A Saense le Baebele di a Tsamaisana?
Baebele ya Reng
A Saense le Baebele di a Tsamaisana?
“Ke bona boitumelo le botlhokwa jwa dithuto tsa me tsa saense ka nako ya fa ke lemoga sengwe se sesha mme ke bo ke ipolelela gore, ‘Go raya gore ke kafa Modimo a e dirileng ka teng!’” —HENRY SCHAEFER, POROFESA YA KHEMISETERI.
SAENSE e thusa thata gore re tlhaloganye dilo tsa tlholego, e senola selekanyo sa thulaganyo se se leng teng, tsela e dilo di latelanang ka yone le botswerere jo batho ba le bantsi ba bo bonang, jwa gore go na le Modimo yo o nang le botlhale le maatla a a sa lekaneng le a ga ope. Go ya ka bone, saense ga e senole fela dilonyana tse dinnye tsa tlholego mme gape e senola le kafa Modimo a akanyang ka teng.
Kgopolo e e ntseng jalo e tshegediwa thata ke Baebele. Baroma 1:20 ya re: “Dinonofo [tsa Modimo] tse di sa bonaleng tsa gagwe di bonwa sentle mo popong ya lefatshe go ya pele, ka gonne di lemogiwa ka dilo tse di dirilweng, e leng maatla a gagwe a a sa feleng le Bomodimo.” Pesalema 19:1, 2 le yone e bolela jaana: “Magodimo a bolela kgalalelo ya Modimo; mme phuthologo e bolela tiro ya diatla tsa gagwe. Letsatsi morago ga le lengwe le dira gore go buiwe thata, le bosigo morago ga jo bongwe bo supa kitso.” Le fa go ntse jalo, le fa go na le dilo tseno tsotlhe tse di gakgamatsang mo lefatsheng, dilo tsa tlholego ga di senole sengwe le sengwe ka Mmopi wa rona.
Mo Saense e Tlhaelang Teng
Boammaaruri jo bontsi kaga Modimo bo ka se ka jwa ithutiwa mo saenseng. Ka sekai, moitsesaense a ka nna a kgona go tlhalosa molekhule mongwe le mongwe mo kukung ya tšhokolete mme gone a dipatlisiso tsa gagwe di ka kgona go senola gore ke ka ntlha yang fa kuku e dirilwe kgotsa gore e diretswe mang? Go bona dikarabo tsa dipotso tse di ntseng jalo—tse batho ba le bantsi ba tla di tsayang e le tse di botlhokwa thata—o tlhoka go botsa motho yo o dirileng kuku.
Mankge mongwe wa fisikisi e bile e le mogapi wa sekgele sa Nobel e bong Erwin Schrödinger wa kwa Austria o ne a kwala gore saense, ka tsela e e tshwanang, “e re neela tshedimosetso e ntsi e e nepileng mme ga e senole sepe ka dilo tsotlhe . . . tse di leng botlhokwa thata mo go rona.” A re, seno se akaretsa “Modimo le bosakhutleng.” Ka sekai, ke Modimo fela yo o ka kgonang go araba dipotso tse di jaaka tse di latelang: Ke eng fa go na le lobopo? Ke eng fa go na le ditshedi tse dintsi mo polaneteng ya rona go akaretsa le ditshedi tse di botlhale? Fa e le gore Modimo tota ke mothatayotlhe, ke eng fa a letlelela bosula le go boga? Le gore a go na le tsholofelo ka batho ba ba suleng?
A Modimo o arabile dipotso tseo? Ee, mo Baebeleng. (2 Timotheo 3:16) Mme o ka nna wa botsa gore, ‘Mme gone nka tlhomamisega jang gore tota Baebele e tswa kwa Modimong?’ Go ya ka saense, se Baebele e se bolelang ka lefatshe le le re dikologileng se tshwanetse go tsamaisana le dintlha tsa saense, ka jalo ga go a tshwanela go nna le go sa dumalane gareng ga se Modimo a se bopileng le se Baebele e se bolelang. A Baebele e dumalana le saense? Akanya ka dikai di le mmalwa.
E Tlhalositse Dilo Tsa Saense Pele ga Saense
Fa Baebele e ne e sa ntse e kwalwa, batho ba le bantsi ba ne ba dumela gore go na le medimo e e farologaneng mo lefatsheng mme medimo eo, e seng melao ya tlholego, ke yone e e laolang letsatsi, ngwedi, maemo a bosa, tsalo, jalo le jalo. Mme go ne go sa nna jalo ka baporofeti ba Bahebera ba Modimo ba bogologolo. Gone ke boammaaruri gore ba ne ba itse gore Jehofa Modimo o ne a ka kgona go laola ka tlhamalalo dilo tsa tlholego le gore o ne a dira jalo mo makgetlong a a rileng. (Joshua 10:12-14; 2 Dikgosi 20:9-11) Le fa go ntse jalo, John Lennox, porofesa wa mathemetiki wa kwa Yunibesithing ya Oxford, kwa Engelane, o ne a bolela gore baporofeti “ba ne ba sa tlhoke go tlogela go dumela gore medimo eo e laola lobopo . . . , fela ka go bo ba ise ba ko ba dumele mo medimong eo. Se se ba thusitseng gore ba se ka ba dumela tumelobotlhodi eo e ne e le ka go bo ba ne ba dumela mo Modimong yo o Esi wa Boammaaruri, Mmopi wa legodimo le lefatshe.”
Tumelo eo e ile ya ba sireletsa jang mo tumelobotlhoding? Sa ntlha, Modimo wa boammaaruri o ne a ba senolela gore ke ene a laolang lobopo ka melao e e tlhomameng. Ka sekai, dingwaga tse di fetang 3 500 tse di fetileng, Jehofa Modimo o ne a botsa motlhanka wa gagwe e bong Jobe jaana: “A o itse melao ya magodimo?” (Jobe 38:33) Mo lekgolong la bosupa la dingwaga B.C.E., moporofeti Jeremia o ne a kwala ka “melao ya legodimo le lefatshe.”—Jeremia 33:25.
Ka jalo, batho botlhe ba ba neng ba tshela mo motlheng wa bogologolo mme ba dumela mo mekwalong e e kwadilweng ke baporofeti ba go buiwang ka bone mo Baebeleng ba ne ba tla itse gore lobopo ga lo laolwe ke medimo e e itlhametsweng, e e ka se kang ya ikanngwa mme lo laolwa ke melao e e ka ithutiwang le go tlhaloganngwa. Ka ntlha ya seo, batho bao ba ba boifang Modimo ga ba a ka ba obamela dilo tse di bopilweng, tse di jaaka letsatsi, ngwedi kgotsa dinaledi e bile ga ba a ka ba nna le boikutlo bope jo bo amanang le tumelobotlhodi malebana le tsone. (Duteronome 4:15-19) Go na le moo, ba ile ba bona ditiro tsa Modimo e le dilo tse ba tshwanetseng go ithuta ka tsone tse di senolang botlhale, maatla le dinonofo tsa gagwe tse dingwe.—Pesalema 8:3-9; Diane 3:19, 20.
Go dumalana le boikutlo jwa baitsesaense ba le bantsi gompieno, Bahebera ba bogologolo gape ba ne ba dumela gore lobopo lo na le tshimologo. Genesise 1:1 ya re: “Mo tshimologong Modimo o ne a bopa magodimo le lefatshe.” Mme gape dingwaga tse di ka nnang 3 500 tse di fetileng, Modimo o ne a senolela motlhanka wa gagwe e bong Jobe gore lefatshe ‘le lepeletse mo go se nang sepe,’ kgotsa le otlololetswe mo lefaufaung. (Jobe 26:7) Mme kgabagare, dingwaga tse di fetang 2 500 tse di fetileng, moporofeti Isaia o ne a kwala gore lefatshe le kgolokwe kgotsa le sediko.—Isaia 40:22. *
Ee, Baebele e dumalana le boammaaruri jo bo tlhalosiwang ke saense malebana le dilo tsa tlholego. Tota e bile, dithuto tseno tse pedi di a tsamaisana—di dumalana sentle. Go itlhokomolosa epe ya tsone go tshwana le go sa bule kgoro ya kitso kaga Modimo.—Pesalema 119:105; Isaia 40:26.
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 14 Go bona tlhaloso e e oketsegileng malebana le go nna gone ga Modimo le go nna boammaaruri ga Baebele, tsweetswee bala boroutšhara jwa Was Life Created? le buka ya Is There a Creator Who Cares About You? tse di gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.
A O KILE WA IPOTSA GORE. . .
● Popo e ka re bolelela eng ka Modimo?—Baroma 1:20.
● Ke boammaaruri bofe jo bo kaga Modimo jo bo ka se tlhaloganngweng ke saense?—2 Timotheo 3:16.
● Ke eng fa baporofeti ba bogologolo ba Modimo wa boammaaruri ba ne ba se na boikutlo bope jwa tumelobotlhodi malebana le popo?—Jeremia 33:25.
[Mafoko a a mo go tsebe 23]
Lobopo lo laolwa ke melao e e tlhomameng—“melao ya legodimo le lefatshe.”—JEREMIA 33:25