Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go ya Kopanong Kwa “Gare ga Mpa ya Lefatshe”

Go ya Kopanong Kwa “Gare ga Mpa ya Lefatshe”

Go ya Kopanong Kwa “Gare ga Mpa ya Lefatshe”

A o kile wa utlwa mafoko a a reng “Te Pito o Te Henua”? Ka Se-Rapa Nui, e leng puo e e buiwang kwa Easter Island, mafoko ano a raya “Gare ga Mpa ya Lefatshe.” Ke eng se se neng sa dira gore kopano e e neng ya tshwarelwa koo e tlhomologe jaana?

EKGAKALA le mafelo a mangwe, e ntle e bile e farologane thata le mafelo a mangwe. Ano ke mafoko a a dirisiwang go tlhalosa Easter Island, kgotsa Rapa Nui jaaka baagi ba yone ba e bitsa. Ruri ke lefelo le le kgakala le mafelo a mangwe, le le kgakala le Lewatle la South Pacific, dikilometara di le 3 790 go tloga kwa Santiago, kwa Chile. E ne ya nna porofense ya Chile ka September 9, 1888.

Setlhaketlhake seno se se khutlotharo se se mo lefelong la disekwerekilometara di le 166 se na le makgwamolelo a le mararo a a sa tlholeng a thunya. Tota e bile, jaaka ditlhaketlhake tse dintsi tse di mo Pacific, setlhaketlhake seno le sone se dirilwe ke ditlhoa tsa dithaba tse dikgolo tse di kafa tlase ga metsi. Setlhaketlhake seno sotlhe se bidiwa sefikantswe sa tlholego. Ga go gakgamatse go bo setlhaketlhake seno se itsege thata ka difikantswe tse dintle tsa sone tse di dirilweng ka maje a a bidiwang moai. *

Kwantle ga naga e ntle le mafelo a hisitori, Easter Island e na le dilo tse dintsi tse di farologaneng tse dintle. Naga ya yone e na le maungo a a jaaka dipeinapole, di-avocado, diphopo, le mefuta e le robongwe e farologaneng ya dipanana. Mme lewatle le na le mefuta e mentsi ya ditlhapi le ditshedi tse dingwe tsa lewatle.

Maemo a bosa a kwa Easter Island a itekanetse sentle, dipula tse di nang ka metlha le mela ya godimo e e bonalang ka dinako tsotlhe, di dira gore batho ba ba etelang koo ba heme moya o o phepa le go bona dilo tse dintle. Gone jaanong go na le baagi ba ba ka nnang 3 800. Baagi ba gompieno ba lefelo leno ke ditlogolwana tsa batho ba ntlha go nna mo go lone, ba ba kopakopaneng le Ba-Yuropa, Ba-Chile le batho ba bangwe. Go na le bajanala ba bantsintsi ba ba tswang kwa Yuropa le Asia ba ba etelang setlhaketlhake seno mme seo se dira gore bojanala e nne karolo e e botlhokwa ya ikonomi.

Peo ya Bogosi E ne Ya Jalwa Pele

1982 Yearbook of Jehovah’s Witnesses e ne ya bega jaana: “Re nnile le mmoledi a le mongwe fela kwa Easter Island ka nako e telele. O ne a thusiwa go gola semoyeng ke go bo kgaitsadi mongwe wa morongwa wa kwa lekaleng [la kwa Chile] a ne a kwalelana le ene. Le fa mmoledi yono a ile a boela kwa Chile, re na le pego e e kwadilweng ya dipeeletso tsa makasine wa Tora ya Tebelo tse di dirilweng ke batho ba ba nnang mo setlhaketlhakeng seno. Re ile ra gakgamala fa ka April 1980 motho mongwe yo o kgatlhegang a ne a re leletsa mogala go tswa kwa lefelong le le kgakala a batla go itse gore re keteka leng Segopotso. Mme moragonyana mo go one ngwaga oo, banyalani bangwe ba ba tswang kwa Valparaiso ba ne ba fudugela koo, mme ba ntse ba tshwara dithuto tsa Baebele le batho ba ba kgatlhegang. Ka April 1981, go ne ga tshwarwa pokano ya Segopotso mo setlhaketlhakeng seno ka lekgetlho la ntlha mme batho ba ba neng ba tla ba ne ba le 13. A bo re itumela jang ne go bo ‘dikgang tse di molemo’ di anamela mo lefelong le le kgakala leno!”

Moragonyana ka January 30, 1991 lekala le ne la romela banyalani ba babulatsela ba ba kgethegileng, e bong Dario le Winny Fernandez kwa setlhaketlhakeng seno. Mokaulengwe Fernandez o gakologelwa jaana: “Re ile ra goroga ka sefofane se se ileng sa tsaya diura di le tlhano mo karolong eno e e kgakala ya lefatshe, e e nang le setso se se gakgamatsang.” Re ile ra rulaganya dipokano le tiro ya go rera ka bonako re thusiwa ke mokaulengwe mongwe yo o nnang mo setlhaketlhakeng le kgaitsadi mongwe yo o neng a sa tswa go goroga le bana ba gagwe ba babedi. Le fa ba ne ba lebane le dikgatelelo tsa lelapa, go tlhoafalela bodumedi le mekgwa ya botshelo e e neng e tlwaelegile mo setsong sa Ba-Polynesia, ba ne ba bona kafa Jehofa a segofatsang maiteko a bone ka teng. Mokaulengwe le kgaitsadi Fernandez ga e sa tlhole e le babulatsela ba ba kgethegileng, mme ba sa ntse ba le mo setlhaketlhakeng seno, ba godisa morwa wa bone yo o belegetsweng gone. Gompieno, go na le baboledi ba Bogosi ba ba itumetseng ba le 32. Gare ga bone go na le baagi ba Rapa Nui, le batho ba ba ileng ba tla go nna mo setlhaketlhakeng seno kgotsa ba ba fudugetseng mo go sone go tla go thusa mo lefelong le go tlhokegang baboledi ba ba oketsegileng ba Bogosi mo go lone.

Go Baakanyetsa Kopano ya Potologo

E re ka go ne go na le sekgala se segolo fa gare ga setlhaketlhake le kontinente, gararo ka ngwaga phuthego e ne e amogela ditheipe tsa bidio tse di nang le dithulaganyo tsa kopano e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe, kopano ya potologo le ya kopano ya kgaolo. Kwa bofelong jwa ngwaga wa 2000, Komiti ya Lekala ya kwa Chile e ne ya akanyetsa kgang ya gore batho ba mo setlhaketlhakeng ba nne le kopano ya bone, e e neng e tla nna kopano ya ntlha go tshwarelwa mo setlhaketlhakeng seo. Kgabagare, ba ne ba swetsa ka gore kopano ya potologo e tshwarwe ka November 2001, mme go ne ga lalediwa bakaulengwe le bokgaitsadi ba se kae fela ba ba tswang kwa dikarolong tse di farologaneng tsa Chile go nna teng mo tiragalong e e kgethegileng eno. Ka ntlha ya thulaganyo ya dinako tsa difofane, kopano e ne e tla tshwarwa ka Sontaga le Mantaga.

Batlakopanong ba le 33 ba ba neng ba laleditswe go tla kopanong eno ba ne ba itumeletse go ya kwa setlhaketlhakeng seno go ya go nna le seabe mo kopanong ya potologo ya ntlha e e neng e tla tshwarelwa kwa lefelong le le kgakala leo. Morago ga mosepele o moleele ka sefofane go ralala Lewatle la Pacific, batlakopanong ba ne ba itumela tota go amogelwa ke bakaulengwe ba ba nnang mo setlhaketlhakeng ba ba neng ba ba letetse kwa boemafofaneng. Batlakopanong ba ne ba dumedisiwa ka go tsenngwa dibaga tse dintle mo thamong tse di dirilweng ka malomo, tse e leng mpho e e tlwaelegileng e motho a e fiwang mo setlhaketlhakeng seno. Morago ga foo, ba ne ba isiwa kwa marobalong a bone, mme fa ba sena go bontshiwa setlhaketlhake go se kae, botlhe ba ba neng ba tla nna le seabe mo thulaganyong ya kopano ba ne ba ya go kopana kwa Holong ya Bogosi.

Kitsiso ka ga Kopano go Tswa Motsweding O o Sa Lebelelwang

Fa batlakopanong bangwe ba ntse ba ya kopanong, ba ne ba gakgamala go utlwa moruti mongwe wa lefelo leo a akgela ka loeto lwa bone mo radiong. O ne a umaka bajanala ba ba neng ba tswa kwa kontinenteng ba ba neng ba tla etela batho mo malapeng a bone ba tla go bua le bone ka bokhutlo jwa lefatshe. Le mororo a ne a rotloetsa batho ba ba tsenang kereke gore ba se ka ba reetsa baeng bano, kitsiso ya gagwe e ne ya thusa go itsise batho ka setlhopha se segolo sa Basupi ba ga Jehofa ba ba neng ba le mo setlhaketlhakeng. Seno se ne sa dira gore batho ba mo setlhaketlhakeng seno ba nne ba lebeletse go goroga ga batho bao. Mo malatsing a a latelang, batlakopanong ba ne ba ba bolelela molaetsa o o kgothatsang wa dikgang tse di molemo ka botswerere.

Kopano e a Simolola

Ka Sontaga mo mosong, bakaulengwe ba setlhaketlhake seno ba ne ba eme ba letile fa kgorong ya Holo ya Bogosi go amogela batlakopanong fa ba ntse ba goroga mo letsatsing la ntlha la kopano. “Iorana Koe! Iorana Koe!” “Re a lo amogela!” Bokgaitsadi bangwe ba ne ba apere diaparo tsa setso mme ba kgabisitse meriri ya bone ka malomo a mantle ka mokgwa wa Se-Polynesia.

Fa go sena go lediwa mmino o o monate o o gatisitsweng, boidiidi bo ne jwa opela mmogo pina e e reng “Nitamang, Lo Tlhomame!” e le lekgetlho la ntlha e opelwa ka tsela eo mo setlhaketlhakeng seno. Bakaulengwe ba mo setlhaketlhakeng ba ne ba sekile dikeledi fa modulasetulo a ne a amogela botlhe ka puo ya bone ya Se-Rapa Nui. Ka nako ya boikhutso ya motshegare, go ne ga nna le Basupi ba bararo ba basha ba ba neng ba bontsha boineelo jwa bone mo Modimong ka go kolobediwa mo metsing. Fa letsatsi la ntlha la kopano le fela, mongwe le mongwe o ne a ikutlwa a le gaufi le Jehofa le bakaulengwe botlhe.—1 Petere 5:9.

Go Neela Bosupi mo Mosong

Ka ntlha ya maemo mangwe a a kgethegileng mo setlhaketlhakeng seno, thulaganyo ya letsatsi la bobedi la kopano ya potologo e ne ya simolola morago ga dijo tsa motshegare. Ka ntlha ya seo, batlakopanong ba ne ba dirisa nako ya mo mosong go nna le seabe mo bodireding jwa tshimo. Ke maemo afe a ba neng ba tlile go kopana le one?

Mosadi mongwe yo o godileng yo o nang le bana ba le robedi o ne a raya Basupi a re a ka se ka a kgona go bua le bone ka gonne ene ke Mokatoliki. Fa ba sena go mmolelela gore ba ne ba batla go bua le ene ka mathata a mongwe le mongwe a lebanang le one, a a jaaka go dirisa diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang le ka mathata a lelapa, o ne a dumela go reetsa.

Mosadi mongwe yo o godileng o ne a sa batle go amogela banyalani bangwe ba Basupi. O ne a ba bolelela gore ba ye go bua le batho ba kwa kontinenteng ba ba neng ba tshwara batho ba bangwe setlhogo. Banyalani bano ba ne ba mmolelela gore molaetsa wa “dikgang tse di molemo tsa bogosi” o bolelelwa mongwe le mongwe le gore lebaka la go bo ba tlile mo setlhaketlhakeng seno e ne e le go tla go nna teng mo kopanong e e tla thusang botlhe ba ba leng teng go oketsa tsela e ba ratang Modimo ka yone. (Mathaio 24:14) Ba ne ba mmotsa gore a o ne a tla rata go tshela nako e telele mo maemong a paradaise, a a tshwanang le a a mo setlhaketlhakeng mme go sena bolwetse le loso. Fa ba sena go tlotla le ene ka ga gore makgwamolelo a a mo setlhaketlhakeng seno a na le lobaka lo lo kae a le teng, o ne a simolola go tlhatlhanya ka tsela e botshelo bo leng bokhutshwane ka teng mme a botsa jaana: “Ke eng fa re tshela fela lobaka lo lo khutshwane jaana?” O ne a gakgamala fa a ne a bala Pesalema 90:10.

Ka yone nako eo, Basupi ba ne ba utlwa baagelani ba omana. Le fa ba ne ba sa tlhaloganye gore go ne go omanelwa eng, mosadi yo ba neng ba bua le ene o ne a ba bolelela gore baagelani ba a tlhapatsa mme ba ne ba tlhalosa sentle gore ga ba batle go etelwa ke Basupi. Le fa go ntse jalo, mosadi yono e ne e le nua, kgotsa morwadi yo mogolo mo lelapeng. E re ka rraagwe a ne a tlhokafetse, e ne e le boikarabelo jwa gagwe gore a bone gore ke eng se se tla solegelang lelapa molemo. O ne a femela bakaulengwe fa pele ga ba losika lwa gagwe ka puo ya segabone mme a amogela dikgatiso tse ba neng ba di mo naya ka lorato. Moragonyana mo go yone beke eo, fa ba feta Basupi ka koloi, o ne a bolelela kgaitsadie gore a emise koloi. O ne a tsamaisa bakaulengwe sentle a bo a ba eleletsa katlego mo bodireding jwa bone, le fa kgaitsadie a ne a sa rate.

Le fa mo tshimologong go ne go bonala baagi ba setlhaketlhake ba ne ba gana molaetsa o Basupi ba ba tswang kwa kontinenteng ba neng ba o rera, baeng bano ba ne ba lemoga gore Ba-Rapa Nui ke batho ba ba pelonomi le ba ba botsalano ka tlholego. Bontsi jwa bone ba ne ba itumelela go reetsa dikgang tse di molemo. Tota e bile, ba le 6 mo Basuping ba le 20 ba ba neng ba kolobediwa mo setlhaketlhakeng e ne e le baagi ba koo. Mongwe wa bone o ne a utlwa boammaaruri jwa Baebele ka go reetsa a le mo phaposing e e neng e bapile le e mosadi wa gagwe a neng a tshwarelwa thuto ya Baebele mo go yone. Ene le mosadi wa gagwe ke Basupi ba ba kolobeditsweng jaanong, mme monna ke motlhanka wa bodiredi mo phuthegong.

Kopano e Tswelela Pele

Morago ga dijo tsa motshegare, go ne ga simololwa thulaganyo ya letsatsi la bobedi. Batho ba ba kgatlhegang ba ne ba boa gape ba tla mo kopanong, ba na le bakaulengwe le bokgaitsadi ba lefelo leo ba le 32 le batlakopanong ba bangwe ba ba tswang kwa mafelong a mangwe ba le 33. Go ne go na le batho ba ba ka nnang lekgolo ba ba neng reeditse thulaganyo eno, e e akaretsang puo ya phatlalatsa e e nang le setlhogo se se reng “Kafa Lorato le Tumelo di Fenyang Lefatshe ka Teng.” Ba ne ba iponela kafa batho ba ga Jehofa, tota le batho ba ditso tse di farologaneng ba neng ba ratana ka gone.—Johane 13:35.

Ka nako ya kopano ya potologo, molebedi wa potologo le wa kgaolo ba ne ba nna le pokano e e kgethegileng le babulatsela. Batlakopanong ba e neng e le babulatsela ba ka metlha kgotsa ba ba kgethegileng ba ne ba kopanela le babulatsela ba bararo ba setlhaketlhake seo mo pokanong eo. Botlhe ba ne ba kgothadiwa thata.

Ka letsatsi le le latelang, bangwe ba bakaulengwe ba setlhaketlhake ba ba tsamaisang bajanala ba ne ba ya go bontsha batlakopanong setlhaketlhake sa bone. Ba ne ba ya kwa matikiring a go epiwang maje a moai mo go one, ba etela gape le makgwamolelo a bogologolo a go neng go tshwarwa dikgaisano mo go one le go ya kwa losing lwa lewatle le lentle la Anakena lwa motlhaba o mosetlha, mo baagi ba ntlha mo lefelong leno ba neng ba fologela gone. *

Tshono ya bofelo ya go kopana le bakaulengwe ba setlhaketlhake seno e ne e le ka nako ya Thuto ya Buka ya Phuthego. Morago ga pokano, Basupi ba setlhaketlhake seno ba ne ba abela baeng ba bone dijo tsa setso tse ba neng ba sa di lebelela. Moragonyana, ba ne ba ba binela setso ba apere diaparo tsa setso. Batlakopanong le bakaulengwe le bokgaitsadi ba kwa Rapa Nui ba ne ba tlhomamisegile gore matsapa a a dirilweng go baakanyetsa kopano eno a ba solegetse molemo tota.

Botlhe ba e neng e le batlakopanong ba ne ba ikutlwa ba atamalane thata le bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone ba ba mo lefelong le le kgakala leno ba ba feditseng beke yotlhe e e itumedisang ba na le bone. Go ne go utlwisa botlhoko go tlogela setlhaketlhake seno. Ba tla nna ba anaanela ditsala tse disha tse ba di itiretseng le tsela e ba ileng ba kgothatsega semoyeng ka yone. Kwa boemafofaneng, bakaulengwe ba kwa setlhaketlhakeng ba ne ba kgabisa dithamo tsa batlakopanong ka dibaga tse ba di itiretseng ka dikgapetla tsa ditshedinyana tsa mo metsing.

Fa batlakopanong ba tsamaya, ba ne ba solofetsa jaana: “Iorana! Iau he hoki mai e Rapa Nui ee,” mo go rayang: “Sala sentle! Ke tla boa ke go etela gape, Rapa Nui.” Ee, ba ne ba eletsa go boa gape ba etela ditsala tsa bone tse ba sa tswang go di dira le ba lelapa la bone la semoya mo Easter Island e ntle, e e kgakala le mafelo a mangwe e bile e le botsalano!

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 4 Bona Tsogang! ya June 22, 2000, (ka Seesemane) e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 27 Mo lekgwamolelong la Rano Raraku go na le mekwalo e mentsi e e gabilweng mo mafikeng a lone. E ne e le fa batho ba ba batlang go busa setlhaketlhake seno ba neng ba simolola kgaisano gone. Mo kgaisanong eno motho o ne a tshwanetse go fologa mo lepaweng, a bo a thuma gore a fitlhe kwa go sengwe sa ditlhaketlhake tse dinnye, a ya go tsaya lee la nonyane nngwe ya koo, a bo thuma gape a boela kwa setlhaketlhakeng se segolo, a bo a tlhatloga lepawa ka lee leo le sa thubega.

[Lebokoso mo go tsebe 24]

Go Neela Bosupi Kwa Easter Island

Mo e ka nnang dingwaga di le pedi pele ga go tshwarwa kopano e e sa lebalesegeng eno, molebedi mongwe wa potologo le mosadi wa gagwe ba ne ba etela setlhaketlhake seno mme ba nna le maitemogelo a le mantsi a a itumedisang. Ka sekai, akanya fela gore ba ne ba gakgamala jang fa kgaitsadi yo o neng a ba isa kwa marobalong a bone a ne a ba gakolola gore ba kile ba ithuta Baebele le ene kwa borwa jwa Chile fa a ne a sa ntse a le mo dingwageng tsa gagwe tsa bolesome dingwaga di ka nna 16 pelenyana ga moo. Moragonyana peo eo e ne ya ungwa kwa Rapa Nui.

Ba ne ba nna gape le boitemogelo jono jo bo kgatlhang: Mong wa lebenkele le le rekisang dilwana tsa bojanala o ne a amogela Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo le buka e e thusang motho go ithuta Baebele ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng, tse ka bobedi jwa tsone di gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa. Fa ba boa ba mo etela, o ne a ba bolelela gore ga a kgone go bala Baebele eo. Ba ne ba mo file Baebele ya Sefora, e seng ya Se-Spain! Bothata joo bo ile jwa rarabololwa ka bonako mme ka thuso ya Basupi ba lefelo la gabone, le ka go dirisa Baebele ya puo ya gagwe, o ne a lemoga gore tota go ne go se thata jalo go tlhaloganya Baebele.

[Mmapa mo go tsebe 22]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

EASTER ISLAND

CHILE

[Ditshwantsho mo go tsebe 23]

Ba le babedi ba batho ba ba neng ba kolobediwa kwa kopanong ya potologo

[Ditshwantsho mo go tsebe 25]

Mokgokolosa wa lekgwamolelo la Rano Raraku; setshwantsho se se kafa teng: Maungo a naga a a bidiwang “guayaba” a tlhoga mo setlhaketlhakeng seno