Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Nnang le Segakolodi se se Siameng”

“Nnang le Segakolodi se se Siameng”

“Nnang le Segakolodi se se Siameng”

BATHO ba le bantsi ba na le maikutlo a gore ba reetse se se buiwang ke segakolodi sa bone fa ba dira ditshwetso. Mme gore segakolodi sa rona se kgone go re kaela sentle, se tshwanetse go rutwa ka tshwanelo gore ke eng se se siameng le se se sa siamang, e bile re tshwanetse go se reetsa fa se re kaela.

Sekaseka se se ileng sa diragalela monna mongwe yo o neng a bidiwa Sakaio, jaaka go kwadilwe mo Baebeleng. Sakaio, yo o neng a nna kwa Jeriko, e ne e le mokgethisi yo mogolo e bile o ne a humile. Ene ka boene o ne a dumela gore o ne a bapetse khumo ka go tsaya dilo ka dikgoka mo bathong—mokgwa o o neng o amoga batho dilo tsa bone. A segakolodi sa ga Sakaio se ne sa mo tshwenya ka ntlha ya ditiro tse di sa siamang tse a neng a di dira? Fa e le gore se ne sa mo tshwenya, go raya gore o ne a se itlhokomolosa.—Luke 19:1-7.

Le fa go ntse jalo, go ne ga diragala sengwe se se neng sa dira gore Sakaio a akanye gabedi ka tsela e a neng a dira dilo ka yone. Jesu o ne a tla kwa Jeriko. Sakaio yo mokhutshwane o ne a batla go bona Jesu, mme o ne a sa kgone go mmona ka gonne go ne go na le batho ba bantsi. Ka jalo, o ne a sianela kwa pele mme a palama setlhare gore a tle a kgone go bona sentle. E re ka Jesu a ne a itumedisitswe ke tsela e Sakaio a neng a mo kgatlhegela ka yone, o ne a mo raya a re o tla mo etela kwa legaeng la gagwe. Ka boitumelo Sakaio o ne a amogela moeng wa gagwe yo o itsegeng.

Se Sakaio a neng a se bona le se a neng a se utlwa fa a na le Jesu se ne sa mo ama pelo mme sa mo tlhotlheletsa gore a fetole mekgwa ya gagwe. O ne a re: “Bona! Sephatlo sa dilo tsa me, Morena, ke se naya bahumanegi, mme le fa e le eng se ke neng ka se tsaya ka dikgoka mo mothong le fa e le ofe ka tatofatso ya maaka ke se busetsa se menagane ganè.”—Luke 19:8.

Segakolodi sa ga Sakaio se ne se rutilwe, mme o ne a se reetsa. Seo se ile sa felela ka melemo e megolo. Akanya fela kafa Sakaio a neng a ikutlwa ka teng fa Jesu a ne a mo raya a re: “Mo letsatsing leno poloko e tlile mo ntlong eno!”—Luke 19:9.

A sekao se se molemo ruri! Se bontsha gore go sa kgathalesege gore ke eng se re neng re se dira pele, re ka fetoga. Jaaka Sakaio, re ka tsaya tsia mafoko a ga Jesu—a a kwadilweng mo Baebeleng—mme ra ithuta go farologanya se se siameng le se se sa siamang. Go tswa foo, le rona re ka nna le “segakolodi se se siameng,” fela jaaka moaposetoloi Petere a ne a re kgothaletsa. Re ka reetsa segakolodi sa rona se se thapisitsweng mme ra dira se se siameng.—1 Petere 3:16.