KGANG YA BOTSHELO
Jehofa o Ile a Araba Dithapelo Tsa Me
FA KE na le dingwaga di le lesome, ke ne ka bona dinaledi tse dintle tse di neng di phatshima mo loaping. Seo se ile sa ntlhotlheletsa gore ke rapele. Ke ne ke sa tswa go ithuta ka Jehofa, mme ke ile ka mmulela mafatlha. Go tloga ka nako eo, ke ile ka simolola go atamalana le Jehofa le go lemoga gore ke “Moutlwi wa thapelo.” (Pes. 65:2) A ke go tlotlele gore go tlile jang gore ke rapele Modimo yo ke neng ke sa tswa go simolola go ithuta ka ene.
BOTSHELO JWA RONA BO A FETOGA
Ke tshotswe ka di22 tsa December, ka 1929 kwa Noville, kwa motsaneng o o neng o na le dipolase di le robongwe kwa Bastogne, kwa Belgium. Ke ne ke itumelela go nna mo polaseng le batsadi ba me. Nna le nnake yo o bidiwang Raymond, re ne re gama dikgomo letsatsi le letsatsi e bile re thusa mo masimong. Batho ba motse wa rona ba ne ba rata go thusana.
Batsadi ba me e bong Emile le Alice, ba ne ba tsena kereke ya Katoliki. Ba ne ba keteka Mmisa Sontaga mongwe le mongwe. Le fa go ntse jalo, ka 1939 babulatsela ba ba tswang kwa England ba ile ba etela motsana wa rona. Papa o ile a dumela go tsenya kopo ya gore a nne a romelelwa makasine wa Consolation (o jaanong o bidiwang Tsogang!). O ile a lemoga gore se makasine ono o se rutang ke boammaaruri, e bile o ile a simolola go bala Baebele. Fa a tlogela go keteka Mmisa, baagelani ba ile ba galefa. Ba ne ba bolelela Papa gore a se ka a tlogela kereke, mme seo se ne se dira gore ba ngangisane ka makgetlo a le mantsi.
Kgang eo e ile ya nkutlwisa botlhoko tota. Ka jalo, ke ile ka rapela Modimo jaaka ke tlhalositse kwa tshimologong. Ke ile ka itumela fela thata fa bogale jwa baagelani ba rona bo fokotsega, e bile ke ile ka tlhatswega pelo gore Jehofa ke “Moutlwi wa thapelo.”
KA NAKO YA NTWA YA BOBEDI YA LEFATSHE
Ka di10 tsa May, 1940, Germany le Belgium di ile tsa itaana ka noga e tshela. Seo se ile sa dira gore batho ba le bantsi ba siele kwa dinageng tse dingwe. Nna le ba lelapa la gaetsho re ne ra siela kwa France. Fa re ntse re le mo tseleng, ka dinako dingwe re ne re iphitlhela re le mo mafelong a masole a Germany le a France a neng a lwela mo go one.
Moragonyana re ile ra boela kwa polasing ya rona. Mme fa re fitlha koo re ile ra lemoga gore bontsi jwa dilo tsa rona di ne di utswitswe. Ntša ya rona e e bidiwang Bobbie, ke yone fela e e neng e
setse. Dilo tseno tsotlhe di ile tsa dira gore ke ipotse go re, ‘Ke eng fa go na le dintwa e bile batho ba diragalelwa ke dilo tse di utlwisang botlhoko?’Ka yone nako eo, Mokaulengwe Emile Schrantz, a yo e neng e le mmulatsela e bile e le mogolwane, o ne a re etela. O ne a dirisa Baebele go tlhalosa lebaka la go bo re diragalelwa ke dilo tse di botlhoko e bile o ile a araba dipotso tse dingwe gape tse ke neng ke di ipotsa ka botshelo. Seo se ile sa dira gore ke atamalane thata le Jehofa le gore ke tshepe gore ke Modimo yo o lorato.
Tota le pele ntwa e fela, lelapa la gaetsho le ne le kopana le Basupi ba ga Jehofa ka metlha. Ka August 1943, Mokaulengwe José-Nicolas Minet, o ne a tla go neela puo kwa polasing ya rona. O ne a re: “Ke bomang ba ba batlang go kolobediwa?” Papa o ile a tsholetsa seatla, mme le nna ke ile ka dira jalo. Ka jalo, re ne ra kolobediwa mo nokeng e e gaufi le polasi ya rona.
Ka December 1944 fa Ntwa ya Bobedi ya Lefatshe e tloga e fela, masole a Germany a ile a tlhasela Europe. Ntwa eo e ile ya itsege e le Battle of the Bulge. Re ne re nna gaufi le kwa ntwa e neng e le gone. Ka jalo, re ile ra fetsa kgwedi yotlhe re nna kwa karolong e e kwa tlase ya ntlo ya rona. Letsatsi lengwe fa ke ne ke ya go naya diruiwa tsa rona dijo, go ne ga thunya dibomo di bo di rutlolola marulelo a mabolokelo a rona. Lesole lengwe la Moamerika le le neng le le mo lesakeng le ke neng ke le gaufi le lone, le ne la goa le re, “Rapama!” Ke ne ka taboga ke bo ke rapama gaufi le ene. O ne a baya helemete ya gagwe mo tlhogong ya me go ntshireletsa.
KE ATAMALANA LE JEHOFA LE GO FETA
Morago ga ntwa, re ne re sa ntse re kgona go kopana le bakaulengwe le bokgaitsadi ba phuthego ya kwa Liège. Phuthego eo, e ne e le dikilometara di ka nna 90 go tswa kwa re neng re nna gone. Fa nako e ntse e tsamaya, re ne ra kgona go simolola setlhopha kwa Bastogne. Fa ke simolola go bereka, ke ne ke bereka ka lekgetho, e bile ke ne ka kgona go ithuta dilo tse di amanang le molao. Moragonyana ke ne ka bereka kwa ofising ya puso ya mo lefelong la rona. Ka 1951, re ile ra rulaganya kopano ya potologo kwa Bastogne. Go ne ga tla batho ba ka nna 100, go akaretsa le kgaitsadi mongwe wa mmulatsela yo o bidiwang Elly Reuter. O ne a tsamaile dikilometara di ka nna 50 ka baesekele go
tla kopanong. Go ise go ye kae, nna le ene re ile ra simolola go ratana, re bo re solofetsana go nyalana. Elly o ne a romeletswe foromo ya go ya kwa Sekolong sa Gileade kwa United States. Ka jalo o ile a kwalela ntlokgolo ya lefatshe lotlhe, a tlhalosa gore ke eng fa a ka se kgone go ya sekolong. Mokaulengwe Knorr, yo o neng a eteletse batho ba ga Jehofa pele ka nako eo, o ne a mo araba a bo a re gongwe letsatsi lengwe ene le monna wa gagwe ba tla kgona go ya kwa Gileade. Re ne ra nyalana ka February 1953.Ka one ngwaga oo, nna le Elly re ne ra ya kwa Kopanong ya Mokgatlho wa Lefatshe le Lesha e e neng e tshwaretswe kwa Yankee Stadium, kwa New York. Fa re le koo, ke ile ka kopana le mokaulengwe mongwe yo o neng a ntsholofetsa tiro, e bile a batla gore re fudugele kwa United States. Fa nna le Elly re sena go bolelela Jehofa ka kgang eno, re ile ra dira tshwetso ya gore re se ka ra dumela tiro eo mme re boele kwa Belgium gore re ye go tshegetsa setlhotswana sa baboledi ba ka nna lesome kwa Bastogne. Mo ngwageng o o latelang, re ne ra nna le ngwana wa mosimane. Leina la gagwe e ne e le Serge. Ka maswabi, morago ga dikgwedi di le supa, Serge o ne a lwala thata a bo a tlhokafala. Re ne ra tshololela Jehofa mafatlha, re mmolelela kafa re utlwileng botlhoko ka gone, mme tsholofelo ya tsogo e ne ya re gomotsa fela thata.
TIRELO YA NAKO E E TLETSENG
Ka October 1961, ke ile ka bona tiro e e neng e tla ntetla go bereka malatsi a a rileng fela gore ke kgone go tswelela ke le mmulatsela. Mo go lone letsatsi leo, motlhanka wa lekala la kwa Belgium o ne a nfounela. O ne a mpotsa gore a nka kgona go nna motlhanka wa potologo (gone jaanong o bidiwa, molebedi wa potologo). Ke ne ka kopa gore re nne babulatsela pele re ka dira kabelo eo. Bakaulengwe ba ile ba dumalana, ka jalo re ile ra simolola tirelo ya potologo ka September 1962, morago ga dikgwedi di le robedi re le babulatsela.
Fa re sena go fetsa dingwaga di le pedi mo tirong ya potologo, re ile ra kopiwa go direla kwa Bethele ya kwa Brussels. Re simolotse go direla teng ka October 1964. Jehofa o ile a re segofatsa fela thata mo kabelong eno. Fela fa Mokaulengwe Knorr a sena go etela Bethele ya rona ka 1965, ke ile ka makala tota fa ke ne ke tlhomiwa go nna motlhanka wa lekala. Moragonyana nna le Elly re ne ra kopiwa go ya kwa tlelaseng ya bo41 ya Sekolo sa Gileade. Se Mokaulengwe Knorr a ileng a se bua mo dingwageng di le 13 tse di fetileng, se ile sa direga. Fa re sena go aloga, re ile ra boela kwa Bethele ya kwa Belgium.
KE FEMELA BATHO BA GA JEHOFA
Fa dingwaga di ntse di tsamaya, ke ile ka dirisa kitso e ke nang le yone ya molao go femela tshwanelo ya batho ba ga Jehofa ya go mo obamela ka kgololesego kwa Europe le kwa dinageng tse dingwe. (Bafil. 1:7) Seo se ile sa dira gore ke kopane le balaodi ba dinaga di feta 55 kwa tiro ya rona e neng e thibetswe gone. Go na le gore ke bolelele balaodi bao maitemogelo a ke nang le one mo dilong tsa molao, ke ne ke ba bolelela gore ke direla Modimo. Ke ne ke rapela Modimo ka metlha ka gonne ke lemoga gore “pelo ya kgosi [kgotsa ya moatlhodi] e tshwana le melatswana ya metsi mo seatleng sa ga Jehofa. O e kaela gongwe le gongwe kwa a ratang teng.”—Diane 21:1.
Nka se tsoge ke lebetse motlotlo o ke ileng ka nna le one le monna mongwe wa leloko la Palamente ya Europe. Ke ne ke kopile go bua le ene ka makgetlo a le mmalwa, mme o ne a feleletsa a dumalane. Fa re kopana, o ne a nthaya a re, “Ke go naya metsotso e le metlhano fela.” Ke ne ka oba tlhogo ke bo ke simolola go rapela. Monna yono o ne a mpotsa gore ke dira eng. Fa ke sena go rapela, ke ne ka mo raya ka re, “Ke ne ke leboga Modimo ka gonne o mongwe wa badiredi ba gagwe.” O ne a mpotsa gore ke raya jang. Ke ile ka mmontsha Baroma 13:4. E re ka e ne e le Moporotesetanta, o ne a itse temana eo, ka jalo re ile ra nna le motlotlo o o itumedisang ka ura le halofo. O ile a mpolelela gore o rata tiro e Basupi ba e dirang.
Fa dingwaga di ntse di tsamaya, batho ba ga Jehofa ba ne ba bulelwa dikgetsi kwa Europe malebana le go sa tseye letlhakore, go tlhokomela bana, makgetho le ka dikgang tse dingwe. Ke ile ka kgona go thusa mo dikgetsing dingwe, e bile ke ile ka itumelela go bona kafa Jehofa a ileng a re thusa ka gone go fenya. Basupi ba ga Jehofa ba fentse dikgetsi di feta 140 kwa Kgotlatshekelo ya Europe ya Ditshwanelo Tsa Batho.
TIRO YA RONA E A OKETSEGA KWA CUBA
Ka bo1990, nna, Mokaulengwe Philip Brumley, go tswa kwa ntlokgolo ya lefatshe lotlhe le Mokaulengwe Valter Farneti go tswa kwa Italy, re ne ra dira mmogo go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi ba kwa Cuba gore ba obamele Jehofa ka kgololesego ka gonne tiro ya rona e ne e thibetswe koo. Ke ile ka kwalela Diofisi Tsa Moemedi wa Cuba tse di kwa Belgium, mme go ile ga kopiwa molaodi mongwe gore a re thuse. Fa re ne re kopana le ene lekgetlo la ntlha, ga re a ka ra kgona go rarabolola bothata jo bo neng jwa dira gore puso e thibele tiro ya rona kwa Cuba.
Fa re sena go rapela Jehofa ka kgang eno, re ile ra kopa tetla ya go romela Dibaebele di le 5 000 kwa Cuba, mme re ile ra letlelelwa go dira jalo. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ile ba amogela Dibaebele tseo. Ka jalo, re ile ra tlhatswega pelo gore Jehofa o segofaditse matsapa a re a tsereng. Go tswa foo, re ile ra tsenya kopo e nngwe gape ya go romela Dibaebele tse dingwe di le 27 500. Le yone e ile ya amogelwa. Ke ile ka itumela tota go bo ke ile ka kgona go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi ba kwa Cuba gore ba nne le Dibaebele.
Ke ile ka etela Cuba ka makgetlo a le mantsi go thusa gore re nne le tshwanelo ya go dira tiro ya rona. Mo nakong eo, ke ile ka kgona go dira botsala le balaodi ba dipuso di le dintsi.
RE THUSA BAKAULENGWE BA KWA RWANDA
Ka 1994, fa Batutsi ba ne ba tlhaselwa kwa Rwanda, go ne ga bolawa batho ba feta 1 000 000. Se se utlwisang botlhoko ke gore bangwe ba bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona le bone ba ile ba bolawa. Mme go ise go ye kae, go ile ga kopiwa bakaulengwe ba le mmalwa gore ba thuse bakaulengwe le bokgaitsadi ba koo ka dilo tse ba di tlhokang.
Fa nna le bakaulengwe bao re goroga kwa motsemogolong wa Rwanda kwa Kigali, re ile ra bona dipota tsa ofisi ya thanolo mmogo le dikgatiso di tletse diphatlha gotlhe fela. E ne e le diphatlha tsa marumo a tlhobolo. Re ile ra bolelelwa dilo tse dintsi tse di garolang pelo ka bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba ileng ba bolawa ka dithipa tse dikgolo. Mme gone, dikgang tse di monate ke gore ba ne ba bontshana gore ba a ratana ka nako eo e e thata. Ka sekai, mokaulengwe mongwe wa Motutsi o ne a re bolelela gore lelapa lengwe la Bahutu, le ne la mo fitlha mo khuting ka malatsi a le 28. Re ile ra tshwara pokano kwa Kigali go kgothatsa le go gomotsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba feta 900.
Go tswa foo, re ile ra ya kwa Zaire (e gone jaanong e bidiwang Democratic Republic of the Congo), re ya go batla bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba kwa Rwanda ba ba neng ba tshabetse kwa dikampeng tsa batshabi gaufi le motse wa Goma. E re ka re ne re sa kgone go ba bona, re ile ra kopa Jehofa gore a re kaele. Go tswa foo, re ile ra bona mongwe a tla a re lebile, re ile ra mmotsa gore a o itse Basupi. O ne a re, “Ke Mosupi, e bile nka ya go lo bontsha gore komiti ya namolo e kwa kae.” Fa re sena go tshwara pokano e e kgothatsang le komiti eo ya namolo, re ile ra gomotsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ka nna 1 600. Gape re ile ra ba balela lekwalo le le tswang kwa Setlhopeng se se Laolang. Bakaulengwe le bokgaitsadi bao ba ile ba itumela tota fa ba utlwa mafoko a a reng: “Re a lo rapelela, e bile re a itse gore Jehofa ga a kitla a lo latlha.” Ruri seo se ile sa direga! Gompieno go na le Basupi ba feta 30 000 kwa Rwanda.
KE IKEMISEDITSE GO NNA KE IKANYEGA
Pelo ya me e ne ya rotha madi ka 2011 fa Elly a ne a tlhokafala. Re ne re feditse dingwaga di le 58 re nyalane. Go bulela Jehofa mafatlha, ke mmolelela kafa ke ikutlwang ka gone, go ne ga nkgomotsa. Gape ke ile ka gomodiwa ke go bolelela batho ba bangwe dikgang tse di molemo.
Le fa gone jaanong ke na le dingwaga di feta 90, ke sa ntse ke kgona go ya tshimong beke le beke. Gape ke itumelela go thusa Lefapha la Molao le le mo ofising ya lekala ya Belgium. Mo godimo ga moo, ke bolelela ba bangwe maitemogelo a ke nnileng le one e bile ke kgothatsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba basha ba ba mo Bethele.
Go setse go fetile dingwaga di le 84 go tloga ka nako ya fa ke ne ke rapela Jehofa lekgetlo la ntlha. Fa e sale ka nako eo, ke nna ke atamalane le Jehofa. Ke itumelela gore o ne a reetsa dithapelo tsa me botshelo jwa me jotlhe.—Pes. 66:19. b