Go Fenya Bothata Jwa Bokima jo bo Feteletseng mo Baneng
GO YA ka Lefapha la Boitekanelo le Ditirelo Tsa Batho la United States, fa gare ga 1980 le 2002, palo ya bana ba ba simololang dingwaga tsa bosha mme ba le bakima ka tsela e e feteletseng e oketsegile go menagane gararo mme ya bana ba ba iseng ba tshware dingwaga tsa bosha e oketsegile ka selekanyo se se fetang go menagane gabedi. Malwetse a a nnelang ruri a a ka bakwang ke bokima jo bo feteletseng mo baneng a akaretsa kgatelelo e e kwa godimo ya madi, bolwetse jwa sukiri, bolwetse jwa pelo le mefuta e e farologaneng ya kankere. *
Bokima jo bo feteletseng mo baneng bo ka bakwa ke dilo di le dintsi, go akaretsa go tshela botshelo jwa go tlhola o ntse fela o sa dire sepe, matsholo a go bapatsa dijo a a lebisitsweng mo basheng le lebaka la go bo dijo tse di se nang dikotla di bonwa motlhofo e bile di sa je madi a mantsi. Centers for Disease Control ya kwa United States ya re: “Bokima jo bo feteletseng mo baneng bo bakwa ke go ja di-kilojoule tse dintsi thata le go sa ikatise mo go lekaneng.”
Go ka nna molemo gore bana ba bannye, bana ba ba simololang dingwaga tsa bosha le bagolo, ba ele tlhoko thata mekgwa ya bone ya go ja. Ntle le go feteletsa dilo, go fetola dilo dingwe tse dinnye go ka dira pharologano. Ka sekai, akanya ka lekawana lengwe e bong Mark yo o neng a lemoga gore go fetola mekgwa e a jang ka yone go ne ga mo solegela molemo thata mo botsogong jwa gagwe. Mark a re: “Nkile ka bo ke rata dijo tse di se nang dikotla fela thata.” Tsogang! e ile ya buisana le Mark go bona gore o fetotse botshelo jwa gagwe jang.
O simolotse leng go nna le bothata ka dijo?
Fa ke ne ke aloga mo sekolong se segolwane. Mo e ka nnang ka nako eo, ke ne ka simolola go ja thata kwa mafelong a a rekisang dijo tse di apeilweng. Go ne go na le diresetšhurente tse pedi tse di rekisang dijo tse di apewang ka bonako gaufi le kwa ke neng ke bereka teng, ka jalo ke ne ke ja dijo tsa motshegare kwa go nngwe ya tsone mo e ka nnang letsatsi le letsatsi. Ke ne ke bona go le motlhofo go ja kwa resetšhurenteng e e rekisang dijo tse di apewang ka bonako go na le go itirela dijo tse ke tla di jang motshegare.
Go ne ga direga eng fa o sena go tswa kwa lapeng?
Tsela e ke neng ke ja ka yone e ne ya nna maswe le go feta. Ke ne ke sa itse go apaya e bile ke ne ke se na madi a a kalo; mme resetšhurente e ke e ratang e e rekisang dijo tse di apewang ka bonako e ne e se kgakala. Go ne go lebega go ja dijo tsa koo go le motlhofo e bile go sa je madi a mantsi. Mo godimo ga go ja dijo tse di se nang dikotla, ke ne ke ja dijo tse dintsi mo go feteletseng. Ke ne ke sa kgotsofalele selekanyo se se tlwaelegileng sa dijo tse di apeilweng ka bonako. Ke ne ke reka sengwe le sengwe se ke neng ke kgona go se reka—ditšhipisi tse di oketsegileng, senotsididi se segolwane le hamburger e nngwe e kgolo go di gaisa.
Ke eng se se dirileng gore o fetole botshelo jwa gago?
Fa ke ne ke simolola dingwaga tsa me tsa bo20, ke ne ka simolola go akanya thata ka botsogo jwa me. Ke ne ke le mokima thata. Ke ne ke nna ke itsemeletsa ka dinako tsotlhe e bile ke inyatsa. Ke ne ke itse gore ke tlhoka go dira diphetogo.
O ne wa kgona jang go laola tsela e o jang ka yone?
Ke ne ka simolola dilo ka iketlo. Sa ntlha, ke ne ka fokotsa selekanyo sa dijo tse ke di jang. Ke ne ke ipolelela jaana, “Dijo tseno ga se tsone tsa bofelo; ke sa ntse ke tla ja gape.” Ka dinako dingwe ke ne ke tshwanelwa ke go tloga fa tafoleng ya dijo. Mme ke ne ke ikutlwa ke le motlotlo morago ga foo, go ntse jaaka e kete ke fentse.
A o ne wa tshwanelwa ke go dira diphetogo dingwe tse dikgolo?
Go na le dilo dingwe tse ke ileng ka di tlogela gotlhelele. Ka sekai, ke ne ka tlogela dinotsididi gotlhelele mme ka nwa metsi fela. Seo se ne se le thata. Ke ne ke rata dinotsididi mme ke tlhoile metsi. Fa ke sena go nwa galase ya metsi, ke ne ke a tle ke hupe jusi mme e ne e dira gore go nne le tatso e e monate mo leganong la me. Moragonyana, metsi a ne a simolola go nnatefelela.
O ne wa dira eng gape kwantle ga go tlogela go ja dijo tse di se nang dikotla?
Ke ne ka ja tse di botoka mo boemong jwa tsone. Ke ne ka simolola ka go ja maungo—diapole, dipanana, disetoroberi, di-blueberry, di-raspberry le magapu. Gape ke ne ka ja le diporoteine tse di se nang mafura tse di jaaka nama ya koko kgotsa tlhapi ya tuna. Fa nako e ile, dijo tseo e ne ya nna dingwe tsa dijo tse ke di ratang thata. Ke leka go ja merogo thata go feta dijo tse dingwe. Ke lemogile gore ga ke je thata ka nako ya dijo fa e le gore ke jele diseneke tse di nang le dikotla pele. Jaanong ga ke tlhole ke eletsa dijo tse di se nang dikotla.
A o ile wa tlogela go ja kwa diresetšhurenteng gotlhelele?
Nnyaa, ke sa ntse ke a tle ke ye go ja kwa diresetšhurenteng ka dinako dingwe. Mme fa ke dira jalo, ke laola selekanyo sa dijo tse ke di jang. Fa dijo tse ke di neilweng di le dintsi thata, ke kopa sephuthelwana sa dijo tse ke tla tsamayang ka tsone. Go tswa foo ke tsenya halofo ya dijo tseo mo sephuthelwaneng pele ke simolola go ja. Ka tsela eo, ke ja dijo tse di lekaneng go na le go ja dijo tse dintsi fela ka gonne ke utlwa botlhoko fa ke tlogela dijo mo poleiting.
O solegetswe molemo jang ke diphetogo tse o di dirileng?
Boima jwa me jwa mmele bo fokotsegile mme ke ikutlwa ke na le maatla a a oketsegileng. Ke ikutlwa ke le motho yo o botoka. Se se molemo le go feta ke gore ke itumelela go itse gore fa ke tlhokomela botsogo jwa me, ke tlotlomatsa Modimo yo o nneileng mpho ya botshelo. (Pesalema 36:9) Nkile ka bo ke akanya gore go tshela ka tsela e e siametseng botsogo jwa me go ka lapisa. Mme jaanong e re ka ke simolotse go ja dijo tse di siameng, le ka motlha nka se go tlogele! *
^ ser. 2 Polelwana e e reng, “bokima jo bo feteletseng mo baneng” e kaya boemo jo bo amang botsogo mo baneng ba bannye le mo baneng ba ba simololang dingwaga tsa bosha. Baitse ba bolela gore go na le kgonagalo ya diperesente di le 70 ya gore basha ba bakima thata ba ka nna bakima thata le fa e setse e le bagolo.
^ ser. 20 Tsogang! ga e buelele mofuta ope wa dijo. Mongwe le mongwe o tshwanetse go sekaseka ka kelotlhoko dilo tse a ka tlhophang go di dira mme a buisane le ngaka pele a ka itirela ditshwetso malebana le dijo tse a di jang. Tila dithulaganyo tse di ratiwang thata tse di ka nnang kotsi tsa go fokotsa mmele ka go ja dijo tse di rileng.