Se Batsadi Ba ka Se Dirang
“Baithuti ba ne ba le bantsi thata e bile ba pitlagane mo phaposing ya borutelo! Go ne go se na difetlhaphefo mme go ne go le mogote mo re neng re hupelwa.”—Luis, Bolivia.
“Sekolo sa rona se ne se na le barutabana ba le mmalwa fela, ka jalo ba ne ba sa kgone go bona nako ya go thusa moithuti mongwe le mongwe. Se ne se se na dimmapa, didirisiwa tsa laboratori e bile se se na laeborari.”—Dorcus, Myanmar.
“Bontsi jwa barutabana ba me ba ne ba palelwa ke go laola bana mo tlelaseng. Ka dinako dingwe, baithuti ba ne ba sa laolege mme seo se ne se dira gore go ithuta go nne thata le go feta.”—Nina, Afrika Borwa.
FELA jaaka mafoko a a fa godimo a bontsha, maemo a kwa dikolong dingwe a dira gore go nne thata go ithuta. Wena jaaka motsadi, o ka thusa bana ba gago jang gore ba solegelwe molemo thata ke thuto ya bone le fa go na le dikgwetlho? Dikakantsho dingwe ke tseno.
Tsaya kgato.
Go na le go tlhoma mogopolo mo mathateng—a go ka diregang gore bontsi jwa one o ka se kgone go a rarabolola—tlhoma mogopolo mo go se o ka kgonang go se dira. Fa go lebega ngwana wa gago a sa kgone serutwa sengwe kgotsa a fekeediwa ke tiro e ntsi e a e newang ya sekolo e e direlwang kwa gae, tlotla le ngwana wa gago ka boemo joo mme lo leke go batla ditharabololo di le mmalwa mmogo. Ka sekai, a o tlhoka go dira gore go nne le lefelo le le siametseng go ithuta kwa gae? A ngwana wa gago o tlhoka thuso ya go dira thulaganyo e e tla dirang gore a fetse ditiro tse di botlhokwa thata? A o tla solegelwa molemo ke go nna le motho yo o ka mo thusang go tlhaloganya serutwa seo? Fa o batla dikakantsho tse di oketsegileng, gongwe o ka bua le morutabana wa ngwana wa gago kgotsa mogakolodi wa tsa thuto. Leba batho bano e le bathusi ba gago e seng baba ba gago.
Dira gore ngwana wa gago a tlhome mogopolo mo boikaelelong jwa thuto.
Thuto e tshwanetse go thusa ngwana wa gago go nna mogolo yo o nang le maikarabelo mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo jwa gagwe. Boikaelelo ga e a tshwanela gore e nne fela gore e rute ngwana wa gago gore a ka huma jang. Le fa go ntse jalo, dipatlisiso di bontsha gore basha ba le bantsi ba gagamalela thuto ka jone boikaelelo joo—go batla go huma. Baebele e re kgothaletsa gore re lebe dikhumo ka tsela e e siameng. Le fa e bolela gore ‘madi ke tshireletso,’ gape e tlhagisa gore batho “ba ba ikemiseditseng go huma” ba ka se bone boitumelo jwa mmatota.—Moreri 7:12; 1 Timotheo 6:9.
Thuto e tshwanetse go thusa ngwana wa gago go nna mogolo yo o nang le maikarabelo mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo jwa gagwe
Letla ngwana wa gago gore a ithute mo mathateng a a lebanang le one.
Barutabana ba le bantsi ba bolela gore le fa go le thata go dirisana le baithuti ba bone, go dirisana le batsadi go ka nna thata le go feta. Batsadi bangwe ba itlhaganelela go tsenelela dikgang kgotsa go ngongorega fa bana ba bone ba tsena mo mathateng kgotsa ba sa dire sentle mo ditlhatlhobong. Ka sekai, pego ya makasine wa Time e bolela ka porofesa mongwe wa kholetšhe yo baithuti ba gagwe ba ileng ba “dirisa difouno tsa selula go founela batsadi ba bone ba le mo tlelaseng ba ngongorega ka maduo a a kwa tlase mme ba bo ba fetisetsa founo kwa go ene dithuto di ntse di tsweletse ka gonne motsadi a batla go bua le ene. Mme batsadi bangwe ba ile ba bolelela porofesa yono gore ba duela madi a mantsi mo dithutong tsa bana ba bone mme ba re ka ntlha ya seo bana ba bone ba tshwanetse go newa fela maduo a a kwa godimo thata.”
Barutabana ba le bantsi ba bolela gore le fa go le thata go dirisana le baithuti ba bone, go dirisana le batsadi go ka nna thata le go feta
Batsadi ba ba ntseng jalo ga ba direle bana ba bone molemo ope. Polly Young-Eisendrath o ne a kwala mo bukeng ya gagwe ya The Self-Esteem Trap gore tota e bile, go na le gore “ba ntshe” bana ba bone “mo mathateng” ba ba thibela gore “ba iponele ka bobone gore go ntse jang go itirela ditshwetso, go palelwa mmogo le go lebana le ditlamorago tsa ditshwetso tsa bone tse di sa siamang.” O oketsa jaana: “Fa batsadi ba tsenelela thata mo go rarabololeng mathata a bana ba bone mme bana bone ba sa dire sepe, batsadi ba tla ithuta go rarabolola mathata mme bana ba tla nna le mathata fa ba sa tlhole ba le kafa tlase ga tlhokomelo ya batsadi ba bone.”
Nna tekatekano malebana le gore ngwana wa gago o bona thuto e e kana kang.
Jaaka go bontshitswe pelenyana, thuto e ka thusa ngwana wa gago go ipaakanyetsa maikarabelo a go nna mogolo. (Genesise 2:24) Mme gone go tlhokega thuto e e kana kang gore boikaelelo joo bo fitlhelelwe?
O se ka wa akanya gore ngwana wa gago o tshwanetse go ya yunibesithing gore a kgone go tshela sentle. Go na le dilo tse dingwe tse a ka di tlhophang tse di sa jeng madi a mantsi. Tota e bile, mo maemong mangwe batho ba ba kgonang go dira tiro ya matsogo ba ka kgona go tshela sentle fela jaaka ba ba alogileng kwa yunibesithing.
Selo sa botlhokwa: Dikolo di na le mathata a tsone mme gompieno bana ba lebana le dikgwetlho tse di neng di seyo gotlhelele dingwaga di le mmalwa tse di fetileng. Mme ka thuso ya gago, ngwana wa gago a ka kgona go atlega kwa sekolong! Ke eng fa lo sa tlotle lo le lelapa ka dikakantsho tse di mo tsebe 3 go ya go 7 mo makasineng ono o o gatisitsweng?