mathata a mantsi a a dirang gore batho ba tshwenyege thata mo maikutlong. Dipalopalo tsa Mokgatlho wa Lefatshe Lotlhe wa Boitekanelo di bontsha gore batho ba le bantsi mo lefatsheng ba ka tshwenyega thata mo maikutlong nako nngwe mo botshelong jwa bone. Batho ba ga Jehofa le bone ba ka amiwa ke seo. Mathata a go tlamela ba lelapa, go lwala, go kgobega marapo ka ntlha ya phoso nngwe e motho a e dirileng, kgotsa maemo a mangwe, a ka dira gore motho a tshwenyege mo maikutlong. Bafilipi ba ne ba ka thusa Epaforodito jang? Paulo o ne a re: “Mo amogeleng jaaka lo tlhola lo dira mo Moreneng ka boipelo jotlhe; mme lo nne lo tseye batho ba mofuta oo e le ba ba botlhokwa thata, ka gonne ka ntlha ya tiro ya Morena o ne a nna gaufi thata le go swa, a baya moya wa gagwe mo kotsing, gore a emisetse lona ka botlalo e re ka lo seyo fano gore a ntirele.”—Bafil. 2:29, 30.
12. Ke eng se se ka gomotsang batho ba ba tshwenyegileng thata mo maikutlong?
12 Le rona re tshwanetse go kgothatsa bakaulengwe ba ba kgobegileng marapo kgotsa ba ba tshwenyegileng thata mo maikutlong. Kwantle ga pelaelo go na le dilo tse di molemo tse re ka di buang ka tirelo e ba e direlang Jehofa. Gongwe ba dirile diphetogo tse dikgolo mo matshelong a bone gore ba nne Bakeresete kgotsa ba tsenele tirelo ya nako e e tletseng. Re anaanela maiteko ao, mme re ka ba tlhomamisetsa gore Jehofa le ene o a a anaanela. Le fa batlhanka bangwe ba ba ikanyegang ba sa tlhole ba kgona go dira sotlhe se ba neng ba kgona go se dira pele, re tshwanetse go ba tlotla thata ka ntlha ya tirelo ya bone ya dingwaga tse dintsi. Go sa kgathalesege gore bakaulengwe ba rona ba ka tswa ba tshwenngwa ke eng mo maikutlong, Jehofa o kgothatsa batho ba gagwe ba ba ikanyegang jaana: “Buang ka tsela e e gomotsang le meya e e tshwenyegileng maikutlo, tshegetsang ba ba bokoa, nnang pelotelele mo go botlhe.”—1 Bathes. 5:14.
‘Lo mo Itshwarele ka Bopelonomi Lo bo Lo mo Gomotse’
13, 14. (a) Phuthego ya kwa Korintha e ne ya tsaya kgato efe e e masisi, mme ka ntlha yang? (b) Go kgaolwa go ne ga nna le matswela afe?
13 Phuthego ya lekgolo la ntlha la dingwaga ya kwa Korintha e ne e na le bothata jwa monna yo o neng a dira kgokafalo mme a sa ikwatlhaye. Boitshwaro jwa gagwe bo ne bo ka kgotlela phuthego mme le batho ba e seng badumedi tota ba ne ba bo tsaya e le matlhabisaditlhong. Ka jalo, go a utlwala go bo Paulo a ile a laela gore monna yono a tlosiwe mo phuthegong.—1 Bakor. 5:1, 7, 11-13.
14 Kotlhao eo e ne ya nna le matswela a a molemo. Phuthego e ne ya sirelediwa mo tlhotlheletsong e e bosula, mme moleofi o ne a thusiwa gore a itharabologelwe mme a ikwatlhaye ka pelo yotlhe. E re ka monna yono a ne a dira ditiro tse di bontshang boikwatlhao, Paulo o ne a bontsha mo lekwalong la gagwe la bobedi le a neng a le kwalela phuthego eo gore monna yono o tshwanetse go busediwa. Mme go ne go sa tlhokege seo fela. Gape Paulo o ne a laela gore phuthego e tshwanetse go ‘itshwarela ka bopelonomi [moleofi yo o ikwatlhayang] le go mo gomotsa, gore ka tsela nngwe motho yo o ntseng jalo a tle a se ka a komediwa ke go utlwa botlhoko thata ga gagwe.’—Bala 2 Bakorintha 2:5-8.
15. Re tshwanetse go leba jang batho ba ba neng ba dirile phoso ba ba busediwang mo phuthegong?
15 Re ithuta eng mo pegong eno? Re utlwa botlhoko fa batho bangwe ba tshwanelwa ke go kgaolwa. Ba ka tswa ba tlontlolotse leina la Modimo e bile ba sentse phuthego leina. E bile ba Math. 18:17-20) A ga re a tshwanela go latela sekao sa ga Jehofa? Ee ruri, go nna setlhogo le go sa itshwarele go tla bo go tshwana fela le go ganetsa Jehofa. E le gore re dire gore go nne le kagiso le kutlwano mo phuthegong ya Modimo le gore re amogelwe ke Jehofa, a ga go botoka gore ‘re tlhomamisetse’ baleofi ba ba ikwatlhayang ka mmatota ba bo ba busediwa mo phuthegong ‘lorato lwa rona’?—Math. 6:14, 15; Luke 15:7.
ka tswa ba leofetse rona ka namana. Le fa go ntse jalo, fa bagolwane ba ba abetsweng go sekaseka kgetsi ba swetsa ka gore moleofi yo o ikwatlhayang o tshwanetse go busediwa mo phuthegong, go dumalana le kaelo ya ga Jehofa, seo se bontsha gore Jehofa o mo itshwaretse. (“O Mosola mo go Nna”
16. Mareko o ne a kgopisitse Paulo ka eng?
16 Pego e nngwe ya Dikwalo e bontsha gore ga re a tshwanela go tshwara ba bangwe ka pelo fa ba re kgopisitse. Ka sekai, Johane Mareko o ne a utlwisa moaposetoloi Paulo botlhoko thata. Jang? Fa Paulo le Barenabase ba ne ba simolola loeto lwa bone lwa borongwa, Mareko o ne a tsamaya le bone gore a ba thuse. Mme nako nngwe mo mosepeleng, ka ntlha ya lebaka le le sa bolelwang, Johane Mareko o ne a ba tlogela mme a boela gae. Paulo o ne a kgopisitswe ke tshwetso eno ya ga Mareko mo e leng gore fa go rulaganyediwa mosepele wa bobedi, ga a ka a utlwana le Barenabase malebana le gore ba tsamaye le Mareko gape. Ka ntlha ya se se neng se diragetse mo mosepeleng wa ntlha, Paulo o ne a sa batle gore Mareko a tsamaye le bone.—Bala Ditiro 13:1-5, 13; 15:37, 38.
17, 18. Re itse jang gore kgotlhang e Paulo le Mareko ba neng ba na le yone e ne ya rarabololwa, mme re ka ithuta eng mo go seno?
17 Go bonala sentle gore Mareko ga a ka a itetla go kgobega marapo thata fa Paulo a ne a gana go tsamaya le ene, ka gonne o ne a tswelela a dira tiro ya gagwe ya borongwa mo karolong e nngwe ya tshimo a na le Barenabase. (Dit. 15:39) Se Paulo a neng a se kwala moragonyana se bontsha gore Mareko o ne a nna a ikanyega. Paulo, yo jaanong e neng e le legolegwa kwa Roma, o ne a kwalela Timotheo a mmitsa. Mo go lone lekwalo leo, Paulo o ne a re: “Tsaya Mareko mme o tle le ene, gonne o mosola mo go nna mo go direleng.” (2 Tim. 4:11) Ee, Paulo o ne a dumela gore Mareko o ne a tokafaditse dilo.
18 Re ka ithuta sengwe mo go seno. Mareko o ne a nna le dinonofo tsa morongwa yo o molemo. Ga a ka a kgopisiwa ke go bo Paulo a ile a gana go tsamaya le ene mo lekgetlhong la ntlha. Ene le Paulo ba ne ba nonofile semoyeng, mme ga ba a ka ba tlhoboganela ruri. Mo boemong jwa moo, moragonyana, Paulo o ne a lemoga gore Mareko ke mothusi yo o molemo. Ka jalo fa bakaulengwe ba rarabolola mathata a bo a feta, go molemo gore ba lebale ka one mme ba tswelele ba thusa ba bangwe gore ba gatele pele semoyeng. Go bona dilo tse di molemo mo go ba bangwe go aga phuthego.
Wena le Phuthego
19. Maloko otlhe a phuthego ya Bokeresete a ka thusana jang?
19 Mo ‘dinakong tseno tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone,’ o tlhoka thuso ya bakaulengwe le bokgaitsadi ba gago ba ba mo phuthegong, mme le bone ba tlhoka thuso ya gago. (2 Tim. 3:1) Ka dinako tse dingwe Bakeresete ba ka tswa ba sa itse tsela e e molemo ya go rarabolola mathata a ba lebaneng le one, mme Jehofa ene o a e itse. Mme a ka dirisa maloko a a farologaneng a phuthego—go akaretsa le wena—go thusa ba bangwe gore ba tsamaye mo tseleng e e tshwanetseng. (Isa. 30:20, 21; 32:1, 2) Ka jalo, tsweetswee tsaya kgakololo ya ga moaposetoloi Paulo tsia! “Nnang lo gomotsane lo bo lo agane, fela jaaka tota e bile lo dira.”—1 Bathes. 5:11.
O ka Araba Jang?
• Ke ka ntlha yang fa maloko a phuthego ya Bokeresete a tshwanetse go agana?
• O ka thusa ba bangwe go fenya mathata a mofuta ofe?
• Ke ka ntlha yang fa re tlhoka thuso ya ba bangwe mo phuthegong?
[Dipotso Tsa Thuto]
[Setshwantsho mo go tsebe 11]
Fa Mokeresete ka rona a mekamekane le bothata, re ka mo thusa
[Setshwantsho mo go tsebe 12]
Makau le makgarebe a mantsi mo phuthegong ya Bokeresete gompieno a ka kgona go gatela pele