Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ramolao o Sekaseka Basupi ba ga Jehofa

Ramolao o Sekaseka Basupi ba ga Jehofa

Ramolao o Sekaseka Basupi ba ga Jehofa

LES Civin yo e leng agente e bile e le mokaedi wa setheo sa molao mo Afrika Borwa a re: “Ke ne ke sa itse go le gontsi ka Basupi ba ga Jehofa.” Ke eng fa a ne a sekaseka dilo tse Basupi ba di dumelang? O ne a swetsa ka goreng malebana le dilo tseo? Fa tlase fano ke se a neng a se bolelela Tsogang!

O godiseditswe mo bodumeding bofe?

Ke godiseditswe mo tumelong ya Sejuda mme mo masimologong a bo1970, ke ne ka nyalana le Carol, yo e neng e le Mo-Anglican. O ne a sa kgatlhegele bodumedi e bile ka nako eo bodumedi bo ne bo se na tlhotlheletso epe mo matshelong a rona. Le fa go ntse jalo, fa morwaarona e bong Andrew a le dingwaga di le robedi, Carol o ne a akanya gore re tshwanetse go dira sengwe gore Andrew a nne le mofuta mongwe wa bodumedi. Rabi mongwe o ne a mpolelela gore fa Carol a ka sokologela mo Bojudeng, Andrew o tla nna Mojuda mme o tla direlwa Bar Mitzvah fa a nna dingwaga di le 13. Ka jalo, re ne ra simolola go ya kwa ditlelaseng tsa go sokologa tsa beke le beke kwa sinagogeng.

O kopane jang le Basupi ba ga Jehofa?

Fa Basupi ba ne ba tla kwa ntlong ya rona, ka metlha ke ne ke fedisa motlotlo ka bonako. Ke ne ke a tle ke re: “Ke Mojuda mme ga ke dumele mo Tesetamenteng e Ntšha.” Moragonyana Carol o ne a mpolelela gore mongwe wa ditsala tsa gagwe e ne e le Mosupi mme o itse Baebele sentle thata. Carol o ne a akantsha gore re ithute mo go oketsegileng ka Baebele. Ka jalo, ke ne ka dumela go ithuta le Basupi e le go ikgolola fela.

O ne wa tsibogela thuto ya Baebele jang?

Ke ne ke le lonyatso thata. Ke ne ke boetse gape ke amogetse ditumelo tsa me tsa Sejuda mme ke ne ke ikutlwa ke le wa morafe o o tlhophilweng. Ke ne ke akanya gore, ‘Batho bano ba ka nthuta eng?’ Mo motlotlong wa rona wa ntlha, ke ne ka bolelela Mosupi yo o neng a tlile mo legaeng la rona jaana: “Ke tshotswe ke le Mojuda. Ke bone bodumedi jwa me mme ke tla swa ke le Mojuda. Ga go na sepe se o tla se buang se se tla dirang gore ke fetoge.” O ne a amogela boikutlo jwa me ka bonolo. Ka jalo, mo maitseboeng a boLabotlhano le boMantaga, re ne re ya kwa ditlelaseng tsa go sokologa tsa Sejuda mme ka boSontaga mo mosong (fa ke ne ke sa kgone go nna le seipato) re ne re ithuta le Basupi. Go farologana le ditlelase tsa kwa sinagogeng, thuto ya bone e ne e le mahala.

Ke ne ke dirisa Baebele ya me ya Sejuda ka gonne ke ne ke akanya gore Basupi ba dirisa Baebele e e tshegetsang dilo tse ba di dumelang. Le fa go ntse jalo, ke ne ka gakgamadiwa ke go bona kafa Dibaebele tse pedi tseno di tsamaisanang ka teng. Seno se ne sa dira gore ke ikemisetse le go feta go ntsha bosupi jwa gore Basupi ba ne ba sa itse se ba se buang.

Morago ga gore re ye kwa dithutong di le mmalwa tsa ga rabi, Carol o ne a mpolelela gore o akanya gore rabi ga a itse Baebele ya gagwe sentle. O ne a mpolelela gore o tla tlogela go ya kwa ditlelaseng tseo le gore a ka se ka a itatola Keresete. E re ka ke ne ke kgobegile marapo thata, ke ne ka akanya go fedisa lenyalo la rona. Le fa go ntse jalo, fa ke sena go itharabologelwa, ke ne ka swetsa go dirisa leano lengwe—ke ne ke tla dirisa kitso ya me ya semolao go bontsha Carol gore ‘lekoko leno le le kotsi’ le phoso.

A o ile wa atlega?

Rabi o ne a nnaya buka nngwe e e neng e kwaletswe go ganetsa boporofeti jo bo kaga Mesia. Nna le Carol re ne ra ithuta buka eo mmogo ka dikgwedi di le 18. Gape re ne ra tswelela ka thuto ya rona ya beke le beke le Basupi. Le fa go ntse jalo, fa re ntse re tlhatlhoba boporofeti bongwe le bongwe jo go buiwang ka jone mo bukeng ya ga rabi, go tlhobaela ga me go ne ga oketsega. Go farologana le tlhaloso e e mo bukeng eo, boporofeti jo bo kaga Mesia mo Baebeleng, gangwe le gape bo ne bo supa motho a le mongwe fela—Jesu Keresete. Kgabagare re ne ra fitlha mo kgannyeng ya moruthutha fa re ne re ithuta ka boporofeti jo bo mo go Daniele 9:24-27, jo bo neng bo boleletse pele gore Mesia o ne a tla tlhaga ka ngwaga wa 29 C.E. * Basupi ba ne ba re bontsha Baebele ya Sehebera ya interlinear e e nang le thanolo ya Seesemane e e ranotseng lefoko lengwe le lengwe jaaka le ntse. Ke ne ka sekaseka tsela e mafoko a kwadilweng ka yone, ka itirela dipalo tsa tatelano ya ditiragalo mme ka re: “Go siame, boporofeti bo supa 29 C.E. Jaanong dipalo tseno di amana jang le Jesu?”

Mosupi o ne a re: “Oo ke ngwaga o Jesu a neng a kolobediwa ka one.”

Ke ne ke gakgametse! Gape ke ne ke gakgamadiwa ke kafa boporofeti jwa Baebele bo tlhomameng ka teng le kafa bo dumalanang ka teng.

Ditsala tsa gago di ne tsa itshwara jang fa di utlwa gore o fetotse mogopolo?

Bangwe ba ne ba tshwenyegile tota mme ba ntsholofetsa gore ba tla dira gore nna le mosadi wa me re kopane le batho ba ba tla re bontshang gore re pateleditswe go dumela dilo tse re di dumelang. Mme dilo tse re neng re di dumela di ne di theilwe mo patlisisong e e dirilweng ka botlalo le mo mabakeng a a utlwalang sentle—sengwe se se farologaneng thata le go patelediwa.

Ke eng se se neng sa dira gore o swetse go nna Mosupi?

Kwa tshimologong, ke ne ka simolola go ya kwa dipokanong di le mmalwa kwa Holong ya Bogosi le mosadi wa me, yo ka nako eo e neng e setse e le Mosupi. * Ke ne ka kgatlhiwa ke botsalano jwa Basupi le tsela e ba neng ba ratana ka yone, go sa kgathalesege gore ke ba morafe ofe. Ga ke ise nke ke bone seno mo bodumeding jwa me. Ka jalo, morago ga go ithuta mo go oketsegileng ka dingwaga di le tharo, ke ne ka kolobediwa.

O ikutlwa jang ka tshwetso ya gago ya go nna Mosupi?

Ke tshiamelo go bo ke kgona go bolela gore “ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa.” Mme fa ke akanya kafa ke ileng ka lwantsha boammaaruri ka teng, ke ikutlwa ke sa tshwanelwe ke matlotlo a semoya a Jehofa a nneileng one. Tshwetso e ke e dirileng ke e nka se kang le ka motlha ka e ikwatlhaela.

Ke masego afe a o nnileng le one?

A mantsi. Sa ntlha, ke anaanela tshiamelo ya go bo ke le mogolwane, kgotsa modisa le morutisi wa dilo tsa semoya mo phuthegong ya rona. Gape, ke ile ka kgona go thusa mo Lephateng la Molao mo ofising ya lekala ya Afrika Borwa ya Basupi ba ga Jehofa. Mme ga go na pelaelo gore, tshegofatso e kgolo go di gaisa tsotlhe ke go itse Jehofa le Morwawe le go tlhaloganya botlhokwa jwa mmatota jwa metlha ya rona le ditiragalo tse di botlhokwa tse di reketlisang lefatshe.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 12 C.E. e kaya “Common Era,” (Motlha wa rona). Go bona tshedimosetso ka boporofeti jwa ga Daniele jo bo kaga Mesia, bona tsebe 197 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng?

^ ser. 18 Carol o ne a tlhokafala ka 1994 mme Les Civin o ne a nyala gape.

[Mafoko a a mo go tsebe 11]

Ke ne ke . . . gakgamadiwa ke kafa boporofeti jwa Baebele bo tlhomameng ka teng le kafa bo dumalanang ka teng