Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bopelonomi Jwa Lorato bo Botlhokwa go le Kana Kang?

Bopelonomi Jwa Lorato bo Botlhokwa go le Kana Kang?

Bopelonomi Jwa Lorato bo Botlhokwa go le Kana Kang?

BAEBELE e bolela jaana: “Selo se se eletsegang mo mothong wa mo lefatsheng ke bopelonomi jwa gagwe jwa lorato.” (Diane 19:22) Ee, ditiro tsa bopelonomi tse di tlhotlhelediwang ke lorato di ratega tota. Le fa go ntse jalo, mo Baebeleng polelwana “bopelonomi jwa lorato,” e kaya bopelonomi jo bo theilweng mo kamanong e e setseng e le teng, e e tshwanang le e e nnileng teng ka ntlha ya tiro nngwe ya bopelonomi e e diretsweng motho yo mongwe mo nakong e e fetileng. Ka jalo, e akaretsa kgopolo ya go ikanyega.

Kgosi Jehoashe wa kwa Juda o ne a palelwa ke go bontsha nonofo e e eletsegang eno. O ne a tshwanetse go leboga mmamalomaagwe le malomaagwe e bong Jehoiada thata. Fa Jehoashe a ne a le kafa tlase ga ngwaga, mmaagwemogolo o ne a itira kgosigadi mme a bolaya bomorwarraagwe Jehoashe botlhe, ba e neng e le baruaboswa ba bogosi. Le fa go ntse jalo, ga a ka a kgona go bolaya Jehoashe yo mmotlana, ka gonne mmamalomaagwe le malomaagwe ba ne ba mo fitlhile. Gape ba ne ba mo ruta Molao wa Modimo. Fa Jehoashe a ne a le dingwaga di le supa, malomaagwe o ne a dirisa taolo ya gagwe ya go nna moperesiti yo mogolo go bolaya kgosigadi eno e e boikepo le go tlhoma Jehoashe mo setulong sa bogosi.—2 Ditiragalo 22:10–23:15.

Jehoashe yo mmotlana o ne a busa sentle go fitlha malomaagwe a swa, mme go tswa foo a simolola go obamela medingwana. Modimo o ne a roma Sekarea, yo e neng e le morwa Jehoiada, gore a ye go tlhagisa Jehoashe ka botlhanogi jwa gagwe. Jehoashe o ne a dira gore Sekarea a kgobotlediwe ka maje. A bo seo e ne e le go sa ikanyege jang ne mo lelapeng le le neng le mo diretse molemo o mogolo thata jaana!—2 Ditiragalo 24:17-21.

Baebele ya re: “Kgosi Jehoashe a se ka a gakologelwa bopelonomi jwa lorato jo [rraagwe Sekarea] a neng a bo mo diretse, mo a neng a bolaya morwawe.” Fa Sekarea a ne a tla tloga a swa, o ne a re: “E kete Jehofa a ka bona seno a bo a se batla.” Fela jaaka Sekarea a ne a buile, Jehoashe o ne a lwala thata mme a bolawa ke batlhanka ba gagwe.—2 Ditiragalo 24:17-25.

Mo boemong jwa go felela ka tsela e Kgosi Jehoashe a neng a felela ka yone, batho botlhe ba ba latelang kgakololo eno ba tla nna le isagwe e e itumedisang: “E kete bopelonomi jwa lorato le boammaaruri di ka se go tlogele. . . . Mme o tle o bone kamogelo . . . mo matlhong a Modimo le a motho wa mo lefatsheng.”—Diane 3:3, 4.