Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

Goreng Kgosi Dafide a ile a letla banna ba e neng e se Baiseraele gore e nne masole a gagwe?

BANNA bangwe ba e neng e le masole a ga Kgosi Dafide e ne e se Baiseraele. Ka sekai, Seleke e ne e le Moamone, Uria e ne e le Mohite, mme Ithema ene e ne le Momoabe. a (1 Ditir. 11:39, 41, 46) Gape mo masoleng a ga Dafide go ne go na le “Bakeretha, Bapelethe le Bagathe.” (2 Sam. 15:18) Go bonala Bakeretha le Bapelethe ba ne ba atamalane thata le Bafilisitia. (Esek. 25:16) Bagathe bone ba ne ba nna kwa motseng mongwe wa Bafilisitia o o bidiwang Gathe.​—Josh. 13:2, 3; 1 Sam. 6:17, 18.

Goreng Kgosi Dafide a ile a tsenya banna bano ba e neng e se Baiseraele mo sesoleng sa gagwe? Ka gonne o ne a tlhatswegile pelo gore ba ne ba ikanyega mo go ene, mme sa botlhokwa le go feta ke gore ba ne ba ikanyega mo go Jehofa. Ka sekai, dikishinare nngwe e e tlhalosang Baebele e a re Bakeretha le Bapelethe “ba ne ba nna ba ikanyega mo go Dafide le fa go ne go le thata ka nako ya fa a ne a busa.” Ba ne ba bontsha jang gore ba a ikanyega? Fa “banna botlhe ba Iseraele” ba ne ba tlogela Dafide mme ba simolola go ema nôkeng “monna mongwe yo o letshwenyo yo o bidiwang Sheba,” Bakeretha le Bapelethe ba ne ba tswelela ba ikanyega mo go Dafide e bile ba ile ba thusa go lwantsha botlhanogi jwa ga Sheba. (2 Sam. 20:1, 2, 7) Fa morwa Kgosi Dafide e bong Adonija a batla gore e nne ene kgosi e seng Solomone, Bakeretha le Bapelethe ba ne ba tswelela ba ikanyega mo go Dafide. Ba ile ba thusa gore Solomone a tlhomiwe go nna kgosi ka gonne Jehofa o ne a mo tlhophile gore e nne kgosi e e latelang.​—1 Dikg. 1:24-27, 38, 39.

Itai yo e neng e le Mogathe o ne a ikanyega mo go Dafide. Ene le batlhabani ba le 600 ba ne ba ema Kgosi Dafide nôkeng fa morwawe e bong Abesalome a ne a mo tlhanogela e bile a batla go busa mo boemong jwa gagwe. Dafide o ne a bolelela Itai gore ga a tlhoke go mo lwela ka gonne Itai e ne e se Moiseraele. Le fa go ntse jalo, Itai o ne a re: “Ke ikana ka Jehofa Modimo yo o tshelang le ka wena morena wa me kgosi, gongwe le gongwe kwa o tla bong o le gone morena wa me kgosi, e ka ne o a swa kgotsa o a tshela, nna motlhanka wa gago ke tla nna gone koo!”​—2 Sam. 15:6, 18-21.

Itai o ne a ikanyega mo go Dafide, yo Jehofa a neng a mo tlhophile go nna kgosi

Le fa gone Bakeretha, Bapelethe le Bagathe e ne e se Baiseraele, ba ne ba tlotla Jehofa e bile ba itse gore ke Modimo wa boammaaruri. Gape ba ne ba itse gore ke ene a tlhomileng Dafide gore e nne kgosi. Ga go pelaelo gore Dafide o ne a lebogela go bo go ne go na le banna bao ba ba ikanyegang e bile ba mo ema nôkeng.

a Mo go Duteronome 23:3-6 Jehofa o ne a laela Baiseraele gore ba se ka ba letla Baamone le Bamoabe go tsena mo phuthegong ya gagwe. Seno se raya gore ba ne ba ka se nne le ditshwanelo tsa boagi tse Baiseraele ba neng ba na le tsone. Le fa go ntse jalo, ba ne ba ka kgona go nna le Baiseraele fa e le gore ba ne ba amogela kobamelo ya boammaaruri. Bona Insight on the Scriptures, Bolumo 1, ts. 95.