A o Ne o Itse?
Mo motlheng wa ditiragalo tsa Baebele batho ba ne ba bala dingwaga le dikgwedi jang?
NGWAGA wa Bahebera ba ba neng ba nna kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng, o ne o simologa fa ba ne ba lema le fa ba jala ka dikgwedi tse gone jaanong e leng September kgotsa October.
Batho ba ne ba bala gore kgwedi e tla nna boleele jo bokae ba ikaegile ka modikologo wa ngwedi, o o tsayang malatsi a le 29 kgotsa a le 30. Mme seo se ne se dira gore ngwaga wa bone o nne mokhutshwane fa o bapisiwa le ngwaga o o badilweng go ikaegilwe ka letsatsi. Ka jalo, ba ne ba tshwanetse go dira gore mekgwa eo e mebedi ya go bala dikgwedi e tsamaisane. Ba ne ba dira jalo ka go oketsa malatsi kgotsa ka go tsenya kgwedi e nngwe, gongwe pele ga ngwaga o o latelang o simologa. Seo se ne se tla thusa gore khalendara eo e tsamaisane le nako ya dipaka tsa go jala le go roba.
Le fa go ntse jalo, mo motlheng wa ga Moshe Modimo o ne a laela batho ba gagwe gore ngwaga o o amanang le kobamelo ya bone o simologe ka kgwedi ya Abibe kgotsa Nisane, e gompieno e ka nnang ka March kgotsa April. (Ekes. 12:2; 13:4) Moletlo o o neng o tshwarwa ka kgwedi eno, o ne o tshwarwa ka nako e go neng go robiwa barele.—Ekes. 23:15, 16.
Mo bukeng ya gagwe e e bidiwang The History of the Jewish People in the Age of Jesus Christ, (175 B.C.–A.D. 135) moithuti mongwe e bong Emil Schürer a re “go ne go le motlhofo go itse gore go ka tsenngwa kgwedi e nngwe kae mo khalendareng. Moletlo wa Tlolaganyo o o neng o tshwanetse go ketekiwa ka ngwedi o o tletseng ka kgwedi ya Nisane (Nisane 14), ka metlha o ne o tshwanetse go tla morago ga letsatsi la fa motshegare le bosigo di lekana . . . Ka jalo, fa ngwaga o tloga o fela, mme go lemogiwa gore Tlolaganyo e ne e tlile go tla pele ga letsatsi la fa motshegare le bosigo di lekana, go ne go tsenngwa kgwedi e nngwe [ya bo13] pele ga Nisane.”
Basupi ba ga Jehofa ba dirisa mokgwa ono go bona letlha le ka lone go tla tshwarwang Sejo sa Morena sa Maitseboa, se gantsi se tshwarwang ka letlhabula e bile se tsamaisana le Nisane 14 mo khalendareng ya Sehebera. Diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe di itsisiwe ka letlha leo go sa le gale. *
Mme gone, Bahebera ba ne ba itse jang gore kgwedi e fedile le gore e nngwe e a simologa? Gompieno dilo di motlhofo, re kgona go leba khalendara e e printilweng kgotsa e e mo didirisiweng tsa rona tsa ileketeroniki. Le fa go ntse jalo, mo motlheng wa ditiragalo tsa Baebele, dilo di ne di se motlhofo jalo.
Ka nako ya Morwalela, kgwedi e ne e tsaya malatsi a le 30. (Gen. 7:11, 24; 8:3, 4) Mme moragonyana mo khalendareng ya Bahebera, kgwedi e ne e sa tseye malatsi a le 30 a a tlhomameng. Mo khalendareng ya Sehebera, kgwedi e ne e simologa fa ngwedi yo mosha o tlhaga. O ne o tlhaga morago ga malatsi a le 29 kgotsa a le 30 fa kgwedi e e fetileng e sena go simologa.
Nako nngwe, Dafide le Jonathane ba ne ba bua ka kgwedi e e neng e tla simologa ba re: “Kamoso ke ngwedi yo mosha.” (1 Sam. 20:5, 18) Ka jalo, go lebega ka motlha wa bone dikgwedi di ne di balelwa kwa pele. Le fa go ntse jalo, Baiseraele ba ne ba tla itse jang gore kgwedi e a simologa? Mishnah, e leng molao wa Bajuda o o neng o fetisiwa ka molomo le dingwao tsa bone, e na le tshedimosetso e e ka re thusang go itse seo. E bontsha gore fa Bajuda ba sena go boa ba tswa kwa botshwarwa kwa Babelona, Sanehederine (kgotlatshekelokgolo ya Bajuda) e ne ya itsisiwe. Ngwaga le ngwaga ka kgwedi ya bosupa fa go tshwarwa moletlo, kgotlatshekelo eo e ne e kopana ka letsatsi la bo30 la kgwedi eo. Banna bao ba ne ba na le maikarabelo a go itse gore kgwedi e e latelang e simologa leng. Ba ne ba tla itse jang?
Banna ba ba neng ba beilwe mo mafelong a a tsholetsegileng mo Jerusalema, ba ne ba nna ba lebile kwa loaping bosigo go bona fa ngwedi yo mosha o tlhaga. Fa seo se direga, ba ne ba bolelela Sanehederine ka yone nako eo. Fa kgotlatshekelo e na le bosupi jo bo feletseng jwa gore ngwedi yo mosha o tlhagile, ba ne ba itsise gore kgwedi e e latelang e simologile. Mme go tweng
fa e le gore maru kgotsa mouwane o dira gore banna bao ba ba lebang loapi ba se ka ba bona ngwedi yo mosha? Fa go le jalo, go ne go itsisiwe gore kgwedi eo e na le malatsi a le 30 le gore kgwedi e e latelang e a simologa.Mishnah e tlhalosa gore go ne go tshubiwa molelo kwa setlhoeng sa Thaba ya Lotlhware gaufi le Jerusalema go itsise gore kgwedi e nngwe e simologile. Gape go ne go tshubiwa melelo mo dikarolong tse di tsholetsegileng mo Iseraele yotlhe go itsise kgang eo. Moragonyana fa nako e ntse e tsamaya, go ne go romelwa barongwa. Ka jalo, Bajuda ba ba neng ba nna kwa Jerusalema, kwa Iseraele yotlhe le kwa dikarolong tse dingwe, ba ne ba itsisiwe gore kgwedi e nngwe e a simologa. Ka jalo, botlhe ba ne ba kgona go keteka meletlo ya dipaka ka nako e le nngwe.
Leba tšhate e e fa tlase e e tla go thusang go tlhaloganya dikgwedi, meletlo le dipaka tsa khalendara ya Sehebera.
^ Bala makasine wa Tora ya Tebelo wa February 15, 1990, ts. 15 le “Dipotso Tse di Tswang kwa Babading” mo makasineng wa June 15, 1977 ka Seesemane.