Ba ba Emang Nokeng Kobamelo ya Boammaaruri—Gompieno le mo Nakong e e Fetileng
Ba ba Emang Nokeng Kobamelo ya Boammaaruri—Gompieno le mo Nakong e e Fetileng
A O GAKOLOGELWA leina la monna mongwe yo o neng a lelela motse wa bogologolo wa Jerusalema? O ka nna wa re ‘ke Jesu’—mme go ntse fela jalo, Jesu o ne a o lelela. (Luke 19:28, 41) Le fa go ntse jalo, makgolokgolo a dingwaga pele ga Jesu a tla mo lefatsheng, motlhanka yo mongwe yo o ikanyegang wa Modimo le ene o ne a lelela Jerusalema. Leina la gagwe e ne e le Nehemia.—Nehemia 1:3, 4.
Ke eng se se neng se dira gore Nehemia a hutsafale jalo mo a neng a lelela Jerusalema? Ke eng se a neng a se direla motse oo le banni ba one? Mme re ka ithuta eng mo sekaong sa gagwe? Go araba dipotso tseno, a re sekasekeng ditiragalo dingwe tsa motlha wa gagwe.
Motho yo o Neng a Amega Maikutlo e Bile a Tsaya Kgato ka Bonako
Nehemia o ne a tlhomiwa go nna molaodi wa Jerusalema, mme pele ga moo, e ne e le modiredi wa maemo a a kwa godimo mo kgotleng ya Peresia mo motseng wa Shushane. Le fa go ntse jalo, botshelo jwa gagwe jwa manobonobo ga bo a ka jwa dira gore a se ka a amega ka boemo jwa bakaulengwe ba gagwe ba Bajuda ba ba kgakala kwa Jerusalema. Tota e bile, selo sa ntlha fela se a neng a se dira fa setlhopha sa Bajuda ba ba tswang Jerusalema se ne Nehemia 1:2) Fa baeng bano ba mmolelela gore batho ba Jerusalema ba ne ba le “mo seemong se se maswe thata” le gore dipota tsa motse di ne di “thubilwe,” Nehemia o ne a ‘nna fa fatshe mme a simolola go lela le go hutsafala malatsi a le mantsi.’ Morago ga moo o ne a tlhalosa maikutlo a gagwe a go utlwa botlhoko ka go rapela Jehofa go tswa pelong. (Nehemia 1:3-11) Ke ka ntlha yang fa Nehemia a ne a utlwile botlhoko jalo? Ke ka gonne Jerusalema e ne e le lefelo la kobamelo ya ga Jehofa mo lefatsheng, mme e ne e tlhokomologilwe. (1 Dikgosi 11:36) Mo godimo ga moo, go bo motse o ne o ole go ne go bontsha kafa banni ba teng ba neng ba koafetse ka teng semoyeng.—Nehemia 1:6, 7.
se etetse kwa Shushane, e ne e le go ba “botsa ka Bajuda ba ba neng ba falotse, ba ba neng ba setse ba botshwarwa, le ka Jerusalema.” (Tsela e Nehemia a neng a amegile ka Jerusalema ka yone le tsela e a neng a tlhomogela Bajuda ba ba neng ba nna koo pelo ka yone, e ne ya mo tlhotlheletsa go ithaopela go ba thusa. E rile fela fa kgosi ya Peresia e letla Nehemia go tsamaya, Nehemia o ne a simolola go rulaganyetsa loeto lo loleele lwa go ya Jerusalema. (Nehemia 2:5, 6) O ne a batla go dirisa nonofo ya gagwe, nako ya gagwe, le bokgoni jwa gagwe go ema nokeng tiro ya go baakanya e e neng e tlhoka go dirwa. Morago ga malatsi a le mmalwa fela fa a sena go goroga, o ne a setse a dirile dithulaganyo tsa go baakanya dipota tsotlhe tsa Jerusalema.—Nehemia 2:11-18.
Nehemia o ne a kgaoganyetsa malapa a le mantsi tiro e kgolo ya go baakanya dipota, mme botlhe ba ne ba dira mmogo. * Sengwe le sengwe sa ditlhopha di feta 40 se ne se abetswe go baakanya ‘karolo e le nngwe e e lekantsweng.’ Go ne ga felela ka eng? Ka gonne go ne go na le batho ba le bantsi jalo ba ba dirang tiro—go akaretsa le batsadi ba ba neng ba na le bana ba bone—ba dirisa nako ya bone le maatla a bone, ba ne ba kgona go dira tiro e e neng e lebega e le kgolo thata. (Nehemia 3:11, 12, 19, 20) Morago ga dikgwedi tse pedi ba ntse ba dira ka natla, ba ne ba kgona go baakanya lobota lotlhe! Nehemia o ne a kwala gore tota le batho ba ba neng ba sa dumalane le tiro eno ya go baakanya dipota ba ne ba tshwanelwa ke go dumela gore “tiro eno e ne e dirilwe e tswa kwa Modimong wa rona.”—Nehemia 6:15, 16.
Sekao se re Tshwanetseng go se Gakologelwa
Nehemia ga a ka a dirisa nako ya gagwe fela le bokgoni jwa gagwe mo go rulaganyeng tiro. Gape o ne a dirisa le madi a gagwe go ema nokeng kobamelo ya boammaaruri. O ne a dirisa madi a gagwe go rekolola bakaulengwe ba Bajuda mo bokgobeng. O ne a adima ba bangwe madi a sa batle morokotso. E re ka e ne e le molaodi, o ne a sa ‘direle Bajuda boima’ ka go batla gore a duelwe madi a a neng a na le tshwanelo ya go batla gore a a duelwe. Go na le moo, o ne a nna a butse ntlo ya gagwe go fepa “banna ba le lekgolo le masome a matlhano, le ba ba tlang kwa go rona ba tswa kwa ditšhabeng tse di neng di re dikologile.” Letsatsi le letsatsi o ne a ntshetsa baeng ba gagwe “poo e le nngwe, dinku di le thataro tse di tlhophilweng le dinonyane.” Mo godimo ga moo, malatsi mangwe le mangwe a le lesome o ne a ba naya “mofuta mongwe le mongwe wa beine e le ntsi”—e le ene a di rekileng.—Nehemia 5:8, 10, 14-18.
Nehemia o tlhometse batlhanka botlhe ba Modimo ba nako eo le ba gompieno sekao se se molemo thata sa go aba ka bopelotshweu! Motlhanka yono yo o pelokgale wa Modimo o ne a dirisa madi a gagwe ka go rata go tlamela badiri gore a tsweletse pele kobamelo ya boammaaruri. Go ne go tshwanela gore a kope Jehofa jaana: “A ko o nkgakologelwe, tlhe Modimo wa me, ka tsela e e molemo, ka ntlha ya sotlhe se ke se diretseng batho bano.” (Nehemia 5:19) Eleruri Jehofa o tla dira jalo.—Bahebera 6:10.
Sekao sa ga Nehemia se a Latelwa Gompieno
Go a itumedisa go ela tlhoko gore batho ba ga Jehofa gompieno le bone ba bontsha maikutlo a lorato, go dira ka go rata, le boikutlo jwa go intsha setlhabelo mo kobamelong ya boammaaruri. Fa re utlwalela gore badumedi ka rona ba tlhagetswe ke mathata, re amega thata ka boemo jo ba leng mo go jone. (Baroma 12:15) Jaaka Nehemia re ema bakaulengwe ba rona ba ba bogang nokeng ka go ba rapelela mo go Jehofa, re mo kopa jaana: “Tsweetswee a tsebe ya gago e reetse thapelo ya motlhanka wa gago le thapelo ya batlhanka ba gago ba ba natefelelwang ke go boifa leina la gago.”—Nehemia 1:11; Bakolosa 4:2.
Le fa go ntse jalo, go amega ga rona ka boemo jwa semoya le jwa mo mmeleng jwa bakaulengwe ba rona ba Bakeresete le go tswelela pele ga kobamelo ya boammaaruri, ga go ame maikutlo a rona fela. Gape go re tlhotlheletsa gore re tseye kgato. Ba maemo a bone a ba letlang ba tlhotlhelediwa ke lorato go tlogela magae a bone a ba itumelelang go nna mo go one mme, jaaka Nehemia, ba fudugela kwa mafelong a mangwe go ya go thusa ba ba tlhokang thuso. Botshelo jo bo seng manobonobo jo baithaopi bano ba ka nnang ba tshwanelwa ke go bo tshela mo dikarolong dingwe tsa lefatshe, ga bo ba thibele go ya kwa go tsone, mme ba ema nokeng go tsweledisiwa pele ga kobamelo ya boammaaruri koo, ba direla mmogo le bakaulengwe ba bone ba Bakeresete. Moya wa go intsha setlhabelo o ba o bontshang o molemo ruri.
Go Dira Seabe sa Rona Gaufi Le mo Re Nnang Teng
Go a utlwala gore ba le bantsi ba rona ga re kgone go fudugela kwa lefelong le lengwe. Re ema nokeng kobamelo ya boammaaruri gaufi le mo re nnang teng. Seno se a tlhalosiwa gape mo bukeng ya ga Nehemia. Ela tlhoko ntlha nngwe e Nehemia a e umakang ka malapa mangwe a a ikanyegang a a neng a dira tiro ya go baakanya. O ne a kwala jaana: “Jedaia morwa Harumafe o ne a dira tiro ya go baakanya fa pele ga ntlo ya gagwe. . . . Benjamine le Hashube ba dira tiro ya go baakanya fa pele ga ntlo ya bone. Morago ga bone Asaria morwa Maaseia morwa Anania a dira tiro ya go baakanya gaufi le ntlo ya Nehemia 3:10, 23, 28-30) Banna bao le malapa a bone ba ne ba thusa thata mo go tsweletseng pele kobamelo ya boammaaruri ka go dira tiro ya go baakanya gaufi le magae a bone.
gagwe.” (Gompieno ba le bantsi ba rona re ema kobamelo ya boammaaruri nokeng ka ditsela tse di farologaneng mo mafelong a re nnang mo go one. Re thusa go aga Diholo Tsa Bogosi, go namola ba ba wetsweng ke masetlapelo, mme sa botlhokwa le go feta, re dira tiro ya go rera ka Bogosi. Mo godimo ga moo, le fa re ka tswa re kgona kgotsa re sa kgone go nna le seabe ka borona mo tirong ya go aga kgotsa ya go namola, rotlhe re eletsa ka pelo yotlhe go ema nokeng kobamelo ya boammaaruri ka madi a rona, fela jaaka Nehemia a ne a dira jalo ka bopelotshweu mo motlheng wa gagwe.—Bona lebokose le le reng “Ditsela Tsa go Aba ka go Rata.”
Go bona madi a a tlhokegang go duelela ditiro tsa rona tse di ntseng di oketsega tsa go gatisa, go namola ba ba wetsweng ke masetlapelo, le ditiro tse dingwe tse dintsintsi tse di dirwang mo lefatsheng lotlhe ka dinako tse dingwe go ka nna ga bonala e le selo se se boitshegang. Le fa go ntse jalo, gakologelwa gore tiro ya go baakanya dipota tse dikgolo tsa Jerusalema le yone e ne e lebega e boitshega. (Nehemia 4:10) Le fa go ntse jalo, ka gonne tiro eno e ne e kgaogantswe gore e dirwe ke malapa a le mantsi a a neng a rata go dira, tiro eno e ne ya wediwa. Ka tsela e e tshwanang le gompieno, re sa ntse re ka kgona go bona madi a a lekaneng go dira tiro ya rona ya lefatshe lotlhe fa mongwe le mongwe wa rona a tswelela go dira seabe sa gagwe.
Lebokose le le reng “Ditsela Tse Bangwe ba Tlhophang go Aba ka Tsone” le bontsha ditsela tse di Nehemia 2:18.
farologaneng tse tiro ya Bogosi e ka engwang nokeng ka tsone ka madi. Mo ngwageng o o fetileng, batho ba le bantsi ba Modimo ba ne ba dira jalo, mme Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa se rata go dirisa sebaka seno go leboga thata botlhe ba dipelo tsa bone di neng tsa ba tlhotlheletsa go aba ka go rata. Mme re leboga Jehofa thata ka ntlha ya go segofatsa maiteko a batho ba gagwe a ba a dirang ka pelo yotlhe go tsweledisa kobamelo ya boammaaruri mo lefatsheng lotlhe. Ee, fa re akanya ka tsela e seatla sa ga Jehofa se re kaetseng ka teng go ralala dingwaga tse dintsi, re tlhotlheletsega go bua jaaka Nehemia, yo o neng a bua jaana ka tebogo: ‘Seatla sa Modimo wa me, se ne se le molemo jang mo go nna.’—[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 7 Nehemia 3:5 e bontsha gore Bajuda bangwe ba maemo, “ba ba tlotlometseng,” ba ne ba gana go thusa mo tirong eno, mme e ne e le bone fela ba ba neng ba sa thuse. Batho ba maemo a a farologaneng—baperesiti, bathudi ba gouta, batlhakanyi ba ditlolo, dikgosana, bagwebi—botlhe ba ne ba ema tiro eno nokeng.—Ditemana 1, 8, 9, 32.
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 28, 29]
Ditsela Tse Bangwe ba Tlhophang go Aba ka Tsone
MENEELO YA TIRO YA LEFATSHE LOTLHE
Batho ba le bantsi ba beela madi kwa thoko go a tsenya mo mabokosong a moneelo a a tshwailweng “Meneelo ya Tiro ya Lefatshe Lotlhe—Mathaio 24:14.”
Kgwedi nngwe le nngwe, diphuthego di romela madi ano kwa ntlokgolo ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa kana kwa ofising ya lekala ya naga ya tsone. Meneelo e e ntshiwang ka go rata gape e ka romelwa ka tlhamalalo kwa Accounting Office, Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania, Private Bag X2067, Krugersdorp, 1740, South Africa, kana kwa ofising ya lekala ya naga ya gaeno. Dibenya kana dilo tse dingwe tse di tlhwatlhwakgolo le tsone di ka ntshiwa moneelo. Go tla tlhokega gore meneelo eno e romelwe le lekwalo le lekhutshwane le le tlhalosang gore moneelo oo ke mpho.
MENEELO E E IKAEGILENG KA MABAKA MANGWE
Madi a ka abiwa ka thulaganyo e e kgethegileng ya gore fa go ka direga gore mong wa one a a tlhoke, a busediwe madi ao. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, tsweetswee ikgolaganye le Accounting Office ya ofisi ya lekala ya lefelo la lona.
GO RULAGANYETSA GO ABA
Mo godimo ga go ntsha dimpho tsa madi ka tlhamalalo le meneelo e e ikaegileng ka mabaka mangwe, go na le mekgwa e mengwe gape ya go aba e e ka solegelang tiro ya Bogosi ya lefatshe lotlhe molemo. E akaretsa:
Inshorense: Mokgatlho wa Watch Tower o ka kwalwa gore ke one o tla amogelang madi a inshorense ya botshelo kana a thulaganyo ya go tlogela tiro/phenshene.
Ditoko le dibonto: Ditoko le dibonto di ka abelwa Mokgatlho wa Watch Tower.
Ditsha le Dikago Tsa Tsone: Ditsha le dikago tsa tsone tse di ka rekisiwang di ka abelwa Mokgatlho wa Watch Tower e le mpho kana gore e nne tsa mong fa a sa ntse a tshela mme a tswelele pele a nna mo go tsone go fitlha a swa. Ikgolaganye le ofisi ya lekala ya naga ya gaeno pele ga o kwadisa ditsha le dikago tsa tsone.
Diwili: Dithoto kana madi di ka tlogelelwa Mokgatlho wa Watch Tower ka wili e e kwadilweng semmuso.
Fa e le gore o ka rata go dirisa nngwe ya ditsela tseno tsa go aba ka thulaganyo, o tshwanetse wa ikgolaganya le Accounting Office, ka go e kwalela kana ka mogala, mo atereseng e e thathamisitsweng fa tlase kana kwa ofising ya Basupi ba ga Jehofa e e thusang naga ya lona.
[Lebokoso mo go tsebe 30]
Ditsela Tsa go Aba ka go Rata
Fa moaposetoloi Paulo a ne a kwalela Bakorintha, o ne a umaka ditsela di le tharo tse di nang le bokao tsa go aba ka go rata. (1) Paulo o ne a laela jaana fa a ne a kwala ka go kolekwa ga madi: “Letsatsi lengwe le lengwe la ntlha la beke a mongwe le mongwe wa lona kwa ntlong ya gagwe a beele sengwe kwa thoko.” (1 Bakorintha 16:2a) Ka jalo, go tlhokega gore motho a rulaganyetse go sa le pele go aba, mme go tshwanetse ga dirwa ka thulaganyo. (2) Gape Paulo o ne a kwala gore motho mongwe le mongwe a abe “go ya ka madi a a a amogelang.” (1 Bakorintha 16:2b, New International Version) Ka mafoko a mangwe, motho yo o batlang go aba ka go rata o ka dira jalo go ya ka selekanyo sa madi a a nang le one. Le fa Mokeresete a amogela madi a mannye, Jehofa o anaanela thata madi a mannye a a ka nnang a a ntsha e le moneelo. (Luke 21:1-4) (3) Paulo gape o ne a kwala jaana: “A mongwe le mongwe a dire fela jaaka a sweditse mo pelong ya gagwe, e seng ka go ikgoga fela kgotsa ka go patelelwa, gonne Modimo o rata yo o nayang ka boitumelo.” (2 Bakorintha 9:7) Bakeresete ba ba peloephepa ba aba go tswa pelong—ka boitumelo.
[Ditshwantsho mo go tsebe 26]
Nehemia e ne e le motho yo o neng a amega maikutlo e bile a tsaya kgato ka bonako
[Ditshwantsho mo go tsebe 30]
Meneelo e e ntshiwang ka go rata e thusa go dira ditiro tsa go gatisa, go namola ba ba wetsweng ke masetlapelo, go aga Diholo Tsa Bogosi le ditiro tse dingwe tsa botlhokwa mo lefatsheng lotlhe