Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Motlotlo wa Lelapa

Motlotlo wa Lelapa

Motlotlo wa Lelapa

Ke Mang yo o Neng a Dira Tiro Eno?

1. Ke batshwaraditlhapi bafe ba babedi ba e neng e le bomorwa Sebede e bile e le baaposetoloi ba ga Jesu?

Kwala dikarabo tsa gago mo meleng e e kafa tlase fano.

NTLHA E E KA THUSANG: Bala Mathaio 4:21, 22.

․․․․․

2. Maina a baaposetoloi ba bangwe ba babedi ba e neng e le batshwari ba ditlhapi e ne e le bomang?

NTLHA E E KA THUSANG: Bala Mathaio 4:18.

․․․․․

TSE GO KA TLOTLIWANG KA TSONE:

Ke eng fa Jesu a ne a re barutwa ba gagwe e tla nna “batshwari ba batho”? (Mathaio 4:19) O akanya gore ke dilo dife tse di tshwanang le tse di sa tshwaneng ka go tshwara ditlhapi tsa mmatota le go tshwara batho?

O ITSE ENG KA MOAPOSETOLOI ANDEREA?

3. Pele ga Anderea a latela Jesu, e ne e le morutwa wa ga mang?

NTLHA E E KA THUSANG: Bala Mareko 1:4; Johane 1:35-40.

․․․․․

4. Anderea o ne a bua le mang kaga Jesu mme matswela e nnile afe?

NTLHA E E KA THUSANG: Bala Johane 1:40-42.

․․․․․

TSE GO KA TLOTLIWANG KA TSONE:

Ke eng fa e le kgopolo e ntle go bolelela ba losika lwa gago ka dilo tse o di itseng ka Jesu? Le fa go ntse jalo, bangwe ba losika ba ka tsibogela seo jang?

NTLHA E E KA THUSANG: Bala Mathaio 10:32-37.

BANA BATLANG DITSHWANTSHO TSENO

A o ka kgona go bona ditshwantsho tseno mo makasineng ono? Tlhalosa ka mafoko a gago gore go direga eng mo setshwantshong sengwe le sengwe.

TSE DI TSWANG MO MAKASINENG ONO

Araba dipotso tseno o bo o feleletsa ditemana tsa Baebele tse di tlhaelang fano.

TSEBE 3 Motho yo o botlhale o tlhaloganya eng? Diane 14:․․․

TSEBE 8 Modimo o ne a inaya leina lefe? Pesalema 83:․․․

TSEBE 20 Go ile ga diragala eng ka baengele ba ba leofileng? Jude:․․․

TSEBE 26 Go “tlhotlheletsa bogale” go tlisa eng? Diane 30:․․․

● Dikarabo di mo tsebeng ya 11

DIKARABO TSA DIPOTSO TSE DI MO TSEBENG YA 31

1. Jakobe le Johane.

2. Petere le Anderea.

3. Johane Mokolobetsi.

4. Morwarraagwe e bong Petere mme o ne a nna morutwa wa ga Jesu.