Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Tlhaselwa ke Kwelotlase e Kgolo ya Ikonomi

Go Tlhaselwa ke Kwelotlase e Kgolo ya Ikonomi

Go Tlhaselwa ke Kwelotlase e Kgolo ya Ikonomi

“IKONOMI e e maswe go gaisa mo motlheng wa rona.” Ke ka kafa Encyclopædia Britannica Online e ileng ya tlhalosa ka gone kwelotlase ya ikonomi e e ileng ya tlhasela lefatshe bosheng jaana. Go phutlhama ga ikonomi go go simologileng kwa United States ka 2007 go go ileng ga ama dinaga di le dintsi, go nnile maswe thata jaana mo e leng gore go ile ga twe ke Kwelotlase e Kgolo ya Ikonomi.

Go bakilwe ke eng? Makasine wa Newsweek o araba jaana ka tsela e e motlhofo: “Ke mokgwa wa go adima madi go sa tlhokege.” Mme ke eng fa batho ba na le mokgwa ono wa go adima madi gore ba reke dilo tse ba ka se kgoneng go di duelela?

Ga go na pelaelo gore o tla dumela gore thulaganyo ya lefatshe leno ya ikonomi, e e rotloetsang bopelotshetlha, ke yone e e bakang seno. Tota molaetsa wa yone o ne o re: “Reka! Reka! Reka!” go sa kgathalesege gore a o ka kgona go duela kgotsa nnyaa. Moitse wa ikonomi e bong Chris Farrell o tlhalosa jaana mo bukeng ya gagwe ya The New Frugality: “Batho ba motlha wa rona ba ile ba iponela ditlamorago tse di utlwisang botlhoko tsa go adima madi thata.”

Dinaga di le dintsi di ile tsa amiwa thata ke Kwelotlase e Kgolo ya Ikonomi. Tsebe e e ka fa ntle ya lokwalodikgang lwa mo Afrika Borwa lwa Sunday Times e ne ya bolela jaana mo ngwageng o o fetileng: “Le fa go lebega dilo di nna botoka, bareki . . . ba sa ntse ba palelwa ke go reka dijo.” Lokwalodikgang lono lo bega ka go re, “mo e ka nnang bareki ba le 3 000 000 [mo Afrika Borwa] ba saletse kwa morago ka dikgwedi tse di fetang tse tharo go duelela dikoloto tsa bone; mme mo e ka nnang badiri ba le 250 000 ba maemo a a fa gare a itsholelo ba latlhegetswe ke ditiro tsa bone mo dingwageng di le pedi tse di fetileng.”

Batho ba le dimilionemilione ba latlhegetswe ke ditiro tsa bone bosheng jaana. Financial Times e ne ya bolela jaana e dira motlae ka dipego tsa go tokafala ga ikonomi kwa United States: “Go tokafala ga ikonomi fa e sale ka June 2009 go ka twe ke ‘Go Kgobega Marapo mo Gogolo.’” Lokwalodikgang lono lo oketsa jaana: “Baitse ba ikonomi ba le bantsi ba akanya gore lebaka la go bo batho ba tshwanetse go duela dikoloto tsa bone le tla dira gore ikonomi e se ka ya gola mo dingwageng di le mmalwa tse di tlang.”

Fa e le gore o ile wa amiwa ke Kwelotlase e Kgolo ya Ikonomi, ga go na pelaelo gore o dumalana le se mokwadi David Beart a se kwadileng mo setlhogong sengwe: “Go lebega go buiwa thata ka mathata a a aparetseng lefatshe a ikonomi mme ga go na tshedimosetso e e lekaneng ya gore mathata ano a ka rarabololwa jang.”

Ditlhogo tse di latelang di kwaletswe go thusa batho ba ba nang le mathata a dikoloto. Go tla arabiwa dipotso tseno tse di latelang: Melemo ya go boloka madi ke efe? O ka dira eng fa o le mo dikolotong? O ka dira jang gore o kgone go laola madi a gago sentle?