Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Lehuma le Tla Tsamaya le Fela?

A Lehuma le Tla Tsamaya le Fela?

A Lehuma le Tla Tsamaya le Fela?

KGOSI SOLOMONE wa Iseraele wa bogologolo, o ne a re: “Bona! dikeledi tsa ba ba gatelelwang, mme ba ne ba se na mogomotsi; mme mo letlhakoreng la bagateledi ba bone go ne go na le maatla, mo ba neng ba se na mogomotsi.” (Moreri 4:1) Ga go na pelaelo gore bontsi jwa batho ba ba gatelelwang ba a neng a bua ka bone gape ba ne ba humanegile.

Batho ba ka se ka ba tsewa ba humanegile fela ka ntlha ya go tlhoka madi. Go ya ka tshedimosetso e e ntshitsweng ke World Bank ka June 2002, “go fopholediwa gore ka 1998, batho ba le dimilione di le dikete di le 1,2 mo lefatsheng lotlhe ba ne ba tshela ka madi a a kwa tlase ga dolara ka letsatsi . . . mme ba le dimilione di le dikete di le 2,8 ba ne ba tshela ka madi a a kwa tlase ga didolara tse pedi ka letsatsi.” Go ile ga tlhokomelwa gore le fa dipalo tseo di ne di le kwa tlase ga tse di neng di fopholeditswe pele, “batho ba sa ntse ba boga thata.”

A lehuma le tla tsamaya le fela? Jesu Keresete o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Lo na le bahumanegi ka metlha.” (Johane 12:8) A mme seno se raya gore lehuma le tla tswelela le le teng mmogo le ditlamorago tsa lone tse di botlhoko? Nnyaa, ka gonne le fa Jesu a ne a sa solofetse balatedi ba gagwe gore ba ne ba tla huma botlhe, ga re a tshwanela go konela ka gore mafoko a gagwe a raya gore batho ba ba humanegileng ga ba na tsholofelo epe.

Le fa maiteko a batho ba a dirileng le ditsholofetso tsa go fedisa lehuma gantsi di iteile sefololetse, Lefoko la Modimo, Baebele le re tlhomamisetsa gore go ise go ye kae go tla bo go sa tlhole go na le batho ba ba humanegileng. Tota e bile, Jesu o ne a bolelela “bahumanegi dikgang tse di molemo.” (Luke 4:18) Dikgang tseno tse di molemo di akaretsa tsholofetso ya gore lehuma le tla fedisiwa. Seno se tla direga fa Bogosi Jwa Modimo bo tlisa maemo a a siameng mo lefatsheng.

A bo lefatshe leo le tla bo le farologane jang ne! Kgosi ya kwa legodimong Jesu Keresete “o tla utlwela motho wa maemo a a kwa tlase le yo o humanegileng botlhoko, mme meya ya ba ba humanegileng o tla e boloka.” Eleruri, “o tla golola moya wa bone mo kgatelelong le mo tshiamololong.”—Pesalema 72:13, 14.

Mika 4:4 e bolela jaana ka se se tla diragalang ka nako eo: “Ruri ba tla nna, mongwe le mongwe kafa tlase ga mofine wa gagwe le kafa tlase ga setlhare sa gagwe sa mofeige, mme go tla bo go se na ope yo o ba boifisang; gonne molomo wa ga Jehofa wa masomosomo o go buile.” Bogosi Jwa Modimo bo tla rarabolola mathata otlhe a a tshwenyang batho, e bile bo tla fedisa bolwetse le loso. Modimo “o tla kometsa loso ka bosaengkae, mme Morena Molaodimogolo Jehofa o tla phimola dikeledi mo difatlhegong tsotlhe.”—Isaia 25:8.

O ka ikanya ditsholofetso tseno ka gonne di tlhotlheleditswe ke Modimo ka boene. Ke eng fa o sa tlhatlhobe bosupi jo bo bontshang gore boporofeti jwa Baebele bo a ikanyega?