Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

E Bonolo Mme e Nonofile Pitse e Potlana ya Kwa Shetland

E Bonolo Mme e Nonofile Pitse e Potlana ya Kwa Shetland

E Bonolo Mme e Nonofile Pitse e Potlana ya Kwa Shetland

● Fa e le gore o kile wa ya kwa modirong mongwe wa naga wa dipontsho, o ka tswa o bone kgotsa o ile wa palama pitse e potlana ya kwa Shetland. Jaaka leina la tsone le tlhalosa, dipitse tseno tsa kwa Shetland di tswa kwa Ditlhaketlhakeng tsa Shetland kwa bokonebotlhaba jwa Scotland. Tota e bile, baithutamarope ba ba berekang koo ba ile ba ribolola marapo a dipitse tseno a a nang le dingwaga di le diketekete.

Dipitse tseno tse di potlana tsa kwa Shetland di kgona go lemogiwa motlhofo ka maoto a tsone a makhutshwane le seriri le mogatla o moleele le boboa jo bokima, jo bo di sireletsang mo maemong a bosa a a sa itumediseng a kwa di tswang teng. Gantsi dipitse tseno di gola go fitlha go disentimetara tse di fa gare ga 70 le 107 mme gantsi di na le mmala o montsho le o o borokwa. Bogodimo jo bo tlwaelegileng jo di kgonang go gola go fitlha go jone ke disentimetara di le 107, kwantle ga fa e le dipitse tsa Shetland tsa kwa Amerika, tse di ka se feteng disentimetara di le 117.

Le fa gone dipitse tseno tsa Shetland di le dinnye ka popego, di nonofile. Tota e bile, fa go akanngwa ka bogolo jwa tsone, di nonofile go gaisa mefuta yotlhe ya dipitse. Ka ntlha ya seno, bogologolo dipitse tseno di ne di dirisediwa go goga motswako wa dijalo tse di bodisediwang go dira monontsha, go lema masimo, go bereka mo meepong ya magala, mo e neng e le diphologolo tse dinnye fela di kgonang go feta mo dithaneleng. Ee ruri, di le dintsi tsa tsone di ne di fetsa botshelo jotlhe jwa tsone di le mo meepong, le ka motlha di sa bone lesedi la letsatsi.

Fa di-Shetland di thapisitswe sentle, di nna bonolo e bile di bokgwabo, e leng se se dirang gore bana ba kgone go di tlwaela. Go nna bonolo le bokgwabo ga tsone go dirile gore go nne le ditlamorago tse di itumedisang fa mofuta ono wa dipitse, o ne o dirisiwa mo dithulaganyong tsa batho ba ba golafetseng.

Ka ntlha ya dinonofo tsa tsone tse dintle le bokgoni jwa tsone jwa go tlwaela mafelo a a farologaneng, dipitse tseno tsa Shetland di ile tsa rekwa gongwe le gongwe go ralala lefatshe mme go ile ga tlhomiwa ditlelapa le ditheo tse dintsi tse di godisiwang mo go tsone. Mme leina la phologolo eno le sa ntse le e amanya le legae la yone la ntlha la kwa setlhaketlhakeng, kwa dipitse tseno tsa Shetland di sa ntseng di na le botsogo jo bo siameng e bile di sa tswakanngwa le mefuta e mengwe.

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Fa go akanngwa ka bogolo jwa tsone, di nonofile go gaisa mefuta yotlhe ya dipitse

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 24]

© S Sailer/A Sailer/age fotostock