Dithuto Tsa ga Keresete di Latelwa ke Bomang Gompieno?
Dithuto Tsa ga Keresete di Latelwa ke Bomang Gompieno?
JESU KERESETE o itsege e le motho yo mogolo go gaisa botlhe ba ba kileng ba tshela. Batho ba bantsi ba mo tsaya e le motho yo mogolo go feta botlhe. Dithuto tsa gagwe di tlhotlheleditse matshelo a batho thata mo dingwageng di ka nna dikete tse pedi. Mokwadi mongwe wa Moesemane Melvyn Bragg a re dithuto tsa ga Jesu di tlhotlheleditse “matshelo a batho ba maemo a a kwa tlase ba ba pelonomi le ba ba molemo mmogo le ba ba direlang ba bangwe ditiro tsa bopelontle.”
Go ka Tweng ka Bokeresete?
Go ka tweng ka Bokeresete? Bo tlhalosiwa go twe ke: “Sengwe sa dilo tse dikgolo thata tsa semoya tse batho ba gatetseng pele mo go tsone.” David Kelso wa Glasgow Caledonian University, kwa Scotland, o ne a akgela ka seno. O ne a re: “Mo dingwageng di le dikete tse pedi Bokeresete bo le teng, bo fitlheletse dilo tse dikgolo thata mo go tsa botaki, tsa kago, filosofi, mmino le mo ditirisanong tsa batho.”
Le fa go ntse jalo, batho ba bangwe ba bantsi ga ba lebe dilo jalo. Ga ba ganetse tsela e Bokeresete bo tlhalosiwang ka teng mo dikishinareng nngwe: “Bodumedi jo bo theilweng mo dithutong tsa ga Jesu Keresete le tumelo ya gore ke morwa Modimo.” (Collins Cobuild) Mme ba kgobiwa marapo ke boitshwaro jwa ditumelo le mekgatlho ya bodumedi e e ipolelang gore e emela Bokeresete.
Ka sekai, mofilosofi wa Mojeremane wa lekgolo la bo19 la dingwaga, e bong Friedrich Nietzsche, fa a bua ka Bokeresete jaaka bo tlhalosiwa mo dikishinareng eno ya Collins Cobuild, o ne a re ke “phoso e le yosi e e sa phimogeng ya batho.” O ne a re ke “jone motswedi o mogolo thata wa bomadimabe, motswedi o mogolo thata wa dilo tse di sokameng, tse di maswe thata tse di diregang, . . . mme bo kgona go dirisa le fa e le eng fela se se kotsi sa tsietso, se se bofitlha le se se nyatsegang go fitlhelela maikaelelo a jone.” Gone ke boammaaruri gore Nietzsche o ne a feteletsa dilo, mme batho ba bangwe ba ba lebang dilo sentle le bone ba bona dilo
ka tsela e e tshwanang. Ka ntlha yang? Ka gonne mo hisitoring yotlhe batho ba ba ipitsang Bakeresete ba ntse ba sa itshware tumalanong le dinonofo tse Jesu Keresete a neng a na le tsone, mme go na le moo ba ntse ba lemotshega ka “ditlolomolao tse di bosula thata, tse di maswe thata le tse di boitshegang.”A Keresete o sa Ntse A na Le Bakeresete?
Go a utlwala go botsa jaana, “A Keresete o sa ntse a na le Bakeresete?” Ba bangwe ba tla potlakela go re, “Ee, go ntse jalo! A ga a ka a solofetsa balatedi ba gagwe go re o tla bo a na le bone ‘go fitlha kwa bokhutlong jwa lefatshe’?” (Mathaio 28:20, King James Version) Ee, Jesu o ne a bua jalo. A mme o ne a raya gore o tla bo a na le mongwe le mongwe yo o ipitsang molatedi wa gagwe, go sa kgathalesege gore motho yoo o itshwere jang?
Gakologelwa gore baeteledipele bangwe ba bodumedi ba motlha wa ga Jesu ba ne ba dumela gore Modimo o na le bone ka metlha go sa kgathalesege se se diregang. E re ka Modimo a ne a tlhophile Baiseraele gore ba dire tiro e e kgethegileng, baeteledipele bangwe ba bodumedi ba ne ba akanya gore Modimo o ne a ka se tsoge a ba latlhile—le fa ba ne ba ka dirang. (Mika 3:11) Le fa go ntse jalo, la bofelo ba ne ba fetelela ka go gana go latela melao ya Modimo le ditekanyetso tsa gagwe. Ka ntlha ya seo, Jesu Keresete o ne a ba bolelela boammaaruri fela a re: “Bonang! Ntlo ya lona e tlogeletswe lona.” (Mathaio 23:38) Modimo ga a ka a amogela bodumedi jwa setšhaba seo. Ga a ka a bo amogela mme o ne a letla masole a Baroma gore a senye motsemogolo wa Jerusalema le tempele ya teng ka 70 C.E.
A Bokeresete bo ka diragalelwa ke sengwe se se tshwanang? A re sekasekeng gore ke eng se Jesu a neng a re balatedi ba gagwe ba se dire gore a tle a nne le bone “go fitlha kwa bokhutlong jwa lefatshe.”
[Ditshwantsho mo go tsebe 2, 3]
Dithuto tsa ga Jesu Keresete di na le tlhotlheletso e kgolo thata mo bathong ba bantsintsi mo lefatsheng lotlhe