A o A Gakologelwa?
A o A Gakologelwa?
A o itumeletse go bala dimakasine tsa bosheng tsa Tora ya Tebelo? Bona gore a o ka kgona go araba dipotso tse di latelang:
• Balepadinaledi ba ne ba etela Jesu leng?
Baebele nngwe e tlhalosa jaana: “Banna ba ba Botlhale ga ba a ka ba etela Jesu kwa bojelong jwa diruiwa mo bosigong jo a tshotsweng ka jone, jaaka go dirile badisa. Ba ne ba tla dikgwedi di le mmalwa moragonyana.” Ka nako eo Jesu e ne e setse e le “ngwana yo mmotlana” mme a nna mo ntlong. (Math. 2:7-11) Fa Jesu a ka bo a neilwe gouta le dimpho tse di tlhwatlhwakgolo mo bosigong jo a tshotsweng ka jone, a Marea a ka bo a ntshitse maeba a mabedi fela kwa tempeleng malatsi a le 40 moragonyana?—1/1, tsebe 31.
• Batho ba bantsi ba ka dirang gore botshelo jwa bone bo nne le bokao?
Mongwe a ka ipotsa gore, ‘A nka fetola maemo a me mme ke tshele botshelo jo bo sa raraanang?’ Amy o ne a dira jalo. O ne a sa tlhoke madi mme o ne a sa itumela. O ne a lemoga gore ka go tsweledisa pele tiro ya gagwe ya boitshediso mo lefatsheng leno, o ne a batlile a fapoga mo tumelong. Ka jalo, o ne a swetsa ka gore a dire gore dilo tse di direlwang Bogosi di tle pele mo botshelong jwa gagwe mme a kgona go nna mmulatsela ka lobaka lo lo rileng. Amy a re, “Gone jaanong ke na le kgotsofalo e ke iseng nke ke nne le yone fa ke ne ke direla lefatshe.”—1/15, tsebe 19.
• Ke eng se se ka thusang bommè bangwe gore ba kgotsofale?
Bommè ba bantsi ba bereka kwa ntle ga magae a bone. Bangwe ba bone ba berekela gore ba tlamele lelapa ka se le se tlhokang, mme ba bangwe bone ba berekela fela gore ba dirise madi ka tsela e bone ba batlang ka yone kana ba ithekele dilo tse di manobonobo. Mme ba bangwe ba bereka ka gonne ba rata tiro ya bone. Bommè ba Bakeresete ba na le tiro e e botlhokwa thata mo lelapeng—segolobogolo fa ba na le ngwana wa lesea. Ba bangwe ba ile ba tlhopha go fokotsa nako e ba e dirisang kwa tirong ya boitshediso kana go tlogela tiro gore ba tlhome mogopolo mo lelapeng, mme seo se a ba kgotsofatsa.—2/1, tsebe 28-31.
• Jesu o ne a bua ka “kokomana” efe mo mafokong a gagwe a a kwadilweng mo go Mathaio 24:34?
Gantsi Jesu o ne a dirisa lefoko “kokomana” ka tsela ya go kgala fa a bua ka batho ba ba boikepo kana a bua le bone. Mme fano ga a ka a le dirisa jalo fa a ne a bua le barutwa ba gagwe, ba ba neng ba tla tloga ba tlodiwa ka moya o o boitshepo. Ke bone ba ba neng ba ka kgona go dira ditshwetso jaaka go umakilwe mo go Mathaio 24:32, 33. Ka jalo go bonala Jesu a ne a bua ka balatedi ba gagwe ba ba tloditsweng, ba lekgolo la ntlha la dingwaga le ba ba tshelang ka nako ya fa mafoko a gagwe a diragadiwa mo motlheng wa gompieno.—2/15, tsebe 23-4.
• Jaaka go umakiwa mo go Bagalatia 3:24, Molao e ne e le mogogi ka tsela efe?
Gantsi mogogi wa metlha ya bogologolo e ne e le motlhanka yo o ikanngwang, yo o neng a tlhomamisa gore ngwana o babalesegile le gore o dira sengwe le sengwe se rraagwe a se batlang. Ka tsela e e tshwanang, Molao o ne o sireletsa Baiseraele gore ba se ka ba tlhotlhelediwa ke dilo tse di bosula, jaaka go nyalana le baheitane. Mme fela jaaka mogogi a ne a tlhokomela ngwana ka nakwana, Molao o ne wa dira fela ka nakwana, go fitlha Keresete a goroga.—3/1, tsebe 18-21.
• Ke dinonofo dife tse re tshwanetseng go nna le tsone, go dumalana le Jakobe 3:17?
Go nna boitsheko go raya gore re tshwanetse go gana dilo tse di bosula re sa akanye gabedi. (Gen. 39:7-9) Gape re tshwanetse go nna batho ba ba ratang kagiso, re tile go nna dikgoka kgotsa go dira dilo tse di ka kgoreletsang kagiso. Ka jalo mongwe le mongwe wa rona o tlhoka go ipotsa gore: ‘A ke itsewe ke le motho yo o dirang kagiso kgotsa yo o senyang kagiso? A gantsi ke nna le dikgotlhang le ba bangwe? A ke kgopisega motlhofo, kgotsa gantsi ke kgopisa ba bangwe? A ke iketleeditse go itshwarela mme ga ke itlhaganelele go tatalalela gore go dirwe dilo ka tsela ya me?’—3/15, tsebe 24-5.
• Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a fodisa monna wa sefofu kgato ka kgato? (Mareko 8:22-26)
Baebele ga e neye tlhaloso e e tlhomameng. Le fa go ntse jalo, go ka direga gore fa Jesu a fodisa monna wa sefofu kgato ka kgato, o ne a mo naya sebaka sa gore matlho a gagwe a tlwaele go bona. Jesu o tshwanetse a bo a ne a dira seno ka gonne a ne a amegile ka monna yono wa sefofu e bile a mo rata.—4/1, tsebe 30.