O ka Kgona go Tshelela Ruri
O ka Kgona go Tshelela Ruri
BADUMEDI ba bantsi ba ka rata go tshelela ruri ka tsela nngwe. Gore seo ba tla se dira jang go ikaegile ka gore ba mo bodumeding bofe, mme gone ba na le tsholofelo e e batlileng e tshwana—ya go tshela ba itumetse mo maemong a a molemo go se na loso. A wena o ka se rate go tshela botshelo jwa mofuta oo? Ke eng se se dirang gore batho ba bantsi ba bo ba dumela gore ba ka kgona go tshela botshelo jwa mofuta ono? A mme go tla tsamaya go direga gore batho ba tshelele ruri?
Baebele e bontsha gore Mmopi o tsentse keletso ya go tshelela ruri mo teng ga batho go tloga fela kwa tshimologong, ka nako ya fa a ne a bopa batho ba ntlha ba babedi. Baebele ya re: “[Modimo] o tsentse bosakhutleng mo pelong ya bone.”—Moreri 3:11.
Le fa go ntse jalo, gore batho ba ntlha ba babedi ba tle ba tshelele ruri, ba ne ba tshwanetse go dumela gore Modimo o na le thata ya go dira tshwetso ka gore ke eng se se siameng le se se sa siamang. Fa ba ka bo ba ne ba dira jalo, Jehofa o ne a tla ba tsaya ba tshwanelwa ke botshelo “ka bosakhutleng” kwa tshimong ya Edene, e leng legae le a neng a le ba baakanyeditse.—Genesise 2:8; 3:22.
Botshelo Jo bo Sa Khutleng bo Latlhegile
Pego ya Baebele e bontsha gore Modimo o ne a lema “setlhare sa kitso ya molemo le bosula” mo tshingwaneng eo, se Adame le Efa ba neng ba ileditswe go ja maungo a sone ka gonne ba ne ba tla swa fa ba ne ba ka a ja. (Genesise 2:9, 17) Fa Adame le Efa ba ne ba ka se je leungo la setlhare, seo se ne se tla bontsha Modimo gore ba ne ba ikobela bolaodi jwa gagwe. Mme fa ba ne ba ka ja leungo la setlhare seo, ba ne ba tla bo ba bontsha gore ga ba amogele bolaodi jwa Modimo. Adame le Efa ba ne ba se ka ba ikobela ditaelo tsa ga Jehofa mme ba ema le Satane, yo e leng sebopiwa sa moya se se neng se tsuologetse bolaodi jwa Modimo. Ka ntlha ya seo, Modimo o ne a dira tshwetso e e tshwanelang ya gore Adame le Efa ba ne ba sa tshwanele go tshelela ruri.—Genesise 3:1-6.
Modimo o ne a ba neile tshono ya gore ba itlhophele fa gare ga botshelo le loso, go nna teng le go sa nne teng. Go tlhoka kutlo go ne go tla felela ka loso le gore ba se ka ba tlhola ba nna teng gotlhelele. Go ne go ka se kgonege gore Adame le Efa kana bana bape ba bone ba tswelele ba tshela ka go dirisa molemo mongwe wa maselamose kana ka go nna le moya o o sa sweng. *
Bana botlhe ba ga Adame ba ne ba boga ka ntlha ya go tlhoka kutlo ga gagwe. Moaposetoloi Paulo o tlhalosa diphelelo tsa seo. O ne a re: “Boleo bo ne jwa tsena mo lefatsheng ka motho a le mongwe le loso ka boleo, loso lo ne lwa anamela kwa bathong botlhe ka gonne ba leofile botlhe.”—Baroma 5:12.
Botshelo Jo bo Sa Khutleng bo Nna Teng Gape
Moaposetoloi Paulo o ne a tshwantsha boemo jwa bana ba ga Adame le jwa motlhanka wa lekgolo Baroma 5:12; 6:16, 17) Ra re ba ne ba ka se tlhoke go swa, fa e ka bo e se ka ntlha ya se Jehofa a neng a se dira kafa molaong go baakanya boemo go rekolola kgololesego ya batlhanka bao. Paulo o ne a re: “Jaaka fa ka tlolo e le nngwe [ya ga Adame] batho ba mefuta yotlhe ba ne ba felela ka gore ba bonwe molato, ka tsela e e tshwanang gape, ka tiro e le nngwe ya tshiamiso batho ba mefuta yotlhe ba ne ba felela ka gore ba bolelwe e le ba ba siametseng botshelo.” ‘Tiro eo ya tshiamiso’ e ne ya felela ka gore Jesu a ntshe botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng setlhabelo go nna “thekololo e e lekanang a e ntshetsa botlhe.” Jehofa o ne a bona maatla a thekololo e nang le one kafa molaong a go golola batho mo ‘katlholong’ ya ‘go bonwa molato.’—Baroma 5:16, 18, 19; 1 Timotheo 2:5, 6.
la ntlha la dingwaga. Ka gonne bana ba ga Adame le Efa ba ruile boleo ba ne ba ka se tlhoke go tsholwa e le “batlhanka ba boleo,” ba ba neng ba tlile go swa. (Ke sone se baitsesaense ba ka se tsamayeng ba kgona go bona tharabololo ya go tshelela ruri mo popegong ya dijini tsa rona. Tharabololo ya seo e ka bonwa go sele. Go ya ka Baebele, selo sa konokono se se bakang gore batho ba swe ga se amane ka gope le dijini mme se amana le boitshwaro le tshiamiso. Tsela ya go dira gore batho ba boe ba tshelele ruri—setlhabelo sa ga Jesu sa thekololo—le yone ka tsela e e tshwanang e amana le tshiamiso. Thekololo gape ke tsela e Modimo a bontshang ka yone tshiamo ya gagwe le bopelonomi jwa lorato. Ka jalo, ke bomang ba ba tla solegelwang molemo ke thekololo le ba ba tla bonang botshelo jo bo sa khutleng?
Mpho ya Bosasweng
Jehofa Modimo o “tswa bosasimologeng go ya bosakhutleng.” O tshela ka bosakhutleng. (Pesalema 90:2) Motho wa ntlha yo Jehofa a mo neileng mpho ya bosasweng e ne e le Jesu Keresete. Moaposetoloi Paulo a re: “Keresete, e re ka jaanong a tsositswe mo baswing, ga a tlhole a swa; loso ga lo tlhole lo le mong wa gagwe.” (Baroma 6:9) Fa Paulo a ne a bapisa Jesu yo o tsositsweng le babusi ba mo lefatsheng, o mo tlhalosa a re ke ene fela mo gare ga bone yo o nang le bosasweng. Jesu o “tshela ka bosaengkae.” Botshelo jwa gagwe ke “jo bo ka se kang jwa senngwa.”—Bahebera 7:15-17, 23-25; 1 Timotheo 6:15, 16.
Jesu ga se ene fela yo o neilweng mpho eo. Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya ba ba tlhophilweng go nna dikgosi kwa legodimong le Baroma 6:5) Moaposetoloi Johane o bontsha gore tshiamelo eno e newa batho ba ba 144 000. (Tshenolo 14:1) Le bone ba newa bosasweng. Paulo o bua jaana ka tsogo ya bone: “Nama le madi ga di ka ke tsa rua bogosi jwa Modimo . . . Terompeta e tla gelebetega, mme baswi ba tla tsosiwa e le ba ba sa boleng, mme re tla fetolwa. Gonne se se bolang seno se tshwanetse go apara go sa bole, le se se swang seno se tshwanetse go apara bosasweng.” Loso ga lo na taolo mo go ba ba tsosiwang jalo.—1 Bakorintha 15:50-53; Tshenolo 20:6.
bone ba tsosiwa ka tsela e e tshwanang le e Jesu a tsositsweng ka yone. (Tshenolo eno e e tswang kwa Modimong e tlhomologile eleruri. Le baengele ba ne ba sa bopiwa ba na le bosasweng le fa gone e le dibopiwa tsa moya. Seno re se bona sentle mo kgannyeng ya gore dibopiwa tsa moya tse di neng tsa kopanela le Satane mo botsuoloding di tlile go bolawa. (Mathaio 25:41) Kafa letlhakoreng le lengwe, ba ba tlileng go busa le Jesu bone ba tla newa mpho ya bosasweng, se e leng sesupo sa gore Jehofa o tlhomamisegile ka botlalo gore ba a ikanyega.
A seno se raya gore ke batho ba ba 144 000 fela ba ba tla tshelelang ruri, e e leng palo e potlana thata fa e bapisiwa le dibilione tsa batho ba ba kileng ba tshela? Nnyaa. A re boneng lebaka la seo.
Botshelo Jo bo Sa Khutleng mo Lefatsheng la Paradaise
Buka ya Baebele ya Tshenolo e re naya pono e ntle ya boidiidi jwa batho ba ba newang botshelo jo bo sa khutleng mo paradaiseng mo lefatsheng. Ba bangwe ba ba tla bong ba na le bone ke ba ba neng ba sule mme ba tsosiwa ba dirwa basha gape ba bo ba itekanedisiwa. (Tshenolo 7:9; 20:12, 13; 21:3, 4) Ba isiwa kwa ‘nokeng ya metsi a botshelo, e e galalelang jaaka legweka, e elela e tswa kwa setulong sa bogosi sa Modimo.’ Mo dintshing tsa yone go na le “ditlhare tsa botshelo . . . mme matlhare a ditlhare tseno e ne e le a go alafa ditšhaba.” Taletso ya ga Jehofa Modimo e e pelonomi ke eno: “Le fa e le mang yo o nyorilweng a a tle; le fa e le mang yo o eletsang, a a tseye metsi a botshelo mahala.”—Tshenolo 22:1, 2, 17.
Ditlhare tseno le metsi ano ga se bomakgonatsotlhe kana motswedi wa bosha o baitsesaense ya dikhemikale ba neng ba o batla thata bogologolo tala. Go na le moo, di emela dithulaganyo tse Modimo a di dirileng ka Jesu Keresete gore batho ba boe ba tshele ba itekanetse jaaka go ne go ntse pele.
Maikaelelo a Modimo a go naya batho ba ba kutlo botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng ga ise a fetoge. Maikaelelo ao a tla diragadiwa, ka gonne Jehofa o a ikanyega. Pesalema 37:29 ya re: “Basiami ba tla rua lefatshe, mme ba tla aga mo go lone ka bosakhutleng.” Tsholofetso eno e a re kgothatsa rona mmogo le batho ba ba yang go tshela kwa legodimong ba sa swe, gore re re: “Ditiro tsa gago di dikgolo e bile di a gakgamatsa, Jehofa Modimo, Mothatayotlhe. Ditsela tsa gago di siame e bile di boammaaruri, Kgosi ya bosakhutleng. Ke mang yo tota a ka se kang a go boifa, Jehofa, a ba a galaletsa leina la gago, ka gonne ke wena o le nosi yo o ikanyegang?”—Tshenolo 15:3, 4.
A o ka rata go newa mpho e e tlhwatlhwakgolo ya botshelo jo bo sa khutleng? Fa go ntse jalo, o tshwanetse go itshupa o ikanyega e bile o ikobela “Kgosi ya bosakhutleng.” O tshwanetse go ithuta ka Jehofa le ka yo re tla bonang botshelo jono ka ene, e bong Jesu Keresete. Batho botlhe ba ba ratang go amogela melao ya Modimo ya se se siameng le se se sa siamang ba tla newa mpho ya “botshelo jo bo sa khutleng.”—Johane 17:3.
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 7 Gore o kgone go bona dintlha tsotlhe ka se se diragalang morago ga loso, bala bukana ya Go Direga Eng ka Rona fa re Swa? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 5]
Keletso e e Nnelang Ruri
Sekaleboko la ga Gilgamesh, e leng tlhamane ya kwa Mesopotamia e go akanngwang gore ke ya mileniamo wa bobedi B.C.E., le tlhalosa kgang ya mogaka mongwe yo o neng a batla go nnela mosha ruri. Baegepeto ba bogologolo ba ne ba omeletsa baswi ba bone ka gonne ba ne ba na le kgopolo ya gore meya, e go neng go dumelwa gore ga e swe, e ne e tla boa e dirisa mebele ya yone gape. Ka ntlha ya seo, mabitla mangwe a Baegepeto a ne a tladitswe dilo tsotlhe tse baswi ba ka nnang ba di tlhoka mo go se go tweng ke botshelo morago ga loso.
Baitsesaense ya dikhemikale ba kwa China ga ba bolo go dumela gore mmele ga o swe fa e sa le go simolola ka lekgolo la borobedi la dingwaga B.C.E, mme tumelo ya gore mmele o ka se swe fa go dirisiwa metswako ya maselamose yone e simolotse ka lekgolo la bonè la dingwaga B.C.E. Bayuropa ba Metlha ya Bogare le baitsesaense ya dikhemikale ba kwa Arabia ba ne ba batlisisa ba bo ba dira maano a go leka go itirela makgonatshotlhe a botshelo. Mengwe ya metswako ya bone e ne e na le matswai a arsenic, mekhuri le sulefera. Ga re itse gore ke ba le ba kae ba ba neng ba ja botlhole fa ba ntse ba leka go dira metswako eo!
Se sengwe gape se se neng se aname thata ka nako eo e ne e le ditlhamane tsa sengwe se se neng se bidiwa Motswedi wa Bosha—motswedi o go neng go twe o naya botlhe ba ba nwang mo go one nonofo.
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 7]
A Botshelo Jo bo Sa Khutleng bo Tla Lapisa?
Bangwe ba re botshelo jo bo sa khutleng bo tla lapisa, e tla bo e le fela go fetisa nako ka bonya ka bonya ka go dira ditiro tse di se nang mosola gantsintsi. Gongwe ba akanya gore botshelo jo bo sa khutleng e tla bo e le fela go tsweletsa pele tsela ya gompieno ya botshelo e bile go tla bo go tshelwa mo maemong a a tshwanang le a gompieno, e leng dilo tse di ka lapisang batho ba bantsi pelo le tse ba ka se boneng mosola wa tsone. Le fa go ntse jalo, mo Paradaiseng e Modimo a tla e dirang gape, o solofetsa batho “boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso.” (Pesalema 37:11) Botshelo joo bo tla naya batho sebaka sa gore ba nne le kitso ka popo ya ga Jehofa mme ba dirise nako e ntsi ba tokafatsa bokgoni jwa mefutafuta, dithuto le ditiro tse gone jaanong re sa kgoneng go di dira.
Dr. Aubrey de Grey, yo e leng moitsesaense ya dijini wa kwa Cambridge University yo o dirang dipatlisiso tsa se se ka dirwang go dira gore batho ba tshele nako e telele, a re: “Batho ba ba rutegileng e bile ba na le nako ya go dirisa thuto ya bone ga ba ke ba lapisega gompieno mme ga ke bone gore go ka tsamaya go direga gore ba felelwe ke dilo tse ba batlang go di dira.” Go ntse go le jalo, Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng, la re “batho ba se ka ba batlisisa tiro e Modimo wa boammaaruri a e dirileng go tloga tshimologong go ya bokhutlong.”—Moreri 3:11.