Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Tshwanetse go Itse Eng ka Go Goga Motsoko?

Ke Tshwanetse go Itse Eng ka Go Goga Motsoko?

Basha Ba Botsa Jaana

Ke Tshwanetse go Itse Eng ka Go Goga Motsoko?

Leba ditlhopho tse di latelang o bo o tshwaya ka ✔ mo lebokosong le le fa thoko ga lebaka lengwe le lengwe le o bonang le go tshwanela.

□ Ke batla go utlwa gore go ntse jang

□ Ke ikutlwa ke gateletswe mo maikutlong

□ Ke batla go amogelwa ke ba bangwe

□ Ke tshwenyegile ka boima jwa mmele wa me

FA E le gore o tshwaile nngwe ya mabokoso ano, go raya gore go na le sengwe se o tshwanang le balekane ba gago ba ba gogang motsoko ka sone kgotsa go raya gore o kile wa akanya ka gone. * Ka sekai:

Go kgotsofatsa keletso ya go batla go utlwa gore go ntse jang. “Ke ne ke ipotsa gore go utlwala jang, ka jalo ke ne ka tsaya sekerete mo mosetsaneng mongwe kwa sekolong mme ke ne ka tswa ka bokukuntshwane ka ya go se goga.”—Tracy.

Go lebana le kgatelelo ya maikutlo le go batla go amogelwa ke ba bangwe. “Bana bangwe kwa sekolong ba a tle ba re: ‘Ke tlhoka sekerete’ mme morago ga go se goga ba bo ba re, ‘Ahaa, jaanong ke siame!’ Fa ke ne gateletswe mo maikutlong, ke ne ke batla sekerete.”—Nikki.

Go fokotsa boima jwa mmele. “Basetsana bangwe ba goga motsoko gore ba nne ba le basesane—go motlhofo thata go feta go fokotsa mmele ka go itima dijo!”—Samantha.

Mme pele ga o tshuba sekerete sa gago sa ntlha—kgotsa sa bobedi—ema mme o akanye. O se ka wa tshwana le tlhapi e e tshwerweng ke serai sa sekgoge. Ke boammaaruri gore tlhapi eo e tla bona tuelo e nnye mme ruri e tla duela ka botshelo jwa yone! Go na le moo, dirisa kgakololo ya Baebele mme o dirise ‘bokgoni jwa gago jwa go akanya jo bo phepa.’ (2 Petere 3:1) Araba dipotso tse di latelang.

Tota o Itse Eng ka go Goga Motsoko?

Tshwaya ntlha nngwe le nngwe ka go kwala boammaaruri kgotsa maaka.

a. ․․․ Go goga motsoko go fokotsa kgatelelo ya maikutlo.

b. ․․․ Ke tla ntshetsa mo e ka nnang musi otlhe wa motsoko kwa ntle.

c. ․․․ Go goga motsoko go ka se ame botsogo jwa me go fitlha ke gola.

d. ․․․ Go goga motsoko go tla dira gore batho ba bong bo sele ba nkgatlhegele le go feta.

e. ․․․ Fa ke goga motsoko, ga go na ope yo o gobalang fa e se nna fela.

f. ․․․ Modimo ga a na sepe le gore a ke a goga kgotsa nnyaa.

Dikarabo

a. Go goga motsoko go fokotsa kgatelelo ya maikutlo.—Maaka. Le fa go goga motsoko go ka fokotsa kgatelelo ya maikutlo ka nakwana, baitsesaense ba lemogile gore tota nikotine e oketsa selekanyo sa gago sa dihoromone tsa go gatelelwa mo maikutlong.

b. Ke tla ntshetsa mo e ka nnang musi otlhe wa motsoko kwa ntle.—Maaka. Dipatlisiso dingwe di bontsha gore diperesente tse di fetang 80 tsa dikarolonyana tsa musi wa sekerete tse o di gogang di sala mo mmeleng wa gago.

c. Go goga motsoko go ka se ame botsogo jwa me go fitlha ke gola.—Maaka. Le fa dikotsi di oketsega fa o ntse o goga sekerete sengwe le sengwe, ditlamorago di le mmalwa di bonala ka bonako. Batho bangwe ba tshwakgolwa ke sekerete sa ntlha fela. Selekanyo se makgwafo a gago a kgonang go tsaya moya ka sone se a fokotsega mme go ka dira gore o simolole go gotlhola o sa kgaotse. Letlalo la gago le tla tsutsubana le go feta e bile e le pele ga nako. Go goga motsoko go oketsa kotsi ya go nna le bothata jwa go tlhakanela dikobo, ya go tlalelwa le ya go tshwenyega thata mo maikutlong.

d. Go goga motsoko go tla dira gore batho ba bong bo sele ba nkgatlhegele le go feta.—Maaka. Mmatlisisi Lloyd Johnston o lemogile gore basha ba ba mo dingwageng tsa bolesome ba ba gogang motsoko “ga ba kgatlhegelwe ke bontsi jwa batho ba bong bo sele.”

e. Fa ke goga motsoko, ga go na ope yo o gobalang fa e se nna fela.—Maaka. Batho ba le diketekete ba swa ngwaga le ngwaga ka ntlha ya go hema musi wa motsoko; go tla gobatsa ba lelapa la gago, ditsala tsa gago le e leng diphologolo tsa gago tsa kwa gae.

f. Modimo ga a na sepe le gore a ke a goga kgotsa nnyaa.—Maaka. Batho ba ba batlang go itumedisa Modimo ba tshwanetse go intlafatsa “leswe lengwe le lengwe la nama.” (2 Bakorintha 7:1) Ga go na pelaelo gore go goga motsoko go leswafatsa mmele. Fa o tlhopha go sa nne phepa mo mmeleng, o ikgobatsa le go gobatsa ba bangwe ka go dirisa motsoko, o ka se ka wa nna tsala ya Modimo.—Mathaio 22:39; Bagalatia 5:19-21.

Tsela ya go Gana

Ka jalo, o tla dira eng fa mongwe a go naya sekerete? Go gana sentle mme o tiisitse, jaaka go re “Nnyaa ke a leboga, ga ke goge motsoko,” go a tle go bereke. Fa motho yoo a nnela go batla go go naya sekerete kgotsa a go kgoba, gakologelwa gore ke tlhopho ya gago. O ka nna wa re:

● “Ke ithutile kafa sekerete se ka gobatsang botsogo jwa me ka teng mme ka swetsa ka gore ga ke batle go goga motsoko.”

● “Ke na le dilo dingwe tsa botlhokwa tse ke batlang go di dira mo isagweng mme di tla ntlhoka go hema.”

Le fa go ntse jalo, fela jaaka basha ba go builweng ka bone pelenyana mo setlhogong seno, o ka tswa o lemogile gore kgatelelo e kgolo e tswa mo keletsong e wena o nang le yone ya go goga motsoko. Fa e le gore go ntse jalo, o ka lwantsha keletso eno ka go akanya ka dipotso tse di jaaka tseno:

● A tota ke tla solegelwa molemo fa ke goga motsoko? Ka sekai, fa ke swetsa ka gore ke tla goga motsoko fela gore ke tle ke amogelwe ke ba bangwe, a ka tsela nngwe ke tla amogelwa le fa ke se na dilo dipe tse dingwe gape tse ke tshwanang le bone ka tsone. A ruri ke batla go amogelwa ke batho ba ba tla itumelelang go mpona ke senya botsogo jwa me?

● Go goga motsoko go tla njela madi a a kana kang, go tla dira gore ke nne le mathata afe a botsogo e bile go tla dira gore ke latlhegelwe ke tlotlo ya batho ba bangwe go le kana kang?

● A ke ikemiseditse go latlhegelwa ke botsala jwa me le Modimo ka ntlha ya go goga motsoko?

Mme go tweng fa e le gore o setse o tshwakgotswe? O ka dira eng gore o tlogele go goga motsoko?

Tsela ya go Tlogela

1. Ipolelele gore o batla go tlogela. Kwala mabaka a gago a go bo o batla go tlogela mme o nne o lebe lenaane leo ka metlha. Go batla go nna phepa fa pele ga Modimo e ka nna tlhotlheletso e e nonofileng.—Baroma 12:1; Baefeso 4:17-19.

2. Batla thuso. Fa e le gore o ntse o goga motsoko mo sephiring, jaanong eno ke nako ya go bolelela ba bangwe mme o bone thuso. Bolelela batho ba o ntseng o ba fitlhela gore o goga motsoko gore o a tlogela mme o kope gore ba go thuse. Fa o batla go direla Modimo, rapelela thuso ya gagwe.—1 Johane 5:14.

3. Tlhoma letsatsi la go tlogela. Iphe dibeke di le pedi kgotsa kwa tlase ga foo mme o tshwaye letsatsi le o ikaeletseng go tlogela go goga motsoko ka lone mo khalendareng ya gago. Bolelela ba lelapa la gago le ditsala tsa gago gore o tlogela go goga motsoko ka letlha leo.

4. Di batle o bo o di senye. Pele ga letlha la gago la go tlogela le goroga, batla ka kelotlhoko mo kamoreng ya gago, mo koloing ya gago le mo diaparong tsa gago gore a ga go na disekerete dipe. Di senye. Latlha dilaetara, dimmetšhise le diterei tsa motsoko.

5. Itshokele botlhoko jwa matshwao a go tlogela go goga. Nwa jusi ya maungo kgotsa metsi a mantsi mme o iphe nako e e oketsegileng ya go robala. Gakolegelwa gore botlhoko jono ke jwa nakwana mme melemo ya gone e nnela ruri!

6. Tila dirai. Nna kgakala le mafelo le maemo a a tla dirang gore o nne le keletso ya goga motsoko. Gape go ka nna ga tlhokega gore o tlogele go tlhola o itsalanya le batho ba ba gogang motsoko.—Diane 13:20.

7. Tila go dira diipato. O se ka wa itsietsa ka gore: “Ke tla goga gangwe fela.” Gantsi diipato tse di ntseng jalo di dira gore motho a boele ruri mo motsokong.—Jeremia 17:9.

O se Ka wa Tsiediwa

Ngwaga le ngwaga, dikhampani tsa motsoko di dirisa didolara di le dibilione mo dipapatsong. Go tla jang gore ba se ka ba itse gore basha ba le bantsi ba tla ngokwa ke serai sa bone le e leng gore mo isagweng e tla nna batho ba ba godileng ba ba tshwagotsweng ke motsoko?

O se ka wa letla borakgwebo ba motsoko go go tseela madi. Ke eng fa o tshwanetse go raelesega? Balekane ba gago ba ba gogang motsoko le setlhopha seo sa borakgwebo ga ba go batlele dilo tse di molemo. Go na le gore o ba reetse, reetsa kgakololo e e mo Baebeleng mme o ithute ‘go itsholegela molemo.’—Isaia 48:17.

O ka bona ditlhogo tse di oketsegileng tsa “Basha ba Botsa Jaana” tse di tshwanang le tseno mo atereseng eno ya Internet www.watchtower.org/ype

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 8 Le fa setlhogo seno se tlotla ka batho ba ba gogang disekerete, mathata le dikotsi tse go buiwang ka tsone di ka dirisiwa le ke bao ba tlhafunang motsoko kgotsa ba ba gogang seneife.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 27]

SE BALEKANE BA GAGO BA SE BOLELANG

“Fa mongwe a ne a ka mpotsa gore ke eng fa ke sa batle go goga motsoko, ke ne ke tla mo raya ke re, ‘Ka gonne ga ke batle go ntshofatsa makgwafo a me le go khutshwafatsa botshelo jwa me.’”

“Fa mongwe a ka nnaya sekerete, ke tla re, ‘Nnyaa.’ Mme fa a leka go mpateletsa ke tla re, ‘A o thibela tshwanelo ya me ya go itirela tshwetso? Go raya motho jalo ke selo se se tshosang mo nakong e re tshelang mo go yone!’”

[Ditshwantsho]

Benjamin

Heather

[Lebokoso mo go tsebe 28]

A O NE O ITSE?

Motsoko o o se nang mosi—o o jaaka go tlhafuna motsoko—o na le nikotine e ntsi go feta sekerete e bile o na le metswako e e fetang e le 25 e e bakang kankere e e oketsang kotsi ya gore motho yo o e tlhafunang a nne le kankere ya mometso le ya molomo.

[Lebokoso mo go tsebe 28]

KE ENG O SA BOTSE BATSADI BA GAGO?

Go emelana le kgatelelo ya balekane go motlhofo thata fa o go ipaakanyeditse. Ke eng o sa kope batsadi ba gago gore ba nne le nako ya go ikatisa le wena gore o tle o nne o ipaakanyeditse go araba mongwe fa a go naya sekerete? Dira gore motsadi e nne molekane yo o go pateletsang. Ntlha e o ka e dirisang: Dirisa tšhate ya “Thulaganyo ya go Fenya Kgatelelo ya Balekane” e e mo tsebe 132 le 133 ya buka ya Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo, Bolumo 2, go bona ditsela tse di molemo tsa kafa o ka arabang ka teng.

[Lebokoso mo go tsebe 28]

Fela jaaka tlhapi e e tshwerweng ke serai sa sekgoge, motho yo o gogang motsoko a ka nna a kgotsofala mme o tla duela ka botshelo jwa gagwe