Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tla o Kopane Le Ba-Batak

Tla o Kopane Le Ba-Batak

Tla o Kopane Le Ba-Batak

Fa motsamai wa Mo-Italy wa lekgolo la bo13 la dingwaga e bong Marco Polo a ne a etetse setlhaketlhake sa Sumatra, kwa Indonesia, o ne a tlhalosa morafe mongwe wa “batho ba dithaba” o a neng a re, o “tshela . . . jaaka diphologolo . . . e bile o ja nama ya batho.” Go ne go dumelwa gore batho ba a neng a bua ka bone e ne e le Ba-Batak. Le fa go ntse jalo, nna le mosadi wa me, re na le pono e e farologaneng gotlhelele ka bone. Tla o kopane le batho ba re neng ra simolola go ba itse le go ba rata.

“HORAS!” Ka tumediso eno e e tswang pelong, ditsala tsa rona tse disha tsa Ba-Batak di ne tsa re amogela mo Sumatra Bokone, mo Indonesia, fa re ne re goroga mo kabelong ya rona ya borongwa go bapa le Letsha la Toba. Letsha la Toba ke nngwe ya dilo tsa tlholego tse di kgatlhang thata mo Sumatra e bile ke letsha le legolo mo lefatsheng lotlhe le le dirilweng ke lekgwamolelo, ke mo Ba-Batak ba le bantsi ba nnang teng.—Bona  lebokoso le le fa tlase fano.

Ba-Batak ke mongwe wa merafe e megolo ya kwa Indonesia. Go fopholediwa gore morafe ono o ka tshwara dimilione tse robedi mme o na le ditso tse di ikemetseng tse di ka nnang thataro tse di atamalaneng ka losika—Ba-Toba, Ba-Simalungun, Ba-Karo, Ba-Dairi, Ba-Angkola le Ba-Mandailing. Morafe mongwe le mongwe o dirilwe ka dikgotla tse dikgolo tsa malapa. Fa Ba-Batak ba kopana, gantsi ba botsana pele gore “O tswa mo kgotleng efe?” Mme ka bonako ba bo ba kgona go lemoga gore ba amana jang ka losika.

Melao ya Lenyalo

Gantsi manyalo a setso a Ba-Batak ga a kopanye fela batho ba babedi mme gape a kopanya le dikgotla tse pedi. Bontsala ba losika lwa ga mmè ke bone ba ba ka nyalanang. Mme ke moila o mogolo go nyala ntsalao wa losika lwa ga rrago kgotsa motho wa kgotla e le nngwe le wena. Ka tsela nngwe, manyalo a setso a latela molao ono: Banna ba kgotla ya A ba nyala basadi ba kgotla ya B, banna ba kgotla ya B ba nyala basadi ba kgotla C mme banna ba kgotla ya C bone ba nyala basadi ba kgotla ya A. Modikologo ono o nonotsha thata kgolagano ya losika ya Ba-Batak mme o kopanya banyalani ba basha le ba masika a mantsintsi.

Le fa gone banyalani ba Ba-Batak ba ka tswa ba nyalane semolao e bile ba na le bana, ba dikgotla tsa bone ga ba amogele kgolagano ya bone ya lenyalo go fitlha go dirwa lenyalo la kgotla la setso. Mekete eno e megolo e ka akaretsa makgolokgolo a ba losika e bile e ka tsaya diura di le mmalwa.

Ka sekai, kwa manyalong a Ba-Karo, bogadi le dowry, di balwa ka kelotlhoko mme di bo di kgaoganyediwa ditlhopha tse di kgethegileng mo kgotleng nngwe le nngwe. Mme ke gone lenyalo le ka tswelelang. Maloko a kgotla a tla neela dipuo tse di telele ka botshelo jwa lenyalo. Monyadi le monyadiwa ba reetsa ka tlotlo. Meletlo eno e konelwa ka go keteka le go bina.

Paradaise ya Molemi

Mo nakong e e fetileng malapa a le mantsi a Ba-Batak a ne a nna mo matlong a maleele a go nnang batho ba le bantsi mo go one, a a nang le borulelo jo bo a tlhaolang jo bo nang le ditlhoa tse pedi tse di tshwanang le dinaka tsa nare. Dingwe tsa dikago tseno tse di kgabisitsweng—tse di dirilweng ka logong, lotlhaka lwa bampuse le lodi lwa lotlhaka lwa sukiri—di ne di agiwa mo godimo ga dikota mme tse dingwe di ne di le dikgolo thata mo go ka nnang malapa a le 12 mo go tsone. Go ne go sa dirisiwe dipekere. Go na le meago e le mmalwa e e ka tshwarang dingwaga di le 300, e go sa ntseng go nniwa mo go yone. Ka fa tlase ga meago eno e e mo godimo ga dikota go na le diruiwa—dikgomo, dikoko, dintša, dikolobe le dinare tse di nnang mo metsing.

Ikonomi ya bone e ikaegile thata ka temo, go tshwara ditlhapi, leruo ga mmogo le bojanala. Eleruri, bobogelo jwa tlholego jo bo dikologileng Letsha la Toba ke paradaise ya molemi. Mekgokolosa e e botala jwa emeraleda ya masimo a raese e tlhatlogela go bapa le letsha. Kofi, maungo le ditswaiso, di gola sentle mo mmung o montsho o o nonneng wa lekgwamolelo, mo ditshingwaneng tse dintle tse di mo thoko ga letsha. Batshwaraditlhapi ka mekorwana ya bone ya logong, ba tshwara ditlhapi tse dintsi mo metsing a a tsiditsana a a phepa a letsha leno.

Fa letsatsi le phirima, bana ba ba itumetseng ba phatšhakanya metsi le go thuma mo letsheng, banna ba kopana mmogo mo mabenkeleng mme go utlwala modumo wa mmino mo moyeng o o tsiditsana wa bosigo. Eleruri, Ba-Batak ba itsege mo tikologong ka go opelela ga bone kwa godimo le ka tsela e e amang maikutlo. Gape ba rata go bina—banna le basadi ba arogane—ba tsamaisa matsogo le diatla tsa bone ka bothakga jo bogolo.

Hisitori e ka Nako Nngwe e Neng e sa Itumedise

Dipego di bontsha gore go tloga ka nako ya ga Marco Polo go fitlha ka lekgolo la bo19 la dingwaga, Ba-Batak e ne e le dilalome tse di jang batho. Ba ne ba na le moetlo wa go ja nama ya baba ba bone ba batlhabani le dirukutlhi. Porofesa wa hisitori e bong Leonard Y. Andaya o bolela gore “ditlhaloso tseno tse di sa itumediseng tsa go ja batho, di ka tswa di ile tsa tlhamiwa ke Ba-Batak ka bobone ka maiteko a go thibela batho ba ba tswang kwa ntle go tsena mo dinageng tsa bone.” Buka ya The Batak—Peoples of the Island of Sumatra e bolela gore le fa maemo e ka tswa e ne e le afe, “ka lekgolo la bo19 la dingwaga, puso ya bokolone ya Ba-Dutch e ne ya thibela tlwaelo eno ya gore batho ba je batho ba bangwe mo dikgaolong tse e di laolang.”

Ba-Batak ba ne ba obamela dilo tsa tlholego, e bile ba ne ba obamela medimo e le mmalwa le meya. Gape ba ne ba dira meetlo ya go ntsha ditlhabelo, go bua le baswi, go dirisa bola le boloi. Masaitsiweng a boloi, ditafole tsa masaitsiweng tsa go bolelela dilo pele le mekgwa ya go alafa di ne di kwalwa mo makwating a masesane a a boleele jwa dimetara di le 15 mme a bo a menwa jaaka akhodione, seno se bo se dira gore a lebege jaaka buka. Go ne go logiwa matsela a a kgabisitsweng a a boitshepo go iphemela mo bosuleng le go bolelela pele isagwe.

Dipego di bontsha gore barongwa ba ntlha go etela Ba-Batak e ne e le Ba-Baptist e bong R. Burton le N. Ward, ba ba neng ba goroga ka 1824. Dingwaga di le lesome moragonyana, fa masole a Ba-Dutch a ne a leka go gapa dikarolo dingwe tsa naga, barongwa bangwe ba babedi ba Baamerika, H. Lyman le S. Munson, ba ne ba tsena mo kgaolong ya Ba-Batak mme ka bonako fela ba ne ba bolawa. Barongwa ba babedi ba Bakatoliki, ba ba neng ba itlhokomolosa tlhagiso ya gore ba se ka ba tsena mo mafelong ano a a kotsi, le bone ba ka tswa ba ile ba bolawa.

Le fa go ntse jalo, morongwa wa Mojeremane e bong Ludwig Nommensen, yo o neng a simolola go dira le Ba-Batak ka 1862, o ne a falola mme a nna le katlego e kgolo. Tota e bile, o sa ntse a gakologelwa ka tlotlo ke batho ba le bantsi ba lefelo leo. Gompieno Ba-Batak ba le bantsi ba ipolela gore ke Bakeresete, ba bangwe bontsi jwa bone ke Bamoseleme mme ba bangwe ba obamela dilo tsa tlholego. Le fa go ntse jalo, ba le bantsi ba sa ntse ba ngaparetse ditumelo tsa bone tsa setso.

Go Goroga Dikgang Tse di Molemo Tsa Mmatota

Mo e ka nnang ka ngwaga wa 1936, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba goroga mo dinagagaeng tsa Ba-Batak, ba tlisitse dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo, tse Jesu a neng a bolelela pele gore di ne di tla rerwa “mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni.” (Mathaio 24:14) Ba-Batak ba le bantsi ba ne ba amogela molaetsa o o theilweng mo Baebeleng mme ba latlha ditsela tsa bone tsa tumelabotlhodi. Ka ntlha ya seo, kgaolo eno gone jaanong e na le diphuthego di le 30 tsa Basupi ba ga Jehofa.—Bona  lebokoso le le mo tsebeng eno.

Fa nna le mosadi wa me re ntse re rerela batho dikgang tse di molemo mo lefelong leno, gantsi re kopana le bajanala ba ba gakgamadiwang ke bontle jwa Letsha la Toba le maemo a bosa a a kgatlhang tota. Re dumalana le bone ka pelo yotlhe. Mme re bo re tlatsa ka gore bontle jwa mmatota fano ke batho—Ba-Batak ba ba lorato e bile ba le botsalano.

[Lebokoso mo go tsebe 17]

 LETSHA LE LE TSIDITSANA LE LE NANG LE HISITORI E E SA ITUMEDISENG

Letsha la Toba le boleele jwa dikilometara di le 87 le bophara jwa dikilometara di le 27 mme ke letsha le legolo go gaisa mo lefatsheng le le dirilweng ke lekgwamolelo. Le na le metsi a a se nang letswai a a ka khurumetsang United Kingdom yotlhe mme metsi ano a boteng jwa mo e ka nnang mmetara. Le mo gare ga dithota tse ditala tsa lekgwamolelo tse di dirang karolo ya Dithaba tsa Barisan, go tswa mo matlhakoreng otlhe a lone, letsha leno le kgatlha batsayaditshwantsho fela thata.

Letsha leno le ne la dirwa ke go thunya go gogolo ga lekgwamolelo kgotsa makgwamolelo, go baitsesaense ba dumelang gore go ka tswa go ne go le kotsi thata mo hisitoring ya lefatshe. Mo tsamaong ya nako, khuti eno e e boitshegang e ne ya tlala metsi mme ga nna le se gone jaanong se itsegeng e le Letsha la Toba. Go ne ga latela go thunya go gogolo kwa tlase mo letsheng leno, go go neng ga dira gore go nne le setlhaketlhake se sentle sa Samosir, se se bogolo jwa disekwerekilometara di le 647, e leng bogolo jo bo ka lekanang le Repaboliki ya Singapore.

[Lebokoso mo go tsebe 18]

PARADAISE E E NANG LE MAEMO A BOSA A A TEKATEKANO

Letsha la Toba le mo e ka nnang dikilometara di le 300 go tswa kwa ekhweitha, le fa go ntse jalo, maemo a lone a bosa a tsiditsana ka tsela e e gakgamatsang. Seno ke ka gonne letsha leno le dikilometara di le 900 go tswa mo bogodimong jwa lewatle. Ditlhare tsa mokolane le tsa phaene di gola mmogo mo paradaiseng eno e e nang le maemo a bosa a a tekatekano.

Letsha leno le kgaoganya tikologo ya diphologolo di le mmalwa. Ka sekai, di-orangutan, ditshwene tse di bidiwang white-handed gibbon, le dikgabo tsa Thomas tse di jang matlhare di bonwa kwa bokone jwa letsha leno, fa di-tapir, di-tarsier le dikgabo tse di ratang go nna ka ditlhopha tse di jang matlhare tsone di bonwa kwa borwa.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 19]

 GO TLOGELA GO DIRISANA LE MEYA GO NNA MOKERESETE WA BOAMMAARURI

Nursiah e ne e le dukun ya Mo-Batak kgotsa ngaka e e loang. O ne a dirisa boselamose go alafa malwetse, a leleka meya e e maswe le go bua le “baswi.” * O ne a na le kgwebo e e tsweletseng sentle thata mme—go sa kgathalesege ditiro tsa gagwe tsa masaitseweng—e ne e le leloko le le tlotlegang thata kwa kerekeng e a neng a e tsena ya Porotesetanta.

Fa Nursiah a ne a kopana le Basupi ba ga Jehofa, o ne a gakgamala tota go utlwa gore leina la Modimo ke Jehofa. (Pesalema 83:18) Moragonyana o ne a bala mo Baebeleng gore ba le bantsi ba ba neng ba nna badumedi mo lekgolong la ntlha la dingwaga, ba ne ba latlha dilo tsa bone tsa masaitseweng mme ba fisa dibuka tsa bone tsa tirisabadimo e le gore ba direle Modimo ka tsela e e amogelesegang. (Ditiro 19:18, 19) Go sa kgathalesege kganetso, o ne a swetsa go dira se se tshwanang, a tlhomamisegile tota ka mafoko ano a ga Jesu: “Boammaaruri bo tla lo golola.”—Johane 8:32.

Gompieno Nursiah le morwawe e bong Besli, ke Basupi ba ba kolobeditsweng mme monna wa gagwe, Nengku, o nna gone ka metlha kwa dipokanong tsa Bokeresete. O bolela jaana: “E re ka jaanong ke direla Jehofa, botshelo jwa me bo tokafetse fela thata! Fa ke ne ke le dukun, ke ne ke eletsa tota go itse boammaaruri. Gone jaanong ke kgotsofetse tota.”

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 31 Bona setlhogo se se reng “Baebele ya Reng: Madimona ke Bomang,” se se mo tsebeng ya 20.

[Setshwantsho]

Nursiah le monna wa gagwe le morwaabone

[Dimmapa mo go tsebe 16]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Sumatra

Letsha la Toba

[Motswedi wa Setshwantsho]

Based on NASA/Visible Earth imagery

[Setshwantsho mo go tsebe 16, 17]

Letsha la Toba fa o le leba o le fa go se nang metsi mo mokgokoloseng wa Thaba ya Pusuk Buhit

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Diphororo tsa Sipisopiso, tse di leng kwa ntlheng ya bokone ya Letsha la Toba, di tshologa go tswa mo bogodimong jwa dimetara di le 110