“Modimo o Fodisa Matsadi a Rona”
NATALYA le morwawe wa dingwaga di le robongwe e bong Aslan ba ne ba kgotlhagane le Zarina le morwadie wa dingwaga di le 12 e bong Anzhelika. Bana le bagolo ba feta 1 000 ba ne ba ntse mmogo ba lebilwe ke batlhasedi ba ba tshwereng ditlhobolo.
Mo mosong wa Laboraro, September 1, 2004, bana le batsadi ba bone ba ne ba le kwa ntle ba baakanyetsa moletlo wa letsatsi la ntlha kwa sekolong kwa Beslan, torotswana ya kwa Alania kwa Russia. Ka tshoganyetso fela go ne ga tla banna ba ba tshwereng ditlhobolo le ba ba thunyang dibomo ba thunya mo moyeng e bile ba goa. Batlhasedi ba feta 30 ba ne ba tsenya boidiidi joo mo jiminaseng ya sekolo ba bo ba gokelela dibomo go dikologa phaposi eo.
Tlhakatlhakano le Pheretlhego
Mo malatsing a le mararo a a latelang go ne ga nna le tlhakatlhakano fa gare ga batlhasedi le masole. Natalya, yo o neng a ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa o ne a re: “Ga ke ise ke rapele thata jaana.”
E ne e le dikgwedi tsa bofelo tsa selemo e bile go le mogote tota mo jiminaseng. Mo mosong wa letsatsi la bobedi, dikebekwa ga di a ka tsa naya batshwarwa dijo kgotsa metsi mme mo letsatsing la boraro—ka Labotlhano—batshwarwa bangwe ba ne ba nwa motlhapo ba bo ba ja malomo a bana ba neng ba a tliseditse barutabana ba bone. Natalya a re: “Mosimanyana yo o neng a bapile le rona o ne a nnaya letlhare. Ke ne ka le kgaoganya ka bogare mme ka le naya Anzhelika le Aslan.”
Moragonyana mo letsatsing la boraro, go ne ga tsoga tlhakatlhakano. Natalya a re: “Dibomo tse di neng tsa thunya di ne tsa ntigela fa fatshe. Go ne ga nna le leru la mosi le go thunngwa ga ditlhobolo.” Fa masole le batlhasedi ba ntse ba thuntsha ditlhobolo, Natalya le Aslan ba ne ba tswa ba gagaba. Monna mongwe wa kwa Ossetia yo o bidiwang
Alan o ne a ba falotsa. Bontsi ga bo a ka jwa falola.Morago ga Tlhakatlhakano
Bana le bagolo ba le bantsi go akaretsa le Anzhelika ba ne ba swa. Go ne ga feta dibeke go le selelo le phuranyo ya meno kwa Beslan. Tota le fa go agilwe sekolo se sesha gaufi le ntlo ya ga Natalya go bapa le sekolo se se sentsweng, Aslan o ne a sa batle go ya sekolong. O ne a sa batle le go tshamekela kwa ntle. Natalya a re: “Re ne ra kopa Jehofa gore a mo thuse gore a lwantshe poifo.” Fa nako e tsamaya, o ne a simolola go ya sekolong.
Go ne go se motlhofo gore Natalya a ye dipokanong kwa Holong ya Bogosi. A re: “Nako le nako fa ke le mo moagong o o nang le batho ba bantsi, ke ne ke tshoga gore re tloga re tlhaselwa. Ke ne ke rapela gore go se ka ga direga sepe se se bosula. Ke ne ka tlogela go ya dipokanong. Gape ke ne ke tshwenngwa ke gore batho bangwe ba ne ba swa fa re falola.”
Go Fola
Natalya a re: “Ke itumelela gore bangwe mo phuthegong ba ne ba tswelela ba nthusa. Mosupi mongwe yo o bidiwang Tatyana o ne a nketela morago ga malatsi mangwe le mangwe a mabedi. Moragonyana o ne a tla le Mosupi mongwe—yo o pelontle, yo o akanyetsang le yo o buang ka bonolo yo o bidiwang Ulyana—yo o neng a tlhaloganya Baebele sentle. O ne a nkakgolela maiteko a ke a dirileng a bo a ntheetsa ka tlhoafalo fa ke bua.
“Gone jaanong ke kgona go bua ka se se diragetseng ke sa ngomoga pelo kgotsa ke sa tshoga”
“Ulyana o ne a mpalela mafoko a moaposetoloi wa Mokeresete e bong Paulo, a a mo go 2 Bakorintha 1:9. Fa Paulo a sena go lebana le mathata kwa Asia, o ne a re: ‘Re ne re ikutlwa gore re ne re amogetse katlholo ya loso.’ O ne a bo a bala Isaia 40:31: ‘Ba ba solofetseng mo go Jehofa ba tla nna le maatla gape. Ba tla tlhatlogela kwa godimo ka diphuka jaaka bontsu.’ Dikwalo tse di ntseng jalo le tsela e Ulyana le ba bangwe ba neng ba nkgothatsa ka yone, e ne ya dira gore ke ye dipokanong gape le bongwanake. Le fa go ntse jalo, ke sa ntse ke sa phuthologe fa ke le mo holong.”
Moragonyana Zarina o ne a nna Mosupi wa ga Jehofa mme o lebile pele go amogela Anzhelika fa a tsosediwa mo lefatsheng le lentle la kagiso, fa go tla bo go busa Bogosi Jwa Modimo. (Mathaio 6:9, 10; Ditiro 24:15) Natalya le bana ba gagwe ba kolobeditswe ka 2009. Ba sa ntse ba nna gaufi le marope a jiminase mme ga ba tlhole ba boifa. Natalya a re: “Gone jaanong ke kgona go bua ka se se diragetseng ke sa ngomoga pelo kgotsa ke sa tshoga. Modimo o fodisa matsadi a rona.”