Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

A go na le dithulaganyo tse di ka dirwang fa Mokeresete mongwe yo o tloditsweng, yo o lwalang kgotsa yo o tsofetseng a sa kgone go nna teng fa phuthego e keteka Sejo sa Morena sa Maitseboa?

Ee. Go ka dirwa sengwe e bile go tshwanetse ga dirwa sengwe go akanyetsa Mokeresete yo o lwalang kgotsa yo o tsofetseng gongwe e bile a sa kgone go tswa mo bolaong mme ka jalo a ka se ka a nna teng fa phuthego e keteka Segopotso sa loso lwa ga Keresete. Fa go ntse jalo, setlhopha sa bagolwane se ka rulaganya gore mogolwane mongwe kgotsa mokaulengwe mongwe yo o godileng semoyeng wa Mokeresete a isetse modumedi yoo senkgwe le beine tsa tshwantshetso mo bosigong jone joo, pele letsatsi le tlhaba.

Go ikaegile ka maemo, mogolwane kgotsa mokaulengwe yo o tlileng a ka dira dikakgelo tse dikhutshwane a bo a bala ditemana tse di tshwanetseng. A ka latela sekao se se tlhomilweng ke Jesu fa a ne a tlhoma Sejo sa Morena sa Maitseboa. Ka sekai, go ka nna ga balwa Mathaio 26:26 a bo a neelwa senkgwe se se sa bedisiwang fa go sena go rapelwa. Go tswa foo, mokaulengwe yo o tlileng a ka bala Mathaio kgaolo 26, temana 27 le 28, a bo a mo neela beine morago ga thapelo e nngwe gape. A ka akgela ka bokhutshwane ka se se kaiwang ke nngwe le nngwe ya ditshwantshetso tseno, a bo a dira thapelo e e konelang.

Gone ke boammaaruri gore motho o tshwanetse a leka ka bojotlhe gore a nne teng fa phuthego e keteka Sejo sa Morena sa Maitseboa. Mme go ka dirwang mo seemong se se masisi fa Mokeresete yo o tloditsweng a lwala thata, a robaditswe kwa kokelong kgotsa a kgorelediwa ke mabaka a sele gore a keteke Segopotso morago ga phirimo ya letsatsi ka Nisane 14? Motlodiwa yono a ka dirisa sekao se se beilweng mo Molaong wa ga Moshe mme a se keteka a le esi malatsi a le 30 moragonyana.—Dipalo 9:9-14.