Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Basha—Jehofa Ga a Na go Lebala Tiro ya Lona!

Basha—Jehofa Ga a Na go Lebala Tiro ya Lona!

Basha—Jehofa Ga a Na go Lebala Tiro ya Lona!

“Modimo ga a tshiamololo mo a ka lebalang tiro ya lona le lorato lo lo le bontshitseng leina la gagwe, ka lo diretse baitshepi e bile lo tswelela lo ba direla.”—BAHEBERA 6:10.

1. Dikwalo tsa Baebele tsa Bahebera le Malaki di bontsha jang gore Jehofa o anaanela tirelo ya gago?

A O KILE wa direla tsala nngwe ya gago sengwe se se molemo mme ya se ka ya go leboga? Go ka utlwisa botlhoko tota fa o diretse motho sengwe se se molemo mme a sa se anaanele, kgotsa se se maswe le go feta seo, a se lebala gotlhelele. Le fa go ntse jalo, a bo go farologane thata jang ne fa re direla Jehofa ka pelo yotlhe! Baebele ya re: “Modimo ga a tshiamololo mo a ka lebalang tiro ya lona le lorato lo lo le bontshitseng leina la gagwe, ka lo diretse baitshepi e bile lo tswelela lo ba direla.” (Bahebera 6:10) Akanya fela gore seno se rayang. Jehofa o ne a ka go tsaya e le go tlhoka tshiamo—e le boleo—fa a ne a ka lebala se o se dirileng le se o tswelelang o se dira mo tirelong ya gagwe. A bo e le Modimo yo o nang le tebogo jang ne!—Malaki 3:10.

2. Ke eng se se dirang gore go direla Jehofa go tlhomologe jaana?

2 O bulegetswe ke sebaka se se kgethegileng sa go obamela le go direla Modimo yono yo o nang le tebogo. E re ka go na le baobamedi ka wena ba ka nna dimilione tse thataro fela fa go bapisiwa le batho ba le dibilione tse thataro mo lefatsheng lotlhe, eleruri o na le tshiamelo e e tlhomologileng. Mo godimo ga moo, go bo o reeditse e bile o tsaya kgato ka molaetsa wa dikgang tse di molemo ke bosupi jwa gore Jehofa o a go kgatlhegela. Tota e bile Jesu o ne a re: “Ga go na motho ope yo o ka tlang mo go nna fa Rara, yo o nthomileng, a sa mo goge.” (Johane 6:44) Ee, Jehofa o thusa batho ka bongwe gore ba solegelwe molemo ke setlhabelo sa ga Keresete.

Go Anaanela Tshiamelo ya Gago e e Molemolemo

3. Bomorwa Kora ba ne ba bontsha jang gore ba anaanela tshiamelo ya go direla Jehofa?

3 Jaaka go bontshitswe mo setlhogong se se fetileng, o mo boemong jo bo kgethegileng jwa gore o ipedise pelo ya ga Jehofa. (Diane 27:11) Le ka motlha o se ka wa ba wa tsaya kgang eno motlhofo. Bomorwa Kora ba ne ba bolela kafa ba neng ba anaanela ka teng tshiamelo ya go direla Jehofa, mo go nngwe ya dipesalema tsa bone tse di tlhotlheleditsweng. Re bala jaana: “Letsatsi le le lengwe fela mo malwapeng a gago le botoka go na le a le sekete go sele. Ke tlhophile go ema fa serepoding mo ntlong ya Modimo wa me go na le go tsamayatsamaya mo megopeng ya boikepo.”—Pesalema 84:10.

4. (a) Ke eng se se ka nnang sa dira gore bangwe ba tseye gore go obamela Jehofa go a kgoreletsa? (b) Jehofa o bontsha jang gore o tlhoafaletse go ela tlhoko batlhanka ba gagwe le go ba duela?

4 A o ikutlwa ka tsela e e ntseng jalo ka tshiamelo ya gago ya go direla Rrago yo o kwa legodimong? Gone, ka dinako tse dingwe go obamela Jehofa go ka nna ga lebega e kete go kgoreletsa kgololesego ya gago. Ke boammaaruri gore go tshela go ya ka melaometheo ya Baebele go tlhoka gore motho a itime dilo dingwe ka selekanyo se se rileng. Mme le fa go ntse jalo, sengwe le sengwe se Jehofa a kopang gore o se dire se solegela wena molemo. (Pesalema 1:1-3) Mo godimo ga moo, Jehofa o bona maiteko a o a dirang mme o bontsha gore o itumelela boikanyego jwa gago. Tota e bile, Paulo o ne a kwala a re Jehofa “o nna moduedi wa ba ba mmatlang ka tlhoafalo.” (Bahebera 11:6) Jehofa o batla sebaka sa go dira seno. Moporofeti yo o siameng kwa Iseraele wa bogologolo o ne a re: “Fa e le Jehofa ene, matlho a gagwe a ya kwa le kwa mo lefatsheng lotlhe gore a bontshe ba pelo ya bone e feletseng mo go ene nonofo ya gagwe.”—2 Ditiragalo 16:9.

5. (a) Nngwe ya ditsela tse di molemo go gaisa ya go bontsha gore pelo ya gago e feletse mo go Jehofa ke efe? (b) Ke eng se se ka dirang gore go bua le ba bangwe ka tumelo ya gago go lebege go le thata?

5 Nngwe ya ditsela tse di molemolemo tse o ka bontshang ka tsone gore pelo ya gago e feletse mo go Jehofa ke go bolelela ba bangwe ka ene. A o kile wa bulegelwa ke sebaka sa go bolelela bangwe ba bana ba o tsenang sekolo le bone ka tumelo ya gago? Kwa tshimologong go ka nna ga lebega go le thata go dira jalo, e bile o ka nna wa ikutlwa o boifa. O ka nna wa re, ‘Ke tla reng fa ba ntshega? Ke tla reng fa ba ka re bodumedi jwa me ga bo a tlwaelega?’ Jesu o ne a re ga se mongwe le mongwe yo o tla reetsang molaetsa wa Bogosi. (Johane 15:20) Le fa go ntse jalo, seno ga se reye gore batho ba tla tlhola ba go sotlile e bile ba sa go batle. Mo boemong jwa moo, basha ba bantsi ba Basupi ba ile ba bona batho ba ba ba reetsang, e bile balekane ba bone ba ile ba ba tlotla le go feta ka ntlha ya go emela se ba se dumelang.

“Jehofa o Tla go Thusa”

6, 7. (a) Mosetsana mongwe wa dingwaga di le 17 o ne a kgona jang go rerela ba a tsenang le bone mo tlelaseng? (b) O ithutile eng mo go se se diragaletseng Jennifer?

6 Mme ke eng se se ka go thusang go nna pelokgale go bua ka tumelo ya gago? Ke eng o sa ititeye sehuba gore o tla bua boammaaruri fela fa batho ba go botsa kaga bodumedi jwa gago? Akanya ka se se diragetseng ka Jennifer wa dingwaga di le 17. O bolela jaana: “E ne e le ka nako ya dijo tsa motshegare kwa sekolong. Basetsana ba ba neng ba dutse mo tafoleng ya me ba ne ba bua ka bodumedi mme mongwe wa basetsana bao o ne a mpotsa gore ke mo bodumeding bofe.” A Jennifer o ne a tshaba go araba? O dumela ka gore: “Ee, ka gonne ke ne ke sa tlhomamisege gore ba ne ba tla arabela jang.” Jennifer o ne a dira eng? O tswelela pele jaana: “Ke ne ka raya basetsana bao ka re ke Mosupi wa ga Jehofa. La ntlha ba ne ba lebega ba gakgametse. Kafa go bonalang ka teng, ba ne ba akanya gore Basupi ba ga Jehofa ke batho ba ba sa tlwaelegang. Seno se ne sa dira gore ba mpotse dipotso mme ke ne ka kgona go baakanya dikgopolo dingwe tse di sa siamang tse ba neng ba na le tsone. Tota le morago ga letsatsi leo, bangwe ba basetsana bao ba ne ba mpotsa dipotso gangwe le gape.”

7 A Jennifer o ne a ikwatlhaela go bo a ile a dirisa sebaka seo go bua ka dilo tse a di dumelang? Le e seng! A re: “Ke ne ka itumelela seo thata fa nako ya dijo tsa motshegare e sena go feta. Jaanong basetsana bao ba tlhaloganya botoka gore Basupi ba ga Jehofa ke bomang tota.” Gone jaanong, kgakololo ya ga Jennifer e e tlhamaletseng ke gore: “Fa go le thata go rerela ba o tsenang le bone mo tlelaseng kana barutabana, dira thapelo e khutshwane. Jehofa o tla go thusa. O tla itumelela go bo o ile wa dirisa sebaka se se go bulegetseng sentle gore o rere.”—1 Petere 3:15.

8. (a) Go rapela go ile ga thusa Nehemia jang fa a ne a lebane le seemo se a neng a sa se lebelela? (b) Ke maemo afe kwa sekolong a mo go one o ka nnang wa tshwanelwa ke gore o rapele Jehofa ka bokhutshwane ka tidimalo?

8 Ela tlhoko gore Jennifer o akantsha gore ‘o rapele Jehofa thapelo e khutshwane’ fa o bona sebaka sa go neela bosupi ka tumelo ya gago. Ke sone se Nehemia, motsholasenwelo wa ga Kgosi Aretaserese wa Peresia, a neng a se dira fa a ne a lebane le seemo se a neng a sa se lebelela. Nehemia o ne a bonala gore o ngomogile pelo ka gonne o ne a boleletswe ka tlalelo ya Bajuda mme gape o ne a utlwile gore lebota le dikgoro tsa Jerusalema ke matlotla fela. Kgosi e ne ya lemoga gore Nehemia o bonala a tlhobaetse, mme ya mmotsa gore mathata ke eng. Pele ga Nehemia a araba, o ne a rapelela kaelo. Go tswa foo o ne a kopa tetla ka bopelokgale gore a boele Jerusalema go ya go thusa go aga sesha motse o o oleng. Aretaserese o ne a dumelela Nehemia go dira se a se kopileng. (Nehemia 2:1-8) O ithuta eng mo go seno? Fa o ikutlwa o tshogile fa go tlhaga sebaka sa gore o neele bosupi malebana le tumelo ya gago, o se ka wa itlhokomolosa sebaka sa go rapela ka tidimalo. Petere o ne a kwala jaana: “Latlhela[ng] tlhobaelo yotlhe ya lona mo go [Jehofa], ka gonne o a lo kgathalela.”—1 Petere 5:7; Pesalema 55:22.

‘Iketleeletse go Iphemela’

9. Leah wa dingwaga di le 13 o ne a kgona jang go tsamaisa dikhopi di le 23 tsa buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang?

9 Akanya ka boitemogelo jo bongwe. Leah, wa dingwaga di le 13, o ne a bala buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo * ka nako ya dijo tsa motshegare kwa sekolong. A re: “Ba bangwe ba ne ba ntebile mme go ise go ye kae ke fa ke kokoanetswe ke boidiidi jwa batho ba okometse buka. Ba ne ba simolola go botsa gore buka eo e bua ka eng.” Kwa bofelong jwa letsatsi leo, basetsana ba le banè ba ne ba kopile Leah gore a ba tlisetse khopi ya buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang. Go ise go ye kae basetsana bano ba ne ba bontsha ba bangwe buka eno mme le bone ba batla khopi ya yone. Mo dibekeng di se kae tse di latelang, Leah o ne a tsamaisa dikhopi di le 23 tsa buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang mo go ba a tsenang le bone sekolo le ditsala tsa bone. A go ne go le motlhofo gore Leah a bue la ntlha fa ba bangwe ba ne ba batla go itse ka buka e a neng a e bala? Le e seng! O dumela jaana: “La ntlha, ke ne ke tshaba. Le fa go ntse jalo, ke ne ka rapela mme ke ne ke itse gore Jehofa o na le nna.”

10, 11. Mosetsanyana mongwe wa Moiseraele o ne a kgona jang go thusa molaodi wa masole wa Mosiria go itse ka Jehofa, mme molaodi yono o ne a dira diphetogo dife morago ga foo?

10 Boitemogelo jwa ga Leah bo ka tswa bo go gopotsa kgang e e tshwanang e e neng ya diragalela mosetsanyana mongwe wa Moiseraele yo o neng a le kwa botshwarwa kwa Siria. Naamane, molaodi wa masole wa Mosiria, e ne e le molepero. Go ka direga gore mosadi wa gagwe ke ene a ileng a simolola motlotlo o o neng wa dira gore mosetsanyana yono a bue ka tumelo ya gagwe. O ne a re: “Fa fela morena wa me a ne a le fa pele ga moporofeti yo o kwa Samarea! Foo o ne a tla fola mo leperong la gagwe.”—2 Dikgosi 5:1-3.

11 Ka ntlha ya bopelokgale jwa mosetsanyana yono, Naamane o ne a itse gore “ga go na Modimo gope mo lefatsheng fa e se fela mo Iseraele.” O bile a swetsa gore ga a kitla a “tlhola a isetsa medimo epe e sele tshupelo e e fisiwang kgotsa setlhabelo fa e se Jehofa fela.” (2 Dikgosi 5:15, 17) Jehofa o ile a segofatsa mosetsanyana yoo ka ntlha ya bopelokgale jwa gagwe. O kgona go segofatsa basha gompieno e bile o tla ba segofatsa. Leah o ne a fitlhela seo se le boammaaruri. Fa nako e ntse e tsamaya, bangwe ba bana ba a tsenang sekolo le bone ba ne ba tla kwa go ene mme ba mmolelela gore buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang e ba thusa mo boitshwarong jwa bone. Leah a re: “Ke ne ka itumela ka gonne ke ne ke itse gore ke thusa ba bangwe go ithuta mo go oketsegileng ka Jehofa le go ba thusa go fetola matshelo a bone.”

12. O ka nonotshiwa jang go femela tumelo ya gago?

12 Le wena o ka nna le boitemogelo jo bo tshwanang le jwa ga Jennifer le Leah. Tsaya tsia kgakololo ya ga Petere yo o neng a kwala gore jaaka Mokeresete o tshwanetse gore ka metlha o ‘iketleeletse go iphemela fa pele ga mongwe le mongwe yo o go batlang lebaka la tsholofelo e e mo go wena, mme o dira jalo ka bonolo le tlotlo e e boteng.’ (1 Petere 3:15) O ka dira seo jang? Latela sekao sa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ba neng ba rapela Jehofa gore a ba thuse go rera “ka bopelokgale jotlhe.” (Ditiro 4:29) Go tswa foo o bo o bua ka bopelokgale le ba bangwe ka dilo tse o di dumelang. O ka gakgamadiwa ke matswela a a ka nnang teng. Mo godimo ga moo, o tla ipedisa pelo ya ga Jehofa.

Dibidio le Dikabelo Tse di Kgethegileng

13. Basha bangwe ba ile ba dirisa ditshono dife go neela bosupi? (Bona mabokose a a mo go tsebe 20 le 21.)

13 Basha ba le bantsi ba ile ba dirisa bidio go tlhalosetsa bana ba ba tsenang sekolo le bone le barutabana ba bone ka tumelo ya bone. Ka dinako tse dingwe, ba bangwe ba ile ba dirisa dikabelo tsa sekolo go baka Jehofa. Ka sekai, basimane ba babedi ba ba nang le dingwaga di le 15, ba ka bobedi e leng Basupi ba ga Jehofa, ba ne ba fiwa kabelo e e neng e le karolo ya thuto ya bone ya hisitori ya lefatshe, mme ba kopiwa gore ba kwale pego ka bongwe jwa madumedi a a leng teng mo lefatsheng. Basimane ba babedi bano ba ne ba kopana mme ba kwala pego ka Basupi ba ga Jehofa, ba dirisa buka ya Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo go bona tshedimosetso mo go yone. * Gape ba ne ba tshwanetse gore ba neele pego e e tlhalosiwang ya metsotso e le metlhano. Morago ga moo, morutabana le baithuti ba ne ba botsa dipotso tse dintsi thata mo e leng gore basimane bano ba ne ba tshwanelwa ke gore ba eme fa pele ga tlelase metsotso e mengwe gape e le 20. Dibeke di le mmalwa morago ga moo, bana ba ba tsenang le bone mo tlelaseng ba ne ba tswelela ba ntse ba botsa dipotso ka Basupi ba ga Jehofa!

14, 15. (a) Ke ka ntlha yang fa go boifa batho e le seru? (b) Ke eng fa o tshwanetse go ikutlwa o gololesegile go bolelela ba bangwe se o se dumelang?

14 Jaaka maitemogelo a a fa godimo a bontsha, o ka bona masego a magolo fa o bolelela ba bangwe ka dilo tse o di dumelang jaaka Mosupi wa ga Jehofa. O se ka wa dira gore go boifa batho go go fetise tshiamelo le boipelo jwa go thusa ba bangwe go itse Jehofa. Baebele ya re: “Go boifa batho ke gone mo go bayang seru, mme yo o ikanyang Jehofa o tla sirelediwa.”—Diane 29:25.

15 Gakologelwa, jaaka mosha wa Mokeresete o na le sengwe se balekane ba gago ba se tlhokang thata—botshelo jo bo molemolemo gone jaanong le tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng mo isagweng. (1 Timotheo 4:8) Se se kgatlhang ke gore, kwa United States—kwa o ka akanyang gore batho ka kakaretso ga ba kgatlhegele bodumedi kgotsa ga ba bo rate—patlisiso nngwe e bontshitse gore bobotlana bontlhanngwe jwa basha ba tsaya bodumedi masisi thata mme nngwetharong ya bone ba re go nna le bodumedi ke “tlhotlheletso e e botlhokwa thata” mo matshelong a bone. Seemo se ka tswa se tshwana mo dikarolong tse dingwe tse dintsi mo lefatsheng. Ka jalo, go ka direga gore balekane ba gago ba sekolo ba ka rata go utlwa se o se bolelang ka Baebele.

Jaaka Mosha, Atamalana le Jehofa

16. Ke eng se se akarediwang mo go itumediseng Jehofa kwantle ga go bua le ba bangwe ka ene?

16 Gone ke boammaaruri gore go ipedisa pelo ya ga Jehofa go akaretsa se se fetang fela go bua ka ene. Gape o tlhoka go dira gore boitshwaro jwa gago bo tsamaisane le melao ya gagwe. Moaposetoloi Johane o ne a kwala jaana: “Seno ke se lorato lwa Modimo lo se kayang, gore re boloke ditaelo tsa gagwe; mme ditaelo tsa gagwe ga di imele.” (1 Johane 5:3) O tla bona seno se le boammaaruri fa o atamalana le Jehofa. O ka dira seo jang?

17. O ka atamalana jang le Jehofa?

17 Iphe nako ya go bala Baebele le dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng. Fa o ithuta mo go oketsegileng ka Jehofa, go tla nna motlhofo go mo utlwa le go bua le ba bangwe ka ene. Jesu o ne a re: “Motho yo o molemo o ntsha molemo mo letlotlong le le molemo la pelo ya gagwe . . . gonne molomo wa gagwe o bua se se tletseng mo pelong.” (Luke 6:45) Ka jalo, tlatsa pelo ya gago ka dilo tse di molemo. Ke eng o sa ipeele mokgele wa go dira seno? Gongwe o ka tokafatsa mo kgannyeng ya go baakanyetsa dipokano tsa phuthego tsa beke eno. Mokgele wa gago o mongwe e ka nna go nna le seabe ka go araba ka bokhutshwane mme o dira jalo go tswa pelong. Mme gone, go botlhokwa gape gore o dirise dilo tse o di ithutang.—Bafilipi 4:9.

18. Le fa o ka boga ka ntlha ya go ganediwa, o ka tlhatswega pelo ka eng?

18 Masego a go direla Jehofa a nnela ruri—ee, ke a bosakhutleng. Gone ke boammaaruri gore ka dinako tse dingwe o ka ganediwa kgotsa wa sotliwa ka tsela nngwe ka go bo o le Mosupi wa ga Jehofa. Mme akanya ka Moshe. Baebele ya re “o ne a leba ka tlhomamo kwa go neweng maduo.” (Bahebera 11:24-26) Le wena o ka tlhatswega pelo gore Jehofa o tla go duela ka ntlha ya maiteko a o a dirang go ithuta ka ene le go bolelela ba bangwe ka ene. Ee, le ka motlha a ka se ka a ‘lebala tiro ya gago le lorato lo o le bontshitseng leina la gagwe.’—Bahebera 6:10.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 9 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 13 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

A o A Gakologelwa?

• Ke eng fa o ka tlhomamisega gore Jehofa o anaanela tiro ya gago?

• Ke ditsela dife tsa go neela bosupi kwa sekolong tse bangwe ba fitlhetseng di atlega?

• Ke eng se se ka go nonotshang go rerela ba o tsenang le bone mo tlelaseng?

• O ka atamalana jang le Jehofa?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 20]

Tota le Bana ba Babotlana Thata ba Baka Jehofa!

Tota le bana ba ba iseng ba fitlhe mo dingwageng tsa bone tsa bolesome ba kgona go neela bosupi kwa sekolong. Sekaseka maitemogelo ano.

Tlelase ya mophato wa botlhano ya ga Amber yo o nang le dingwaga di le lesome e ne e bala buka e e buang ka tsela e Banasi ba neng ba tlhasela Bajuda ka teng ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II. Amber o ne a swetsa gore a tlisetse morutabana wa gagwe bidio ya Purple Triangles. Morutabana o ne a gakgamala thata go utlwa gore Basupi ba ga Jehofa le bone ba ne ba bogisiwa mo pusong ya Banasi. Morutabana o ne a bontsha tlelase yotlhe bidio eo.

Fa Alexa a ne a na le dingwaga di le robedi o ne a kwalela tlelase ya gagwe lokwalo a tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa a sa keteke Keresemose. Morutabana wa gagwe o ne a kgatlhegile thata mo e leng gore o ne a dira gore Alexa a balele tlelase eo le ditlelase tse dingwe tse pedi lokwalo lwa gagwe! Go ela kwa bokhutlong jwa lone o ne a re: “Ke rutilwe go tlotla batho ba bangwe ba ba sa dumeleng dilo tse nna ke di dumelang mme ke lo lebogela go tlotla tshwetso ya me ya go sa keteke Keresemose.”

Fa Eric a ne a sa tswa go simolola mophato wa ntlha, o ne a tsamaya ka Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela kwa sekolong mme a kopa tetla ya go e bontsha ba a tsenang le bone mo tlelaseng. Morutabana wa gagwe o ne a re: “O itse gore ke akanyang? Ke eng o sa balele tlelase polelo nngwe mo go yone?” Eric o ne a dira jalo. Morago ga foo, o ne a kopa botlhe ba ba neng ba batla khopi ya buka eo gore ba tsholetse matsogo. Batho ba le 18—go akaretsa le morutabana—ba ne ba dira jalo! Gone jaanong Eric o akanya gore o na le tshimo ya gagwe e e kgethegileng e a ka rerang mo go yone.

Whitney wa dingwaga di le robongwe o anaanela boroutšhara jwa Basupi ba ga Jehofa le Thuto. * A re: “Gantsi mmè o naya barutabana ba me boroutšhara jono ngwaga le ngwaga, mme monongwaga ba e neilwe ke nna. Ka ntlha ya boroutšhara jono, morutabana wa me o ne a ntlhopha go nna ‘seithuti se se tlhomologileng sa beke.’”

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 56 Dikgatiso tsotlhe tse di umakilweng fano di gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 21]

Maemo a Bangwe ba a Dirisitseng go Bua ka Tumelo ya Bone

Bangwe ba ile tlhopha setlhogo se se ka dirang gore ba kgone go neela bosupi fa ba kwala pego nngwe kgotsa ba dira kabelo nngwe ya kwa sekolong

Basha ba le mmalwa ba ile ba neela morutabana wa bone bidio kgotsa kgatiso nngwe e e amanang le kgang e go buiwang ka yone mo tlelaseng

Fa basha bangwe ba bala Baebele kgotsa dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng ka nako ya boikhutso, basha ba bangwe ba ile ba tla kwa go bone ba ba botsa dipotso

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Batho ba ba nang le maitemogelo ba ka thusa go thapisa basha go direla Jehofa