Ke Itumelela go Nna Modisa
Ke Itumelela go Nna Modisa
Jaaka go Boletse Alymbek Bekmanov
Fa ke ne ke le dingwaga di le tharo, ke ne ka simolola go disa dinku mme ka simolola go rata go di tlhokomela. Fa ke le dingwaga di le 17 ke ne ke le modisa yo o nang le maitemogelo. Moragonyana, ke ne ka ithuta ka mofuta o mongwe wa modisa, modisa wa semoya. Mma ke tlhalose gore ke ka ntlha yang fa go nna modisa wa semoya go ne ga ntlisetsa boitumelo jo bogolwane.
KE TSHOTSWE ka 1972. Lelapa la gaetsho le legolo la Ba-Kirghiz le ne le nna kwa motseng wa Chyrpykty, mo mabopong a mantle a Letsha la Issyk Kul. Lefelo le le dikologileng letsha leno ke lefelo le le ngokang bajanala ba ba etelang Kyrgyzstan, e pele e neng e le repaboliki ya Soviet Union. Gone jaanong ke nna le mosadi wa me e bong Gulmira, kwa Bishkek, e leng motsemogolo wa Kyrgyzstan, e e bokgakala jwa dikilometara di le 200 go tswa kwa lefelong le ke goletseng kwa go lone.
Modisa le Dinku
Fa ke ne ke le ngwana, re ne re a tle re etelele dinku pele go ya kwa mafulong a a kwa godimo ga dithaba ka paka ya dikgakologo. Seno se ne se akaretsa go palama thaba e e bogodimo jwa dimetara tse di fetang 3 000, mo go neng go tla re tsaya malatsi a le mmalwa. Badisa ba bangwe bone ba ne ba tlhopha tsela e khutshwane mme ba ne ba fitlha kwa mafulong ka bonakonyana. Mme tsela e ba neng ba tsamaya ka yone e ne e le gaufi le megogoro le mekgatšha mme dinku tse di neng di fapoga go se kae ka dinako dingwe di ne di gobala—kgotsa le e leng swa.
Mo ditseleng tse di ntseng jalo, gantsi go ne go na le diphiri tse go neng go itsege gore di tshosa dinku kgotsa di a di tlhasela, di bo di di aroganya le letsomane mme di bo di di bolaya. Ka jalo, ramogolo o ne a tlhopha tsela e e neng e le motlhofonyana e bile e se kotsi thata, le fa gone go tsamaya ka yone go ne go tsaya letsatsi le lengwe le le oketsegileng kgotsa go feta. Ka dinako tse dingwe ke ne ke batla go itlhaganela mme ramogolo o ne a nthiba. O ne a tle a re: “Alymbek, akanya ka dinku, e seng ka wena.”
Mo mafulong a mantle a a kwa godimo ga dithaba, go ne go dirwa masaka a nakwana go sireletsa dinku bosigo. Badisa bangwe ba ne ba sa rate go tsoga phakela mme ba bo isa dinku tsa bone thari kwa mafulong fa letsatsi le sa bolo go tlhaba. Ka nako ya fa dinku di simolola go fula, letsatsi le ne le setse le gotetse.
Go ise go ye kae, dinku di tla bo di ema mmogo di obile ditlhogo mme di sa kgone go hema sentle. E re ka di ne di sa kgone go ja ka mo go lekaneng, di ne di nna bokoa le go bopama. Kafa letlhakoreng le lengwe, ramogolo o ne a tsoga pele ga letsatsi le tlhaba—ka ura ya bonè mo mosong—mme o ne a dira gore dinku tse a di tlhokomelang di bo di le kwa mafulong a a monate fa letsatsi le tlhaba. Fa di le koo di ne di na le nako ya go fula mo phefong e e lapolosang ya mo mosong. Jaaka gantsi batho ba ne ba tle ba bolele, “Fa o leba dinku, o bona modisa wa tsone.”
Nako e e siametseng go tlhatlhoba dinku le go di alafa ke fa di ikhuditse fa di sena go fula. Bothata bongwe jo bogolo jo dinku tsa rona di neng di na le jone e ne le jwa dintsi tse di neng di beela mae a tsone mo teng ga khubu ya tsone. Fa seno se direga, khubu e nna botlhoko mme o bo e ruruga. Fa bothata jono bo sa lemogiwe ka bonako, botlhoko joo bo ka nna jwa oketsega mo e leng gore nku e ka nna ya tswa mo letsomaneng mme e bo e swa. Re ne re tlhatlhoba dinku tsa rona mo e ka nnang letsatsi le letsatsi gore re tle re kgone go di alafa. Le fa seno se ne se tsaya nako e bile e le matsapa, tuelo ya rona e ne e le gore dinku di ne di nna le botsogo jo bo siameng e bile di kgotsofetse.
Maitseboa mangwe le mangwe fa re tswa mafulong mme re boela kwa masakeng, re ne re bala dinku. Di ne di tsena mo lesakeng ka kgoro e tshesane—ka dinako tse dingwe go tsena di le tharo kgotsa di le nnè ka nako e le nngwe. Letsomane la rona le ne le na le dinku tse di ka nnang makgolokgolo, le fa go ntse jalo, re ne re setse re na le bokgoni jwa go bala dinku ka tsela eno mo e leng gore re ne re kgona go bala dinku tse di ka nnang 800 ka metsotso e le 15 kgotsa e le 20. Seo se ne se tlhoka gore re ikatise thata, mme re kgonne go go dira!
Fa re ka fitlhela gore go na le nku e e tlhaelang, ramogolo o ne a tsaya tlhobolo le thobane mme a bo a ya go batla nku e e latlhegileng—tota le e leng go tsamaya mo puleng le mo lefifing go ya go batla kwanyana e le nngwe fela. O ne a goela kwa godimo. Lentswe la gagwe le ne le tla tshosa diphologolo tsa naga. Fa nku e utlwa lentswe leo, o ne o kgona go bona fela gore e ne e ikutlwa e sireletsegile.
Re ne ra naya nku nngwe le nngwe leina go ya ka ditsela tse di farologaneng tse di lebegang ka yone kgotsa ka mekgwa ya tsone. Gantsi mo letsomaneng go ne go bonala go na le dinku tse di bodipa. Ka ntlha ya mabaka mangwe, di ne di sa batle go ikobela modisa. Ka dinako tse dingwe, dinku tse dingwe di ne di rata go latela nku e e sa utlweng. Ka jalo, modisa o ne a tla leka go thapisa le go otlhaya dinku tse di bodipa. Ka sekai, o ne a tla tlogela nku e e ntseng jalo mo lesakeng e le nosi. Fa nako e ntse e tsamaya, dinku dingwe di ne di amogela kotlhao mme di bo di latela dikaelo tsa modisa. Dinku tse di neng di tswelela di le bodipa di ne di felela mo pitseng.
Modisa wa Mofuta o o Farologaneng
Ka 1989, ke ne ka ithuta mokgwa wa go lwa ke sa dirise dibetsa mme ke ne ka nna le botswerere jo bogolo mo go one. Mo ngwageng o o latelang, ke ne ka kwadisiwa mo sesoleng sa Soviet. Fa ke ne ke ntse ke direla kwa Russia, batho ba ke neng ke ithuta go lwa ke sa dirise dibetsa le bone ba ne ba rulaganya segopa sa bone sa bokebekwa. Fa ke boela gae kwa Kyrgyzstan, ba ne ba mpolelela gore fa nka tsena mo setlhopheng sa bone, ke tla nna le sengwe le sengwe. Mme ka yone nako eo, ke ne ka tlwaelana le Basupi ba ga Jehofa.
Basupi ba ne ba araba dipotso tse di neng di ntse di ntshwenya fa ke sa ntse ke le ngwana, dipotso tse di jaaka, Ke eng fa batho ba swa? Mo metlotlong e re ileng ra nna le yone, ke ne ka simolola go tlhaloganya gore loso lo nnile gone ka ntlha ya boleo jwa motho wa ntlha e bong Adame. (Baroma 5:12) Gape ke ne ka ithuta go tswa mo Baebeleng gore Jehofa, Modimo wa boammaaruri, o ne a romela Morwawe e bong Jesu go nna Morekolodi wa rona le gore ka go nna le tumelo mo go Jehofa le Morwawe, boleo jo re bo ruileng bo ka bipiwa. Mme seno se ka dira gore re tshwanelegele go tshelela ruri mo lefatsheng la Paradaise, go dumalana le boikaelelo jwa kwa tshimologong jwa Modimo ka batho.—Pesalema 37:11, 29; 83:18; Johane 3:16, 36; 17:1-5; Tshenolo 21:3, 4.
Dikarabo tsa Dikwalo tse Basupi ba neng ba araba dipotso tsa me ka tsone di ne di utlwala thata e bile di ne di tlhaloganyesega mo e leng gore ke ne ka tlhotlheletsega go bolela jaana: “Ke kafa go tshwanetseng ga nna ka teng!” Ke ne ke sa tlhole ke batla go itsalanya le batho ba re kileng ra bo re ithuta mmogo go lwa re sa dirise dibetsa. Ka makgetlonyana, ba ne ba leka go dira gore ke boele mo setlhopheng sa bone. Mme keletso ya me ya go batla go ithuta le go dirisa boammaaruri jwa Baebele e ne e nonofile mo go lekaneng mo e leng gore e ne ya nthusa go gana dikopo tsa bone tse di ntekang mme seo se ne sa dira gore ke nne modisa wa semoya.
Mo e ka nnang ka yone nako eo, motho mongwe yo o fodisang ka go rapelela batho, yo o neng a tumile mo lefelong la rona o ne a tle a etele mmè. Ka letsatsi lengwe, fa ke fitlha kwa gae, mosadi yoo o ne a tshwere kokoano ya go buisana le baswi. O ne a bolela gore ke na le mpho e e kgethegileng mme a nkgothaletsa go ya kwa lefelong la kobamelo la Bamoseleme go ya go itseela pheko, a bolela gore pheko eo e tla nthusa. O batlile a dira gore ke dumele gore fa nka dira seno, ke tla amogela mpho ya go fodisa.
Mo letsatsing le le latelang, ke ne ka ya kwa Basuping ba ke neng ke ithuta Baebele le bone mme ka ba bolelela ka mosadi yono. Ba ne ba mpontsha Duteronome 18:9-13) Mo masigong a le mmalwa, ke ne ke sa kgone go robala ka ntlha ya go tshwenngwa ke madimona. Morago ga gore Basupi ba nthute gore ke ka rapela jang go dumalana le thato ya ga Jehofa, ke ne ke sa tlhole ke nna le ditoro tse di maswe. Ke ne ka tlhatswega pelo gore ke bone Modisa wa boammaaruri, e bong Jehofa.
mo Baebeleng gore Jehofa o kgatlhanong le mefuta yotlhe ya tirisabadimo, ka gonne e amana le meya e e bosula. (Ke ne ka ithuta gore Dafide, mokwadi wa dipesalema tse dintsi tsa Baebele, le ene o kile a nna modisa fa a ne a le mosha. O ne a bitsa Jehofa “Modisa wa me” mme ke ne ka rata thata tsela e a neng a ikutlwa ka yone ka Jehofa. (Pesalema 23:1-6) Ke ne ke batla go etsa Morwawe Jehofa e bong Jesu, yo o bidiwang ‘modisa wa dinku.’ (Bahebera 13:20) Kwa kopanong e e neng e tshwaretswe kwa Bishkek mo masimologong a 1993, ke ne ka bontsha boineelo jwa me mo go Jehofa ka go kolobediwa mo metsing.
Kokoano e e Botlhokwa
Ba masika ba me ba le bantsi, mmogo le baagelani, ba ne ba simolola go kopana gore ba ithute Baebele. Mo e ka nnang batho ba le 70 go tswa mo motseng wa rona ba ne ba kopana mmogo gaufi le Letsha la Issyk Kul. Mongwe wa losika lwa me, yo e neng e le moeteledipele wa kgotla ya motse, o ne a bontsha kgatlhego e kgolo. O ne a bolela gore o tla rulaganya kokoano e kgolo e mo go yone re neng re tla tlhalosa bodumedi jwa rona jo bosha. Mme baeteledipele ba bodumedi ba lefelo leo ba ne ba simolola go tlhotlheletsa batho go ganetsa tiro ya rona ya go rera. Ba ne ba dira maano a go dirisa kokoano eno go tlhotlheletsa batho gore ba nne kgatlhanong le rona.
Ka letsatsi le le beilweng, go ne ga phuthega batho ba ba ka nnang sekete, go akaretsa le batho ba ba tswang mo metseng e meraro e e gaufi. Go ne go na le Basupi ba le mmalwa mme mongwe wa bone o ne a simolola go tlhalosa dilo tse re di dumelang tse di theilweng mo Baebeleng. Morago ga metsotso e e ka nnang metlhano, motho mongwe o ne a ema mme a goeletsa dipotso tse di kgopisang. Re ne ra latofadiwa le go tshosetswa mo e leng gore boidiidi jwa batho bo ne jwa gakala mo bo neng bo batla go re gobatsa.
Ka yone nako eo, mongwe wa bonkgonne, yo a neng a sa tswa go simolola go ithuta Baebele, o ne a ema mme a re buelela. Mongwe le mongwe o ne a mo tshaba le go mo ikgatolosa ka gonne o ne a itse go lwa. O ne a ema ka bopelokgale fa gare ga batlhasedi le Basupi mme re ne ra tsamaya go se na ope yo o gobetseng. Mo dingwageng tse di latelang, bontsi jwa batho ba ba neng ba le kwa kokoanong eo ba ne ba nna Basupi. Gompieno, batho ba ba fetang 50 go
tswa mo motseng wa rona o o nang le batho ba ba ka nnang 1 000, ke Basupi ba ga Jehofa.Morwadia Modisa
Dikgwedi di le mmalwa pele ga kopano e kgolo ya Basupi ba ga Jehofa kwa Moscow, kwa Russia, ka August 1993, ke ne ka kopana le Gulmira, Mosupi mongwe go tswa kwa motseng wa Kirghiz. Ba lelapa la gagabo le bone ba ne ba kile ba nna badisa. Ka 1988, fa tiro ya Basupi e ne e sa ntse e thibetswe kwa Soviet Union, mmaagwe Gulmira o ne a simolola go ithuta Baebele le Mosupi mongwe yo o bidiwang Aksamy. Ka bo1970, Aksamy o ne a nna Mosupi wa ga Jehofa wa ntlha wa Mo-Kirghiz mo lefelong leo.
Go ise go ye kae, Gulmira o ne a kopanela le mmaagwe go ithuta Baebele le Aksamy. Ka 1990, bobedi jwa bone e ne ya nna Basupi ba ba kolobeditsweng. Go ise go kae Gulmira o ne a tlhotlheletsega go tsenela bodiredi jwa nako e tletseng ka go nna mmulatsela.
Ke ne ke bona Gulmira ka sewelo fela mo dingwageng di le pedi tse di latelang, ka gonne ke ne ke nna bokgakala jwa dikilometara tse di ka nnang 160. Ka March 1995, ke ne ka swetsa ka gore ke mo itse botoka, ka jalo, ka letsatsi lengwe ke ne ka ya kwa gabone ke akantshe ka seo. Ke ne ka gakgamadiwa ke go utlwa gore o ne a tsamaya ka letsatsi le le latelang go ya go direla kwa ofising ya lekala ya kwa Russia, e e leng bokgakala jwa dikilometara di le 5 633!
Ka nako eo, ke ne ke simolotse go nna modiredi wa nako e e tletseng e bile ke ne ke simolotse go ithuta puo ya Se-Russia, ka gonne re ne re ise re nne le dikgatiso dipe tsa puo ya Se-Kirghiz. Ka dingwaga di le tharo, nna le Gulmira re ne re kwalelana mme ra rulaganya go bala ditemana tse di tshwanang tsa Baebele gore re tle re kgone go tlotla ka dilo tsa semoya. Fa nako e ntse e tsamaya, ke ne ka direla kwa phuthegong ya ntlha ya Se-Kirghiz, kwa toropong ya Balikchi.
Go Direla Jehofa le Gulmira
Ka 1998, Gulmira o ne a tla kwa Kyrgyzstan ka malatsi a gagwe a boikhutso mme re ne ra nyalana. Ke ne ka lalediwa go ya go direla le ene kwa ofising ya lekala ya kwa Russia. Abo ke ne ke itumetse jang ne go bo ke ne ke simolotse go ithuta puo ya Se-Russia! Moragonyana, ke ne ka abelwa go dira le setlhopha se se ranolang puo ya Se-Kirghiz se se neng se ranola dikgatiso tsa Baebele ka Se-Kirghiz. Ke ne ka rapela Jehofa mme ka mo kopa botlhale le bopelotelele. Mme gone, modiri ka nna e bong Gulmira o ne a nthusa thata.
Ka 2004, setlhopha sa rona sa baranodi se ne sa romelwa kwa Bishkek, mo ke neng ka tlhomiwa go direla mo komiting e e okametseng tiro ya Basupi ba ga Jehofa kwa Kyrgyzstan. Ka nako eo, go ne go na le diphuthego di le supa tse di buang puo ya Se-Kirghiz le diphuthego tse di fetang 30 tse di buang puo ya Se-Russia kwa nageng eo. Gone jaanong go na le diphuthego tse di fetang 20 tse di buang puo ya Se-Kirghiz le ditlhopha tse dintsi tse di buang Se-Kirghiz, e leng diperesente tse di ka nnang 40 tsa Basupi ba le 4 800 ba kwa Kyrgyzstan.
Nna le Gulmira re ne ra swetsa ka gore re ithute Seesemane, ka gonne go se itse go ne go tla re thusa mo bodireding jwa rona. Seno se ne sa dira gore re lalediwe kwa ntlokgolong ya Basupi ba ga Jehofa e e kwa United States ka 2008. Fa ke le koo, ke ne ka ya sekolong se se kgethegileng sa batho ba ba etelelang tiro ya go rera pele kwa dinageng tsa bone.
Gone jaanong nna le Gulmira re kgona go thusa batho ba kwa Kyrgyzstan ka botlalo ka dilo tse ba di tlhokang semoyeng. Maitemogelo a rona a re thusitse go iponela ka matlho gore ruri Jehofa ke modisa yo o lorato. Ke iponetse go diragadiwa ga pesalema eno ya Baebele, e e bolelang jaana: “Jehofa ke Modisa wa me. Ga ke na go tlhoka sepe. O nthapamisa mo mafulong a a tletseng bojang; o nkisa fa mafelong a boikhutso a a nang le metsi a mantsi. O lapolosa moya wa me. O nkgogela mo ditselaneng tsa tshiamo ka ntlha ya leina la gagwe.”—Pesalema 23:1-3.
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Dinku tsa rona kwa mafulong
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Re ne re bala dinku maitseboa mangwe le mangwe go tlhomamisa gore ga go na epe e e tlhaelang
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
Ke na le Gulmira gompieno