Ba ne Ba Leka go Thibela Batho go Nna le Lefoko la Modimo
Ba ne Ba Leka go Thibela Batho go Nna le Lefoko la Modimo
FA NAKO e ntse e tsamaya, go ne ga dirwa maiteko a go ranolela Baebele mo dipuong tse batho ba tlwaetseng go di bua. E ne e le batho ba le mmalwa fela ba ba neng ba kgona go bala Baebele ka dipuo tse e neng e kwadilwe ka tsone tsa Segerika kgotsa Sehebera. Bontsi jwa rona re ne re tla nna le mathata a go tlhaloganya Lefoko la Modimo fa le ka bo le kwadilwe fela ka dipuo tseo tsa ntlhantlha.
Mo e ka nnang dingwaga di le 300 pele ga Jesu a tshela mo lefatsheng, go ne ga simololwa tiro ya go ranolela Dikwalo Tsa Sehebera mo Segerikeng. Thanolo eo e itsege e le Septuagint ya Segerika. Dingwaga tse di ka nnang 700 moragonyana, Jerome o ne a golola thanolo e e tumileng e e itsegeng e le Vulgate. E ne e le thanolo ya Dikwalo Tsa Sehebera le Segerika tse di ranoletsweng mo puong ya Selatine, e e leng puo e e neng e tlwaelegile kwa Mmusomogolong wa Roma ka nako eo.
Moragonyana, Selatine se ne se sa tlhole se dirisiwa thata jaaka puo e e tlwaelegileng. E ne e le batho ba ba rutegileng fela ba ba neng ba tlwaetse go dirisa Selatine mme Kereke ya Katoliki e ne e le kgatlhanong le maiteko a go ranolelwa ga Baebele mo dipuong tse dingwe. Baeteledipele ba bodumedi ba ne ba bolela gore Sehebera, Segerika le Selatine e ne e le tsone fela dipuo tse Baebele e tshwanetseng go kwalwa ka tsone. *
Dikgaogano Tsa Kereke le go Ranolwa ga Baebele
Mo lekgolong la borobongwe la dingwaga C.E., Methodius le Cyril, ba e neng e le barongwa ba Bathesalonika ba ba neng ba emela Kereke ya Botlhaba
kwa Byzantium, ba ne ba buelela gore puo ya Se-Slav e dirisiwe mo kerekeng. Boikaelelo jwa bone e ne e le go dira gore Ba-Slav ba kwa Yuropa Botlhaba, ba ba neng ba sa tlhaloganye Segerika kgotsa Selatine, ba kgone go ithuta ka Modimo ka puo ya bone.Le fa go ntse jalo, barongwa bano ba ne ba lebana le kganetso e e setlhogo thata e e tswang kwa baruting ba Bajeremane, ba ba neng ba batla go pateletsa batho go dirisa Selatine e le go thibela tlhotlheletso ya Bokeresete jwa Se-Byzantium. Ga go na pelaelo gore, dipolotiki di ne di le botlhokwa thata mo go bone go na le go ruta batho ka bodumedi. Go oketsega ga dikgotlhang fa gare ga mekgatlho ya dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete tsa kwa Bophirima le tsa kwa Botlhaba go ne ga dira gore go nne le kgaogano fa gare ga kereke ya Roma Katoliki le kereke ya Orthodox ya kwa Botlhaba ka 1054.
Ntwa Kgatlhanong le go Ranolwa ga Baebele
Kgabagare kereke ya Roma Katoliki e ne ya simolola go tsaya Selatine e le puo e e boitshepo. Ka jalo, fa Vratislaus yo e neng e le kgosana ya Bohemia, a ne a kopa tetla ya gore go dirisiwe Se-Slav mo ditirelong tsa kereke ka 1079, Mopapa Gregory VII o ne a tsibogela kopo eo jaana: “Ga go ka tsela epe re ka dumelang kopo eno.” Ka ntlha yang?
Gregory o ne a re: “Mo bathong ba ba sekasekang kgang eno ka kelotlhoko, go bonala sentle gore Modimo o ile a itumelela gore Dikwalo Tse di Boitshepo di se ka tsa tlhaloganngwa ke batho ba bangwe, ka gonne fa mongwe le mongwe a ne a ka di tlhaloganya, di ne di ka se tlhole di nna boitshepo mme batho ba ne ba ka se tlhole ba di tlotla kgotsa ga dira gore batho ba ba seng botlhale ba feleletse ba dirile diphoso ka gonne ba sa di tlhaloganye.”
Batho ba maemo a a kwa tlase ba ne ba sa kgone go ipalela Baebele mme seo se ne se tshwanetse go nna fela jalo se sa fetoge. Seno se ne sa dira gore baruti ba laole batho ba maemo a a kwa tlase. Ba ne ba sa batle gore batho ba maemo a a kwa tlase ba sekaseke dilo tse ba neng ba tsaya gore ke tsa baruti fela.
Ka 1199, Mopapa Innocent III o ne a kwala ka “bakgelogi” ba ba neng ba ranoletse Baebele mo puong ya Sefora e bile ba na le bopelokgale jwa go tlotla ka yone. Innocent o ne a dirisa mafoko ano a ga Jesu mo go bone: “Lo se ka lwa naya dintša se se boitshepo, le gone lo se ka lwa latlhela diperela tsa lona fa pele ga dikolobe.” (Mathaio 7:6) Ke ka ntlha yang fa a ne a bolela jalo? “Ga go na motho wa maemo a a kwa tlase yo o sa rutegang yo o tshwanetseng go leka go ithuta Dikwalo tse di boitshepo kgotsa go rerela ba bangwe ka tsone.” Gantsi batho ba ba neng ba nna kgatlhanong le taelo ya mopapa ba ne ba isiwa kwa basekising ba ba neng ba ba tlhokofatsa gore ba ipolele molato. Batho ba ba neng ba gana go itatola tumelo ya bone phatlalatsa ba ne ba fisiwa ba ntse ba tshela.
Mo nakong e telele ya ntwa e e kgatlhanong le batho ba ba neng ba na le Baebele le ba ba neng ba e bala, gantsi go ne go dirisiwa lekwalo la ga Mopapa Innocent go thibela batho ba maemo a a kwa tlase go dirisa Baebele le go thibela gore e ranolelwe mo dipuong tse dingwe. Ka bonako fela morago ga taelo eno ya gagwe, go ne ga simololwa go fisiwa Dibaebele tsa dipuo tse dingwe le go fisiwa ga beng ba tsone. Mo makgolong a dingwaga a a neng a latela, babishopo le babusi ba kereke ya Katoliki ya kwa Yuropa ba ne ba dira gotlhe mo ba ka go kgonang go tlhomamisa gore thibelo e e neng e tlhomilwe ke Mopapa Innocent III e a dirisiwa.
Setlhopha sa baruti ba Bakatoliki se ne se itse sentle gore bontsi jwa dithuto tsa bone di ne di sa theiwa mo Baebeleng mme di ne di theilwe mo ngwaong ya kereke. Ga go na pelaelo gore leno e ne e le lengwe la mabaka a a neng a dira gore ba gane go letlelela batsenakereke ba bone go nna le Baebele. Fa batho ba ne ba ka e bala, ba ne ba tla kgona go bona tsela e dithuto tsa bone tsa kereke di sa tsamaisaneng ka gone le Dikwalo.
Ditlamorago Tsa Phetogo e Kgolo
Go fitlha ga Boporotesetanta go ne ga fetola seemo sa bodumedi kwa Yuropa. Maiteko a ga Martin Luther a go fetola Kereke ya Katoliki le go kgaogana ga gagwe le yone ka 1521 a ne a bakilwe ke go bo a ne a tlhaloganya Dikwalo sentle. Ka jalo, fa a ne a kgaogana gotlhelele le kereke, Luther, yo e neng e le moranodi yo o nang le bokgoni, o ne a dira maiteko a magolo gore batho botlhe ba nne le Baebele.
Kereke ya Roma Katoliki e ne ya lemoga gore Luther o ranoletse Baebele mo puong ya Sejeremane le gore e anamisiwa thata mme seo se ile sa dira gore ba akanye gore e tshwanetse go emisediwa ka thanolo e nngwe e e tla amogelwang ke kereke. Go ise go ye kae go ne ga nna le dithanolo tse di ntseng jalo tse pedi ka puo ya Sejeremane. Mme ka nako eo, ka 1546, dingwaga di le 25 moragonyana, Lekgotla la Trent la Roma Katoliki, le ne la dira gore go gatisiwa ga dikgatiso dipe fela tsa bodumedi, go akaretsa le dithanolo tsa Baebele, go nne kafa tlase ga taolo ya kereke.
Lekgotla la Trent le ne la laela gore “go tloga ka nako eo, Dikwalo tse di boitshepo . . . di tshwanetse go gatisiwa ka mokgwa o o tshwanetseng ka mo go ka kgonegang ka teng; le gore go tla bo go se kafa molaong gore ope fela a gatise, kgotsa a dire gore go gatisiwe dibuka le fa e le dife tse di buang ka dilo tse di boitshepo mme a bo a sa kwale leina la mokwadi wa tsone; kgotsa mo nakong e e tlang a di rekise kgotsa le e leng go nna le tsone, ntle le fa di sekasekilwe pele le go amogelwa ke [bishopo wa lefelo leo].”
Ka 1559, Mopapa Paul IV o ne a gatisa lenaane la ntlha la dibuka tse di thibetsweng ke Kereke ya Roma Katoliki. E ne ya thibela batho go nna le dithanolo tsa Baebele tsa puo ya Se-Dutch, Seesemane, Sefora, Sejeremane, Sentadiana le Se-Spain mmogo le dithanolo dingwe ka Selatine. Motho ope yo o neng a batla go bala Baebele o ne a bolelelwa gore a kope tetla e e kwadilweng go tswa mo babishopong kgotsa mo basekising—selo se se neng se ka se dirwe ke batho ba ba neng ba sa batle go belaelwa ka gore ke bakgelogi.
Batho ba ba neng ba na le bopelokgale jwa go nna le Dibaebele kgotsa go di anamisa ka dipuo tse di dirisiwang thata mo kgaolong ya bone ba ne ba tshwanetse go lebana le go galefelwa ke Kereke ya Katoliki. Ba le bantsi ba ne ba tshwarwa, ba fisediwa mo koteng, ba besiwa mo molelong, ba atlholelwa botshelo jotlhe mo kgolegelong kgotsa ba romelwa kwa bokgobeng jwa go kgweetsa mekoro. Dibaebele tse di neng di gapilwe di ne di fisiwa. Ee, baruti ba Bakatoliki ba ne ba tswelela ba gapa Dibaebele le go di fisa go fitlha mo lekgolong la bo20 la dingwaga.
Seno ga se bolele gore Boporotesetanta bo ile jwa nna tsala ya
mmatota le mofemedi wa Baebele. Mo lekgolong la bo18 le la bo19 la dingwaga, baithutabodumedi bangwe ba Baporotesetanta ba ne ba simolola mekgwa mengwe ya go ithuta Baebele e e neng ya itsege e le botshwayadiphoso jwa maemo a a kwa godimo. Fa nako e ntse e tsamaya, batho ba le bantsi ba ne ba amogela dithuto tse di tlhotlheleditsweng ke dikgopolo tsa ga Darwin tsa gore botshelo ga bo a bopiwa mme ka tsela nngwe bo nnile gone ka bojone fela kwa ntle ga Mmopi.Baithutabodumedi, tota le e leng baruti ba le bantsi, ba ne ba ruta gore Baebele e theilwe thata mo ditlhamaneng. Ka ntlha ya seo, go tlwaelegile gompieno go utlwa baruti ba Baporotesetanta mmogo le batho ba le bantsi ba ba tsenang kereke ya bone ba tlontlolola Baebele ka go bolela gore ga e boammaaruri mo dilong tsa hisitori.
Gongwe o ile wa lemoga kafa Baebele e tshwaiwang diphoso ka teng gore ga e boammaaruri mme gongwe o gakgamadiwa ke go bona maiteko a a dirilweng go e fedisa mo makgolong a dingwaga a a fetileng. Le fa go ntse jalo, ditlhaselo tseo di ile tsa itaya sefololetse. Baebele e ile ya di falola tsotlhe!
Lebaka La go Bo e Falotse
Gone ke boammaaruri gore batho ba le bantsi ba ile ba rata Baebele mme ba iketleeletsa go tsenya matshelo a bone mo kotsing go e femela. Le fa go ntse jalo, lebaka le legolo la go bo e falotse ke ka ntlha ya maatla a a fetang lorato lwa batho. Lebaka le le utlwalang la go bo Baebele e falotse ke ka go bo batho botlhe ba ba ileng ba nna le seabe mo go kwalweng ga Baebele ba ile ba e kwala ba tlhotlhelediwa ke Modimo.—Isaia 40:8; 1 Petere 1:25.
Go bala le go dirisa se Baebele e se rutang go tla re thusa go tokafatsa matshelo a rona, botsogo jwa rona le matshelo a malapa a rona. Modimo o batla gore Baebele e nne e le gone le gore e ranolelwe mo dipuong tse dintsi ka mo go ka kgonegang ka teng gore batho botlhe ba nne le tshono ya go ithuta go mo rata, go mo direla mme kgabagare ba itumelele masego a gagwe a a nnelang ruri. Ga go na pelaelo gore ke se rotlhe re se batlang!
Fa Jesu a ne a rapela Rraagwe yo o kwa legodimong, o ne a re: “Lefoko la gago ke boammaaruri.” (Johane 17:17) Baebele—Dikwalo tse Jesu a neng a di bala le go ruta ka tsone—ke sengwe se Modimo a se dirisang go araba dipotso tse batho ba ba dipelo di phepa ba di botsang.
O kgothalediwa ka lorato go ithuta mo go oketsegileng ka molaetsa o Modimo a o kwaletseng batho o o fitlhelwang mo Baebeleng. Basupi ba ga Jehofa, batho ba ba anamisang makasine ono, ba tla itumelela go go thusa. *
[Dintlha tse di kwa tlase]
^ ser. 4 Go lebega kgopolo eno e ne e tswa mo mekwalong ya mobishopo wa Mo-Spain e bong Isidore wa kwa Seville (560-636 C.E.), yo o neng a bolela jaana: “Go na le dipuo di le tharo tse di boitshepo, Sehebera, Segerika le Selatine mme ke dipuo tse di kwa godimo go gaisa tse dingwe go ralala lefatshe lotlhe. Go ntse jalo ka gonne Pilato o ne a kwala tatofatso e e kgatlhanong le Morena mo godimo ga sefapaano ka dipuo tseno tse tharo.” Gone ke boammaaruri gore tshwetso ya gore tatofatso eo e kwalwe ka dipuo tseo tse tharo e ne e dirilwe ke Baroma ba baheitane. Tshwetso eo e ne e sa kaelwa ke Modimo.
^ ser. 28 O ka ikgolaganya le bone, kwantle ga go ipofa, mo go nngwe ya diaterese tse di mo tsebe 5 ya makasine ono kgotsa mo atereseng eno ya Internet www.watchtower.org.
[Mafoko a a mo go tsebe 6]
Batho ba maemo a a kwa tlase ba ne ba sa kgone go ipalela Baebele, seno se ne sa dira gore baruti ba laole batho
[Mafoko a a mo go tsebe 8]
Batho ba ba neng ba na le bopelokgale jwa go nna le Dibaebele kgotsa go di anamisa ba ne ba tshwarwa, ba fisediwa mo koteng kgotsa ba atlholelwa botshelo jotlhe mo kgolegelong
[Lebokoso mo go tsebe 9]
DIKARABO TSA BAEBELE
Mmopi o batla gore re kgone go araba dipotso tseno tsa botlhokwa:
● Ke ka ntlha yang fa re le mono?
● Ke eng fa go na le pogo e e kana kana?
● Baswi ba kae?
● Batho ba ya kae?
Baebele e araba dipotso tseno e bile e neela kgakololo e e mosola malebana le kafa re ka bonang boitumelo jwa mmatota ka teng.
[Tšhate/Ditshwantsho mo go tsebe 6, 7]
LENAANE LA DITIRAGALO TSA GO TLHASELWA GA BAEBELE
mo e ka nnang ka 636 C.E.
Isidore wa kwa Seville o bolela gore Sehebera, Segerika le Selatine ke dipuo tse di “boitshepo” ka jalo ke tsone fela dipuo tse Baebele e e Boitshepo e tshwanetseng go kwalwa ka tsone
1079
Mopapa Gregory VII o gana a tiisitse go dumela kopo ya ga Vratislaus ya go dirisiwa ga Se-Slav mo kerekeng, a bolela gore Dikwalo ga di a tshwanela go itsiwe ke batho ba ba “seng botlhale”
1199
Mopapa Innocent III o tsaya batho bape fela ba ba ikemiseditseng go ranola Baebele le go tlotla ka yone e le bakgelogi. Gantsi batho ba ba itlhokomolosang taelo ya mopapa ba a tlhokofadiwa le go bolawa
1546
Go ya ka taelo e e ntshitsweng ke Lekgotla la Trent, go gatisiwa gope fela ga Baebele go tshwanetse ga amogelwa pele ke Kereke ya Katoliki
1559
Mopapa Paul IV o iletsa batho go nna le Dibaebele tse di kwadilweng ka dipuo tse di dirisiwang thata. Dithanolo tsa dipuo tse dingwe di ne di gapiwa le go fisiwa mme gantsi beng ba tsone ba ne ba fisiwa le tsone
[Metswedi ya Ditshwantsho]
Pope Gregory VII: © Scala/White Images/Art Resource, NY; Pope Innocent III: © Scala/Art Resource, NY; Council of Trent: © Scala/White Images/Art Resource, NY; Pope Paul IV: © The Print Collector, Great Britain/HIP/Art Resource, NY
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 8]
Go tswa go Book of Martyrs ya ga Foxe