Basha ba Botsa Jaana
Nka Tlhalosa Jang se Baebele e se Bolelang ka Bosodoma?
Batho ba ba neng ba le kwa moletlong wa kabo ya dikgele ba ne ba goa go bontsha kemonokeng ya bone fa basadi ba babedi ba e leng batshameki ba dibaesekopo ba ba itsegeng, ba ne ba dumedisana ka go atlana ka tsela e e bontshang gore ba a ratana! Babogedi ba ne ba gamaregile mme morago ga moo, ba goeletsa go bontsha gore ba a ba tshegetsa. Batho ba ba ratanang ba bong jo bo tshwanang ba go bona e le phenyo. Batshwayadiphoso bone ba re ke go batla go ngoka kgatlhego ya babegadikgang. Go sa kgathalesege gore batho ba a reng, bidio ya tiragalo eo e tla bo e boelediwa gangwe le gape mo metsweding ya dikgang tsa thelebishine—e bile go tla bo go tlotlwa thata ka yone mo Internet—mo malatsing a a latelang.
JAAKA fa go bontshitswe mo tiragalong e e fa godimo, ke ditiragalo di le mmalwa fela tse di dirang gore metswedi ya dikgang e bue thata ka tsone go gaisa fa motho yo o tumileng a itsise phatlalatsa gore ke monna yo o ratanang le banna ba bangwe, mosadi yo o ratanang le basadi ba bangwe kgotsa a ratana le banna le basadi. Batho bangwe ba ba akgolela bopelokgale jwa bone; ba bangwe ba ba kgalela boitsholo jwa bone jo bo tlhabisang ditlhong. Le fa go na le maikutlo ano a a farologaneng, batho ba le bantsi ba leba bosodoma e le tsela e nngwe e e farologaneng ya go tshela. Daniel wa dingwaga di le 21 a re: “Fa ke ne ke sa ntse ke tsena sekolo, tota le bana ba ba ratanang le batho ba bong bo sele ba ne ba akanya gore fa o na le bothata le basodoma, o na le tlhaolele e bile o atlhola ba bangwe.” *
Tsela e batho ba lebang bosodoma ka yone e ka farologana go ya ka dikokomana kgotsa go ya ka mafelo. Mme Bakeresete bone ga ba ‘akgaakgelwe kwa le kwa ke phefo nngwe le nngwe ya thuto.’ (Baefeso 4:14) Go na le moo, ba ngaparela se Baebele e se bolelang.
Baebele ya reng ka bosodoma? Fa e le gore o tshela go dumalana le melao ya Baebele ya boitsholo, o ka araba jang batho ba ba reng o na le tlhaolele, o atlhola ba bangwe kgotsa o tlhoile batho bano? Ela tlhoko dipotso tse di latelang le kafa o ka di arabang ka gone.
Baebele ya reng ka bosodoma?
Baebele e tlhalosa sentle gore Modimo o dirile gore tlhakanelodikobo e nne fela fa gare ga monna le mosadi mme e le fela mo thulaganyong ya lenyalo. (Genesise 1:27, 28; Lefitiko 18:22; Diane 5:18, 19) Fa Baebele e kgala kgokafalo, e a bo e lebisitse mo boitshwarong jwa batho ba bong jo bo tshwanang le jwa batho ba bong jo bo sa tshwaneng. *—Bagalatia 5:19-21.
Fa mongwe a botsa jaana: “O ikutlwa jang ka bosodoma?”
O ka nna wa araba jaana: “Ga ke a tlhoa basodoma mme ga ke amogele boitshwaro jwa bone.”
✔ Gakologelwa: Fa e le gore o kaelwa ke melao Joshua 24:15) O se ka wa tlhabisiwa ditlhong ke tsela e o lebang dilo ka yone.—Pesalema 119:46.
ya Baebele ya boitsholo, ke tsela ya botshelo e o e itlhophetseng mme o na le tshwanelo ya go e latela. (A Bakeresete ga ba a tshwanela go tlotla batho botlhe, go sa kgathalesege tsela e ba e tlhophileng ya go tshela?
Ee, go ntse jalo. Baebele ya re: “Tlotlang batho ba mefuta yotlhe.” (1 Petere 2:17) Ka jalo, Bakeresete ga ba a tlhoa batho ba ba ratanang ba bong jo bo tshwanang. Ba bontsha batho botlhe bopelonomi, go akaretsa le batho ba ba ratanang ba bong jo bo tshwanang.—Mathaio 7:12.
Fa mongwe a botsa jaana: “A tsela e o ikutlwang ka yone ka bosodoma ga e rotloetse tlhaolele kgatlhanong le batho ba ba ratanang ba bong jo bo tshwanang?”
O ka nna wa araba jaana: “Le e seng. Ke gana boitsholo jwa bosodoma, e seng batho.”
✔ O ka nna wa oketsa jaana: “Ka sekai, gape ke itlhophetse gore ke se ka ka goga. Tota e bile, go akanya fela ka gone go mpherosa sebete. Mme a re re gongwe o a goga mme ga o ikutlwe ka tsela eo. Nka se ka ka go tlhoa fela ka ntlha ya tsela e o ikutlwang ka yone, fela jaaka le nna ke tlhomamisega gore o ka se ka wa ntlhoa fela ka ntlha ya tsela e nna ke ikutlwang ka yone—a ga go jalo? Molaomotheo oo o dira le mo ditseleng tse di farologaneng tse re lebang bosodoma ka tsone.”
A Jesu ga a ka a bolela gore re tshwanetse go amogela batho ba bangwe? Fa e le gore go ntse jalo, a Bakeresete ga ba a tshwanela go amogela basodoma?
Jesu ga a ka a kgothaletsa balatedi ba gagwe go amogela mefuta yotlhe ya botshelo. Go na le moo, o ne a ruta gore “mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene,” a ka bona poloko. (Johane 3:16) Go dumela mo go Jesu go akaretsa go tsamaisana le molao wa Modimo wa boitsholo, o o iletsang mefuta e e rileng ya boitsholo—go akaretsa le bosodoma.—Baroma 1:26, 27.
Fa mongwe a re: “Basodoma ba ka se ka ba fetola tsela e ba ntseng ka yone; ba tshotswe ba ntse jalo.”
O ka nna wa araba jaana: “Baebele ga e bue sepe malebana le kafa motho a nnang mosodoma ka teng, le fa gone e dumela gore mekgwa mengwe e nweleletse kwa teng. (2 Bakorintha 10:4, 5) Le fa gone batho bangwe ba sekametse mo go rateng batho ba bong jo bo tshwanang le jwa bone, Baebele e bolelela Bakeresete gore ba tile ditiro tsa bosodoma.”
✔ Kakantsho: Go na le gore o iphitlhele o tseneletse mo kganetsanong ya gore ke eng se se dirang gore batho bangwe ba nne le dikeletso tsa bosodoma, gatelela gore Baebele e iletsa boitsholo jwa bosodoma. Go tshwantsha, o ka nna wa re: “O a itse gore batho ba le bantsi ba bolela gore go nna dikgoka go ka tswa go simologile mo dijining mme ka ntlha ya seo, batho bangwe ba sekametse mo go nneng dikgoka. (Diane 29:22) Go tweng fa seo e ne e le boammaaruri? Jaaka o ka tswa o itse, Baebele e kgala bogale. (Pesalema 37:8; Baefeso 4:31) A molao oo ga o a siama fela ka go bo batho bangwe ba sekametse mo go rateng thubakanyo?”
Go tla jang gore Modimo a bolelele motho yo o kgatlhegelang motho wa bong jo bo tshwanang le jwa gagwe gore a tile bosodoma? Seo se utlwala e le bosetlhogo.
Go akanya ka tsela eo go theilwe mo boikutlong jo bo sa siamang jwa gore batho ba tshwanetse go dira go ya ka dikeletso tsa bone tsa tlhakanelodikobo. Baebele e naya batho seriti ka go ba tlhomamisetsa gore ba ka kgona go tlhopha gore ba se ka ba dira go ya ka dikeletso tsa bone tse di sa siamang tsa tlhakanelodikobo fa e le gore tota ba batla go dira jalo.—Bakolosa 3:5.
Fa mongwe a re: “Tota le fa o sa ratane le motho wa bong jo bo tshwanang le jwa gago, o tshwanetse go fetola tsela e o lebang bosodoma ka yone.”
O ka nna wa araba jaana: “A re re ga ke dumalane le go betšha mme wena o dumalana le gone. A go ne go tla utlwala gore o gatelele gore ke fetole
tsela e ke ikutlwang ka yone, fela ka go bo batho ba le bantsi ba tlhopha go betšha?”✔ Gakologelwa seno: Batho ba le bantsi (go akaretsa le basodoma) ba na le molao mongwe wa boitsholo o o dirang gore ba tlhoe dilo dingwe—gongwe tse di jaaka go tsietsa, tshiamololo kgotsa ntwa. Baebele e iletsa boitshwaro jo bo ntseng jalo; gape e kgala mefuta mengwe ya boitsholo jwa tlhakanelodikobo, go akaretsa le bosodoma.—1 Bakorintha 6:9-11.
Baebele ga e feteletse dilo e bile ga e rotloetse tlhaolele. E kaela batho ba ba kgatlhegelang batho ba bong jo bo tshwanang le jwa bone gore ba dire se batho ba ba kgatlhegelang batho ba bong jo bo sa tshwaneng le jwa bone ba tshwanetseng go se dira—go ‘tshaba kgokafalo.’—1 Bakorintha 6:18.
Fa go tliwa mo dilong tse di ratiwang ke batho ba le bantsi, Bakeresete ba na le bopelokgale jwa go dira se se farologaneng le se se dirwang ke bontsi
Boammaaruri ke gore, dimilione tsa batho ba ba kgatlhegelang batho ba bong jo bo farologaneng le jwa bone, ba ba batlang go latela melao ya Baebele, ba nna le boikgapo le fa ba ka tswa ba na le dithaelo tse ba lebanang le tsone. Batho bano ba akaretsa ba le bantsi ba ba seng mo lenyalong ba go ka diregang gore ba se ka ba tsena mo lenyalong le ba le bantsi ba ba nyalaneng le molekane yo o golafetseng yo o sa kgoneng go tlhakanela dikobo. Ba kgona go tshela ka boitumelo kwantle ga go kgotsofatsa dikeletso tsa bone tsa tlhakanelodikobo. Batho ba ba nang le ditshekamelo tsa bosodoma ba ka dira se se tshwanang fa e le gore tota ba batla go itumedisa Modimo.—Duteronome 30:19.
^ ser. 4 Maina mo setlhogong seno a fetotswe.
^ ser. 7 Lefoko le le mo Baebeleng e leng “kgokafalo” ga le kae fela thobalano mme gape le kaya le dilo tse di jaaka go tshwaratshwara dirwe tsa yo mongwe, tlhakanelodikobo ya molomo le ya marago.
TSE O KA AKANYANG KA TSONE
-
Ke ka ntlha yang fa Modimo a neile batho melao ya boitsholo?
-
O solegelwa molemo jang ke go latela melao ya Baebele ya boitsholo?