Bopelokgale bo Nonotshiwa ke Lorato
Bopelokgale bo Nonotshiwa ke Lorato
“Modimo ga a re naya moya wa bogatlapa, fa e se wa maatla le wa lorato le wa go itekanela sentle ga mogopolo.”—2 TIMOTHEO 1:7.
1, 2. (a) Lorato lo ka tlhotlheletsa motho go dira eng? (b) Ke eng fa Jesu a ne a na le bopelokgale jo bo sa tshwaneng le bope?
BANYALANI bangwe ba ba neng ba sa tswa go nyalana ba ne ba ntse ba inwetsa mo boalong jwa lewatle gaufi le toropo nngwe kwa botlhaba jwa lobopo lwa Australia. Ba ne ba tloga ba tlhaga mo godimo ga metsi fa shaka e kgolo e runya mme e latela mosadi. Ka bogatlhamelamasisi monna o ne a kgoromeletsa mosadi kwa thoko gore shaka e tseye ene. Motlholagadi yono o ne a bua jaana ka nako ya phitlho: “O intshitse setlhabelo ka ntlha ya me.”
2 Ee, lorato lo ka tlhotlheletsa batho go nna le bopelokgale jo bogolo. Jesu Keresete ka boene o ile a re: “Ga go na ope yo o nang le lorato lo logolo go feta lono, gore motho a neele moya wa gagwe mo boemong jwa ditsala tsa gagwe.” (Johane 15:13) Go ne go ise go fete diura tse 24 Jesu a sena go bua mafoko ano, ke fa a ntsha botshelo jwa gagwe setlhabelo, a sa bo ntshetse motho a le mongwe fela, mme a bo ntshetsa batho botlhe. (Mathaio 20:28) Mo godimo ga moo, Jesu ga a ntsha botshelo jwa gagwe setlhabelo ka ntlha ya bopelokgale fela jwa tshoganyetso. O ne a itse go sa le gale gore o ne a tla sotliwa le go gobololwa, a atlhola ka tsela e e sa siamang le go bolawa mo koteng ya tlhokofatso. O ile a ba a thusa barutwa ba gagwe go ipaakanyetsa seno ka go re: “Ke rona bano, re tlhatlogela kwa Jerusalema, mme Morwa motho o tla neelwa baperesiti ba bagolo le bakwadi, mme ba tla mo atlholela loso ba bo ba mo neye batho ba ditšhaba, mme ba tla sotla ka ene ba bo ba mo kgwele mathe mme ba mo kgwathise ba bo ba mmolaye.”—Mareko 10:33, 34.
3. Ke eng se se neng sa dira gore Jesu a nne le bopelokgale jo bogolo?
3 Ke eng se se neng sa dira gore Jesu a nne le bopelokgale jo bo sa tshwaneng le bope? O ne a thusiwa thata ke tumelo le poifomodimo. (Bahebera 5:7; 12:2) Le fa go ntse jalo, bopelokgale jwa ga Jesu bo ne bo ikaegile ka lorato, go rata Modimo le go rata batho ka ene. (1 Johane 3:16) Fa re lwela go nna le lorato lo lo ntseng jalo mo godimo ga go nna le tumelo le poifomodimo, le rona re ka kgona go nna le bopelokgale jo bo tshwanang le jwa ga Keresete. (Baefeso 5:2) Re ka nna jang le lorato lo lo ntseng jalo? Re tshwanetse go tsaya tsia Motswedi wa lorato loo.
“Lorato lo Tswa Kwa Modimong”
4. Ke eng fa go ka twe Jehofa ke Motswedi wa lorato?
4 Jehofa ke mothofatso wa lorato le Motswedi wa lone. Moaposetoloi Johane o ile a re: “Baratwa, a re tsweleleng re ratana, ka gonne lorato lo tswa kwa Modimong, mongwe le mongwe yo o ratang o tsetswe ke Modimo e bile o nna le kitso ya Modimo. Yo o sa rateng ga a ise a itse Modimo, ka gonne Modimo ke lorato.” (1 Johane 4:7, 8) Ka gone, motho a ka nna le lorato lo lo tshwanang le lwa Modimo fa fela a atamalana le Jehofa ka go nna le kitso ya boammaaruri le go dirisa kitso eo ka go mo ikobela go tswa pelong.—Bafilipi 1:9; Jakobe 4:8; 1 Johane 5:3.
5, 6. Ke eng se se neng sa thusa balatedi ba pele ba ga Jesu go nna le lorato lo lo jaaka lwa ga Keresete?
5 Mo thapelong ya bofelo ya ga Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang ba ba 11, o ne a bontsha Johane 17:26) Jesu o ne a thusa barutwa ba gagwe go nna le lorato lo lo tshwanang le lo ene le Rraagwe ba neng ba na le lone, a senola ka mafoko le ka sekao, se leina la Modimo le se emelang—dinonofo tse di molemo tsa Modimo. Ke gone ka moo Jesu a neng a ka re: “Yo o mponeng o bone le Rara.”—Johane 14:9, 10; 17:8.
kamano e e leng teng gareng ga go itse Modimo le go gola mo loratong ka go re: “Ke ba itsisitse leina la gago e bile ke tla dira gore le itsiwe, gore lorato lo o nthatileng ka lone lo tle lo nne mo go bone le nna ke le seoposengwe le bone.” (6 Lorato lo lo tshwanang le lwa ga Keresete ke loungo lwa moya o o boitshepo. (Bagalatia 5:22) Fa Bakeresete ba pele ba ne ba amogela moya o o boitshepo o ba neng ba o solofeditswe ka Pentekosete ya 33 C.E., ba ne ba se ka ba gopola fela dilo tse dintsi tse Jesu a neng a ba rutile tsone mme gape ba ne ba tlhaloganya bokao jwa Dikwalo ka botlalo. Go bonala temogo eno e kgolwane e ile ya godisa tsela e ba ratang Modimo ka yone. (Johane 14:26; 15:26) Seno se ne sa felela ka eng? Ba ne ba rera dikgang tse di molemo ka bopelokgale le ka tlhagafalo tota le fa seo se ne se baya botshelo jwa bone mo kotsing.—Ditiro 5:28, 29.
Go Bontsha Lorato le Bopelokgale
7. Paulo le Barenabase ba ile ba tshwanelwa ke go itshokela eng mo loetong lwa bone lwa borongwa?
7 Moaposetoloi Paulo o ile a re: “Modimo ga a re naya moya wa bogatlapa, fa e se wa maatla le wa lorato le wa go itekanela sentle ga mogopolo.” (2 Timotheo 1:7) Paulo o ne a bua mafoko ano ka ntlha ya se se neng se mo diragaletse. Akanya ka dilo tse di neng tsa mo diragalela ene le Barenabase mo loetong lwa bone lwa borongwa. Ba ne ba rera mo metseng e le mmalwa, go akaretsa le Antioka, Ikonio le Lisetera. Mo go mongwe le mongwe wa metse eo, batho bangwe ba ne ba fetoga badumedi, mme gone bangwe ba ne ba nna baganetsi ba ba ba tlhaselang. (Ditiro 13:2, 14, 45, 50; 14:1, 5) Kwa Lisetera, segopa se se neng se galefile se ile sa ba sa kgobotletsa Paulo ka maje, se mo tlogela a rapaletse se ithaya se re o sule! “Le fa go ntse jalo, e rile barutwa ba mo dikanyetsa, a ema mme a tsena mo motseng. Mo letsatsing le le latelang a tloga le Barenabase a ya Derebe.”—Ditiro 14:6, 19, 20.
8. Bopelokgale jwa ga Paulo le Barenabase bo ne jwa bontsha jang lorato lo logolo lo ba ratang batho ka lone?
8 A maiteko ao a go bolaya Paulo le Barenabase a ile a ba tshosa mo ba neng ba ineela? Legoka! Fa ba sena “go dira barutwa ba le bantsi” kwa Derebe, banna bano ba babedi ba ne ba “boela kwa Lisetera le kwa Ikonio le kwa Antioka.” Ka ntlha yang? Go kgothatsa barutwa ba basha gore ba nne ba nonofile mo tumelong. Paulo le Barenabase ba ne ba re: “Re tshwanetse go tsena mo bogosing jwa Modimo ka dipitlagano di le dintsi.” Ga go pelaelo gore, ba ne ba nna pelokgale ka ntlha ya go rata ‘dinku tse dinnye’ tsa ga Keresete ka lorato lo logolo. (Ditiro 14:21-23; Johane 21:15-17) Fa ba sena go tlhoma bagolwane mo go nngwe le nngwe ya diphuthego tse disha tseo, bakaulengwe bano ba babedi ba ne ba rapela mme “ba ba naya Jehofa yo jaanong ba neng ba le badumedi mo go ene.”
9. Bagolwane ba kwa Efeso ba ne ba tsibogela jang lorato lo Paulo a neng a ba rata ka lone?
9 Paulo e ne e le motho yo o lorato le yo o pelokgale thata jaana mo bontsi jwa Bakeresete ba pele ba neng ba mo rata thata. Gopola se se neng sa direga mo pokanong e Paulo a neng a e tshwere le bagolwane ba Efeso, koo a neng a feditse dingwaga tse tharo a le gone e bile a ganediwa thata. (Ditiro 20:17-31) Fa Paulo a sena go ba kgothaletsa go disa letsomane la Modimo le ba le abetsweng go le tlhokomela, o ne a khubama ka mangole le bone mme a rapela. Go tswa foo, “ga tsoga selelo se segolo thata mo gare ga bone botlhe, mme ba wela mo molaleng wa ga Paulo ba bo ba mo atla ka lorato, ka gonne ba ne segolobogolo ba utlwisitswe botlhoko ke lefoko le a neng a le buile gore ba ne ba se kitla ba tlhola ba bona sefatlhego sa gagwe.” Ruri bakaulengwe bano ba ne ba rata Paulo tota! Ee ruri, fa nako e fitlha ya gore ba kgaogane, Paulo le bapati ba gagwe ba ne ba tshwanelwa ke go ‘tswa mo go bone,’ ka gonne bagolwane ba teng ba ne ba sa batle go ba tlogela ba tsamaya.—Ditiro 20:36–21:1.
10. Basupi ba ga Jehofa ba gompieno ba ile ba bontshana jang lorato lwa bopelokgale?
10 Gompieno, balebedi ba ba etang, bagolwane ba phuthego, le ba bangwe ba bantsi ba ratiwa ka lorato lo logolo ka ntlha ya bopelokgale jo ba bo bontshang fa ba tlhokomela dinku tsa ga Jehofa. Ka sekai, mo dinageng tse di aparetsweng ke ntwa ya selegae kana tse tiro ya go rera e thibetsweng kwa go tsone, balebedi ba ba etang le basadi ba bone ba ile ba tsenya matshelo a bone le kgololesego ya bone mo kotsing e le gore ba kgone go etela diphuthego. Ka tsela e e tshwanang, Basupi ba le bantsi ba ile Ditiro 5:28, 29; Bahebera 10:24, 25) E kete re ka etsa sekao seo sa tumelo le sa lorato sa bakaulengwe le bokgaitsadi bao ba rona!—1 Bathesalonika 1:6.
ba bogisiwa ke babusi ba ba setlhogo le bathusi ba bone ka gonne ba gana go ntsha maina a Basupi ka bone kana go senola kwa ba bonang dijo tsa semoya teng. Diketekete tse dingwe tsa bone di ile tsa bogisiwa, tsa setlakwa le e leng go bolawa ka gonne ba gana go emisa go rera dikgang tse di molemo kana go kopana le badumedi ka bone mo dipokanong tsa Bokeresete. (Se Letle Lorato Lwa Gago lo Tsidifala
11. Satane o lwa ntwa ya semoya le batlhanka ba ga Jehofa ka ditsela dife, mme seo se ba tlhoka eng?
11 Fa Satane a ne a latlhelwa mo lefatsheng, o ile a ikemisetsa go tlhasela batlhanka ba ga Jehofa ka gonne ba ‘boloka ditaelo tsa Modimo e bile ba neela bosupi ka Jesu.’ (Tshenolo 12:9, 17) Lengwe la maano a Diabolo a a dirisang ke pogiso. Le fa go ntse jalo, gantsi leano leno ga le atlege ka gonne le dira gore batho ba Modimo ba atamalane le e leng go feta mo loratong lwa bone lwa Bokeresete le go tlhotlheletsa bontsi jwa bone go tlhagafala le e leng go feta. Leano le lengwe le Satane a le dirisang ke go dirisa tshekamelo ya go dira boleo e batho ba nang le yone. Go fenya leano leno go re tlhoka mofuta o sele wa bopelokgale ka gonne ntwa eno ke ntwa ya maikutlo, e mo go yone re lwang le dikeletso tse di sa siamang tse di leng mo teng ga pelo ya rona e e ‘boferefere le e e gagamalelang se e se batlang.’—Jeremia 17:9; Jakobe 1:14, 15.
12. Satane o dirisa jang “moya wa lefatshe” go leka go koafatsa lorato lo re ratang Modimo ka lone?
12 Go na le sengwe gape se se maatla se Satane a se dirisang go re tlhasela—“moya wa lefatshe,” ke go re, tshekamelo ya lone e e maatla kana tlhotlheletso ya lone, e e leng kgatlhanong le moya o o boitshepo wa Modimo. (1 Bakorintha 2:12) Moya wa lefatshe o rotloetsa go nna bogagapa le go rata dikhumo—“keletso ya matlho.” (1 Johane 2:16; 1 Timotheo 6:9, 10) Tota le fa dilo tse di bonalang le madi di se kotsi ka botsone, fa tsela e re di ratang ka yone e feta e re ratang Modimo ka yone, Satane o a bo a re fentse. Maatla kana “taolo,” ya moya wa lefatshe e ikaegile thata ka tsela e a ikuelang ka yone mo nameng ya rona e e nang le tshekamelo ya go dira boleo, mo tseleng ya yone e e bofitlha, e e sa ineeleng le e e tletsetletseng gotlhe fela jaaka moya o re o hemang. O se letle moya wa lefatshe o go tshwaetsa pelo!—Baefeso 2:2, 3; Diane 4:23.
13. Go nna pelokgale ga rona go ipoloka re le phepa mo boitsholong go ka lekwa jang?
13 Le fa go ntse jalo, go gana moya o o boikepo wa lefatshe leno go re tlhoka bopelokgale gore re nne re le phepa mo boitsholong. Ka sekai, go tlhoka motho bopelokgale go ema a tswa mo bobogelong jwa difilimi kana go tima khomputara kana thelebishine fa go tlhaga ditshwantsho tse di maswe. Go tlhoka motho bopelokgale go emelana le kgatelelo e e maswe ya balekane le go tlogela go tsalana le batho ba ba sa siamang. Ka tsela e e tshwanang, go tlhoka bopelokgale go kgomarela melao le melaometheo ya Modimo go sa kgathalasege go tshegwa ke ba o tsenang sekolo le bone, badirimmogo, baagelani 1 Bakorintha 15:33; 1 Johane 5:19.
kana ba losika.—14. Re tshwanetse go dira eng fa re tshwaediwa ke moya wa lefatshe?
14 Ka gone, a bo go le botlhokwa jang ne gore re godise tsela e re ratang Modimo ka yone le e re ratang bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba semoya ka yone! Iphe nako ya go sekaseka mekgele ya gago le tsela ya gago ya botshelo go bona gore a o tshwaeditswe ka tsela nngwe ke moya wa lefatshe. Fa e le gore o go tshwaeditse—tota le fa e le go se kae fela—he rapela Jehofa gore a go neye bopelokgale jwa go o tlosa. Jehofa a ka se ka a itlhokomolosa kopo e e ntseng jalo e o e kopang ka tlhoafalo. (Pesalema 51:17) Mo godimo ga moo, moya wa gagwe o maatla thata go feta moya wa lefatshe.—1 Johane 4:4.
Go Lebana le Mathata a Rona ka Bopelokgale
15, 16. Lorato lo lo tshwanang le lwa ga Keresete lo ka re thusa jang go itshokela mathata a motho ka namana? Neela sekai.
15 Dikgwetlho tse dingwe tse batlhanka ba ga Jehofa ba tshwanelwang ke go lebana le tsone di akaretsa matswela a bosaitekanelang le botsofe, a gantsi a felelang ka malwetse, go koafala, go tshwenyega thata mo maikutlong le mathata a mangwe a mantsi. (Baroma 8:22) Lorato lo lo tshwanang le lwa ga Keresete lo ka re thusa go itshokela diteko tseno. Akanya ka sekai sa ga Namangolwa, yo o goletseng mo lelapeng la Bokeresete kwa Zambia. Namangolwa o ne a golafala a le dingwaga tse pedi. A re: “Ke ne ke inyatsa, ke akanya gore batho ba tla tshosiwa ke ditebego tsa me. Le fa go ntse jalo, bakaulengwe ba me ba ne ba nthusa go leba dilo ka tsela e sele. Seo se ne sa dira gore ke fenye bothata jwa me jwa go inyatsa, mme fa nako e ntse e ya ke ne ka kolobediwa.”
16 Le fa Namangolwa a na le setulo sa maotwana, gangwe le gape o tshwanelwa ke go tsamaya ka matsogo le mangole fa a le mo tseleng e e tletseng moshawa. Le fa go ntse jalo, o nna le seabe mo bodireding ka go nna mmulatsela yo o thusang bobotlana ka dikgwedi tse pedi ngwaga nngwe le nngwe. Mong wa ntlo mongwe o ne a lela fa Namangolwa a ne a mo neela bosupi. Ka ntlha yang? Ka gonne a ne a amilwe pelo thata ke tumelo le bopelokgale jwa kgaitsadi yono wa rona. Bosupi jwa gore Jehofa o segofaditse Namangolwa ka masego a magolo ke gore batho ba le batlhano ba a ithutang Baebele le bone ba kolobeditswe, mme mongwe wa bone ke mogolwane. A re: “Ka dinako tse dingwe maoto a me a na le go opa fela thata, le fa go ntse jalo ga ke letle seo go nthibela.” Kgaitsadi yono ke mongwe wa Basupi ba le bantsi lefatshe ka bophara ba ba bokoa mo mmeleng mme gone ba le pelokgale mo bodireding ka ntlha ya go rata Modimo le moagelani. Hagai 2:7.
A bo batho ba ba ntseng jalo ba eletsega thata jang ne mo matlhong a ga Jehofa!—17, 18. Ke eng se se thusang batho ba le bantsi go itshokela malwetse le diteko tse dingwe? Neela dikai tsa lefelo la lona.
17 Bolwetse jo bo sa foleng le jone bo ka kgoba motho marapo, le e leng go dira gore a tshwenyege thata mo maikutlong. Mogolwane mongwe mo phuthegong o ile a re: “Mo setlhopheng sa thuto ya buka se ke leng mo go sone kgaitsadi mongwe o na le bolwetse jwa sukiri le jwa diphilo, yo mongwe o na le kankere, ba babedi ba tshwerwe ke bolwetse jwa marapo mme yo mongwe ene o tshwerwe ke bolwetse jwa lupus le jwa fibromyalgia. Ka dinako tse dingwe ba kgobega marapo. Le fa go ntse jalo, ba tlolwa ke dipokano fela fa e le gore ba lwala thata kana ba ile bookelong. Botlhe ba nna gone ka metlha mo bodireding jwa tshimo. Ba nkgopotsa Paulo yo o ileng a re: ‘Fa ke le bokoa, ke gone ke leng maatla.’ Ke kgatlhwa thata ke lorato le bopelokgale jwa bone. Gongwe malwetse a bone a ba thusa go leba botshelo ka tsela e e tshwanetseng le go tlhoma mogopolo mo dilong tse tota e leng tsone tsa botlhokwa.”—2 Bakorintha 12:10.
18 Fa e le gore le wena o lwa le bokoa bongwe, bolwetse kana bothata bongwe fela, ‘rapela o sa kgaotse,’ o kopa thuso ya gore o se ka wa fekeediwa ke go kgobega marapo. (1 Bathesalonika 5:14, 17) Ke boammaaruri gore go ka nna ga direga gore ka dinako tse dingwe o ikutlwe o kgobegile marapo, mme gone, leka go tlhoma mogopolo mo dilong tse di kgothatsang, dilo tsa semoya, segolobogolo tsholofelo ya rona e e botlhokwatlhokwa ya Bogosi. Kgaitsadi mongwe o ile a re: “Nna ke thusiwa ke bodiredi jwa tshimo go ikutlwa botoka.” Go bua le batho ba bangwe ka dikgang tse di molemo tsa bogosi go mo thusa go tshela a na le tsholofelo.
Lorato lo Thusa Badirabosula go Boela Kwa go Jehofa
19, 20. (a) Ke eng se se ka thusang batho ba ba dirileng boleo go nna pelokgale go boela gape kwa go Jehofa? (b) Go tla sekasekwa eng mo setlhogong se se latelang?
19 Batho ba le bantsi ba ba ileng ba koafala semoyeng kana ba ba ileng ba fekeediwa ke boleo ga go motlhofo gore ba boele kwa go Jehofa. Le fa go ntse jalo, ba ka kgona go boa ba nna le bopelokgale gape fa ruri ba ikwatlhaya mme ba tsosolosa lorato lo ba ratang Modimo ka lone. Akanya ka Mario, * yo o nnang kwa United States. Mario o ne a tlogela phuthego ya Bokeresete, a lemalela bojalwa le go tshwakgolwa ke diokobatsi, mme morago ga dingwaga tse 20, a feleletsa a latlhetswe mo kgolegelong. Mario a re: “Ke ne ka simolola go akanya thata ka isagwe ya me mme ka simolola go bala Baebele gape. Fa nako e ntse e ya, ke ne ka simolola go anaanela dinonofo tsa ga Jehofa, segolobogolo bopelotlhomogi jwa gagwe, jo gantsi ke neng ke bo rapelela. Fa ke sena go gololwa mo kgolegelong, ke ne ka tila go ikopanya le ditsala tsa me tsa pele, ka ya dipokanong tsa Bokeresete, mme kgabagare ka busediwa mo phuthegong. Gone jaanong ke na le makoa a a bakilweng ke botshelo jo ke neng ke bo tshela pele, mme gone ke itumelela go nna le tsholofelo e e molemolemo. Ruri ke leboga Jehofa fela thata ka ntlha ya kutlwelobotlhoko le boitshwarelo jwa gagwe.”—Pesalema 103:9-13; 130:3, 4; Bagalatia 6:7, 8.
20 Ke boammaaruri gore, batho ba ba mo maemong a a tshwanang le a ga Mario ba tshwanelwa ke go dira ka natla gore ba boele gape kwa go Jehofa. Mme gone lorato lwa bone lo ba lo tsosolositseng—ka ntlha ya go ithuta Baebele, thapelo le go tlhatlhanya—lo tla ba naya bopelokgale le go ititaya sehuba go ba go tlhokang. Mario gape o ne a nonotshiwa ke tsholofelo ya Bogosi. Ee, tsholofelo eno, le lorato, le tumelo le poifomodimo, di ka nna le tlhotlheletso e kgolo mo botshelong jwa rona. Mo setlhogong se se latelang, re tla sekaseka mpho eno e e botlhokwatlhokwa ya moya ka kelotlhoko.
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 19 Leina le fetotswe.
A o Ka Araba?
• Lorato lo ile lwa nna le seabe sefe mo go direng gore Jesu a nne le bopelokgale jo bogolo?
• Go rata bakaulengwe go ne ga thusa Paulo le Barenabase jang go nna le bopelokgale jo bogolo?
• Satane o dirisa eng go koafatsa lorato lwa rona lwa Bokeresete?
• Go rata Jehofa go ka re thusa go nna le bopelokgale jwa go itshokela diteko dife?
[Dipotso Tsa Thuto]
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Lorato lo Paulo a neng a rata batho ka lone lo ne lwa dira gore a itshoke ka bopelokgale
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
Go tlhoka motho bopelokgale go kgomarela melao ya Modimo
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
Namangolwa Sututu