Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Re a Go Tsamaisa”

“Re a Go Tsamaisa”

“Re a Go Tsamaisa”

BATSAMAISI ba ne ba mmitsa Fred yo o Tlhomologileng. * Dikgopolo tsa gagwe di ile tsa bolokela khampani madi a mantsi mo dingwageng di le thataro tsa fa a ne a bereka mo go yone. Ka jalo, fa a ne a bilediwa kwa ofising ya modiredi mongwe yo mogolo, Fred o ne a lebeletse go okelediwa madi a a amogelang kgotsa go tlhatlosiwa maemo. Mo boemong jwa seo, a sa lebelela, modiredimogolo o ne a mo raya a re: “Re a go tsamaisa.”

Fred o ne a sa dumele se a se utlwang. A re: “Ke ne ke duelwa sentle e bile ke itumelela tiro ya me mme mo nakong e khutshwanyane fela sengwe le sengwe se ne sa fetoga.” Moragonyana fa Fred a ne a bolelela mosadi wa gagwe e bong Adele, ka se se diragetseng, le ene o ne a gakgamala. O gakologelwa jaana: “Ke ne ke ikutlwa e kete madi a tswa mo mmeleng wa me. Ke ne ka ipotsa gore, ‘Re tlile go dira eng jaanong?’”

Se se diragaletseng Fred se diragalela dimilione tse dingwe tsa batho, jaaka go bontshitswe mo kerafong e e mo tsebeng eno. Le fa go ntse jalo, dipalo ka botsone ga di bontshe kutlobotlhoko e batho ba nnang le yone ka ntlha ya go sa bereke. Akanya ka Raúl, motswakwa yo o tswang kwa Peru yo o neng a lebogisiwa tiro morago ga gore a bereke dingwaga di le 18 kwa hoteleng e kgolo kwa New York City. Raúl o ne a batla tiro mme e ne e le matsapa a bophiri fela. O bolela jaana: “Ke ne ke na le dingwaga di ka nna 30 ke tlamela ba lelapa la me. Jaanong ke ne ke ikutlwa ke le monna yo o paletsweng.”

Boitemogelo jwa ga Raúl bo bontsha sengwe se batho ba ba sa berekeng ba se itseng sentle—gore go latlhegelwa ke tiro ga go bakele motho mathata a madi fela. Gantsi, go baka kutlobotlhoko e kgolo. Renée yo monna wa gagwe e bong Matthew a neng a na le dingwaga tse di fetang tharo a sa bereke a re: “Ke ne ka simolola go ikutlwa ke se na mosola. Fa o se na sepe, batho ba go tshwara jaaka e kete ga o sepe mme go ise go ye kae, o iteba ka tsela e ba go lebang ka yone.”

Jaaka e kete kutlobotlhoko ga e a lekana, mongwe le mongwe yo o latlhegelwang ke tiro o lebana le kgwetlho e nngwe ya go tshela ka go le gonnye. Fred a re: “Fa re ne re na le madi, le ka motlha re ne re sa akanye ka go tlhofofatsa tsela e re tshelang ka yone. Mme fa re nna le ditshenyegelo tse di tshwanang—mme re ntse re sa bereke—go ne go se na se re ka se dirang fa e se go tlhofofatsa tsela e re tshelang ka yone.”

Fa o ntse o batla tiro, o tlhoka go lepalepana le go tlhobaela mo tlhaloganyong le mo maikutlong go go bakiwang ke go tlhoka tiro. O ka nna wa tshwanelwa gape ke gore o tshele ka go le gonnye. Sa ntlha, a re sekasekeng dikgato di le pedi tse di mosola tse o ka di latelang go lepalepana le dikgwetlho tsa maikutlo.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 2 Maina mangwe mo motseletseleng ono wa ditlhogo a fetotswe.

[Kerafa mo go tsebe 3]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Palo ya batho ba ba neng ba sa bereke ka 2008 mo dinageng di le tharo fela

Japane 2,650.000

Spain 2.590.000

United States 8.924.000