Nna O na Le “Pelo e e Itshekileng” mo Metlheng Eno ya Mathata
Nna O na Le “Pelo e e Itshekileng” mo Metlheng Eno ya Mathata
“GA GO na ope yo o ka ganetsang kgang ya gore Kereke ga e a itsheka gompieno.” Mokwaladikgang wa Katoliki Vittorio Messori o ne a bua jalo mabapi le melato ya matlhabisaditlhong ya tlhakanelodikobo e e pegilweng Kereke ya Katoliki kwa Italy bosheng. “Mme seno se ka se baakanngwe ka go fedisa molao wa gore baruti ba tshwanetse go nna ba sa nyala ka gonne diperesente di le 80 tsa dikgetsi tseo ke tsa basodoma—tsa baruti ba ba sotlang banna le basimanyana ka tlhakanelodikobo.”—Lokwalodikgang lwa La Stampa.
Eleruri boikepo jo bo anameng ke sesupo sa gore eno ke ‘metlha ya bofelo’ ya tsamaiso eno ya dilo. (2 Tim. 3:1-5) Jaaka dipego tsa dikgang di bontsha, seo se bakile go senyega ga boitsholo mo go amang batho ka kakaretso mme gape go ama le batho ba ba ipitsang banna ba Modimo. Dipelo tsa bone tse di bosula le tse di sa itshekang di ba tlhotlheletsa go dira ditiro tse di maswe. (Baef. 2:2) Go a utlwala go bo Jesu a ile a tlhagisa a re “mo pelong go tswa dikakanyo tse di boikepo, dipolao, maakafalo, dikgokafalo, bogodu, ditshupo tsa maaka, ditlhapatso.” (Math. 15:19) Le fa go ntse jalo, Jehofa Modimo o batla gore batlhanka ba gagwe ba rate “pelo e e itshekileng.” (Dia. 22:11) Ka jalo, Mokeresete a ka dira jang gore a nne a na le pelo e e itshekileng mo metlheng eno ya mathata?
Go Nna le “Pelo e e Itshekileng” go Kaya Eng?
Mo Baebeleng, gantsi “pelo” e dirisiwa ka tsela ya tshwantshetso. Go ya ka buka nngwe, lefoko le le dirisiwang mo Baebeleng le le kayang pelo le kaya “se motho a leng sone mo teng” e bile “ke yone fela karolo ya motho e Modimo a e kgatlhegelang, e kamano ya motho le Modimo e ikaegileng ka yone, e bile ke yone e laolang boitsholo jwa gagwe.” Pelo e tshwantshetsa se tota re leng sone mo teng. Jaaka buka e e nopotsweng fa godimo e bontsha, Jehofa o tlhatlhoba yone pelo eno e bile ke yone e a e anaanelang mo batlhankeng ba gagwe.—1 Pet. 3:4.
Mo Baebeleng, go ‘itsheka’ le go nna ‘phepa’ go ka kaya go nna phepa ka tsela ya mmatota. Mme mafoko ao gape a dirisiwa go kaya sengwe se se sa kgotlelwang—se se sa leswafalang—mo boitsholong le mo semoyeng. Jesu o ne a bua jaana mo Therong ya kwa Thabeng: “Go itumela ba ba itshekileng mo pelong.” O ne a bua ka batho ba tota ba leng phepa mo teng. (Math. 5:8) Dilo tse ba di ratang le tse ba di eletsang di itshekile, mmogo le maitlhomo a bone. Ba tlhotlhelediwa ke lorato le tebogo gore ba rate Jehofa ka pelo yotlhe ya bone, ka bopeloephepa, ba sa itimokanye. (Luke 10:27) A wena ga o batle go itsheka jalo?
Go Nna Re na Le “Pelo e e Itshekileng” ga go Motlhofo
Motlhanka wa ga Jehofa o tshwanetse go ‘nna le diatla tse di se nang molato’ mme gape o tshwanetse go nna “phepa mo pelong.” (Pes. 24:3, 4) Le fa go ntse jalo, gompieno go ntse go nna thata le go feta gore batlhanka ba Modimo ba nne ba le “phepa mo pelong.” Satane le lefatshe le a le busang, mmogo le nama ya rona e e sekametseng mo boleong, di re tlhotlheletsa thata gore re kgaogane le Jehofa. Gore re kgone go emelana le tlhotlheletso eo, go botlhokwa thata gore re rate “pelo e e itshekileng” mme re ititeye sehuba gore re nne re na le yone. Seno se tla re sireletsa e bile se tla re thusa go nna re le ditsala tsa Modimo. Re ka dira jang gore re nne re na le pelo e e itshekileng?
Re fitlhela tlhagiso eno mo go Bahebera 3:12: “Elang tlhoko bakaulengwe, gore ope wa lona a se ka a nna le pelo e e boikepo e e se nang tumelo ka go katogela kgakala le Modimo yo o tshelang.” Re ka se nne re na le “pelo e e itshekileng” fa re nna le pelo e e “se nang tumelo.” Satane Diabolo o anamisa dikgopolo dife tse di ka koafatsang tumelo ya rona mo Modimong? Tseno di akaretsa kgopolo ya gore ditshedi di iphetogela ka botsone go nna tse dingwe, gore batho ke bone ba itlhophelang gore ba tla dirisa melao efe ya boitsholo, le go belaela gore Dikwalo Tse di Boitshepo di tlhotlheleditswe ke Modimo. Ga re a tshwanela go itetla go tshwaediwa ke dikakanyo tse di ntseng jalo tse di kotsi. (Bakol. 2:8) Go bala Baebele letsatsi le letsatsi le go tlhatlhanya thata go ka re sireletsa tota mo ditlhaselong tseno. Kitso ya boammaaruri ya Lefoko la Modimo e tla nonotsha lorato lo re ratang Jehofa ka lone le tsela e re tlhaloganyang ka yone ditirisano tsa gagwe le batho. Lorato loo le kanaanelo di tla re thusa thata go gana dikakanyo tsa maaka e bile di tla dira gore tumelo ya rona mo go Jehofa e nne e nonofile gore re kgone go nna re na le pelo e e itshekileng.—1 Tim. 1:3-5.
Fa re Tlelwa ke Dikeletso Tsa Nama
Selo se sengwe se se ka re kgoreletsang fa re leka go nna re na le “pelo e e itshekileng” e ka nna dikeletso tsa nama le tsa go nna le dikhumo. (1 Joh. 2:15, 16) Lorato lwa madi kana keletso ya go ikokoanyetsa dikhumo le go nna le dithoto di ka kgotlela pelo ya Mokeresete, mme tsa mo tlhotlheletsa go dira dilo tse di sa tsamaisaneng le thato ya Modimo. Bangwe ba ile ba se ka ba ikanyega kwa tirong, ba tsietsa ba bangwe, kana ba bo ba utswa madi kana dilo tsa ba bangwe.—1 Tim. 6:9, 10.
Kafa letlhakoreng le lengwe re bontsha gore re rata “pelo e e itshekileng” fa re ithuta go boifa go kgopisa Jehofa, re rata tshiamiso e bile re ititeile sehuba go nna le segakolodi se se molemo. Lorato loo lo re tlhotlheletsa go tswelela re “itshwara ka boikanyegi mo dilong tsotlhe.” (Baheb. 13:18) Fa re itshwara sentle, boikanyego jwa rona bo ka neela bosupi jo bo molemo. Emilio, Mosupi wa kwa Italy yo o berekang e le mokgweetsi mo khampaning ya dipalangwa tsa botlhe, o ne a sela sepatšhe se na le di-euro di le 470 (diranta di le 5 100). Badirimmogo le ene ba ne ba gakgamala fa a ne a isa sepatšhe seo kwa mookameding wa gagwe, yo moragonyana a neng a se neela mong wa sone. Bangwe ba batho ba ba berekang le Emilio ba ne ba kgatlhiwa ke boitshwaro jwa gagwe mo e leng gore ba ne ba kgatlhegela Baebele mme ba simolola go ithuta. Seo se feletse ka gore batho ba le supa ba ba tswang mo malapeng a le mabedi ba amogele boammaaruri. Ee, go ikanyega ka gonne re na le pelo e e itshekileng ruri go ka tlhotlheletsa ba bangwe go baka Modimo.—Tito 2:10.
Selo se sengwe se se ka kgotlelang boitsheko jwa pelo ya Mokeresete ke go leba tlhakanelodikobo ka tsela e e sa siamang. Batho ba bantsi ba tsaya tlhakanelodikobo pele ga lenyalo, go tlhakanela dikobo le motho yo e seng molekane wa gago wa lenyalo le bosodoma di itshiametse fela, mme seo se ka kgotlela pelo ya Mokeresete. Motho yo o ineelang mo boitsholong jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo a ka tshela botshelo jwa boitimokanyo, a leka go fitlha boleo joo. Ruri go dira jalo ga go bontshe gore motho o na le “pelo e e itshekileng.”
Gabriele o kolobeditswe a na le dingwaga di le 15 mme a simolola go bula tsela kwantle ga go senya nako. Le fa go ntse jalo, moragonyana o ne a simolola go itisa le ditsala tse di sa siamang kwa mafelong a batho ba ijesang monate kwa go one bosigo. (Pes. 26:4) Ka nako eo o ne a simolola go dira boitsholo jo bo sa siamang le go tshela botshelo jwa boitimokanyo, mme o ne a tshwanelwa ke go kgaolwa mo phuthegong ya Bokeresete. Go kgalemelwa jalo ke Jehofa go ne ga dira gore Gabriele a akanye thata ka boemo jwa gagwe. A re: “Ke ne ka simolola go dira dilo tse pele ke neng ke sa di tseye tsia. Ke ne ka simolola go bala Baebele letsatsi le letsatsi, ke leka go tlhaloganya se tota Jehofa a se buang, mme ke ne ka ithuta dikgatiso tsa phuthego ya Modimo ka kelotlhoko. Ke ne ka bona kafa go ithuta ke le esi go ka ntsholegelang molemo e bile go ka intumedisang ka teng le kafa go bala Baebele le go rapela ka tlhoafalo go ka nkgothatsang ka teng.” Go dira jalo go ne ga thusa Gabriele gore a tlogele go dira boitsholo jo bo sa siamang mme a boe a nne le kamano e e molemo le Jehofa.
Jaanong Gabriele o direla gape e le mmulatsela, mmogo le mosadi wa gagwe. Se se mo diragaletseng se tlhomamisa kafa go ithuta Baebele le dikgatiso tsa “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” go ka thusang motho ka teng gore a nne le pelo e e itshekileng le gore a furalele boitsholo jo bo sa siamang.—Math. 24:45; Pes. 143:10.
Go Nna le “Pelo e e Itshekileng” fa o Lebane le Teko
Bangwe ba batlhanka ba Modimo ba ntse ba kgobiwa marapo ke go ganediwa, go nna le mathata a itsholelo le go tshwarwa ke malwetse a a masisi. Ka dinako tse dingwe le dipelo tsa bone di a imelwa. Le Kgosi Dafide tota o ne a ikutlwa jalo: “Moya wa me o koafala mo teng ga me; pelo ya me e itshupa e kgwaraletse mo teng ga me.” (Pes. 143:4) Ke eng se se neng sa mo thusa go itshokela maemo ao? Dafide o ne a akanya ka tsela e Modimo a neng a dirisana ka yone le batlhanka ba Gagwe le kafa ene ka boene a neng a golotswe ka teng. O ne a tlhatlhanya ka se Jehofa a neng a se dirile ka ntlha ya leina la Gagwe le legolo. Dafide o ne a nna a tlhatlhanya ka ditiro tsa Modimo. (Pes. 143:5) Ka tsela e e tshwanang, go tlhatlhanya ka Mmopi wa rona le sotlhe se a se re diretseng le se a ntseng a se re direla go tla re thusa le fa re lebane le teko.
Re ka galefa fa re diretswe phoso kana re akanya gore re e diretswe. Go nnela go akanya ka kgang eo go ka felela ka gore re se ka ra leba bakaulengwe ba rona sentle. Re ka nna ra ikgogona, ra itlhaola mme ra se ka ra kgatlhegela ba bangwe. Mme gone, a go dira jalo go tla bo go bontsha gore re batla go nna le “pelo e e itshekileng”? Ruri go eletsa go nna le pelo e e itshekileng jalo go ama tsela e re dirisanang ka yone le bakaulengwe ba rona le kafa re itshwarang ka teng mo go bone.
Mo lefatsheng leno le boitsholo jwa lone bo ntseng bo senyegela pele, rona Bakeresete ba boammaaruri re tlhomologile ka gonne re rata go nna le “pelo e e itshekileng.” Matshelo a rona a a tokafala ka ntlha ya kagiso ya mogopolo e re nnang le yone ka gonne re dira thato ya Modimo. Mo godimo ga tsotlhe, re nna le kamano e e gaufi le Mmopi wa rona, Jehofa Modimo, yo o ratang batho ba ba “phepa mo pelong.” (Pes. 73:1) Ee, re ka nna bangwe ba batho ba ba tla itumelang ka gonne jaaka Jesu a solofeditse, batho ba ba ntseng jalo “ba tla bona Modimo,” fa A ntse a thusa ba ba ratang “pelo e e itshekileng.”—Math. 5:8.