Kafa ke Boneng Tharabololo ya Tshiamololo ka Teng
Kafa ke Boneng Tharabololo ya Tshiamololo ka Teng
Jaaka go Boletse Ursula Menne
Ga ke bolo go eletsa thata go bona batho botlhe ba tshwarwa ka tekatekano le ka tshiamiso. Keletso eno e ne ya bo ya dira gore ke romelwe kwa kgolegelong ya puso ya Bokomonise ya Jeremane Botlhaba. Mme fa ke le koo, ke ne ka bona tharabololo ya tshiamololo. Mma ke tlhalose.
KE TSHOTSWE ka 1922 kwa toropong ya Jeremane e e bidiwang Halle, e e nang le dingwaga tse di fetang 1 200 e le gone. E re ka e le mo e ka nnang dikilometara di le 200 kwa borwabophirima jwa Berlin, Halle e ne e le nngwe ya ditoropo tsa ntlha go tshegetsa Boporotesetanta. Nnake e bong Käthe, o ne a tsholwa ka 1923. Rre e ne e le lesole. Mmè o ne a opela kwa lefelong la bobogelo.
Keletso ya me e kgolo ya go rarabolola tshiamololo e ne e tswa mo go Rre. Fa Rre a sena go tlogela bosole, o ne a reka lebenkele. E re ka bontsi jwa batho ba ba neng ba reka mo go ene e ne e le batho ba ba humanegileng, o ne a ba naya sekoloto ka go bo a ba utlwela botlhoko. Le fa go ntse jalo, tiro eno ya bopelontle e ne ya dira gore a feleletse a se na madi. Se se diragaletseng Rre se tshwanetse se ka bo se ile sa nthuta gore go lwantsha go sa lekalekane le tshiamololo go thata e bile go raraane go feta kafa motho a ka akanyang ka teng. Mme go thata go fedisa dikgopolo tse motho a nnang le tsone fa a le mosha.
Ke ne ka gotsa talenta ya ga Mmè, mme o ne a ruta nna le Käthe mmino, go opela le go tantsha. Ke ne ke le ngwana yo o itumetseng le yo o matlhagatlhaga mme nna le Käthe re ne re tshela botshelo jo bo itumetseng—go ne ga nna jalo go fitlha ka 1939.
Mathata a a Simologa
Morago ga go wetsa thuto ya me ya motheo, ke ne ka ya sekolong sa ballet, kwa gape ke neng ka ithuta Ausdruckstanz (tanse e e dirang gore o itlhalose), e ke neng ka e rutiwa ke Mary Wigman. E ne e le mongwe wa batho ba ba simolotseng tantshe e mo go yone motho a tlhalosang maikutlo a gagwe ka go tantsha. Gape ke ne ka simolola go taka. Ka jalo, dingwaga tsa me tsa bosha di simologile ka boitumelo le ka go ithuta. Mme go ne ga tla ngwaga wa 1939 le Ntwa ya Lefatshe II. Gape go ne ga direga sengwe se se botlhoko ka 1941 fa Rre a ne a tlhokafala ka ntlha ya thiibi.
Ntwa ke selo se se tshosang thata. Le fa ke ne ke na le dingwaga di le 17 fela ka nako ya fa ntwa e ne e simologa, ke ne ke akanya gore lefatshe le a tsenwa. Ke ne ka bona baagi ba le bantsi ba go fitlha ka nako eo ba neng ba tsaya sentle mo tlhogong, ba nna le botsenwa jwa Bonasi. Mme go ne ga latela botlhoki, loso le tshenyo. Ntlo ya rona e ne ya senyega thata ka ntlha ya go thunya ga bomo mme fa ntwa e ntse e fagile, ba le mmalwa ba lelapa la gaetsho ba ne ba bolawa.
Fa ntwa e ne e khutla ka 1945, nna, Mmè le Käthe re ne re sa ntse re nna kwa Halle. Le fa go ntse jalo, ka nako eno, ke ne ke na le monna le ngwana wa mosetsana mme lenyalo la me le ne le na le mathata. Re ne ra kgaogana mme e re ka ke ne ke tshwanelwa ke go tlamela nna le morwadiake, ke ne ka dira tiro ya go tantsha le go taka.
Morago ga ntwa, Jeremane e ne ya kgaoganngwa ka dikarolo di le nnè mme toropo ya rona
e ne e le mo karolong e e neng e laolwa ke Soviet Union. Ka jalo, rotlhe re ne ra tshwanelwa ke go tlwaela go nna ka fa tlase ga puso ya Bokomonisi. Ka 1949, karolo ya rona ya Jeremane, e gantsi e bidiwang Jeremane Botlhaba, e ne ya nna German Democratic Republic (GDR).Botshelo mo Pusong ya Bokomonisi
Mo dingwageng tseo, Mmè o ne a lwala mme ke ne ka tshwanelwa ke go mo tlhokomela. Ke ne ka bona tiro ya ofisi mo pusong ya mo lefelong la rona. Fa ke ntse ke bereka koo, ke ne ka kopana le baithuti ba majelathoko ba ba neng ba leka go lemotsha batho ka tshiamololo e e neng e dirwa. Ka sekai, mosha mongwe o ne a ganelwa go bona thuto ya yunibesithi ka gonne rraagwe e ne e le leloko la mokgatlho wa Banasi. Ke ne ke itse moithuti yoo sentle, e re ka re ne re a tle re tshameke mmino mmogo. Ke ne ke ipotsa go re, ‘Ke ka ntlha yang fa a tshwanetse go boga ka ntlha ya se rraagwe a se dirileng?’ Go inaakanya ga me le majelathoko go ne ga oketsega mme ke ne ka swetsa ka gore ke nne le seabe mo megwantong. Nako nngwe ke ne ka bo ka kgomaretsa dipampitshana kwa ntle ga ditepisi tsa kago ya kgotlatshekelo ya mo lefelong la rona.
Tsela e ke neng ke ikutlwa ka yone ka tshiamololo e ne ya gakadiwa ke mangwe a makwalo a ke neng ke tshwanelwa ke go a tlanya e re ka ke ne ke le mokwaledi wa Regional Peace Committee. Mo lekgetlhong le lengwe, ka ntlha ya mabaka a sepolotiki, Komiti eo e ne e rulagantse go romela tshedimosetso ya maaka ya Bokomonisi kwa monneng mongwe yo o tsofetseng yo o nnang kwa Jeremane Bophirima, e le go tsosa dipelaelo kgatlhanong le ene. Ke ne ka galefisiwa ke go sa tshwarwe sentle ga monna yoo, mo ke neng ka fitlha diphuthelwana tseo mo ofising. Ka ntlha ya seo, ga di a ka tsa romelwa.
“Motho yo o Bosula go Gaisa mo Phaposing” O ne A Nnaya Tsholofelo
Ka June 1951, go ne ga tsena banna ba babedi mo ofising ya me mme ba re: “Re a go tshwarisa.” Ba ne ba nkisa kwa kgolegelong e e itsegeng e le Roter Ochse kgotsa Red Ox. Ngwaga morago ga moo, ke ne ka latofadiwa ka go menola Puso. Moithuti mongwe o ile a ntlalea mo go Stasi, e leng mapodise a sephiri, a ba bolelela kafa ke ileng ka nna kgatlhanong le puso ka teng mo nakong e e fetileng ka go dirisa dipampitshana. Tsheko e ne e sa rulagana sentle ka gonne go ne go se na ope yo o ntheetsang fa ke ne ke ipuelela. Ke ne ka atlholelwa dingwaga di le thataro kwa kgolegelong. Ka nako eo, ke ne ka lwala mme ke ne ka isiwa kwa phaposing ya kokelo ya kgolegelo mo go neng go na le basadi ba bangwe ba ba ka nnang 40 gone. Fa ke sena go bona batho bao ba ba neng ba sa itumela gotlhelele, ke ne ka simolola go tshoga. Ke ne ka tabogela kwa kgorong mme ka e itaya ka mabole.
Molebeledi o ne a mpotsa jaana: “O batla eng?”
Ke ne ka goeletsa jaana: “Ke tshwanetse go tswa fa. Ntswaleleng ke le nosi fa go tlhokega, fa fela lo ka dira gore ke tswe fa!” Mme gone o ne a itlhokomolosa kopo ya me. Ka bonako morago ga foo, ke ne ka bona mosadi mongwe yo o neng a farologane le ba bangwe. O ne a bonala a ritibetse. Mme ke ne ka dula fa thoko ga gagwe.
Ke ne ka gakgamala fa a ne a re: “Fa e le gore o nna fa thoko ga me, o nne kelotlhoko.” Go tswa foo, o ne a re: “Batho ba bangwe ba akanya gore ke motho yo o bosula go gaisa mo phaposing ka go bo ke le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa.”
Ka nako eo, ke ne ke sa itse gore Puso ya Bokomonisi e ne e tsaya Basupi ba ga Jehofa e le baba ba yone. Mme se ke neng ke se itse ka bone ke gore Baithuti ba Baebele ba le babedi (jaaka Basupi ba ne ba itsiwe pele) ba ne ba a tle ba etele Rre ka metlha fa ke ne ke le ngwana. Tota e bile, ke gakologelwa Rre a re: “Baithuti ba Baebele ba nepile!”
Ke ne ka lela ka go bo ke ne ke wetse makgwafo go bo ke kopane le mosadi yono yo leina la gagwe e neng e le Berta Brüggemeier. Ke ne ka mo raya ka re: “Tsweetswee, mpolelele ka Jehofa.” Go tloga ka nako eo, re ne ra fetsa nako e ntsi re le mmogo mme gantsi re ne re tlotla ka Baebele. Gareng ga dilo tse dingwe ke ne ka ithuta gore Modimo wa boammaaruri e bong Jehofa, ke Modimo yo o lorato, wa tshiamiso le wa kagiso. Gape ke ne ka ithuta gore o tla dirolola dilo tsotlhe tse di utlwisang botlhoko tse di bakilweng ke batho ba ba boikepo le ba ba gatelelang. Pesalema 37:10, 11 ya re: “Mo lobakanyaneng fela, moikepi o tla bo a sa tlhole a le teng . . . Mme ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe, ruri ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso.”
Go Gololwa Ga me Le go Tshabela Kwa Bophirima
Ke ne ka gololwa ka 1956, morago ga go fetsa dingwaga tse di fetang di le tlhano go sekae kwa kgolegelong. Malatsi a le matlhano morago ga gore ke
gololwe, ke ne ka tshaba go tswa kwa GDR mme ka ya go nna kwa Jeremane Bophirima. Ka nako eo, ke ne ke na le bana ba basetsana ba babedi e bong, Hannelore le Sabine ba ke neng ka tsamaya le bone. Fa ke le koo, nna le monna wa me re ne ra tlhalana mme ka kopana gape le Basupi. Fa ke ntse ke ithuta Baebele, ke ne ka lemoga gore ke tshwanetse go dira diphetogo tse di rileng gore ke dumalanye botshelo jwa me le melao ya ga Jehofa. Ke ne ka dira diphetogo tseno mme ka kolobediwa ka 1958.Moragonyana, ke ne ka nyalwa gape, mo lekgetlhong leno ke nyalwa ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa—Klaus Menne. Nna le Klaus re ne ra nna le lenyalo le le itumetseng mme re ne ra nna le bana ba le babedi mmogo, e bong Benjamin le Tabia. Ka maswabi, Klaus o ne a tlhokafala mo e ka nnang dingwaga di le 20 tse di fetileng mo kotsing mme fa e sa le ka nako eo, ke ntse ke le motlholagadi. Mme ke gomodiwa thata ke tsholofelo ya tsogo ya baswi, ka gonne ke a itse gore ba tla tsosiwa gore ba tle go tshela mo lefatsheng la Paradaise. (Luke 23:43; Ditiro 24:15) Gape ke gomodiwa thata ke go itse gore bana ba me botlhe ba banè ba direla Jehofa.
Ka ntlha ya go ithuta Baebele, ke itse gore ke Jehofa fela yo o tla tlisang tshiamiso ya boammaaruri. Go farologana le batho, o ela tlhoko maemo otlhe a rona le tsela e motho a godileng ka yone—dilo tse gantsi batho ba bangwe ba sa kgoneng go di bona. Go nna le kitso eno e e botlhokwa go dirile gore ke nne le kagiso tota le e leng gone jaanong, segolobogolo fa ke bona kgotsa ke direlwa tshiamololo. Moreri 5:8 ya re: “Fa kwa kgaolong nngwe o bona mohumanegi a gatelelwa mme go se na tshiamo le tshiamiso, o se ka wa gakgamalela se se diragalang, ka gonne molaodi mongwe le mongwe o na le mongwe yo o kwa godimo ga gagwe, mme yo o kwa godimo go ba gaisa o ba lebeletse botlhe.” (The Revised English Bible) Mme gone “yo o kwa godimo go ba gaisa” ke Mmopi wa rona. Bahebera 4:13 ya re: “Dilo tsotlhe di senogile e bile di mo pontsheng fela mo matlhong a gagwe yo re ikarabelelang mo go ene.”
Go Akanya ka Dingwaga Tse di ka Nnang 90 Tse di Fetileng
Ka dinako tse dingwe batho ba mpotsa gore go ne go ntse jang go tshela ka fa tlase ga puso ya Bonasi le ya Bokomonisi. Botshelo bo ne bo se motlhofo ka fa tlase ga mebuso eno e mebedi. Mme mefuta eno e mebedi ya mebuso, fela jaaka go ntse ka mefuta yotlhe ya mebuso ya batho, e bontshitse boammaaruri jwa gore batho ga ba kgone go ipusa. Baebele e bolela boammaaruri jaana e sa fitlhe sepe: ‘Motho o laotse motho yo mongwe go mo utlwisa botlhoko.’—Moreri 8:9.
Fa ke ne ke sa ntse ke le mosha e bile ke sa itse sepe, ke ne ke tshepile gore batho ba buse ka tshiamiso. Gone jaanong ke itse gore ba ka se kgone. Ke Mmopi wa rona fela yo o ka tlisang lefatshe le le nang le tshiamiso ya mmatota mme o tla dira jalo ka go fedisa baikepi botlhe le go dira gore Morwawe, e bong Jesu Keresete, yo ka metlha a bayang dikgatlhego tsa batho ba bangwe kwa pele ga tsa gagwe, a buse lefatshe. Baebele e bolela jaana ka Jesu: “O ratile tshiamo, mme wa tlhoa go tlhoka molao.” (Bahebera 1:9) Abo ke leboga Modimo thata jang ne, go bo a nkgogetse mo Kgosing eno e e ratang tshiamo, e ke solofelang go tshelela ruri mo pusong ya yone!
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Ke na le bomorwadiake e bong, Hannelore le Sabine fa re sena go goroga kwa Jeremane Bophirima
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Gompieno, ke na le morwaake, e bong Benjamin le mosadi wa gagwe, e bong Sandra