Molao wa Lorato mo Dipelong
Molao wa Lorato mo Dipelong
“Ke tla tsenya molao wa me mo go bone, e bile ke tla o kwala mo dipelong tsa bone.”—JEREMIA 31:33.
1, 2. (a) Ke eng se re tlileng go tlotla ka sone jaanong? (b) Jehofa o ne a iponatsa jang kwa Thabeng ya Sinai?
MO DITLHOGONG tse pedi tse di fetileng, re ithutile gore fa Moshe a ne a fologa Thaba ya Sinai, sefatlhego sa gagwe se ne se ntsha marang a lesedi le le neng le bonatsa kgalalelo ya ga Jehofa. Gape, re ile ra tlotla ka lesire le Moshe a neng a ipipa ka lone. Jaanong, mma re tlotle ka kgang nngwe e e amanang le seno sotlhe e e nang le bokao mo Bakereseteng gompieno.
2 Fa Moshe a ne a le kwa godimo ga thaba, Jehofa o ne a mo naya ditaelo. Baiseraele ba ba neng ba phuthegetse fa pele ga Thaba ya Sinai ba ne ba bona tiragalo e e gakgamatsang ya fa Modimo a ne a iponatsa ka boene mo go bone. “Ga diragala gore go nne le ditumo tsa maru le dikgadima, le leru le le boima mo thabeng le modumo o o kwa godimo thata wa lonaka, mo batho botlhe ba ba neng ba le mo bothibelelong ba neng ba simolola go roroma. . . . Thaba ya Sinai ya kua mosi gotlhe fela, ka ntlha ya gore Jehofa o ne a fologetse mo go yone ka molelo; mosi wa yone wa nna wa tlhatloga jaaka mosi wa bobesetso, mme thaba yotlhe e ne e roroma fela thata.”—Ekesodo 19:16-18.
3. Jehofa o ne a dirisa eng go naya Baiseraele Melao e e Lesome, mme setšhaba seo se ne sa simolola go tlhaloganya eng?
3 Jehofa o ne a bua le batho a dirisa moengele, a ba naya se gone jaanong se bidiwang Melao e e Lesome. (Ekesodo 20:1-17) Ka gone, ga go na pelaelo gore melao eno e ne e tswa kwa go Mothatayotlhe ka boene. Jehofa o ne a kwala melao eo mo dikwalelong tsa leje—e leng dikwalelo tsa leje tse Moshe a neng a di thuba fa a ne a bona Baiseraele ba obamela namane ya gouta. Jehofa o ne a boa a kwala melao eo gape mo lejeng. Mo nakong eno, fa Moshe a fologa a tshwere dikwalelo tsa leje, sefatlhego sa gagwe se ne se ntsha marang. Ka nako eo, botlhe ba ne ba tla tlhaloganya gore melao eo e ne e raya sengwe se segolo thata.—Ekesodo 32:15-19; 34:1, 4, 29, 30.
4. Ke ka ntlha yang fa Melao e e Lesome e ne e le botlhokwa thata?
4 Dikwalelo tse pedi tsa leje tse Melao e e Lesome e neng e kwadilwe mo go tsone di ne tsa bewa mo teng ga letlole la kgolagano mo teng ga phaposi ya Boitshepo jwa Maitshepo ya motlaagana mme moragonyana tsa bewa mo go ya tempele. Melao e e neng e kwadilwe mo go tsone e ne e le melaometheo ya konokono ya Molao
wa ga Moshe wa kgolagano e bile go ne go dirisiwa yone go tsamaisa setšhaba seno ka tsela ya bomodimo. E ne e naya bosupi jwa gore Jehofa o ne a dirisana le setlhopha se se rileng sa batho, batho ba a ba itlhophetseng.5. Melao e Modimo a neng a e neile Baiseraele e bontsha ka ditsela dife gore o a ba rata?
5 Melao eo e ne e senolela batho dilo di le dintsi ka Jehofa, segolobogolo ka tsela e a neng a rata batho ba gagwe ka yone. Melao eno e ne e tshwana le mpho e e tlhwatlhwakgolo mo go ba ba neng ba e ikobela! Mokanoki mongwe o ne a kwala a re ga go na molao ope wa boitsholo o o tlhomilweng ke batho o o ka gaisang Melao e e Lesome. Jehofa o ne a bua jaana ka Molao wa ga Moshe ka kakaretso: “Fa lo ka utlwa lentswe la me ka kelotlhoko lo bo lo boloka kgolagano ya me, ruri lo tla nna thuo ya me e e kgethegileng mo ditšhabeng tse dingwe tsotlhe, ka gonne lefatshe lotlhe ke la me. Mme lo tla nna bogosi jwa baperesiti mo go nna le setšhaba se se boitshepo.”—Ekesodo 19:5, 6.
Molao o o Kwadilweng mo Pelong
6. Ke molao ofe o o itshupileng o le botlhokwa thata go gaisa melao e e kwadilweng mo lejeng?
6 Ee, melao eo ya Modimo e ne e le botlhokwa thata. Le fa go ntse jalo, a o ne o itse gore Bakeresete ba ba tloditsweng ba na le sengwe se se botlhokwa go gaisa melao e e kwadilweng mo matlapeng? Jehofa o ne a bolelela pele gore o ne a tlile go dira kgolagano e ntšha e e sa tshwaneng le kgolagano ya Molao e a neng a e dirile le setšhaba sa Iseraele. “Ke tla tsenya molao wa me mo go bone, e bile ke tla o kwala mo dipelong tsa bone.” (Jeremia 31:31-34) Jesu, yo e leng Motsereganyi mo kgolaganong e ntšha, ga a ka a naya balatedi ba gagwe molao o o kwadilweng. O ne a tsenya molao wa ga Jehofa mo megopolong le mo dipelong tsa barutwa ba gagwe ka dilo tse a neng a di bua le tse a neng a di dira.
7. Kwa tshimologong, “molao wa ga Keresete” o ne wa newa bomang, mme o ne wa amogelwa ke bomang moragonyana?
7 Molao ono o bidiwa “molao wa ga Keresete.” Kwa tshimologong, o ne o sa newa setšhaba sa Iseraele wa tlholego, se e neng e le ditlogolwana tsa ga Jakobe, mme o ne o neilwe setšhaba sa semoya, “Iseraele wa Modimo.” (Bagalatia 6:2, 16; Baroma 2:28, 29) Iseraele wa Modimo o dirilwe ka Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya. Fa nako e ntse e tsamaya, ba ne ba kopanngwa le “boidiidi jo bogolo” jo bo tswang mo ditšhabeng tsotlhe jo bo batlang go obamela Jehofa. (Tshenolo 7:9, 10; Sekarea 8:23) E re ka ba le “letsomane le le lengwe” le le disiwang ke “modisa a le mongwe,” ditlhopha tseno ka bobedi di amogetse “molao wa ga Keresete,” mme ba o letla gore o laole sengwe le sengwe se ba se dirang.—Johane 10:16.
8. Molao wa ga Moshe o ne o farologana jang le molao wa ga Keresete?
8 Go farologana le Iseraele wa tlholego, yo a neng a patelesega go boloka Molao wa ga Moshe ka gonne a tsaletswe mo setšhabeng seno, Bakeresete bone ba boloka molao wa ga Keresete ka go rata, ga go tshwenye gore ke ba lotso lofe le gore ba tsaletswe kae. Ba ithuta ka Jehofa le ka
ditsela tsa gagwe e bile ba eletsa go dira thato ya gagwe. E re ka Bakeresete ba ba tloditsweng ba na le molao wa Modimo “mo go bone,” go ntse jaaka e kete o kwadilwe “mo dipelong tsa bone,” ga ba ikobele Modimo fela ka ntlha ya gore o tla otlhaya ba ba ganang go mo ikobela; e bile ga ba mo ikobele fela ka gonne ba tlamega go dira jalo. Lebaka la bone la go mo ikobela le itshetlegile ka sengwe se se botlhokwa thata le se se nonofileng fela thata, mme ba dinku tse dingwe le bone ba mo ikobela ka ntlha ya go bo ba na le molao wa Modimo mo dipelong tsa bone.Melao e e Theilweng mo Loratong
9. Jesu o ne a bontsha jang gore lorato e ne e le karolo e e botlhokwa thata ya melao ya ga Jehofa?
9 Melao yotlhe ya ga Jehofa le ditaelo tsa gagwe di ka sobokanngwa ka lefoko le le lengwe fela: lorato. Lorato ga lo bolo go nna karolo e e botlhokwa ya kobamelo e e itshekileng e bile le tla tswelela e ntse e le karolo e e botlhokwa thata. Fa Jesu a ne a bodiwa gore taolo e kgolo mo Molaong ke efe, o ne a araba a re: “O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka mogopolo otlhe wa gago.” Ya bobedi e ne e re: “O rate moagelani wa gago jaaka o ithata.” Morago ga moo o ne a re: “Molao otlhe le Baporofeti, di ikaegile ka ditaelo tse pedi tseno.” (Mathaio 22:35-40) Ka gone, Jesu o ne a bontsha gore Molao o o neng o na le Melao e e Lesome ga se one fela o o neng o theilwe mo loratong, mme Dikwalo tsotlhe tsa Sehebera di theilwe mo loratong.
10. Re itse jang gore lorato ke karolo e e botlhokwa ya molao wa ga Keresete?
10 A go rata Modimo le moagelani le gone ke karolo e e botlhokwa ya molao o o mo dipelong tsa Bakeresete? Ee! Molao wa ga Keresete o akaretsa go rata Modimo go tswa pelong gape o akaretsa taelo e ntšha—ya gore Bakeresete ba tshwanetse go ratana ka lorato lo lo se nang boithati. Ba tshwanetse go ratana fela jaaka Jesu a ne a rata Johane 13:34, 35; 15:12, 13) Jesu o ne a bo a ba laela gore ba rate baba ba bone.—Mathaio 5:44.
ditsala gagwe a bo a di ntshetsa botshelo jwa gagwe. O ne a ruta barutwa ba gagwe go rata Modimo le go ratana, fela jaaka a ba ratile. Lorato lo lo tlhomologileng lo ba ratanang ka lone ke lone letshwao la konokono le Bakeresete ba boammaaruri ba lemogiwang ka lone. (11. Jesu o ne a bontsha jang gore o rata Modimo le batho?
11 Jesu o ne a tlhoma sekao se se molemo tota sa go bontsha lorato. Fa a ne a le sebopiwa se se maatla sa semoya kwa legodimong, o ne a itumelela go tla go dira tiro ya ga Rraagwe mo lefatsheng. Mo godimo ga go ntshetsa batho botshelo jwa gagwe gore ba kgone go tshelela ruri, gape o ile a ba bontsha tsela e ba tshwanetseng go tshela ka yone. O ne a le boikokobetso, a le pelonomi e bile a akanyetsa batho ba bangwe, a thusa ba ba imelwang le ba ba gatelelwang. Gape, o ne a naya batho “mafoko a botshelo jo bo sa khutleng,” a dira ka natla go ba thusa go itse Jehofa.—Johane 6:68.
12. Ke ka ntlha yang fa go ka twe go rata Modimo le baagelani ba rona ke dilo tse pedi tse di ka se kang tsa kgaoganngwa?
12 Tota e bile, go rata Modimo le baagelani ba rona ke dilo tse pedi tse di ka se kang tsa kgaoganngwa. Moaposetoloi Johane o ne a bolela jaana: “Lorato lo tswa kwa Modimong . . . Fa mongwe a bua mafoko a a reng: ‘Ke rata Modimo,’ mme le fa go ntse jalo a tlhoile mokaulengwe wa gagwe, ke moaki. Ka gonne yo o sa rateng mokaulengwe wa gagwe, yo a mmonang, ga a ka ke a rata Modimo, yo a iseng a mmone.” (1 Johane 4:7, 20) Jehofa ke motswedi wa lorato e bile ene ka boene ke lorato. Sengwe le sengwe se a se dirang, o se dira ka ntlha ya go bo a tlhotlhelediwa ke lorato. Re kgona go bontsha ba bangwe gore re a ba rata ka gonne re dirilwe mo setshwanong sa gagwe. (Genesise 1:27) E bile fa re bontsha go rata baagelani ba rona, tota re a bo re bontsha gore re rata Modimo.
Go Rata go Raya Go Nna Kutlo
13. Gore re kgone go rata Modimo, ke eng sa ntlha se re tshwanetseng go se dira?
13 Re ka rata jang Modimo yo re sa kgoneng go mmona? Kgato ya ntlha e e botlhokwa ke go ithuta ka ene. Ruri ga re ka ke ra rata kgotsa ra ikanya motho re sa mo itse. Ka jalo, Lefoko la Modimo le re kgothaletsa go itse Modimo ka go bala Baebele, ka go rapela le go tsalana le batho ba ba setseng ba mo itse e bile ba mo rata. (Pesalema 1:1, 2; Bafilipi 4:6; Bahebera 10:25) Dibuka tse nnè tsa Efangele di ka re thusa thata gore re mo itse, ka gonne di re bolelela ka botho jwa ga Jehofa jo bo tlhalosiwang sentle ke botshelo le bodiredi jwa ga Jesu Keresete. Keletso ya rona ya go ikobela Modimo le go etsa botho jwa gagwe e nna e ntse e gola fa re simolola go mo itse botoka le go anaanela lorato lo a re ratileng ka lone. Ee, go rata Modimo go raya gore re mo utlwe.
14. Ke ka ntlha yang fa go ka twe melao ya Modimo ga e imele?
14 Fa re rata batho, re itse se ba se ratang le se ba sa se rateng, mme re dira jaaka fa ba batla re dira. Ga re batle go kgopisa batho ba re ba ratang. Moaposetoloi Johane o ne a kwala jaana: “Seno ke se lorato lwa Modimo lo se kayang, gore re boloke ditaelo tsa gagwe; mme ditaelo tsa gagwe ga di imele.” (1 Johane 5:3) Ga di imele, e bile ga di dintsintsi. Lorato ke lone lo re kaelang. Ga re tlhoke go tshwarelela melao e mentsintsi ka tlhogo e e tshwanetseng go re kaela gore ke eng se re tshwanetseng go se dira; re kaelwa ke lorato lo re ratang Modimo ka lone. Fa re rata Modimo, re itumelela go dira thato ya gagwe. Seno se dira gore re amogelwe ke Modimo le go solegelwa molemo, ka gonne ditaelo tsa gagwe di re solegela molemo ka dinako tsotlhe.—Isaia 48:17.
15. Ke eng se se tla re tlhotlheletsang go etsa Jehofa? Tlhalosa.
15 Go rata Modimo go re tlhotlheletsa go etsa dinonofo tsa gagwe. Fa re rata motho, re kgatlhwa ke dinonofo tse a nang le tsone e bile re batla go tshwana le ene. Akanya ka kamano e Jehofa le Jesu ba nang le yone. Ba feditse mo e ka nnang dibilionebilione tsa dingwaga ba le mmogo kwa legodimong. Ba ne ba ratana ka lorato lo logolo lo e seng lwa boitimokanyi. Jesu o ne a tshwana fela thata le Rraagwe wa selegodimo mo e leng gore o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Yo o mponeng o bone le Rara.” (Johane 14:9) Fa re ntse re nna le kitso ka Jehofa le Morwawe le go ba anaanela, re tlhotlheletsega gore re tshwane le bone. Go rata Jehofa, le thuso e re e amogelang ya moya o o boitshepo, di tla re thusa gore re kgone go ‘apola botho jo bogologolo le ditlwaelo tsa jone, mme re apare botho jo bosha.’—Bakolosa 3:9, 10; Bagalatia 5:22, 23.
Ditiro Tse di Tlhotlhelediwang ke Lorato
16. Tiro ya rona ya go rera le ya go ruta e bontsha jang gore re rata Modimo le baagelani ba rona?
16 Jaaka Bakeresete, re letla lorato lo re ratang Modimo le baagelani ba rona ka lone gore lo re tlhotlheletse go nna le seabe mo tirong ya go rera ka Bogosi le ya go dira barutwa. Fa re dira jalo, re itumedisa Jehofa Modimo, “yo thato ya gagwe e leng gore batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe mme ba tle mo kitsong e e leng yone, ya boammaaruri.” (1 Timotheo 2:3, 4) Seno se tla dira gore re itumele ka jaana re thusa batho ba bangwe go dira gore molao wa ga Keresete o kwalwe mo dipelong tsa bone. Gape, re a itumela fa re bona ba ntse ba fetola botho jwa bone gore bo bonatse dinonofo tsa ga Jehofa. (2 Bakorintha 3:18) Eleruri, go thusa batho ba bangwe go itse Modimo ke mpho e e botlhokwa go di gaisa tsotlhe e re ka ba nayang yone. Ba ba nnang ditsala tsa ga Jehofa ba ka itumelela botsala joo go ya go ile.
17. Ke ka ntlha yang fa go le botlhale go lwela go rata Modimo le baagelani ba rona go na le dilo tse di bonalang?
17 Re tshela mo lefatsheng le mo go lone batho ba lebang dilo tse di bonalang di le botlhokwa thata e bile ba di rata. Le fa go ntse jalo, dilo tse di bonalang ga di ka ke tsa nnela ruri. Di ka nna tsa utswiwa kgotsa tsa senyega. (Mathaio 6:19) Baebele e re tlhagisa jaana: “Lefatshe le a feta le keletso ya lone, mme yo o dirang thato ya Modimo o ntse ka bosaengkae.” (1 Johane 2:16, 17) Ee, Jehofa o tla nnela ruri, mme ba ba mo ratang le ba ba mo direlang le bone ba tla nnela ruri. Ka jalo, a ga go utlwale go lwela go rata Modimo le batho ba bangwe go na le go gagamalela dilo tsa lefatshe, tse e leng tsa nakwana fela?
18. Morongwa mongwe o ne a bontsha jang lorato lo e seng lwa boithati?
18 Ba ba lwelang go nna le lorato ba tlisetsa Jehofa pako. Akanya ka Sonia, e leng morongwa mongwe kwa Senegal. O ne a ithuta Baebele le mosadi mongwe yo o bidiwang Heidi, yo o neng a na le HIV e a neng a e tsentswe ke monna wa gagwe yo e seng Mokeresete. Fa monna wa gagwe a sena go tlhokafala, Heidi o ne a kolobediwa, mme go ise go ye kae, o ne a simolola go lwala mme a isiwa bookelong a tshwere ke AIDS. Sonia o bega jaana: “Badiri ba kwa bookelong ba ne ba dira sotlhe se ba neng ba ka se kgona, mme ba ne ba le bannye ka palo. Go ne ga kopiwa baithaopi kwa phuthegong gore ba mo tlhokomele kwa bookelong. Mo bosigong jwa bobedi, ke ne ka nna fa fatshe mo godimo ga phate fa thoko ga bolao jwa gagwe gore ke thuse go mo tlhokomela go fitlha a swa. Ngaka ya gagwe e ne ya re: ‘Bothata jo bogolo jo re nang le jone ke gore le ba losika tota ba latlha batho ba bone fa ba itse gore ba na le AIDS. Ke ka ntlha yang fa lona, ba lo sa amaneng le ene ka losika, lo se batho ba naga ya gagwe, e bile lo se ba lotso lwa gagwe, lo ipaya mo kotsing ya go ka tsenwa ke bolwetse jono ka go mo tlhokomela?’ Ke ne ka mo tlhalosetsa gore mo go nna, go ne go ntse jaaka e kete Heidi ke nnake wa mmatota, re ne re atamalane thata jaaka e kete re ne re le bana ba motho. Ke ne ka itumelela go tlhokomela nnake yono yo mosha ka ntlha ya kamano e nna le ene re neng re na le yone.” Mma re tlhalose fano gore Sonia ga a a ka a tsenwa ke bolwetse jono ka ntlha ya go tlhokomela Heidi ka lorato.
19. E re ka re na le molao wa Modimo mo dipelong tsa rona, ke sebaka sefe se re tshwanetseng go se dirisa ka tsela e e molemo?
19 Go na le dikai di le dintsi tsa lorato lono lo e seng lwa boithati mo gare ga batlhanka ba ga Jehofa. Ga go na molao ope o o kwadilweng o o tlhaolang batho ba Modimo gompieno. Go na le moo, re bona go diragadiwa ga mafoko a a kwadilweng mo go Bahebera 8:10, a a reng: “‘Eno ke kgolagano e ke tla golaganang le ntlo ya Iseraele ka yone morago ga malatsi ao,’ go bua Jehofa. ‘Ruri ke tla tsenya melao ya me mo mogopolong wa bone, e bile ke tla e kwala mo dipelong tsa bone. Mme ke tla nna Modimo wa bone, mme bone ka bobone ba tla nna batho ba me.’” E kete ka metlha re ka nna re ntse re anaanela molao wa lorato o Jehofa a o kwadileng mo dipelong tsa rona, re dirise sebaka sengwe le sengwe ka tsela e e molemo sa go bontshana lorato.
20. Ke ka ntlha yang fa molao wa ga Keresete e le mpho e e tlhwatlhwakgolo?
20 A bo go itumedisa jang ne go direla Modimo re na le bakaulengwe ba rona ba lefatshe ka bophara ba ba bontshang lorato lo lo ntseng jalo! Ba ba nang le molao wa ga Keresete mo dipelong tsa bone ba itumelela mpho eno e e botlhokwa mo lefatsheng leno le le se nang lorato. Ga ba itumelele fela go ratwa ke Modimo mme gape ba itumelela go kitlwanngwa ke lorato lono lo lo nonofileng lwa bokaulengwe. “Bona! Abo go le molemo jang e bile go itumedisa jang ne fa barwarramotho ba nna mmogo ka kutlwano!” Le fa Basupi ba ga Jehofa ba nna mo dinageng di le dintsi, ba bua dipuo tse di sa tshwaneng, e bile ba tswa mo ditsong tse di farologaneng, ba ipelela kutlwano e ba nang le yone mo bodumeding jwa bone e e sa tshwaneng le epe e nngwe. Kutlwano eno e ba nang le yone e dira gore ba amogelwe ke Modimo. Mopesalema o ne a kwala jaana: “Gonne Jehofa o ne a laola gore tshegofatso e nne koo [mo gare ga batho bano ba ba kopantsweng ke lorato], le eleng botshelo ka bosakhutleng.”—Pesalema 133:1-3.
A o Ka Araba?
• Melao e e Lesome e ne e le botlhokwa go le kana kang?
• Molao o o kwadilweng mo dipelong ke eng?
• Lorato lo na le seabe sefe mo ‘molaong wa ga Keresete’?
• Re ka bontsha ka ditsela dife gore re rata Modimo le baagelani ba rona?
[Dipotso Tsa Thuto]
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Baiseraele ba ne ba neilwe melao e e kwadilweng mo dikwalelong tsa leje
[Ditshwantsho mo go tsebe 26]
Bakeresete ba na le molao wa Modimo mo dipelong tsa bone
[Ditshwantsho mo go tsebe 28]
Sonia le mosetsana wa Mo-Senegal kwa kopanong ya kgaolo ya 2004