Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 27

PINA 73 Re Neye Bopelokgale

Nna Pelokgale Jaaka Sadoke

Nna Pelokgale Jaaka Sadoke

“Sadoke [e ne e le] . . . lekawana le le maatla le le pelokgale.” ​—1 DITIR. 12:28.

SE GO BUIWANG KA SONE

Re tla bona gore se Sadoke a ileng a se dira, se ka re thusa jang go nna pelokgale.

1-2. Sadoke e ne e le mang? (1 Ditiragalo 12:22, 26-28)

 AKANYA fela banna ba feta 340 000 ba kopane gore ba tle go dira Dafide kgosi mo Iseraele yotlhe. Go ile ga feta malatsi a le mararo banna bano ba nna mo dithoteng tse di gaufi le Heberone. Ba ne ba tshega, ba tlotla e bile ba opelela Jehofa dipina tsa pako. (1 Ditir. 12:39) Mo go bone, go ne go na le lekawana le le bidiwang Sadoke. Bontsi jwa bone, ba ne ba sa lemoge gore o teng mo boidiiding joo. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a itse gore o teng e bile o ile a netefatsa gore re itse seo. (Bala 1 Ditiragalo 12:22, 26-28.) Mme gone, Sadoke e ne e le mang?

2 Sadoke e ne e le moperesiti e bile o ne a dira mmogo le Moperesiti yo Mogolo e bong Abiathare. Gape Jehofa o ne a mo neile botlhale le bokgoni jwa go tlhaloganya thato ya gagwe. (2 Sam. 15:27) Batho ba ne ba a tle ba mo kope gore a ba gakolole fa ba ne ba tlhoka thuso. Gape Sadoke o ne a le pelokgale. Mo setlhogong seno, re tlile go bona gore Sadoke o ile a bontsha jang gore o pelokgale.

3. (a) Goreng batho ba ga Jehofa ba tlhoka go nna pelokgale? (b) Re tla tlotla ka eng mo setlhogong seno?

3 Mo malatsing ano a bofelo, Satane o lwa ntwa e e matlhomahibidu le batho ba Modimo. (1 Pet. 5:8) Ka jalo, re tlhoka go nna pelokgale gore re kgone go itshoka go fitlha Jehofa a fedisa lefatshe leno le le bosula. (Pes. 31:24) A re tlotleng ka dilo tse tharo tse re ka di dirang go etsa bopelokgale jwa ga Sadoke.

EMA BOGOSI JWA MODIMO NÔKENG

4. Goreng batho ba ga Jehofa ba tlhoka go nna pelokgale gore ba eme Bogosi Jwa Modimo nôkeng? (Bona le setshwantsho.)

4 Gantsi re tlhoka bopelokgale gore re eme Bogosi Jwa Modimo nôkeng. (Math. 6:33) Ka sekai, re tlhoka go nna pelokgale gore re ikobele melao ya Modimo le go rerela batho dikgang tse di molemo ka gonne re tshela mo lefatsheng le le bosula. (1 Bathes. 2:2) Gape batho ba re tshelang le bone ga ba utlwane ka ntlha ya dipolotiki. Ka jalo, re tshwanetse go nna pelokgale gore re se ka ra itshunya nko mo dikgannyeng tseo. (Joh. 18:36) Batho ba le bantsi ba ba direlang Jehofa ga ba na madi, ba ile ba itewa kgotsa ba tsenngwa mo kgolegelong ka gonne ba sa tsenele dipolotiki kgotsa ba sa ye bosoleng.

O tla dira eng fa ba bangwe ba tsenela dipolotiki? (Bona serapa 4)


5. Goreng Sadoke a ne a tlhoka go nna pelokgale gore a eme Dafide nôkeng?

5 Sadoke ga a a ka a ya kwa Heberone fela gore a ye go itumelela go bona Dafide a dirwa kgosi. O ile a tsamaya ka dibetsa tsa gagwe e bile o ne a ipaakanyeditse go lwa. (1 Ditir. 12:38) O ne a ikemiseditse go ya ntweng le Dafide gore a sireletse Baiseraele mo bathong ba ba neng ba ba tlhoile. Sadoke e ka tswa e ne e se motlhabani yo o setswerere, mme o ne a le pelokgale.

6. Dafide o ile a tlhomela Sadoke sekao sefe se sentle? (Pesalema 138:3)

6 Ke eng se se thusitseng Sadoke gore a nne pelokgale? O ne a itse banna ba le bantsi ba ba nonofileng e bile ba le pelokgale. Ka jalo, a ka tswa a ile a ithuta mo go bone. Ka sekai, Dafide o ne a etelela batho ba Modimo pele a le pelokgale e bile e ne e le motlhabani yo o setswerere. Ke gone ka moo Baiseraele botlhe ba neng ba batla go mo dira kgosi. (1 Ditir. 11:1, 2) Ka metlha Dafide o ne a ikaega ka Jehofa fa batho ba ba neng ba sa mo rate ba batla go mo tlhasela. (Pes. 28:7; bala Pesalema 138:3.) Batho ba bangwe ba Sadoke a ithutileng mo go bone e ne e le Jehoiada le morwawe e bong Benaia le balaodi ba le 22 ba ba ileng ba ema Dafide nôkeng. (1 Ditir. 11:22-25; 12:26-28) Banna bano ba ne ba ikemiseditse go dira Dafide kgosi le go mo sireletsa.

7. (a) Re ka ithuta eng mo go se se diragaletseng makawana a le mantsi a mo motlheng wa rona? (b) Jaaka o bone mo bidiong, o ithuta eng mo go se se diragaletseng mokaulengwe Nsilu?

7 Go akanya kafa ba bangwe ba ileng ba nna pelokgale ka gone gore ba tswelele ba ikanyega mo go Jehofa le mo Bogosing jwa gagwe, go re rotloetsa gore le rona re nne pelokgale. Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a gana go tsaya karolo mo dipolotiking tsa lefatshe leno la ga Satane. (Math. 4:8-11; Joh. 6:14, 15) Ka metlha o ne a ikaega ka Jehofa gore a mo neye maatla a go dira se se siameng. Mo motlheng wa rona, go na le makawana a le mantsi a a ileng a gana go ya bosoleng kgotsa go tsenela dipolotiki. Ka jalo, re go kgothaletsa gore o bale maitemogelo a bone mo jw.org. a

THUSA BAKAULENGWE LE BOKGAITSADI

8. Bagolwane ba tlhoka go nna pelokgale leng gore ba thuse bakaulengwe le bokgaitsadi?

8 Batho ba ga Jehofa ba rata go thusana. (2 Bakor. 8:4) Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe ba tlhoka go nna pelokgale gore ba dire jalo. Ka sekai, fa ntwa e runya, bagolwane ba ba mo lefelong leo ba a itse gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba tlhoka go kgothadiwa, go engwa nôkeng, go newa Dibaebele le dikgatiso kgotsa go thusiwa ka dilo tse ba di tlhokang. Ka jalo, e re ka bagolwane ba rata bakaulengwe le bokgaitsadi, ba dira sotlhe se ba ka se kgonang go ba thusa gore ba nne le dilo tse ba di tlhokang, le fa seo se ka tsenya matshelo a bone mo kotsing. (Joh. 15:12, 13) Fa ba dira jalo, ba bontsha gore ba pelokgale jaaka Sadoke.

9. Go ya ka 2 Samuele 15:27-29, Dafide o ile a laela Sadoke gore a dire eng? (Bona le setshwantsho.)

9 Sadoke o ile a thusa Baiseraele mmogo le ene fa go ne go le thata. Abesalome o ne a batla go bolaya rraagwe e bong Dafide gore e nne kgosi. (2 Sam. 15:12, 13) Ka jalo, Dafide o ne a tshwanetse go tswa mo Jerusalema ka ponyo ya leitlho! O ile a raya batlhanka ba gagwe a re: “Tlang, a re tshabeng, ka gonne ga go na ope wa rona yo o tla falolang Abesalome!” (2 Sam. 15:14) Fa ba ntse ba ipaakanyetsa go tsamaya, Dafide o ile a lemoga gore o ne a tla tlhoka mongwe yo a neng a tla sala mo motseng gore a nne a mmolelela se Abesalome a neng a ikaeletse go se dira. Ka jalo, o ile a laela Sadoke le baperesiti ba bangwe gore ba boele kwa motseng mme ba mmolelele se se diregang. (Bala 2 Samuele 15:27-29.) Ba ne ba tshwanetse go ntsha matlho dinameng ka gonne se Dafide a neng a ba kopa gore ba se dire, se ne se ka tsenya matshelo a bone mo kotsing. Abesalome o ne a le dikgoka, a ikakanyetsa a le nosi e bile a batla go menola puso ya ga rraagwe. Akanya gore go ne go ka nna jang fa Abesalome a ne a ka lemoga gore Sadoke le baperesiti ba bangwe ba ne ba bolelela Dafide se se diregang gore ba mo sireletse.

Dafide o ne a kopa Sadoke gore a dire sengwe se se neng se ka tsenya botshelo jwa gagwe mo kotsing (Bona serapa 9)


10. Sadoke le ba bangwe ba ile ba sireletsa Dafide jang?

10 Dafide o ile a tla ka leano, mme o ne a kopa Sadoke le tsala e nngwe ya gagwe e e neng e ikanyega e bong Hushai gore ba mo thuse. (2 Sam. 15:32-37) Hushai o ne a itira e kete o ema Abesalome nôkeng, a bo a mo naya kgakololo ya gore a ka tlhasela Dafide jang. Fa a lemoga gore Abesalome o reeditse kgakololo ya gagwe, o ile a bolelela Sadoke le Abiathare se se diragetseng. (2 Sam. 17:8-16) Go tswa foo, bone ba ne ba bolelela Dafide se Abesalome a ikaeletseng go se dira. (2 Sam. 17:17) Jehofa o ile a thusa Sadoke le baperesiti ba bangwe gore ba sireletse Dafide.​—2 Sam. 17:21, 22.

11. Re ka nna pelokgale jang jaaka Sadoke fa re thusa bakaulengwe le bokgaitsadi?

11 Re ka nna pelokgale jang jaaka Sadoke fa matshelo a bakaulengwe le bokgaitsadi a le mo kotsing? (1) Ikobele ditaelo. Fa maemo a le maswe, go botlhokwa gore re nne seoposengwe. Ka jalo, ikobele ditaelo tse ofisi ya lekala e lo nayang tsone. (Baheb. 13:17) Bagolwane ba tshwanetse go nna ba bala ditaelo tsa gore ba ka ipaakanyetsa masetlapelo a tlholego jang, le gore ba ka dira eng fa a nna teng. (1 Bakor. 14:33, 40) (2) Nna pelokgale mme o le podi matseba. (Diane 22:3) Akanya pele o dira sengwe. Dira sotlhe se o ka se kgonang gore o nne o sireletsegile. (3) Ikaege ka Jehofa. Gopola gore Jehofa o batla gore wena le bakaulengwe le bokgaitsadi lo nne lo sireletsegile. A ka go naya botlhale jwa gore o thuse bakaulengwe le bokgaitsadi.

12-13. O ithuta eng mo go se Viktor le Vitalii ba ileng ba se dira? (Bona le setshwantsho.)

12 Akanya ka se mokaulengwe Viktor le mokaulengwe Vitalii ba ileng ba se dira. Ba ne ba isetsa bakaulengwe le bokgaitsadi metsi le dijo kwa Ukraine. Viktor a re: “Re ne re batla dijo gongwe le gongwe. Gantsi re ne re utlwa batho ba thuntshana gaufi le rona. Se se itumedisang ke gore mokaulengwe mongwe yo o neng a na le shopo o ile a ntsha moneelo wa dijo, mme dijo tseo di ile tsa thusa bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi. Fa re ntse re tsenya dijo tseo mo terakeng, bomo e ile ya thunya dimitara di ka nna 20 go tswa fa re neng re le gone. Ke feditse letsatsi lotlhe ke kopa Jehofa gore a nthuse go nna pelokgale gore ke thuse bakaulengwe le bokgaitsadi.”

13 Vitalii a re: “Re ne re tlhoka go nna pelokgale tota. Lekgetlo la ntlha fa re ne re isetsa bakaulengwe le bokgaitsadi dijo, re tsamaile diura di le 12. Ke ne ke rapela mo nakong eo yotlhe.” Vitalii o ne a le pelokgale, e bile a le podi matseba. A re: “Ke ne ke nna ke kopa Jehofa gore a mphe botlhale le gore a nthuse go nna boingotlo. Ka jalo, ke ile ka kgweetsa fela mo ditseleng tse balaodi ba neng ba letleletse gore di dirisiwe. Tumelo ya me e ile ya nonofa tota fa ke bona bakaulengwe le bokgaitsadi ba dirisana mmogo. Ba ne ba tlosa matlakala mo tseleng, e bile ba ne ba re thusa go folosa dijo, diaparo le dilo tse dingwe tse di botlhokwa mo terakeng. Gape ba ne ba naya nna le Viktor dijo le lefelo le re neng re ka robala mo go lone.”

Ka dinako tsa mathata, nna pelokgale mme o ntshe matlho dinameng fa o thusa bakaulengwe le bokgaitsadi (Bona serapa 12-13)


NNA O IKANYEGA MO GO JEHOFA

14. Re ka ikutlwa jang fa mongwe yo re mo ratang a tlogela Jehofa?

14 Sengwe sa dilo tse go leng thata go di itshokela, ke fa mongwe mo lelapeng kgotsa tsala a tlogela go direla Jehofa. (Pes. 78:40; Diane 24:10) Go ka nna thata le go feta go itshokela boemo joo fa o rata motho yoo thata. Ka jalo fa e le gore seo se a go diragalela, tsela e Sadoke a ileng a ikanyega ka yone e ka go nonotsha.

15. Goreng Sadoke a ne a tlhoka go nna pelokgale gore a tswelele a ikanyega mo go Jehofa? (1 Dikgosi 1:5-8)

15 Sadoke o ne a tswelela a ikanyega mo go Jehofa fa tsala ya gagwe e bong Abiathare a ne a tlogela go direla Jehofa. Seno se ile sa direga kwa bowelong jwa puso ya ga Dafide. Fa Dafide a ne a setse a tsofetse e bile a le gaufi le go swa, morwawe e bong Adonija o ile a leka go itira kgosi, le fa gone Jehofa a ne a batla gore Solomone e nne ene kgosi. (1 Ditir. 22:9, 10) Abiathare o ile a tlhopha go tshegetsa Adonija. (Bala 1 Dikgosi 1:5-8.) Fa a ne a dira seno o ne a tlhanogela Dafide, gape o ne a tlhanogela Jehofa. Seo se tshwanetse sa bo se ile sa utlwisa Sadoke botlhoko ka gonne ba ne ba feditse dingwaga di feta 40 ba dira mmogo e le baperesiti. (2 Sam. 8:17) Ba ne ba tlhokomela “Letlole la Modimo wa boammaaruri” mmogo. (2 Sam. 15:29) Gape ba ile ba ema Dafide nôkeng fa e ne e le kgosi. Mo godimo ga moo, ba ile ba dira dilo di le dintsi mmogo mo tirelong ya ga Jehofa.​—2 Sam. 19:11-14.

16. Ke eng se se ka tswang se ile sa thusa Sadoke gore a tswelele a ikanyega?

16 Sadoke o ile a tswelela a ikanyega mo go Jehofa le fa Abiathare a ile a tlhanogela Dafide. Dafide o ne a itse gore Sadoke o a ikanyega. Fa Dafide a ne a utlwa ka se Adonija a neng a ikaeletse go se dira, o ile a tlhopha Sadoke, Nathane le Benaia gore ba tlotse Solomone gore a nne kgosi. (1 Dikg. 1:32-34) Sadoke a ka tswa a ile a kgothadiwa ke batlhanka ba ga Jehofa ba ba ikanyegang ba ba jaaka Nathane, le ba bangwe ba ba neng ba ema Dafide nôkeng. (1 Dikg. 1:38, 39) Fa Solomone a nna kgosi, o ile a “tlhoma moperesiti Sadoke mo boemong jwa ga Abiathare.”​—1 Dikg. 2:35.

17. O ka etsa Sadoke jang fa mongwe yo o mo ratang a tlogela go direla Jehofa?

17 O ka etsa Sadoke jang? Tswelela o ikanyega mo go Jehofa fa mongwe yo o mo ratang a tlogela go mo direla. (Josh. 24:15) Jehofa o tla go naya maatla le bopelokgale gore o dire se se siameng. Mo rapele, mme o tswelele o le seoposengwe le batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang. Jehofa o a itumela fa o ikanyega, e bile o tla go segofatsa.​—2 Sam. 22:26.

18. O ithuta eng mo go se se diragaletseng Marco le Sidse?

18 Akanya ka se se diragaletseng Marco le mosadi wa gagwe e bong Sidse. Bomorwadiabone ba le babedi ba ile ba tlogela go direla Jehofa. Marco a re: “Fela fa o nna le bana, o ba rata fela thata. O dira sotlhe se o ka se kgonang go ba sireletsa. Ka jalo, fa bomorwadiarona ba ne ba tlogela go direla Jehofa, re ile ra phatloga dipelo. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a re ema nôkeng. O ne a netefatsa gore fa mosadi wa me a kgobegile marapo, ke kgona go mo kgothatsa, mme fa nna ke kgobegile marapo, le ene o kgona go nkgothatsa.” Sidse a re: “Re ne re ka se ka ra kgona go itshoka fa Jehofa a ne a sa re thuse. Ke ne ke nna ke ipona molato ka se se diragetseng, ka jalo ke ile ka bulela Jehofa mafatlha. Go ise go ye kae, kgaitsadi mongwe yo re feditseng dingwaga di le dintsi re sa bonane, o ile a tla kwa go nna, a ntshwara mo magetleng, a nteba mo matlhong a bo a re, ‘Sidse, gopola gore se se diragetseng ga se phoso ya gago.’ Jehofa o ile a nthusa gore ke kgone go tswelela ke mo direla ke itumetse.”

19. O ikemiseditse go dira eng?

19 Jehofa o batla gore batlhanka botlhe ba gagwe ba nne pelokgale jaaka Sadoke. (2 Tim. 1:7) Le fa go ntse jalo, ga a batle gore re ikaege ka maatla a rona. Go na le moo, o batla gore re ikaege ka ene. Ka jalo, fa go direga sengwe se se tlhokang gore o nne pelokgale, mo rapele. O tla go thusa gore o nne pelokgale jaaka Sadoke.​—1 Pet. 5:10.

PINA 126 Nnang lo Tsogile, Nitamang, Nnang Maatla