Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Swegaswega Pelo go ba Bolelela Gore, “Rotlhe re Teng!”

Ke Swegaswega Pelo go ba Bolelela Gore, “Rotlhe re Teng!”

Ke Swegaswega Pelo go ba Bolelela Gore, “Rotlhe re Teng!”

Jaaka go Boletse Abigail Austin

Ke ne ke le dingwaga di le robongwe. E ne e le letsatsi le lentle ka April 1995 mme setlhopha sa rona go tswa mo phuthegong ya rona ya Basupi ba ga Jehofa se ne sa swetsa go ya go iphokisa phefo kwa metseselegaeng ya Engelane. Re ne ra tsamaya ka dikoloi re le ditlhopha. Nna le nkgonne e bong Sara le tsala ya lelapa la gaetsho e bong Deborah, re ne re tsamaya le rre le mmè. Ka tshoganyetso, go ne ga tla koloi e lebagane le rona e le mo lobelong mme ya re thula. Ke nna fela yo o neng a falola.

KE NE ka tsoga kwa kokelong dibeke di le pedi moragonyana. Legata la me le ne le thubegile mme dingaka di ne di tsentse dipoleite di le mmalwa tsa tshipi go le momaganya. Le fa go ntse jalo, ke ne ka fola ka bonako. Kgabagare ba losika ba ne ba mpolelela gore go diragetse eng mme ke ne ke sa ba dumele. Ke ne ke nna ke akanya gore batsadi ba me le nkgonne ba ne ba nketetse fa ke ne ke robetse mme ga ke a kgona go ba bona. E nnile fela fa ke boela gae mo ke neng ka lemoga gore go diragetse eng tota. Ke ne ke utlwile botlhoko thata.

Ke eng se se neng sa nthusa go lepalepana le masetlapelo a magolo ano?

Boswa Jwa me Jwa Semoya

Ke ne ke le gofejane mo gare ga bana ba le batlhano. Ka nako ya kotsi, Sara o ne a le dingwaga di le 22, Shane a le 20, Jessica a le 17 mme Luke a le 15. Re ne re na le batsadi ba ba molemo ba ba lorato. Rre e bong Steve, e ne le e mogolwane kwa Phuthegong ya Basupi ba ga Jehofa ya West Yorkshire kwa Shipley mme mongwe le mongwe o ne a mo rata ka go bo a ne a rata go ipha nako ya go reetsa le go thusa ba bangwe. Mmè, e bong Carol, le ene o ne a ratiwa thata ka gonne o ne a tlhokomela batho ba ba godileng mo phuthegong jaaka e kete ke morwadiabone. O ne a rulaganya gore rona basha re itise mmogo mme a bo a re thusa go bona ditsala tse di siameng. Mongwe le mongwe o ne a amogelesega mo lelapeng la gaetsho. Batsadi ba rona ba ne ba re ruta gore re nne pelonomi le mo baagelaning ba rona le go ba akanyetsa.

Maitseboa mangwe le mangwe a Laboraro re ne re ithuta Baebele mmogo jaaka lelapa. Ka dinako tse dingwe re ne re tshameka diterama tsa Baebele mme re apara jaaka batho ba ba mo terameng. Fa re sa ntse re le bannye Mama le Papa ba ne ba re thusa gore re ithute go baakanyetsa dipokano tsa rona tsa phuthego le go neela batho molaetsa wa Baebele kwa magaeng a bone. Le fa ba ne ba tshwaregile thata ka go godisa bana ba le batlhano, batsadi ba rona ba ne ba ipha nako le rona le go re thusa go nonofa mo semoyeng.

Fa Sarah, Shane le Jessica ba fetsa sekolo, ba ne ba nna babulatsela, badiredi ba Bakeresete ba nako e e tletseng, jaaka go ne ga dira tsala ya rona e bong Deborah. Nna le Sarah re ne re atamalane thata. O ne a ntse jaaka mmè wa bobedi mo go nna mme ka nako ya malatsi a boikhutso a sekolo, re ne re dira mmogo go thusa batho ba bangwe go ithuta Baebele. Ke ne ke itumelela dinako tseo. Ke ne ke kgona go bona kafa babulatsela botlhe ba neng ba itumetse ka teng mme ke ne ke itumelela go nna mo gare ga bone. Mokgele wa me e ne e le go nna mmulatsela mmogo le Sarah fa ke fetsa sekolo.

Gantsi ba lelapa la gaetsho le ba bangwe mo phuthegong re ne re itisa mmogo ka malatsi a boikhutso. Bagolo le bana ba ne ba itumelela botsala le lorato. Ke ne ke sa itse gore ditsala tse di molemo tseno di ne di tla nthusa le go nkgomotsa mo malatsing a a tlang!

Morago ga Kotsi

Fa ke sena go tswa kwa kokelong, ke ne ka boela kwa lelapeng la gaetsho. Shane le Jessica ba ba neng ba bereka ditiro tse e seng tsa nako yotlhe e bile ba le mo bodireding jwa nako e e tletseng, ba ne ba dira ka natla go re tlamela rotlhe.

Mme Basupi ba le bantsi ba ba mo phuthegong ya rona le bone ba ne ba re thusa. Ba re diretse go le gontsi thata! Ba ne ba re naya dijo, ba re phepafaletsa, ba re rekela dilo, ba tlhatswa diaparo tsa rona go fitlha re kgona go ikemela. Re ne re anaanela seno thata. Re ne re amogela dimpho le dikarata tse dintsi go tswa kwa Basuping ba ba kwa mafelong a a kgakala le gongwe le gongwe, ba supa lorato lo logolo lo lo leng mo gare ga phuthego ya ga Jehofa.

Mo e ka nnang morago ga ngwaga, bonkgonne ba ne ba swetsa ka gore ke tlhoka botshelo jwa lelapa jo bo tlhomameng. Malapa mangwe a a pelonomi mo phuthegong a ne a ithaopela go thusa, ka jalo, ba lelapa la gaetsho ba ne ba nna fa fatshe mme ba akanyetsa se Mama le Papa ba neng ba tla akanya gore se tla ntsholegela molemo le gore isagwe ya me ya semoya e ne e tla nna jang. Go ne go na le lelapa le lengwe le le neng le tlhomologile. Billy, yo e neng e le mogolwane le mosadi wa gagwe e bong Dawn, e ne e le ditsala tse dikgolo tsa lelapa la gaetsho mme ba ne ba na le mosetsanyana wa dingwaga di le tlhano e bong Lois. Ba ne ba nkamogela mo lelapeng la bone mme fa e sa le ka nako eo, ba ne ba ntlhokomela jaaka e kete ke morwadiabone. Le fa batsadi ba ga Lois ba ne ba tshwanela go nna batsadi ba me, ga a ise a ko a nne le lefufa mme gompieno re atamalane jaaka bana ba motho ba mmatota.

Kafa ke Ileng ka Lepalepana le Masetlapelo ka Teng

Kwa tshimologong, ke ne ke ipotsa gore ke eng fa masetlapelo ano a ne a diragaletse ba lelapa la gaetsho, segolobogolo ka go bo batsadi ba me, mmogo le Sarah le Deborah ba ne ba rata Jehofa le batho ba bangwe thata. Mme ke ne ka gakologelwa pego ya Baebele e e malebana le Jobe, yo o neng a nna a bolokile tumelo mo Modimong le fa a ne a latlhegelwa ke bana ba gagwe. (Jobe 1:19, 22) Ke ne ka akanya gore, ‘Ee, Satane ke ene a simolotseng go tlisa go boga le loso mo lefatsheng mme o tla itumela fa masetlapelo ano a ka re thibela go direla Modimo.’ (Genesise 3:1-6; Tshenolo 12:9) Ke ne ka gakologelwa gape gore, Jehofa o re neile tsholofelo e e itumedisang ya tsogo ya baswi. (Johane 5:28, 29) Re tla boa re bona gape ba lelapa la gaetsho le Deborah, mo lekgetlong leno e le mo lefatsheng la paradaise! Tota e bile, lorato lwa me mo go Jehofa lo ne lwa nonofa le go feta.

Fa ke kopana le batho ba le bone ba ileng ba lebana le masetlapelo, ke hutsafala thata fa e le gore ga ba ise ba utlwe ka tsholofelo ya Baebele ya tsogo e e itumedisang. Go dira gore ke batle go ba bolelela ka tsholofelo e re nang le yone, ka gonne ke a itse gore ke fela ka ntlha ya ga Jehofa le phuthego ya gagwe go bo re ile ra kgona go feta mo nakong e e botlhoko eno jaaka re dirile, re itse gore go na le tsholofelo.

Gongwe boitemogelo jwa rona bo ile jwa thusa gape ka tsela e nngwe, go dira gore batsadi bangwe ba ipotse gore, ‘A re file bana ba rona motheo wa semoya o o nonofileng sentle gore fa re ka diragalelwa ke sengwe, ba kgone go tswelela ba direla Jehofa kwantle ga rona?’

Ke lekile go tshela botshelo jwa me jaaka e kete Mama le Papa ba sa ntse ba le teng. Ke a itse gore ba ne ba ka bo ba ratile gore ke dire ka natla go thusa ba bangwe jaaka bone ba ile ba dira. Ke sa le ke nna mmulatsela fa ke sena go fetsa sekolo mme gone jaanong Lois o dira mmogo le nna e le mmulatsela. Bonkgonne ba tsene mo lenyalong mme ba direla Jehofa ka boitumelo mo diphuthegong tse ba leng mo go tsone.

Ke lebeletse pele thata go bona lefatshe la Modimo le lesha le go tsoga ga baswi! Mme go tla bo go sa tlhole go na le botlhoko kgotsa loso. (Tshenolo 21:3, 4) Go itse gore re tla bo re le mmogo gape rotlhe go dira gore ke tswelele le fa go le thata. Ke swegaswega pelo go tlamparela Mama, Papa, Sarah le Deborah le go ba bolelela gore, “Rotlhe re Teng!”

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Abigail (wa bobedi go tswa kafa molemeng) gompieno, a na le ba lelapa la gaabo le le mo godisitseng