‘Modimo ke Ene yo o Godisang’!
‘Modimo ke Ene yo o Godisang’!
“Yo o jalang ga se sepe le fa e le yo o nosetsang, fa e se Modimo yo o godisang.” —1 BAKOR. 3:7.
1. Re “badirimmogo le Modimo” jang?
“BADIRIMMOGO le Modimo.” Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa jalo tshiamelo e rotlhe re ka nnang le yone. (Bala 1 Bakorintha 3:5-9.) Tiro e Paulo a neng a bua ka yone ke tiro ya go dira barutwa. O ne a e tshwantsha le go jala le go nosetsa peo. Re tlhoka thuso ya ga Jehofa gore re atlege mo tirong eno ya botlhokwa thata. Paulo o re gakolola gore “Modimo [ke ene] yo o godisang.”
2. Ke ka ntlha yang fa lebaka la go bo ‘Modimo e le ene a godisang’ le re thusa go leba bodiredi jwa rona ka tsela e e tshwanetseng?
2 Lebaka leo la gore ga se rona re godisang le tshwanetse go dira gore re ikokobetse mme re lebe bodiredi jwa rona ka tsela e e tshwanetseng. Re ka tswa re dira ka natla re rera e bile re ruta, mme kwa bofelong pako yotlhe e ya kwa go Jehofa fa mongwe a nna morutwa. Ka ntlha yang? Ka gonne le fa re ka leka ka natla jang, ga go na ope wa rona yo o ka tlhaloganyang ka botlalo kafa peo e golang ka teng, e bile ga go na ope yo o ka kgonang go laola go gola ga yone. Kgosi Solomone o ne a baya kgang eno sentle fa a ne a re: “Ga o itse tiro ya Modimo wa boammaaruri, yo o dirang dilo tsotlhe.”—Mor.11:5.
3. Ke dilo dife tse di tshwanang ka tiro ya go jala peo ya mmatota le ya go dira barutwa?
3 A go bo re sa kgone go tlhaloganya kafa peo e golang ka teng go dira gore tiro ya rona e kgobe marapo? Nnyaa. Go na le moo go dira gore e kgatlhe. Kgosi Solomone o ne a re: “Mo mosong o jale peo ya gago mme o se ka wa letla seatla sa gago gore se ikhutse go fitlha maitseboa; gonne ga o itse kwa seno se tla nnang le katlego teng, e ka tswa e le fano kgotsa fale, kgotsa gore a ka bobedi jwa tsone di tla nna molemo ka go tshwana.” (Mor. 11:6) Boammaaruri ke gore mo kgannyeng ya go jala peo ya mmatota, ga re ke re itse gore e tla tlhoga kae kana gone gore a e tla tlhoga. Go na le dilo tse dintsi tse re ka se kgoneng go di laola. Go ntse jalo le ka tiro ya go dira barutwa. Jesu o ne a bua ka kgang eno mo ditshwantshong tse pedi tse re di kwaletsweng mo kgaolo 4 ya Efangele ya ga Mareko. A re boneng gore re ka ithuta eng mo ditshwantshong tseno tse pedi.
Mefuta e e Farologaneng ya Mmu
4, 5. Tlhalosa ka bokhutshwane setshwantsho sa ga Jesu sa mojadi yo o gasang peo.
4 Jaaka go kwadilwe mo go Mareko 4:1-9, Jesu o bua ka mojadi yo o gasang peo e e welang mo mafelong a a farologaneng: “Reetsang. Bonang! Mojadi o ne a tswa a ya go jala. Ya re a ntse a jala, peo nngwe ya wela go bapa le tsela, mme dinonyane tsa tla tsa e ja tsa e fetsa. Mme peo e nngwe ya wela mo lefelong le le matlapa, ee, koo e neng e se na mmu o montsi gone, mme ya akofa ya mela ka go bo e se mo mmung o o boteng. E rile letsatsi le tlhaba, ya sha, mme ka go bo e se na modi ya swaba. Mme peo e nngwe ya wela mo mitlweng, mitlwa ya gola ya e hupetsa, mme ya se ka ya ungwa maungo ape. Mme tse dingwe tsa wela mo mmung o o molemo, mme, ya re di gola e bile di oketsega, tsa simolola go ungwa maungo, mme di ne di ungwa go menagane ga masome a mararo, le masome a marataro le lekgolo.”
5 Mo metlheng ya go kwalwa ga Baebele, gantsi peo e ne e jalwa ka go gasiwa. Mojadi o ne a tsenya peo mo momenong wa seaparo sa gagwe kana mo sejaneng a bo a e gasa ka seatla. Ka jalo mo setshwantshong seno, mojadi ga a jale peo mo mefuteng e e farologaneng ya mmu ka boomo. Go na le moo, peo e e gasiwang e wela mo mafelong a a farologaneng.
6. Jesu o ne a tlhalosa jang setshwantsho sa mojadi?
Mareko 4:14-20: “Mojadi o jala lefoko. Bano, he, ke tse di leng go bapa le tsela koo lefoko le jalwang gone; mme ka bonako fela fa ba sena go le utlwa Satane o a tla a ba a tsaya lefoko le le neng le jadilwe mo go bone. Mme ka tsela e e tshwanang bano ke tse di jetsweng mo mafelong a a matlapa: ka bonako fela fa ba sena go utlwa lefoko, ba le amogela ka boipelo. Le fa go ntse jalo ga ba na modi mo go bone, ba tswelela ka nakwana; mme ka bonako fela fa pitlagano kgotsa pogiso e tsoga ka ntlha ya lefoko, ba a kgotšwa. Go na le tse dingwe gape tse di jetsweng mo mitlweng; tseno ke ba ba utlwileng lefoko, mme ditlhobaelo tsa tsamaiso eno ya dilo le maatla a a tsietsang a dikhumo le dikeletso tsa dilo tse dingwe tsotlhe di tsenelele mme di hupetse lefoko, mme le nne le le sa ungweng. La bofelo, tse di neng tsa jalwa mo mmung o o molemo ke ba ba reetsang lefoko mme ba le amogele sentle ba bo ba ntsha maungo go menagane ga masome a mararo le ga masome a marataro le ga lekgolo.”
6 Ga go tlhokege gore re fopholetse gore setshwantsho seno se kaya eng. Jesu o ne a se tlhalosa jaaka go kwadilwe mo go7. Peo le mefuta e e farologaneng ya mmu di tshwantshetsa eng?
7 Ela tlhoko gore Jesu ga a re go dirisiwa mefuta e e farologaneng ya peo. Go na le moo, o bua ka mofuta o le mongwe fela wa peo e e welang mo mefuteng e e farologaneng ya mmu, mme mofuta mongwe le mongwe wa mmu o nna le matswela a a farologaneng. Mmu wa ntlha o thata; wa bobedi ga o boteng; wa boraro o tletse mitlwa; mme wa bonè o molemo kana o siame, ke mmu o o dirang gore peo e gole sentle. (Luke 8:8) Peo ke eng? Ke molaetsa wa Bogosi o o mo Lefokong la Modimo. (Math. 13:19) Mefuta e e farologaneng ya mmu e tshwantshetsa eng? E tshwantshetsa batho ba dipelo tsa bone di ba tlhotlheletsang go arabela ka ditsela tse di farologaneng.—Bala Luke 8:12, 15.
8. (a) Mojadi o tshwantshetsa mang? (b) Ke eng fa batho ba arabela ka ditsela tse di sa tshwaneng fa ba rerelwa molaetsa wa Bogosi?
8 Mojadi o tshwantshetsa mang? O tshwantshetsa badirimmogo le Modimo, ba ba bolelang dikgang tse di molemo tsa Bogosi. Jaaka Paulo le Apolose, ba a jala e bile ba a nosetsa. Mme le fa ba dira ka natla, ba bona matswela a a farologaneng. Ka ntlha yang? Ka gonne dipelo tsa batho ba ba utlwang molaetsa di ba tlhotlheletsa go arabela ka ditsela tse di farologaneng. Mo setshwantshong seno, mojadi ga a kgone go laola gore o tla bona matswela a a ntseng jang. A bo seno se gomotsa jang ne, segolobogolo mo bakaulengweng le bokgaitsadi ba rona ba ba ikanyegang ba ba sa bolong go dira ka dingwaga tse dintsi gongwe ka masomesome a dingwaga, mme ba sa bone matswela ape a a kalo! * Ke eng fa seno se gomotsa?
9. Moaposetoloi Paulo le Jesu ba ne ba gatelela kgang efe e e gomotsang?
1 Bakor. 3:8) Motho o duelwa go ya ka tiro e a e dirileng, e seng go ya ka maduo a tiro eo. Jesu le ene o ne a gatelela ntlha eo fa barutwa ba gagwe ba ne ba boa kwa loetong lwa go rera. Ba ne ba itumetse thata ka gonne madimona a ne a nna mo taolong ya bone fa ba dirisa leina la ga Jesu. Le fa seo se ka tswa se ne se ba itumedisitse thata jang, Jesu o ne a ba raya a re: “Lo se ka lwa ipelela seno, gore meya e dirwa gore e nne mo taolong ya lona, mme ipeleng ka gonne maina a lona a kwadilwe kwa magodimong.” (Luke 10:17-20) Le fa mojadi a ka tswa a sa bone koketsego e ntsi mo tirong e a e dirang, seo ga se reye gore o ntse a sa dire ka tlhoafalo jaaka ba bangwe e bile ga se reye gore ga a ikanyege jaaka bone. Maduo a ikaegile thata ka boemo jwa pelo ya motho yo o utlwang molaetsa. Mme kwa bofelong Modimo ke ene a godisang!
9 Maduo a mojadi a nnang le one ga se one a bontshang gore o a ikanyega mo tirong ya gagwe. Paulo o ne a umaka seno fa a ne a re: “Motho mongwe le mongwe o tla amogela maduo a gagwe go ya ka tiro ya gagwe ya bonatla.” (Boikarabelo Jwa ba ba Utlwang Lefoko
10. Ke eng se se laolang gore a motho yo o utlwang lefoko o tshwana le mmu o o molemo kana nnyaa?
10 Go tweng ka ba ba utlwang lefoko? A go laotswe e sa le gale gore ba tla arabela jang? Nnyaa. Go tswa mo go bone gore a ba tla tshwana le mmu o o molemo kana nnyaa. Ke boammaaruri gore boemo jwa pelo ya motho bo ka fetoga go nna molemo kana go nna maswe. (Bar. 6:17) Jesu mo setshwantshong sa gagwe o ne a re ‘ka bonako fela fa bangwe ba sena go utlwa’ lefoko, Satane o a tla a bo a le tsaya. Mme ga go tlhokege gore go nne jalo. Mo go Jakobe 4:7, Bakeresete ba kgothalediwa gore ba ‘ganetse Diabolo,’ mme o tla ba tshaba. Jesu o tlhalosa gore kwa tshimologong ba bangwe ba amogela lefoko ba itumetse mme go tswa foo ba a kgotšwa ka gonne ba ‘se na modi mo go bone.’ Mme batlhanka ba Modimo ba kgothalediwa gore ba ‘name medi ba bo ba tlhomiwe mo motheong’ gore ba tle ba kgone go tlhaloganya “se e leng bophara le boleele le bogodimo le boteng, le go itse lorato lwa ga Keresete lo lo gaisang kitso.”—Baef. 3:17-19; Bakol. 2:6, 7.
11. Motho a ka dira jang gore ditlhobaelo le dikhumo di se ka tsa hupetsa lefoko?
11 Go tlhalosiwa gore ba bangwe ba ba utlwileng lefoko ba letla “maatla a a tsietsang a dikhumo” gore a tsenelele mme a hupetse lefoko. (1 Tim. 6:9, 10) Ba ka dira eng go thibela seo? Moaposetoloi Paulo a re: “A mokgwa wa lona wa botshelo e se ka ya nna wa go rata madi, lo ntse lo kgotsofetse ka dilo tsa jaanong. Gonne o rile: ‘Ruri ga ke na ke go tlogela ka gope le fa e le go go latlha ka gope.’”—Baheb. 13:5.
12. Ke eng fa batho ba ba tshwantshediwang ke mmu o o siameng ba ungwa ka ditsela tse di sa tshwaneng?
12 La bofelo, Jesu a re ba ba jadilweng mo mmung o o siameng “ba ntsha maungo go menagane ga masome a mararo le ga masome a marataro le ga lekgolo.” Le fa bangwe ba ba amogelang lefoko ba na le pelo e e siameng e bile ba ntsha maungo, se ba kgonang go se fitlhelela fa ba rera dikgang tse di molemo ga se tshwane, go ikaegile ka maemo a bone. Ka sekai, botsofe kana bolwetse jo bo koafatsang bo ka nna jwa dira gore motho a se ka a tlhola a kgona go dira go le gontsi mo tirong ya go rera. (Bapisa Mareko 12:43, 44.) Le fano gape mojadi a ka tswa a sa kgone go laola seno go le kalo kana a sa kgone go se laola gotlhelele, mme o a itumela fa a bona gore Jehofa o a godisa.—Bala Pesalema 126:5, 6.
Mojadi yo o Robalang
13, 14. (a) Tlhalosa ka bokhutshwane setshwantsho sa ga Jesu sa monna yo o jalang peo. (b) Mojadi o tshwantshetsa mang mme peo ke eng?
13 Mo go Mareko 4:26-29, re fitlhela setshwantsho se sengwe se se buang ka mojadi: “Ka tsela eno bogosi jwa Modimo bo tshwana fela le fa motho a latlhela peo mo mmung, mme a robale bosigo a ba a tsoge motshegare, mme peo e tlhoge e bo e golele kwa godimo, gore jang ga a itse. Mmu ka boone o ntsha maungo ka bonya, sa ntlha mogwang, go tswa foo seako, la bofelo dijo tsa ditlhaka tse di tletseng mo seakong. Mme ka bonako fela fa maungo a letla, o tsenya sekele, ka gonne nako ya thobo e tlile.”
14 Mojadi ke mang? Bangwe mo madumeding *
a a ipitsang a Bokeresete ba re mafoko ao a lebisitse mo go Jesu ka boene. Mme go tla jang gore go twe Jesu o a robala mme ga a itse gore peo e gola jang? Ruri Jesu o itse kafa peo e golang ka teng! Mojadi yono, jaaka yo o umakilweng kwa tshimologong, o tshwantshetsa mmoledi mongwe le mongwe wa Bogosi, yo o jalang peo ya Bogosi ka go rera ka matlhagatlhaga. Peo e e latlhelwang mo mmung ke lefoko le baboledi bano ba le rerang.15, 16. Jesu mo setshwantshong sa mojadi o ne a tlhalosa kgang efe ka go gola ga peo ka tsela ya mmatota le go gola semoyeng?
15 Jesu a re mojadi o ‘robala bosigo mme a tsoge motshegare.’ Mafoko ano ga a reye gore mojadi ga a dire tiro ya gagwe ka tlhoafalo. A bontsha fela tsela e batho ba bantsi ba tshelang ka yone. Mafoko a a dirisitsweng mo temaneng eno a bontsha gore go ne ga feta lobaka lo lo rileng mojadi a bereka motshegare mme a robala bosigo. Jesu o ne a tlhalosa gore go ne go diragalang mo nakong eo. A re: “Peo e [a tlhoga] e bo e golele kwa godimo.” Go tswa foo a re: “Gore jang ga a itse.” Se se gatelelwang foo ke gore peo eo e gola ‘ka boyone.’ *
16 Jesu o ne a kaya eng fa a rialo? Ela tlhoko gore go gatelelwa go gola ga peo le gore e gola ka bonya ka bonya. “Mmu ka boone o ntsha maungo ka bonya, sa ntlha mogwang, go tswa foo seako, la bofelo dijo tsa ditlhaka tse di tletseng mo seakong.” (Mar. 4:28) Peo eno e gola ka iketlo, kgato ka kgato. E ka se patelediwe gore e gole e bile go ka se dirwe gore e gole ka bonako. Go ntse fela jalo le ka go gola semoyeng. Go direga kgato ka kgato fa Jehofa a letla boammaaruri gore bo gole mo pelong ya motho yo o nang le tshekamelo e e siameng.—Dit. 13:48; Baheb. 6:1.
17. Ke bomang ba ba itumelang fa peo ya boammaaruri e ungwa?
17 Mojadi o nna le seabe sefe mo thobong “fela fa maungo a letla”? Fa Jehofa a dira gore dithuto tsa boammaaruri jwa Bogosi di gole mo dipelong tsa barutwa ba basha, kgabagare lorato lo ba ratang Modimo ka lone lo ba tlhotlheletsa gore ba ineele mo go ene. Ba bontsha boineelo jwa bone ka go kolobediwa mo metsing. Johane 4:36-38.) Eleruri, ‘mojadi le morobi ba ipela mmogo.’
Bakaulengwe ba ba tswelelang ba gola semoyeng kgabagare ba newa maikarabelo a a oketsegileng mo phuthegong. Maungo a Bogosi a rojwa ke motho yo o jadileng peo kwa tshimologong mmogo le baboledi ba bangwe ba Bogosi ba ba ka tswang ba sa nna le seabe ka tlhamalalo mo go jaleng peo e e neng ya gola mme ya ungwa go nna morutwa yono. (BalaSe re Ithutang Sone Gompieno
18, 19. (a) Go ithuta ka ditshwantsho tsa ga Jesu go go kgothaditse jang? (b) Re tlile go tlotla ka eng mo setlhogong se se latelang?
18 Re ithutile eng fa re sekaseka ditshwantsho tseno tse pedi tse di mo go Mareko kgaolo 4? Re kgona go bona sentle gore go na le tiro e re tshwanetseng go e dira—go jala. Le ka motlha ga re a tshwanela go dira gore diipato le mathata a re ka nnang ra lebana le one di re thibele go dira tiro eno. (Mor. 11:4) Le fa go ntse jalo, gape re itse gore ke tshiamelo e e seng kana ka sepe go nna badirimmogo le Modimo. Jehofa ke ene a dirang gore batho ba nne barutwa, ka go segofatsa maiteko a re a dirang le a a dirwang ke ba ba amogelang molaetsa. Re itse gore re ka se pateletse ope go nna morutwa. Ka jalo le rona ga re tlhoke go kgobega marapo fa motho a gola ka bonya kana a sa gole gotlhelele ka tsela ya semoya. Go gomotsa tota go itse gore go atlega ga rona go ikaegile ka gore re ikanyega go le kana kang mo go Jehofa le mo tshiamelong e a e re neileng ya go rera “dikgang tse di molemo . . . tsa bogosi . . . gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe.”—Math. 24:14.
19 Jesu o ne a re ruta eng gape ka go gola ga barutwa ba basha le tiro ya Bogosi? Re bona karabo ya potso eno mo ditshwantshong tse dingwe tse di kwadilweng mo dipegong tsa Efangele. Re tla tlotla ka dingwe tsa ditshwantsho tseno mo setlhogong se se latelang.
[Dintlha tse di kwa tlase]
^ ser. 8 Bala ka sekai sa bodiredi jwa ga Mokaulengwe Georg Fjölnir Lindal kwa Iceland, se go kwadilweng ka sone mo 2005 Yearbook of Jehovah’s Witnesses, tsebe 210-211, le ka maitemogelo a batlhanka ba ba ikanyegang ba ba neng ba itshoka kwa Ireland ka dingwaga di le dintsi mme ba sa bone matswela ka bonako jaaka go kwadilwe mo 1988 Yearbook of Jehovah’s Witnesses, tsebe 82-99.
^ ser. 14 Mo nakong e e fetileng, mo makasineng ono go ne ga tlhalosiwa gore peo e tshwantshetsa botho jwa motho jo bo tshwanetseng go tswelela bo tokafala fa nako e ntse e tsamaya, ka gonne bo tlhotlhelediwa ke tikologo e a leng mo go yone. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go ela tlhoko gore mo setshwantshong sa ga Jesu peo ga e fetoge gore e nne e e sa siamang kana e nne leungo le le bodileng. E a gola.—Bona Tora ya Tebelo, December 1, 1980, tsebe 21-24 (June 15, 1980, tsebe 17-19, ka Seesemane).
^ ser. 15 Temana e nngwe gape e mafoko ano a dirisiwang mo go yone ke Ditiro 12:10 e e reng setswalo sa tshipi se ipula “ka bosone fela.”
A o A Gakologelwa?
• Go jala peo ya mmatota le go rera molaetsa wa Bogosi go tshwana ka ditsela dife?
• Jehofa o tsaya motho yo o rerang ka Bogosi a ikanyega fa a dirang?
• Jesu o ne a gatelela eng se se tshwanang ka go gola ga peo ya mmatota le go gola semoyeng?
• ‘Mojadi le morobi ba ipela mmogo’ jang?
[Dipotso Tsa Thuto]
[Ditshwantsho mo go tsebe 13]
Ke eng fa Jesu a ne a tshwantsha moreri wa Bogosi jwa Modimo le mojadi wa peo?
[Ditshwantsho mo go tsebe 15]
Batho ba ba tshwantshediwang ke mmu o o molemo ba dira bojotlhe mo tirong ya go rera ka Bogosi go ya kafa maemo a bone a ba letlang ka teng
[Ditshwantsho mo go tsebe 16]
Modimo ke ene yo o nnang a godisa